Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Dikarabo Tse di Kgotsofatsang

Go Batla Dikarabo Tse di Kgotsofatsang

Go Batla Dikarabo Tse di Kgotsofatsang

Nka tokafatsa jang botsogo jwa me?

Nka dira eng gore botshelo jwa lelapa la me bo itumedise?

Nka dira jang gore ke se ka ka latlhegelwa ke tiro?

A O KILE wa ipotsa nngwe ya dipotso tseno? A o ne wa bona dikarabo tse di kgotsofatsang, tse tota di go thusitseng? Ngwaga le ngwaga go gatisiwa dibuka di ka nna 2 000 tse di farologaneng tse di nang le kgakololo ka dikgang tseno le tse dingwe tse di botlhokwa. Kwa Boritane fela, babadi ba dirisa diponto di le dimilione di le 80 (didolara di ka nna dimilione di le 150) ka ngwaga go reka dibuka tse di nang le kgakololo ya kafa ba ka lebanang le mathata a botshelo ka gone. Kwa United States, thekiso ya dibuka tse di nayang kgakololo e fitlha go dimilione di le 600 tsa didolara ka ngwaga. Ga go pelaelo gore ga se wena fela o batlang kgakololo e e molemo ya kafa o ka lebanang le botshelo jwa letsatsi le letsatsi ka gone.

Mokwadi mongwe o ne a kwala jaana malebana le kgakololo e e fitlhelwang mo dikgatisong tseno tse dintsintsi: “Dibuka di le dintsi tse disha di setse di boeletsa fela se se setseng se kwadilwe.” E le ruri bontsi jwa kgakololo e e fitlhelwang mo dibukeng tseno e boeletsa fela kgakololo e e botlhale e e begilweng mo go nngwe ya dibuka tsa bogologolo thata mo lefatsheng. Kwantle ga pelaelo, buka eno ke yone e e anamisiwang go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. E ranoletswe mo dipuong di ka nna 2 400, e feletse kana karolo ya yone. Dikhopi tse di setseng di gatisitswe lefatshe ka bophara di feta dibilione di le 4,6. Buka eno ke Baebele.

Baebele e tlhalosa jaana ka tlhamalalo: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:16) Mme gone Baebele e ne e sa kwalelwa gore e nne buka e e nayang batho dikgakololo. Boikaelelo jwa yone jo bogolo ke go senola thato ya Modimo ka batho. Le fa go ntse jalo, Baebele e na le tshedimosetso e ntsi ya kafa re ka lebanang ka gone le mathata a a tlhagelang batho, mme e solofetsa gore ba ba latelang kaelo ya yone ba tla solegelwa molemo. (Isaia 48:17, 18) Ka metlha kgakololo ya yone e e mosola e solegela molemo fa e dirisiwa, go sa kgathalesege gore motho ke wa lotso lofe kana gore o rutegile go le kana kang. Go ka nna molemo gore o sekaseke setlhogo se se latelang mme o itirele tshwetso ya gore a se Baebele e se bolelang mo kgannyeng ya botsogo, lelapa le tiro ya boitshediso se tla go solegela molemo?