Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Noa o ne a tsaya diphologolo di le kae tse di phepa fa a tsena mo arakeng—a ke di le supa tsa phologolo nngwe le nngwe e e phepa kgotsa ke ditlhopha di le supa tsa bobedi le bobedi tsa phologolo nngwe le nngwe?

Fa Noa a sena go fetsa go aga araka, Jehofa o ne a mo raya a re: “Tsena, wena le botlhe ba ntlo ya gago, mo teng ga araka, ka gonne ke wena yo ke go boneng o siame fa pele ga me mo gare ga kokomana eno. O tseele kwa go wena phologolo nngwe le nngwe e e phepa ka bosupa le bosupa, e tonanyana le molekane wa yone; mme phologolo nngwe le nngwe e e seng phepa di le pedi fela, e tonanyana le molekane wa yone.” (Genesise 7:1, 2) Dithanolo tse dingwe, jaaka Beibele ya Tswana Central, The New English Bible le The New Jerusalem Bible, di ranola lefoko la Sehebera sa ntlhantlha di re “tse ditonanyana tse supa le tse dinamagadi tse supa.”

Mo Sehebereng sa ntlhantlha, polelwana e e reng “bosupa le bosupa” tota e balega ka go re “supa supa.” Le fa go ntse jalo, mo puong ya Sehebera, go boelediwa ga palo ga go reye gore dipalo tseno di tshwanetse go kopanngwa. Ka sekai, 2 Samuele 21:20 e tlhalosa “monna wa bogolo jo bo boitshegang” e re o ne a na le “menwana e le merataro mo seatleng sengwe le sengwe le menwana ya dinao e le merataro mo lonaong longwe le longwe.” Ka Sehebera, palo ya ‘thataro’ e boeleditswe. Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore mokaloba yono o ne a na le ditlhopha tsa bobedi ka bobedi di le thataro tsa menwana (kgotsa, 12) mo seatleng sengwe le sengwe le mo leotong lengwe le lengwe. Go ya ka melao ya puo ya Sehebera, go boelediwa ga palo go bontsha fela gore o ne a na le menwana e le merataro mo seatleng sengwe le sengwe le menwana ya maoto e le merataro mo leotong lengwe le lengwe.

Ka jalo “supa supa” mo go Genesise 7:2 ga e kaye ditlhopha tse supa tsa bobedi le bobedi, kgotsa 14, fela jaaka go boelediwa ga lefoko “bobedi” go sa kaye ditlhopha tse pedi tsa bobedi le bobedi, kgotsa bonè, mo go Genesise 7:9, 15. Ka gone, le fa diphologolo tse di phepa di ne di tsenngwa mo arakeng “ka bosupa le bosupa,” tse di seng phepa tsone go ne go tsewa “di le pedi fela.”

Mme go tweng ka polelwana e e reng, “e tonanyana le molekane wa yone” e e tlang morago fela ga polelwana “ka bosupa le bosupa” mo go Genesise 7:2? Seno se dirile gore bangwe ba akanye gore Noa o ne a laetswe go tsaya ditlhopha tsa bobedi le bobedi di le supa tsa mofuta mongwe le mongwe wa phologolo e e phepa. Le fa go ntse jalo, diphologolo tse di phepa di ne di sa beelwa go ikatisa fela. Genesise 8:20 e re bolelela gore fa Noa a sena go tswa mo arakeng, o ne “a simolola go agela Jehofa sebeso a bo a tsaya dingwe tsa diphologolo tsotlhe tse di phepa le tsa dibopiwa tsotlhe tse di fofang tse di phepa a bo a isa ditshupelo tse di fisiwang mo sebesong.” E re ka go ne go na le phologolo ya bosupa mo mofuteng mongwe le mongwe o o phepa, seo se ne se dira gore Noa a nne le phologolo e a ka e ntshang setlhabelo, go bo go sala diphologolo tse tharo di na le balekane ba tsone gore di tsale di atise mofuta wa tsone mo lefatsheng.