Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikobele Badisa ba ba Lorato ka Boikokobetso

Ikobele Badisa ba ba Lorato ka Boikokobetso

Ikobele Badisa ba ba Lorato ka Boikokobetso

“Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe.”—BAHEBERA 13:17.

1, 2. Ke ditemana dife tse di bontshang gore Jehofa le Jesu ke Badisa ba ba lorato?

JEHOFA MODIMO le Morwawe, Jesu Keresete, ke Badisa ba ba lorato. Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Bona! Morena Molaodimogolo Jehofa o tla tla jaaka yo o nonofileng, le lebogo la gagwe le tla bo le busa mo boemong jwa gagwe. . . . O tla disa motlhape wa gagwe jaaka modisa. O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe; mme o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe. Tse di amusang o tla di etelela pele ka tlhoko.”—Isaia 40:10, 11.

2 Boporofeti joo jwa tsosoloso bo ne jwa diragadiwa la ntlha fa masalela a Bajuda a ne a boela Juda ka 537 B.C.E. (2 Ditiragalo 36:22, 23) Bo ne jwa diragadiwa gape fa masalela a batlodiwa a ne a gololwa mo “Babelona o Mogolo” ka 1919 ke Kurose yo Mogolwane, Jesu Keresete. (Tshenolo 18:2; Isaia 44:28) Ke ene “lebogo” la ga Jehofa le le laolang, o phutha dinku mmogo a bo a di disa ka bonolo. Jesu ka boene o ne a re: “Ke nna modisa yo o molemo, mme ke itse dinku tsa me le dinku tsa me di a nkitse.”—Johane 10:14.

3. Jehofa o bontsha jang gore o amega ka lorato ka tsela e dinku tsa gagwe di tshwarwang ka yone?

3 Boporofeti jo bo mo go Isaia 40:10, 11 bo gatelela kafa Jehofa a disang batho ba gagwe ka bonolo ka teng. (Pesalema 23:1-6) Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, le ene o ne a amega ka bonolo ka barutwa ba gagwe le ka batho ka kakaretso. (Mathaio 11:28-30; Mareko 6:34) Jehofa le Jesu ba ne ba tlhoile bosetlhogo jwa badisa kgotsa baeteledipele ba Iseraele ba ba neng ba tlhokomologa matsomane a bone e bile ba a ja ntsoma ba sa tlhabiwe ke ditlhong. (Esekiele 34:2-10; Mathaio 23:3, 4, 15) Jehofa o ne a solofetsa jaana: “Ke tla boloka dinku tsa me, mme ga di kitla di tlhola di nna sengwe sa go gapiwa; mme ke tla atlhola fa gare ga nku le nku. Mme ke tla tlhoma modisa a le mongwe fela gore a di okamele, mme o tla di fepa, e leng motlhanka wa me Dafide. Ene o tla di fepa, mme o tla nna modisa wa tsone.” (Esekiele 34:22, 23) Mo motlheng ono wa bokhutlo, Jesu Keresete, Dafide yo Mogolwane, ke ene “modisa a le mongwe” yo Jehofa a mo tlhomileng go okamela batlhanka ba Gagwe botlhe mo lefatsheng, Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya mmogo le “dinku tse dingwe.”—Johane 10:16.

Dimpho Tse Modimo a di Neileng Phuthego

4, 5. (a) Jehofa o neile batho ba gagwe ba ba mo lefatsheng mpho efe ya botlhokwa? (b) Jesu o neile phuthego ya gagwe mpho efe?

4 Jehofa o ne a abela phuthego ya Bokeresete mpho ya botlhokwa ka go tlhomela batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng “modisa a le mongwe,” Jesu Keresete. Mpho eno ya Moeteledipele yo o kwa legodimong e ne ya bolelelwa pele mo go Isaia 55:4: “Bona! Ke mo neile go nna mosupi mo ditlhopheng tsa ditšhaba, jaaka moeteledipele le molaodi mo ditlhopheng tsa ditšhaba.” Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le maloko a “boidiidi jo bogolo” ba phuthiwa go tswa mo merafeng yotlhe, mo ditsong tsotlhe, mo ditšhabeng tsotlhe le mo ditemeng tsotlhe. (Tshenolo 5:9, 10; 7:9) Ba bopa phuthego ya ditšhabatšhaba, “letsomane le le lengwe,” le eteletswe pele ke “modisa a le mongwe,” Keresete Jesu.

5 Jesu le ene o neile phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng mpho ya botlhokwa. O tlhomile badisa ba ba ikanyegang ba ba etsang Jehofa le Jesu ka go disa letsomane ka bonolo. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka mpho eno e e lorato mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Efeso. O ne a kwala jaana: “‘E rile a tlhatlogela kwa godimo a tsaya batshwarwa; a aba dimpho tse e leng banna.’ . . . O ne a aba bangwe go nna baaposetoloi, bangwe go nna baporofeti, bangwe go nna baefangedi, bangwe go nna badisa le barutisi, ka boikaelelo jwa go lolamisiwa ga baitshepi, go dira tiro ya bodiredi, go agiwa ga mmele wa ga Keresete.”—Baefeso 4:8, 11, 12.

6. Balebedi ba ba tloditsweng ba ba direlang mo ditlhopheng tsa bagolwane ba ne ba tshwantshiwa jang mo go Tshenolo 1:16, 20, mme go ka tweng ka bagolwane ba ba tlhomilweng ba e leng ba dinku tse dingwe?

6 ‘Dimpho tseno tse e leng banna’ ke balebedi, kgotsa bagolwane, ba ba tlhomilweng ke Jehofa le Morwawe ka moya o o boitshepo, gore ba dise dinku ka bonolo. (Ditiro 20:28, 29) Kwa tshimologong, balebedi bano botlhe e ne e le banna ba ba tloditsweng ba Bakeresete. Mo go Tshenolo 1:16, 20, ba ba neng ba direla mo ditlhopheng tsa bagolwane mo phuthegong ya batlodiwa ba ne ba tshwantshediwa ke “dinaledi” kgotsa “baengele” ba ba mo seatleng sa ga Keresete sa moja, ke gore ba laolwa ke ene. Le fa go ntse jalo, e re ka mo nakong eno ya bokhutlo palo ya balebedi ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng e ntse e fokotsega, bontsi jwa bagolwane ba Bakeresete mo diphuthegong ke ba dinku tse dingwe. E re ka bano ba tlhomilwe ke baemedi ba Setlhopha se se Laolang se se kaelwang ke moya o o boitshepo, le bone go ka twe ba mo seatleng sa moja (kgotsa, ba kaelwa ke) Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. (Isaia 61:5, 6) Ka go bo bagolwane mo diphuthegong tsa rona ba ikobela Keresete, Tlhogo ya phuthego, ba tshwanelwa ke gore re dirisane mmogo le bone ka botlalo.—Bakolosa 1:18.

Go ba Utlwa Le go Ba Ikobela

7. Moaposetoloi Paulo o ne a naya kgakololo efe malebana le tsela e re tshwanetseng go ikutlwa ka yone ka balebedi ba Bakeresete?

7 Badisa ba rona ba ba kwa legodimong, Jehofa Modimo le Jesu Keresete, ba lebeletse gore re utlwe le go ikobela badisa ba ba ba neileng maikarabelo mo phuthegong. (1 Petere 5:5) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a tlhotlhelediwa ke moya: “Gakologelwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona, ba ba buileng lefoko la Modimo le lona, mme e re lo akanya kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone. Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.”—Bahebera 13:7, 17.

8. Paulo o re laletsa gore re ‘akanye’ ka eng mme re tshwanetse go ‘nna kutlo’ ka tsela efe?

8 Ela tlhoko gore Paulo o re laletsa gore re ‘akanye’ ka kelotlhoko ka matswela a go ikanyega ga bagolwane mme re latele dikao tse di ntseng jalo tsa tumelo. Mo godimo ga moo, o re gakolola gore re nne kutlo re bo re ikobele kaelo ya banna bano ba ba tlhomilweng. Mokanoki mongwe wa Baebele e bong R. T. France o tlhalosa gore mo Segerikeng sa ntlhantlha, lefoko le le ranotsweng fano go twe “utlwang” ga se “lefoko le le tlwaelegileng le le kayang go utlwa, mme fa le ranolwa ka tlhamalalo le kaya ‘go tlhatswega pelo,’ mme le naya mogopolo wa go amogela boeteledipele jwa bone ka go rata.” Re nna kutlo mo bagolwaneng e seng fela ka gonne Lefoko la Modimo le re laela go dira jalo mme gape ka gonne re tlhatswegile pelo gore ba amegile thata ka Bogosi jwa Modimo e bile ba amegile le ka rona. Ruri re tla itumela fa re ikobela boeteledipele jwa bone ka go rata.

9. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore re ‘nne boikobo’ mo godimo ga ‘go nna kutlo’?

9 Mme le fa go ntse jalo, go tweng fa ka nako e nngwe re dumela gore kaelo ya bagolwane e ratha sekgwa? Ke mo maemong a a ntseng jalo mo re tlhokang go nna boikobo teng. Go motlhofo go nna kutlo fa sengwe le sengwe se utlwala sentle e bile re dumalana le sone, mme re tla bontsha gore a ruri re a ikoba fa re ineela, tota le fa rona re sa tlhaloganye kaelo e re e newang. Petere, yo moragonyana a neng a nna moaposetoloi, o ne a bontsha boikobo jwa one mofuta ono.—Luke 5:4, 5.

Mabaka a Manè a go Dirisana ka go Rata le Balebedi

10, 11. Balebedi ba ‘buile lefoko la Modimo’ jang le Bakeresete ka bone mo lekgolong la ntlha la dingwaga le gompieno?

10 Mo go Bahebera 13:7, 17, e e nopotsweng fa godimo, moaposetoloi Paulo o naya mabaka a le manè a go bo re tshwanetse go nna kutlo mo balebeding ba Bakeresete le go ba ikobela. Lebaka la ntlha ke gore ba ‘buile lefoko la Modimo’ le rona. Gopola gore “dimpho tse e leng banna” tse Jesu a di abelang phuthego di beetswe “go lolamisiwa ga baitshepi.” (Baefeso 4:11, 12) O ne a lolamisa go akanya le go itshwara ga Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga a dirisa badisa ba a ba tlhomileng ba ba ikanyegang, mme bangwe ba bone ba ne ba tlhotlhelediwa go kwalela diphuthego makwalo. O ne a dirisa balebedi bano ba ba tlhomilweng ka moya go kaela le go nonotsha Bakeresete ba bogologolo.—1 Bakorintha 16:15-18; 2 Timotheo 2:2; Tito 1:5.

11 Gompieno, Jesu o re kaela a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” yo o emelwang ke Setlhopha sa motlhanka yono se se Laolang le bagolwane ba ba tlhomilweng. (Mathaio 24:45) Ka ntlha ya go tlotla “modisa yo mogolo,” Jesu Keresete, re tsaya tsia kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo tlotle ba ba dirang ka natla mo gare ga lona ba bile ba lo okametse mo Moreneng le go lo tlhagisa.”—1 Petere 5:4; 1 Bathesalonika 5:12; 1 Timotheo 5:17.

12. Balebedi “ba lebeletse meya ya [rona]” ka tsela efe?

12 Lebaka la bobedi la go bo re tshwanetse go dirisana le balebedi ba Bakeresete ke gore “ba lebeletse meya ya [rona].” Fa ba lemoga sepe fela mo boikutlong kgotsa mo boitshwarong jwa rona se se ka tsenyang bomoya jwa rona mo kotsing, ka bonako fela ba re naya kgakololo e e tlhokegang gore ba re lolamise. (Bagalatia 6:1) Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “lebeletse” tota le kaya “go se robale.” Go ya ka mokanoki mongwe wa Baebele, le “kaya go nna ga modisa a thantse ka dinako tsotlhe.” Mo godimo ga gore bagolwane ba nna ba thantse semoyeng, gape ba ka nna ba se ka ba kgona go robala bosigo ka gonne ba amegile ka botsogo jwa rona jwa semoya. A ga re a tshwanela go dirisana ka go rata le badisa bano ba ba tlhomilweng ba ba lorato, ba ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang go etsa tlhokomelo e e bonolo e re e newang ke Jesu Keresete, “modisa yo mogolo wa dinku”?—Bahebera 13:20.

13. Balebedi mmogo le Bakeresete botlhe ba ikarabelela mo go mang mme ka ditsela dife?

13 Lebaka la boraro la go bo re tshwanetse go dirisana ka go rata le balebedi ke ka gonne ba re lebeletse “jaaka ba ba tla ikarabelelang.” Balebedi ba gopola gore ke badisa ba ba tlhomilweng, ba dira ba le kafa tlase ga taolo ya Badisa ba ba kwa legodimong, Jehofa Modimo le Jesu Keresete. (Esekiele 34:22-24) Jehofa ke Mong wa dinku, yo o neng a di “reka ka madi a Morwawe,” mme o tsaya balebedi ba a ba tlhomileng ba ikarabelela ka tsela e ba tshwarang letsomane la gagwe ka yone, mme ba tshwanetse ba le tshwara “ka bonolo.” (Ditiro 20:28, 29) Ka jalo, rotlhe re tla ikarabelela mo go Jehofa ka tsela e re itshwarang ka yone fa a re kaela. (Baroma 14:10-12) Gape fa re le kutlo mo bagolwaneng ba ba tlhomilweng, re naya bosupi jwa gore re ikobela Keresete, Tlhogo ya phuthego.—Bakolosa 2:19.

14. Ke eng se se ka dirang gore balebedi ba Bakeresete ba direle “ka go fegelwa,” mme seo se ka felela ka eng?

14 Paulo o ne a ntsha lebaka la bonè la go bo re tshwanetse go ikobela balebedi ba Bakeresete ka boikokobetso. O ne a kwala jaana: “Gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.” (Bahebera 13:17) Bagolwane ba Bakeresete ba sikere morwalo o o bokete ka gonne ba na le maikarabelo a magolo a go ruta, go disa, go etelela pele mo tirong ya go rera, go tlhokomela malapa a bone le go rarabolola mathata mo phuthegong. (2 Bakorintha 11:28, 29) Fa re sa dirisane sentle le bone, re ba okeletsa morwalo fela. Seno se ka felela ka gore ba ‘fegelwe.’ Go sa dirisane le bone sentle go ka utlwisa Jehofa botlhoko mme ga re gobatsa. Mme mo boemong jwa moo, fa re bontsha tlotlo le tirisanommogo e e tshwanetseng, bagolwane ba ka dira maikarabelo a bone ka boipelo, mme seno sa dira gore go nne le kutlwano mme re itumelele go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi.—Baroma 15:5, 6.

Go Bontsha Gore re Ikobela Balebedi

15. Re ka bontsha jang gore re utlwa balebedi e bile re a ba ikobela?

15 Go na le ditsela tse dintsi tse re ka bontshang ka tsone gore re dirisana mmogo le balebedi ba ba tlhomilweng. A bagolwane ka go fetofetoga le maemo a masha mo tshimong ba rulagantse go tshwara dipokano tsa tirelo ya tshimo ka malatsi le ka dinako tse di tlhokang gore re fetole thulaganyo ya rona? A re lekeng ka natla go ema nokeng dithulaganyo tseo tse disha. Re ka bona masego a re neng re sa a lebelela. A molebedi wa tirelo o tlile go etela Thuto ya rona ya Buka ya Phuthego? A re nneng le seabe ka botlalo kafa go ka kgonegang ka teng mo tirong ya go rera beke eo. A re neilwe kabelo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo? Re tshwanetse go leka ka bojotlhe gore re nne teng mme re dire kabelo ya rona. A molebedi wa Thuto ya Buka ya Phuthego o dirile kitsiso ya gore setlhopha sa rona ke sone se phepafatsang Holo ya Bogosi? A re mo eme nokeng ka botlalo, go ya ka se botsogo le maatla a rona a re letlang go se dira. Ka ditsela tseno le ka tse dingwe tse dintsi, re bontsha gore re ikobela banna ba Jehofa le Morwawe ba ba tlhomileng go tlhokomela letsomane.

16. Fa mogolwane a sa dire dilo jaaka go laetswe, ke ka ntlha yang fa seno e se lebaka la gore re tsuologe?

16 Ka dinako tse dingwe, mogolwane a ka nna a se ka a dira dilo go ya kafa setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le Setlhopha sa sone se se Laolang se laetseng ka gone. Fa a tswelela pele a dira jalo, o tla tshwanelwa ke go ikarabelela mo go Jehofa, ‘modisa le molebedi wa meya ya rona.’ (1 Petere 2:25) Mme fa bagolwane bangwe ba sa dire maikarabelo a bone kgotsa ba dira diphoso, seo ga se re neye lebaka la go se ba ikobele. Jehofa ga a segofatse batho ba ba sa utlweng le ba ba tsuologang.—Dipalo 12:1, 2, 9-11.

Jehofa o Segofatsa Moya wa Tirisanommogo

17. Re tshwanetse ra ikutlwa jang ka balebedi ba rona?

17 Jehofa Modimo o a itse gore banna ba a ba tlhomileng go nna balebedi ga ba a itekanela. Le fa go ntse jalo, o a ba dirisa, mme ka moya wa gagwe o disa batho ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Kgang ya gore “maatla a a fetang a a tlwaelegileng [ke] a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona” e dira mo bagolwaneng le mo go rona rotlhe. (2 Bakorintha 4:7) Ka jalo re tshwanetse go lebogela Jehofa se a kgonang go se dira ka balebedi ba rona ba ba boikanyego, mme re tshwanetse go dirisana mmogo le bone ka go rata.

18. Fa re ikobela balebedi ba rona, tota re a bo re dira eng?

18 Balebedi ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tshwanela tlhaloso e ka yone Jehofa a tlhalosang badisa ba ba tlhomilweng gore ba okamele letsomane la gagwe mo metlheng ya bofelo, jaaka e fitlhelwa mo go Jeremia 3:15: “Ke tla lo naya badisa tumalanong le pelo ya me, mme ruri ba tla lo fepa ka kitso le temogo.” Ruri bagolwane ba ba mo gare ga rona ba dira tiro e e molemo ya go ruta le go sireletsa dinku tsa ga Jehofa. E kete re ka tswelela pele go bontsha go anaanela tiro ya bone e ba e dirang ka natla ka go dirisana mmogo le bone ka go rata, ka go nna kutlo mo go bone le go ba ikobela. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re anaanela Badisa ba rona ba ba kwa legodimong, Jehofa Modimo le Jesu Keresete.

Fa re Boeletsa

• Jehofa le Jesu Keresete ba itshupile jang e le Badisa ba ba lorato?

• Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore re nne kutlo mo godimo ga gore re ikobe?

• Re ka bontsha ka ditsela dife gore re ikobela taolo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Bagolwane ba Bakeresete ba ikobela boeteledipele jwa ga Keresete

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go na le ditsela tse dintsi tse re ka bontshang ka tsone gore re ikobela badisa ba Jehofa a ba tlhomileng