Tiro ya go Dira Barutwa e Tlhotlheleditse Ditshwetso Tse ke di Dirileng mo Botshelong Fela Thata
Kgang ya Botshelo
Tiro ya go Dira Barutwa e Tlhotlheleditse Ditshwetso Tse ke di Dirileng mo Botshelong Fela Thata
Jaaka go boletse Lynette Peters
Masole a ne a tshwanelwa ke go tla go re fudusa. Lesole le e leng kgeleke ya go thuntsha ka tlhobolo le ne le eme mo godimo ka kago e re tswang mo go yone. Masole a mo lewatleng a ne a bataletse mo bojannyeng a ipaakanyeditse go thuntsha ka ditlhobolo. Fa nna le barongwa ba bangwe re tabogela kwa helikopotareng e e neng e re emetse mo mosong wa Sontaga oo, re ne ra leka ka natla go nna re ritibetse. Ka ponyo ya leitlho fela re ne re setse re le mo moeng. Metsotso e le lesome morago ga foo, re ne re setse re palame sekepe sa masole se se neng se re letile mo lotshitshing.
MO MOSONG o o latelang re ne ra utlwa gore batsuolodi ba ne ba thuntshitse ka dibomo hotele e re neng re kopile boroko mo go yone bosigo jwa pele ga tiragalo eo. Kgabagare dikhuduego tse di sa bolong go nna teng ka dingwaga kwa Sierra Leone di ne di setse di fetogile ntwa e e aparetseng naga yotlhe. Batswakwa botlhe go akaretsa le rona ba ne ba newa kitsiso e e neng e ba pateletsa go tswa mo nageng ka yone nako eo. Go tlhalosa gore go tlile jang gore ke iphitlhele ke le mo boemong jono, mma ke simolole kwa tshimologong.
Ke goletse kwa British Guiana, e go tloga ka 1966 e neng ya itsege e le Guyana. Botshelo jwa me fa ke sa ntse ke le mosha mo dingwageng tsa bo1950 bo ne bo itumedisa tota go se tsapa le mphisang pelo. Batsadi ba le bantsi ba ne ba tseela thuto kwa godimo, mme go ne go lebeletswe gore basha ba dire sentle kwa sekolong. Ke gakologelwa gore tlelereke nngwe ya kwa bankeng e kile ya botsa rre jaana: “Ke ka ntlha yang fa o duela madi a le mantsi jaana gore bana ba gago ba rutege?” Rre o ne a araba ka gore: “Ke thuto ya maemo a a kwa godimo fela e e tla ba thusang gore ba atlege mo isagweng.” Ka nako eo, rre o ne a akanya gore thuto e e di gaisang
tsotlhe e ka bonwa mo dikolong tsa maemo a a kwa godimo. Go ise go ye kae o ne a tla fetola mogopolo ka kgang eo.Fa ke na le dingwaga di le 11, mmè o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a kile a etela kwa Holong ya Bogosi le mongwe wa baagelani ba rona. Se ba neng ba se utlwa mo bosigong joo se ne sa ba tlhomamisetsa gore ba bone boammaaruri. Moragonyana mmè o ne a tlotlela moagelani yo mongwe se se neng se buiwa kwa Holong ya Bogosi. Go ise go ye kae, ka boraro jwa bone ba ne ba setse ba ithuta le barongwa bano, Daphne Harry (yo moragonyana a neng a nna Daphne Baird) le Rose Cuffie. Mo nakong e e kwa tlase ga ngwaga, Mmè le ditsala tsa gagwe tse pedi ba ne ba kolobediwa. Dingwaga di le tlhano morago ga foo, rre o ne a tswa mo Kerekeng ya Seventh-Day Adventist mme a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa.
Fa re sa ntse re le basha, nna le bonnake ba le babedi—bana ba le bararo ba batona mo baneng ba le lesome—re ne re itumelela go fetsa diura di le dintsi kwa legaeng la barongwa kwa Daphne le Rose ba neng ba nna gone. Fa re le koo, ba ne ba re tlotlela maitemogelo a bone a kwa tirelong ya tshimo. Barongwa bano ba ne ba tletse boitumelo fa ba ntse ba thusa ba bangwe semoyeng ba sa lape. Sekao sa bone ke sone se se ntlhotlheleditseng gore ke batle go nna morongwa.
Mme gone ke eng se se neng sa nthusa go nna ke tlhomile mogopolo mo bodireding jwa nako e e tletseng le fa ke ne ke dikologilwe ke ba losika le bana ba ke tsenang sekolo le bone ba ba neng ba beile thuto kwa pele? Ke ne ke bulegetswe ke ditshono di le dintsi tse di molemo—Ke ne nka ithutela go nna ramolao, ka ithuta mmino, bongaka kana sengwe le sengwe fela. Le fa go ntse jalo, ke ne ka kaelwa ke sekao se se molemo sa batsadi ba me. Ba ne ba dirisa boammaaruri jo ba ithutileng jone mo matshelong a bone, ba ithuta Baebele ka tlhoafalo, mme ba ineetse go thusa ba bangwe go ithuta ka Jehofa. * Mo godimo ga moo, ba ne ba laletsa badiredi ba nako e e tletseng ka metlha kwa legaeng la rona. Boitumelo le kgotsofalo tse bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba neng ba na le tsone di ne tsa nonotsha keletso ya me ya gore tiro ya go dira barutwa e nne yone e tlhotlheletsang ditshwetso tse ke di dirang mo botshelong.
Ke ne ka kolobediwa fa ke na le dingwaga di le 15. Mme fela fa ke sena go wetsa dithuto tsa me tsa sekolo se segolwane, ke ne ka tsenela tirelo ya bobulatsela jwa nako e e tletseng. Motho wa ntlha yo ke neng ka mo thusa gore a ineele a bo a kolobediwe ke Philomena yo o neng a bereka kwa bookelong. Boitumelo jo ke neng ka nna le jone fa ke mmona a simolola go rata Jehofa, bo ne jwa nonotsha keletso ya me ya go tswelela ka bodiredi jwa nako e e tletseng. Moragonyana fela ga foo, ke ne ka newa tiro e e botoka ya go nna mokwaledi kwa pusong. Ke ne ka gana tiro eo, mme ka tlhopha go tswelela ka tiro ya bobulatsela.
Ka nako eo ke ne ke sa ntse ke nna kwa gae mme barongwa ba ne ba ntse ba re etela. Abo ke ne ke itumelela go reetsa maitemogelo a bone jang ne! Dilo tseno tsotlhe di ne tsa nonotsha keletso ya me ya go
nna morongwa, tota le fa go ne go lebega go sa kgonege. Ka nako eo le gone jaanong barongwa ba ntse ba romelwa ka Guyana. Letsatsi lengwe ka 1969, ke ne ka gakgamala tota mme gone ka itumela fa ke amogela taletso ya go nna teng kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade kwa Brooklyn, New York.Kabelo e ke Neng Ke sa E Letela
Mo tlelaseng eo ya bo48 ya Gileade, go ne go na le baithuti ba le 54 ba ba tswang kwa dinageng di le 21. Ba le lesomesupa ba rona e ne e le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang. Le fa seo se diregile dingwaga di le 37 tse di fetileng, ke sa ntse ke gakologelwa sentle dikgwedi tseo tse tlhano. Go ne go na le dilo di le dintsi tse re neng re tshwanelwa ke go ithuta tsone—e seng fela boammaaruri jwa Dikwalo, re ne re tshwanelwa ke go ithuta gape le dikakantsho tse di mosola mmogo le kaelo ya botshelo jwa mo isagweng fa re setse re le barongwa. Ka sekai, ke ne ka ithuta go latela kaelo, go nna tekatekano mo kgannyeng ya go latela difeshene, le go itshoka le fa ke le mo maemong a a thata.
Ka dinako tsotlhe batsadi ba me ba ne ba gatelela botlhokwa jwa go nna teng kwa dipokanong ka metlha. Mongwe le mongwe yo o neng a ka itira e kete o a lwala fa go iwa dipokanong ka Sontaga, o ne a sa letlwe go ya kwa khonsateng ya mmino mo bosigong jo bo latelang fa a setse a re o fodile. Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke le kwa Sekolong sa Gileade ke ne ke sa kgone go ya dipokanong tsotlhe. Maitseboa mangwe a Labotlhano ke ne ka leka go buelela go sa ye dipokanong ga me mo go Don le Dolores Adams e leng banyalani ba kwa Bethele ba ke neng ke tsamaya ka koloi ya bone go ya dipokanong. Ruri ke na le tiro e ntsi ya sekolo e e direlwang kwa gae mmogo le dipego tse ke tshwanelwang ke go di dira! Ke tla bona kae nako ya go ya pokanong ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le kwa Pokanong ya Tirelo? Fa Mokaulengwe Adams a sena go buisana le nna ka nakwana o ne a re: “A segakolodi sa gago se go kaele.” Ke ne ka dirisa kgakololo ya gagwe mme ga ke ise ke foswe ke dipokano go tloga mo maitseboeng ao le a mangwe a a neng a latela morago ga foo. Mo dingwageng tsotlhe tseno, ntle le fa go na le maemo a go seng sepe se nka se dirang ka one, ga ke ise ke letle sepe go nkgoreletsa go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete.
Mo bogareng jwa dikgwedi tsa sekolo, baithuti ba ne ba setse ba bua ka dikabelo tsa rona. Ka metlha ke ne ke ntse ke akanya gore ke tla abelwa kwa Guyana, e leng kwa thuso e neng e tlhokega tota mo tirong ya go rera. Akanya fela gore ke ne ka gamarega jang fa ke utlwa gore ga ke tlhole ke boela gae. Go na le moo, ke ne ka abelwa kwa Sierra Leone, kwa Bophirima jwa Afrika. Ke ne ka leboga Jehofa tota gore kgabagare keletso ya me ya go nna morongwa kgakala le legae la me e ne e diragala!
Go na Le Dilo di le Dintsi Tse ke Tshwanelwang Ke go Di Ithuta
“Bontle jwa yone bo jesa kgakge,” eo ke tsela e nka tlhalosang boikutlo jo ke neng ka nna le jone fa ke bona Sierra Leone lekgetlo la ntlha. E na le dithota le dithaba tse di ntle mmogo le mabopo. Le fa go ntse jalo, bontle jwa mmatota jwa naga eno e e kafa Bophirima jwa Afrika bo mo baaging ba yone ba lorato le bopelonomi jwa bone bo dirang gore tota le batswakwa ba ikutlwe ba amogelesegile. Seno se thusa barongwa ba basha gore ba se ka ba tlhologelelwa gae thata. Batho ba kwa Sierra Leone ba rata thata go bua ka dingwao le setso sa bone le go thusa bosetlabosheng gore ba itse Se-Krio e leng puo ya naga eo e ba ka buisanang le bone ka yone.
Batho ba ba buang Se-Krio, ba na le diane di le dintsi tse di tlhalosang dilo ka tsela e e utlwalang. Ka sekai, sengwe sa tsone sa re, Dikgabo di a dira, fa ditshwene tsone di ja, mo go rayang gore ga se ka metlha molemi e nnang ene a robang. Seo se tlhalosa sentle tshiamololo e e anameng thata mo lefatsheng!—Isaia 65:22.
Tiro ya go rera le go dira barutwa e ne e itumedisa tota. Go ne go direga ka sewelo gore o kopane le mongwe yo o neng a sa kgatlhegele go ithuta Baebele. Mo dingwageng di le dintsi tse di ntseng di feta, barongwa le batlhanka ba ga Jehofa ba nako e telele ba ntse ba thusa batho—basha le bagolo—ba mefuta yotlhe le ba merafe e e farologaneng gore ba amogele boammaaruri.
Erla St. Hill, morongwa wa ntlha yo ke neng ke dira le ene, e ne e le modiri yo o sa lapeng. O ne a tlhoafaletse bodiredi thata go feta tsela e a neng a tlhoafaletse ka yone go dira ditiro tsa gagwe tsa kwa legaeng la barongwa. O ne a nthusa go tlhaloganya botlhokwa jwa dilo di le dintsi, jaaka go tlwaela baagelani, go etela Basupi ba ba lwalang mmogo le batho ba ba kgatlhegelang boammaaruri, le go nna teng kwa diphitlhong fa go kgonega. Gape o ne a mpontsha botlhokwa jwa gore morago ga tirelo ya tshimo ke fete kwa magaeng a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang mo lefelong le re berekang tshimo mo go lone, le fa e ka nna ka nako e khutshwane fela ke ba dumedise. Ka go dira dilo tseno, go ise go ye kae ke ne ke setse ke na le bommè, bokgaitsadiake, bonnake le ditsala, mme kabelo eno e ne ya nna lone legae la me.—Mareko 10:29, 30.
Gape ke ne ka aga botsala jo bo nonofileng le barongwa ba ba molemo ba ke neng ke direla le bone. Bangwe ba bone e ne e le Adna Byrd yo ke neng ke nna le ene mo kamoreng e le nngwe mme a diretse kwa Sierra Leone mo dingwageng tse di fa gare ga 1978 le 1981, mmogo le Cheryl Ferguson yo ke sa leng ke nna le ene mo dingwageng di le 24 tse di fetileng.
Ntwa ya Selegae e Tlisa Diteko
Ka 1997, mo e ka nnang kgwedi morago ga gore dikago tse disha tsa lekala kwa Sierra Leone di neelwe, ntwa e ne ya re pateletsa go tswa mo nageng eo fela jaaka go umakilwe kwa tshimologong. Dingwaga di le thataro pele ga foo, re ne re kgatlhilwe thata ke tumelo ya Basupi ba kwa Liberia ba ba neng ba tshabetse kwa Sierra Leone ka ntlha ya ntwa e e neng e fagile kwa nageng ya bone. Bangwe ba bone ba ne ba goroga ba iphotlhere fela. Go sa kgathalesege maemo a a thata a ba neng ba le mo go one, ba ne ba nna le seabe mo bodireding letsatsi le letsatsi. Go ne go ama pelo tota go bona tsela e ba neng ba rata Jehofa le batho ba bangwe ka yone.
Mme e re ka jaanong le rona re ne re fetogile batshabi mo nageng ya Guinea, re ne ra latela sekao sa bakaulengwe ba rona ba kwa Liberia mme ra tswelela re ikanya Jehofa e bile re beile dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. Ngwaga morago ga foo, re ne ra kgona go boela kwa Sierra Leone, mme mo dikgweding di le supa fela, ntwa e ne ya runya mme ra tshwanelwa ke go tshabela kwa Guinea gape.
Go ise go ye kae re ne ra bolelelwa gore maloko a
lengwe la makoko a a lwang a nna kwa legaeng la rona la barongwa kwa Kissy, mme dithoto tsa rona tsotlhe di thopilwe kana di sentswe. Go na le gore re tshwenyege thata mo maikutlong, re ne re leboga fela gore re a tshela. Re ne re na le dilwana di se kae fela mme gone re ne re kgona go tshela.Fa re sena go siela kwa Guinea lekgetlo la bobedi, nna le Cheryl yo ke neng ke nna le ene mo kamoreng e le nngwe re ne ra nna teng koo. Jaanong re ne re tshwanetse go ithuta Sefora. Bangwe ba barongwa ba ne ba simolola go dirisa Sefora se ba neng ba ithuta sone ka bonako fela, ba sa tshwenngwe ke diphoso tse ba neng ba di dira fa ba bua. Mme nna ke ne ke sa batle go bua sengwe se se phoso, ka jalo ke ne ke bua Sefora fela fa go tlhokega. Seno se ne se nngomola pelo. Letsatsi le letsatsi ke ne ke tshwanelwa ke go ikgakolola gore ke ka ntlha yang fa ke le mo Guinea—go thusa ba bangwe go itse Jehofa.
Ke ne ka dira kgatelopele ka iketlo ka go ithuta, go reetsa ba ba neng ba bua puo eno sentle le ka go thusiwa ke bana ba mo phuthegong ba ba buang puo phaa. E ne ya re re sa letela, phuthego ya ga Jehofa ya re naya thuso e re neng re e tlhoka ka nako eo. Go tloga ka September 2001, Tirelo ya Rona ya Bogosi e ntse e re naya dikakantsho tsa kafa re ka tsamaisang dimakasine ka gone mo godimo ga dikakantsho tse di ntseng di le teng tsa kafa re ka tsamaisetsang batho ba madumedi a a farologaneng dibuka le diboroutšhara ka gone. Gone jaanong ke ikutlwa ke le pelokgale fa ke le mo bodireding le fa gone ke sa kgone go bua Sefora ka thelelo jaaka ke bua puo ya me.
Go golela mo lelapeng le legolo go nthusitse gore ke se ka ka nna le bothata jwa go nna le batho ba le bantsi. Ka dinako dingwe re ne re nna re le 17 mo legaeng la barongwa. Mo dingwageng di le 37 tse ke di feditseng mo tirelong ya borongwa, ke ne ka nna le barongwa ba bangwe ba feta 100. Ruri e ne e le tshiamelo go itse batho ba le bantsi jaana, ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng mme botlhe ba dira ka boikaelelo bo le bongwe! Mme a bo go itumedisa tota go nna modiri mmogo le Modimo le go nna le seabe mo go boneng batho ba amogela boammaaruri jwa Baebele!—1 Bakorintha 3:9.
Mo dingwageng tse ke ntseng ke le morongwa ka tsone, ke fositswe ke ditiragalo tse dintsi tsa botlhokwa tsa lelapa la gaetsho, jaaka manyalo a bangwe ba bonnake. Mme ga ke kgone go etela bana ba bone jaaka ke ne nka rata. Seno e ntse e le go intsha setlhabelo mo go nna le mo go ba lelapa la me ba ka bopelotshweu ba neng ba nkgothatsa gore ke nne mo tirong ya borongwa.
Le fa go ntse jalo, dilo tse di mphositseng kwa gae, ke kgonne go di itumelela ka tsela nngwe mo tirelong ya me ya borongwa. Le fa gone ke ne ka tlhopha go nna ke sa nyalwa, ke na le bana ba le bantsi ba semoya, e seng fela ba ke ithutileng Baebele le bone mme le ba e neng ya nna ditsala tsa me. Mo godimo ga moo, ke ne ka bona bana ba bone ba gola, ba tsena mo lenyalong, mme ba godisetsa bana ba bone mo tseleng ya boammaaruri. Bangwe ba bone, fela jaaka nna, ba letlile tiro ya go dira barutwa gore e tlhotlheletse ditshwetso tse ba di dirang mo botshelong.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 9 Mmè o ne a nna mmulatsela dingwaga di feta 25, mme fa rre a tlogela tiro le ene o ne a nna mmulatsela yo o thusang.
[Dimmapa mo go tsebe 15]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Ke ne ka abelwa kwa Sierra Leone, kwa Bophirima jwa Afrika
GUINEA
SIERRA LEONE
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bonnake ba babedi, ba re neng ra fetsa diura di le dintsi tse di itumedisang mmogo re na le barongwa mo dingwageng tsa bo1950
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Ke na le baithuti mmogo le nna ba tlelase ya bo48 ya Gileade
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go neelwa ga dikago tsa lekala kwa Sierra Leone