Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dumela mo Boporofeting Jwa Baebele go Falotsa Batho

Go Dumela mo Boporofeting Jwa Baebele go Falotsa Batho

Go Dumela mo Boporofeting Jwa Baebele go Falotsa Batho

JESU o tswa mo tempeleng ya Jerusalema e le lekgetlho la bofelo fa mongwe wa barutwa ba gagwe a re: “Moruti, bona! gore maje ano ke a mofuta ofe le gore dikago tseno ke tsa mofuta ofe!” Tempele ke sengwe se setšhaba sa Bajuda se leng motlotlo ka sone e bile se se tsaya se le botlhokwatlhokwa. Mme Jesu o araba a re: “A o bona dikago tse dikgolo tseno? Leje ga le kitla le tlogelwa ka gope fano le le mo godimo ga leje le lengwe mme le sa digelwa fa fatshe.”—Mareko 13:1, 2.

Kgopolo eo ka boyone fela ga e dumelesege! Maje mangwe a tempele a magolo thata. Mo godimo ga moo, se Jesu a se bolelang ka tempele se kaya gore Jerusalema le yone e tla senngwa, gongwe le setšhaba sa Bajuda, se kobamelo ya sone e theilweng mo tempeleng. Ka jalo, barutwa ba ga Jesu ba tswelela ka go mmotsa ba re: “Re bolelele, Dilo tseno di tla diragala leng, mme ke eng se e tla nnang sesupo sa fa dilo tseno tsotlhe di laoletswe go tla mo bokhutlong?”—Mareko 13:3, 4.

Jesu o tlhagisa ka go re: ‘Ga e ise e nne bokhutlo.’ Sa ntlha, barutwa ba tla utlwela dintwa, dithoromo tsa lefatshe, mauba le malwetse a leroborobo mo mafelong ka go tlhomagana ga one. Go tswa foo, morago ga ditiragalo tse di tshosang, setšhaba sa Bajuda se tla bona masetlapelo a selekanyo se se iseng se ko se direge, ee, “pitlagano e kgolo.” Le fa go ntse jalo, Modimo o tla tsenya letsogo gore a boloke “ba ba tlhophilweng,” ke gore, Bakeresete ba ba ikanyegang. Jang?— Mareko 13:7; Mathaio 24:7, 21, 22; Luke 21:10, 11.

Go Tsogologela Roma

Go setse go fetile dingwaga tse 28, mme Bakeresete kwa Jerusalema ba sa ntse ba emetse bokhutlo. Mmusomogolo wa Roma o tlhasetswe ke dintwa, dithoromo tsa lefatshe, mauba le malwetse a leroborobo. (Bona lebokoso le le mo go tsebe 9.) Go na le dikgotlhang tse dintsi tsa maraganateng mo Judea. Mme mo teng ga dipota tsa Jerusalema gone go na le kagiso ka selekanyo se se rileng. Batho ba a ja, ba a bereka, ba a nyala, ba tshola bana fela jaaka ba ne ba ntse ba dira nako eo yotlhe. E re ka go na le tempele e kgolo mo motseng, e dira gore go lebege motse o itsetsepetse e bile o nnetse ruri.

Mo e ka nnang ka 61 C.E., Bakeresete kwa Jerusalema ba amogela lekwalo le le tswang kwa go moaposetoloi Paulo. O ba akgolela boitshoko jwa bone mme o tshwenyegile ka gore bangwe mo phuthegong ba lebega ba sa tseye gore dinako di potlakile. Bangwe ba a wa semoyeng kgotsa ga ba gole mo Bokereseteng. (Bahebera 2:1; 5:11, 12) Paulo o ba rotloetsa jaana: “Jalo, lo se ka lwa latlha kgololesego ya go bua . . . Gonne go sa ntse go setse ‘lobakanyana lo lonnye thata,’ mme ‘yo o tlang o tla goroga mme ga a na go diega.’ ‘Mme mosiami wa me o tla tshela ka ntlha ya tumelo,’ mme, ‘fa a kata ka morago, moya wa me ga o mo itumelele.’” (Bahebera 10:35-38) A kgakololo e e maleba! A mme Bakeresete ba tla nna le tumelo ba bo ba nne ba butse matlho go bona kafa boporofeti jwa ga Jesu bo diragadiwang ka teng? A Jerusalema ruri e gaufi le go fedisiwa?

Mo dingwageng tse tlhano tse di latelang, maemo mo Jerusalema a nnela maswe go ya pele. Kgabagare, ka 66 C.E., Mmusi yo o bosula wa Roma e bong Florus o gapa ditalenta di le 17 a ituela “lekgetho le le saletseng kwa morago,” a di tsaya mo mabolokelong a a boitshepo a tempele. Bajuda ba a galefa ba bo ba tsogologela puso. Batsuolodi ba Bajuda ba thelegela mo Jerusalema ba bo ba ganyaola masole a Roma koo. Go tswa foo ka bopelokgale ba bolela fa Judea e sa tlhole e le mo taolong ya Roma. Judea le Roma jaanong di a lwa!

Go ise go wele dikgwedi di le tharo, mmusi wa Moroma wa kwa Siria, Cestius Gallus, o gwantela kwa borwa a na le masole a le 30 000 go ya go thiba botsuolodi jwa Bajuda. Masole a gagwe a goroga kwa Jerusalema ka nako ya Modiro wa Diobo a bo a kgona go sutlhelela ka bonako mo metseng ya koo. Batsuolodi ba ba fekeediwang ka palo ke masole ano ba siela mo teng ga kago ya phemelo ya tempele. Go ise go ye kae masole a Roma a simolola go senya lobota lwa tempele. Bajuda ba a shakgala. Aitse masole a baheitane jaanong a leswefatsa lefelo le le boitshepo go gaisa otlhe mo tsamaisong ya Sejuda! Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba mo motseng ba gopola mafoko ano a ga Jesu: ‘Fa lo tshogana ka lo bona selo se se ferosang sebete se eme mo lefelong le le boitshepo, foo a ba ba kwa Judea ba tshabele kwa dithabeng.’ (Mathaio 24:15, 16) A ba tla bontsha go dumela mafoko a ga Jesu a boporofeti mme ba tlhotlheletsege go a ikobela? Fa dilo di ntse di direga, go a bonala gore ba ka falola fela fa ba dira jalo. Mme ba tla tshaba jang?

Ka tshoganetso fela mme go sa bonale lebaka, Cestius Gallus o ntsha masole a gagwe a bo a boela kwa lobopong a lelekisitswe ke Batsuolodi. Pitlagano ya mo motseng e kgaoseditswe ka tsela e e gakgamatsang! Bakeresete ba bontsha gore ba dumela tlhagiso ya ga Jesu ya boporofeti mme ba a e ikobela ka go tswa mo Jerusalema ba tshabela kwa Pela, motse o o sa amiweng ke ntwa o o mo dithabeng tse di kwa moseja ga Noka ya Joredane. Ba tshabile ka nako e e tshwanetseng. Moragonyana batsuolodi ba boela Jerusalema mme ba pateletsa banni ba ba setseng gore ba kopanele mo botsuoloding jwa bone. * Ka nako eo, Bakeresete ba babalesegile kwa Pela, ba emetse se se tla diragalang.

Dilo di ya Masweng

Mo dikgweding di se kae fela, sesole se sesha sa Roma se a atamela. Ka 67 C.E., Mojenerale Vespasian le morwawe e bong Titus ba bopa sesole se segolo sa batlhabani ba le 60 000. Mo dingwageng tse pedi tse di latelang, matsholo ano a masole a a ganyaolang a atamela Jerusalema, a tsamaya a gaila ope yo o a ganetsang. Fa go ntse go le jalo, mo teng ga Jerusalema, makoko a a lwantshanang a Bajuda a lwa dintwa tse di matlho mahibidu. Mabolokelo a motse a dijo tsa dithoro a a senngwa, lefelo le le dikologileng tempele le a ripitlwa mme go bolawa Bajuda ba feta 20 000. Vespasian o nama a eme pele a sa tsene mo Jerusalema a re: ‘Modimo o dira tiro e e botoka go mpheta ya go nna mojenerale wa Moroma; baba ba rona ba bolaana ka bobone.’

Fa Nero Mmusimogolo wa Roma a swa, Vespasian o ya Roma go ya go tsaya setulo sa bogosi, a tlogela Titus gore a sale a feleletsa ntwa ya kwa Judea. Titus o goroga kwa Jerusalema pele fela ga Tlolaganyo ya 70 C.E., ka jalo a dira gore banni ba mo motseng mmogo le baeng ba ba tlileng kobamelong ba se ka ba kgona go tswa mo motseng. Masole a gagwe a kgaola ditlhare tsa naga ya Judea gore a age legora le le boleele jwa dikilometara di le 7 la dikota tse di looditsweng go nna motsu go dikologa motse o o tlhasetsweng. Ke fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele: “Baba ba gago ba tla [aga] legoratshireletso la dikota tse di motsu go go dikologa mme ba tla go dikanyetsa ba bo ba go tsenya mo tlalelong mo letlhakoreng lengwe le lengwe.”—Luke 19:43.

Go ise go ye kae, motse o aparelwa ke leuba. Digopa tse di tshotseng dibetsa di thukutha magae a batho ba ba suleng le ba ba swang. Mosadi mongwe yo o feletsweng ke tsholofelo o bolaya ngwana wa gagwe wa losea a bo a mo ja, a diragatsa polelelopele eno: “O tla tshwanelwa ke go ja leungo la sebopelo sa gago, nama ya bomorwao le bomorwadio . . . ka ntlha ya bothata le pitlagano tse mmaba wa gago a tla go pitlaganyang ka tsone.”—Duteronome 28:53-57.

Kgabagare Jerusalema e a wa, e sena go dikanyediwa dikgwedi di le tlhano. Motse le tempele ya one e kgolo di a thukuthiwa di bo di jewa ka molelo go tswa foo di thubiwa gotlhelele. (Daniele 9:26) Batho ba ba suleng ba ka nna 1 100 000; mme ba bangwe ba le 97 000 ba rekisediwa bokgobeng. * (Duteronome 28:68) Bajuda ba batla ba fedile mo Judea. Ruri ke masetlapelo a setšhaba a a sa tshwaneng le ape, a tlisa phetogo e kgolo mo tsamaisong ya puso ya Bajuda, mo bodumeding jwa bone, le mo setsong sa bone. *

Fa dilo tseno di ntse di direga, Bakeresete kwa Pela ba leboga Modimo go tswa pelong go bo a ba golotse. Tumelo e ba nang le yone mo boporofeting jwa Baebele e ba faloditse!

Fa re akanya ka ditiragalo tseo, mongwe le mongwe wa rona gompieno a ka ipotsa jaana: ‘A ke na le tumelo e e tla mphalotsang mo pitlaganong e kgolo e e tlang? A ke “mofuta o o nang le tumelo gore [ke] kgone go boloka moya o tshela”?’—Bahebera 10:39; Tshenolo 7:14.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Rahisitori wa Mojuda e bong Josephus o bega gore batsuolodi ba ne ba lelekisa Baroma malatsi a le supa pele baboela Jerusalema.

^ ser. 15 Go ya ka phopholetso nngwe, go ne ga bolawa palo e e fetang a le mongwe mo Bajudeng bangwe le bangwe ba le supa mo Mmusomogolong wa Roma.

^ ser. 15 Mokanoki wa Baebele wa Mojuda e bong Alfred Edersheim o ne a kwala jaana: “Pitlagano [eno] mo Iseraele [e ne e] sa tshwane le tiragalo epe e e neng e kile ya direga mo hisitoring ya yone e e bosula, e bile ga e tshwane le epe ya tse di neng tsa direga morago ga yone tsa tshololo ya madi.”

[Tšhate mo go tsebe 9]

Dikarolo Tsa Sesupo Tse di Diragetseng mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

DINTWA:

Gaul (39-40 C.E.)

Afrika Bokone (41 C.E.)

Boritane (43, 60 C.E.)

Armenia (58-62 C.E.)

Dikgotlhang tsa maraganateng kwa Judea (50-66 C.E.)

DITHOROMO TSA LEFATSHE:

Roma (54 C.E.)

Pompeii (62 C.E.)

Asia Minor (53, 62 C.E.)

Kereta (62 C.E.)

MAUBA:

Roma, Gerika, Egepeto (mo e ka nnang 42 C.E.)

Judea (mo e ka nnang 46 C.E.)

MALWETSE A LEROBOROBO:

Babelonia (40 C.E.)

Roma (60, 65 C.E.)

BAPOROFETI BA MAAKA:

Judea (mo e ka nnang 56 C.E.)

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 10]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Tlhaselo ya Baroma kwa Palesetina, 67-70 C.E.

Ptolemais

Lewatle la Galalea

Pela

PEREA

SAMAREA

Jerusalema

Lewatle la Letswai

JUDEA

Kaesarea

[Motswedi wa Setshwantsho]

Map only: Based on maps copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

‘Baba ba rona ba bolaana ka bobone.’—Vespasian

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Ka 70 C.E., masole a Roma a ne a senya Jerusalema

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Relief: Soprintendenza Archeologica di Roma; Vespasian: Bildarchiv Preussischer Kulturbesitz/Art Resource, NY