Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bosetlhogo Bo Tla Tsamaya bo Fela?

A Bosetlhogo Bo Tla Tsamaya bo Fela?

A Bosetlhogo Bo Tla Tsamaya bo Fela?

BATHO ba bantsi ba dumela gore bopelotshetlha ke jone jo bo bakang bosetlhogo jo bo leng teng mo lefatsheng gompieno. Seno se simologile dingwaga tse dintsi tse di fetileng fa kokomana ya batho ba ba ipayang kwa pele e ne e dira gore go nne le setšhaba se bontsi jwa batho ba sone ba tshwenyegileng thata ka bone ka bobone. Batho ba bantsi ba ka dira le fa e le eng fela gore ba bone se ba se batlang, mme gantsi seno se felela ka go dira ditiro tsa bosetlhogo. Seno ga se ame batho ka bongwe fela mme gape se ama le ditšhaba.

Go lebega matshelo a batho ba bangwe a sa tlhole a le botlhokwa. Batho ba bangwe e bile ba itumelela go nna setlhogo. Go ba tlosa bodutu, fela jaaka dikebekwa tse di buang gore di utlwisa ba bangwe botlhoko go ijesa monate. Mme go tweng ka boidiidi jwa batho ba go rata ga bone difilimi tsa thubakanyo go dirang gore kgwebo ya dibaesekopo e dire madi ka difilimi tse di ntseng jalo? Batho ba bantsi ba sule maikutlo ka gonne mo boitlosobodutung le mo dikgannyeng ba bona ditiro tsa bosetlhogo gantsintsi.

Gantsi bosetlhogo bo ama motho mo tlhaloganyong mme bo dira gore batho ba ba tshwerweng setlhogo le bone ba tshware ba bangwe jalo. Fa Noemi Marroquín, yo o rutang kwa National Autonomous University of Mexico, a bua ka thubakanyo e e bakwang ke bosetlhogo, a re: “Thubakanyo e a ithutiwa, ke karolo ya setso sa rona . . . Re ithuta go dira ditiro tsa thubakanyo fa tikologo e re nnang mo go yone e go dumelela e bile e go kgothaletsa.” Ka jalo, batho ba ba kileng ba sotlwa, le bone ba ka felela ba sotla ba bangwe, gongwe e bile ba ba sotla ka yone tsela e le bone ba sotlilweng ka yone.

Ka dinako tse dingwe, batho ba ba sa diriseng bojalwa le diokobatsi ka tshwanelo ba felela ba le setlhogo. Batho ba bangwe ba ba ka felelang ba le setlhogo ke ba ba sa kgotsofalelang puso ya bone ka gonne e sa neye batho dilo tse ba di tlhokang. Bangwe ba bone ka gonne ba batla gore go itsiwe gore ba ikutlwa jang, ba dira ditiro tsa bosetlhogo mme ba rotloetsa borukutlhi, mme gantsi seo se sotla batho ba ba se nang molato.

Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa: ‘A batho ba ithutile go nna setlhogo ka bobone fela? Ke eng se se bakang boemo jono jo bo leng teng gompieno?’

Ke Mang yo Tota a Bakang Bosetlhogo?

Baebele e re bolelela gore Satane Diabolo o na le tlhotlheletso e kgolo mo lefatsheng leno, mme e mmitsa “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:4) O pelotshetlha e bile o setlhogo go feta batho botlhe mo lefatsheng. Jesu o ne a mo tlhalosa sentle fa a ne a re ke “mmolai” le “ramaaka.”—Johane 8:44.

Fa e sa le Adame le Efa ba tlhoka kutlo, batho ba ntse ba le kafa tlase ga tlhotlheletso e e maatla ya ga Satane. (Genesise 3:1-7, 16-19) Dingwaga di ka nna makgolo a le 15 morago ga gore batho ba ntlha ba babedi ba furalele Jehofa, baengele ba ditsuolodi ba ne ba ikapesa mebele ya nama mme ba tlhakanela dikobo le basadi, ba tshola lotso lo lo bidiwang Banefilime. Ba ne ba tlhomologile thata ka eng? Leina la bone le re naya karabo. Leina leo le raya “ba ba digang ba bangwe.” Go bonala gore e ne e le batho ba ba ratang thubakanyo ba ba neng ba anamisa bosetlhogo le boitshwaro jo bo maswe jo bo neng bo ka fedisiwa fela ke morwalela o o tlisitsweng ke Modimo. (Genesise 6:4, 5, 17) Le fa Banefilime ba ne ba fedisitswe ke Morwalela, borraabone ba ne ba boela kwa lefelong la moya e le madimona a a sa bonaleng.—1 Petere 3:19, 20.

Bosetlhogo jwa baengele bano ba ditsuolodi bo bonala sentle mo go se se neng sa diragalela mosimane yo o neng a tsenwe ke madimona mo motlheng wa ga Jesu. Ledimona le ne la dira gore ngwana yoo a tshwarwe ke metotwane, la mo latlhela mo molelong le mo metsing le leka go mmolaya. (Mareko 9:17-22) Go bonala sentle gore “meya e e boikepo” eno ga e na kutlwelobotlhoko fela jaaka molaodi wa yone yo o setlhogo, Satane Diabolo.—Baefeso 6:12.

Gompieno tlhotlheletso ya madimona e ntse e rotloetsa bosetlhogo mo bathong, jaaka Baebele e ile ya bolelela pele: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . baipegi, ba ba mabela, . . . ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”—2 Timotheo 3:1-5.

Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore metlha ya rona e thata le go feta ka gonne fa Bogosi jwa Modimo jo bo eteletsweng pele ke Keresete Jesu bo sena go tlhomiwa ka 1914, Satane le masomosomo a gagwe a madimona ba ne ba lelekwa kwa legodimong. Baebele ya re: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:5-9, 12.

A seno se raya gore boemo bo ka se tokafale? Díaz Marroquín, yo o nopotsweng fa godimo, a re “batho ba ka kgona go tlogela” mekgwa e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, e re ka tlhotlheletso ya ga Satane e tletse mo lefatsheng gompieno, go ka se nne motlhofo gore motho a tlogele thubakanyo kwantle ga fa a letla maatla a a farologaneng, a maemo a a kwa godimo gore a tlhotlheletse tsela e a akanyang ka yone le e a dirang dilo ka yone. Maatla ano ke eng?

Go ka Kgonega Gore Motho a Fetoge—Jang?

Go a itumedisa gore moya wa Modimo o o boitshepo o maatla go feta sengwe le sengwe, mme o ka kgona go fenya tlhotlheletso le fa e le efe ya bodimona. O rotloetsa lorato e bile o batla gore dilo di tsamaele batho sentle. Gore motho mongwe le mongwe yo o batlang go itumedisa Jehofa a tladiwe ka moya o o boitshepo, o tshwanetse go tila go itshwara ka tsela ya bosetlhogo. Gore motho a kgone go dira jalo go tlhokega gore a fetole botho jwa gagwe gore bo tsamaisane le thato ya Modimo. Mme thato eo ke eng? Ke gore re etse tsela e Modimo a dirang dilo ka yone ka mo re ka kgonang ka teng. Seno se akaretsa go leba ba bangwe jaaka Modimo a ba leba.—Baefeso 5:1, 2; Bakolosa 3:7-10.

Fa o ithuta tsela e Modimo a dirang dilo ka yone o tla lemoga gore Jehofa ga ise nke a tlhoke go kgatlhegela ba bangwe. Ga ise nke a tshware batho ba bangwe ka tsela e e sa siamang, le e leng diphologolo tota. * (Duteronome 22:10; Pesalema 36:7; Diane 12:10) O kgala bosetlhogo le botlhe ba ba bo dirang. (Diane 3:31, 32) Botho jo bosha jo Jehofa a batlang gore Bakeresete ba nne le jone bo ba thusa go tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga bone le go ba tlotla. (Bafilipi 2:2-4) Botho joo jo bosha jwa Bokeresete bo akaretsa “lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” Re ka se lebale lorato, “gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:12-14) A ga o dumele gore lefatshe le ka bo le le botoka tota fa dinonofo tseno di ka bo di bonwa ka bontsi mo bathong?

Le fa go ntse jalo, o ka tswa o ipotsa gore a tota go a kgonega gore motho a fetogele ruri. Sekaseka sekai seno sa mmatota. Martín * o ne a na le go omanya mosadi wa gagwe fa pele ga bana ba bone le go mo itaya botlhoko. Ka letsatsi lengwe, boemo bo ne jwa nna maswe thata mo e leng gore bana ba ne ba tshwanelwa ke go ya go kopa thuso kwa baagelaning. Morago ga dingwaga di le mmalwa, lelapa leo le ne la simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Martín o ne a ithuta gore o tshwanetse go nna motho wa mofuta mang le gore o tshwanetse go tshwara batho ba bangwe jang. A o ne a kgona go fetoga? Mosadi wa gagwe a re: “Mo nakong e e fetileng, monna wa me o ne a fetoga motho o sele fa a galefile. Ka ntlha ya seno, botshelo jwa rona bo ne bo ne bo tlhakatlhakane thata ka lobaka lo loleele. Ga ke na mafoko a go leboga Jehofa go bo a thusitse Martín go fetoga. Jaanong ke rre yo o molemo le monna yo o molemo.”

Seo ke sekai se le sengwe fela. Mo lefatsheng lotlhe, batho ba le bantsintsi ba ba ithutileng Baebele le Basupi ba ga Jehofa ba emisitse go nna setlhogo. Ee, go a kgonega gore motho a fetoge.

Bokhutlo Jwa Bosetlhogo Jotlhe bo Atametse

Mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi jwa Modimo—puso e e setseng e tlhomilwe kwa legodimong e e nang le Mmusi yo o kutlwelobotlhoko, e bong Jesu Keresete—bo tla laola lefatshe ka botlalo. Bo setse bo phepafaditse magodimo ka go leleka Satane, yo e leng motswedi wa bosetlhogo jotlhe, mmogo le madimona a gagwe. Go ise go ye kae, Bogosi jwa Modimo bo tla naya babusiwa botlhe ba jone ba ba ratang kagiso dilo tse ba di tlhokang. (Pesalema 37:10, 11; Isaia 11:2-5) Eo ke yone fela tharabololo ya mmatota ya mathata a lefatshe. Mme go tla diragalang fa o ka tshwarwa setlhogo fa o ntse o letetse Bogosi jono?

Go ipusolosetsa go ka se thuse. Seno se ka felela ka bosetlhogo jo bontsi. Baebele e re kgothaletsa go ikanya Jehofa, yo ka nako ya gagwe e a e beileng a tla ‘nayang mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsa gagwe, go ya ka maungo a ditiro tsa gagwe.’ (Jeremia 17:10) (Bona lebokose le le reng, “Kafa o ka Itshwarang ka Teng fa o Tshwarwa Setlhogo.”) Ee, o ka boga ka ntlha ya go sotlwa ka tlolomolao e e setlhogo. (Moreri 9:11) Le fa go ntse jalo, Modimo a ka fedisa diphelelo tsa bosetlhogo le fa e le bofe, le loso tota. Go ya ka tsholofetso ya gagwe, batho ba a ba gakologelwang ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya go tshwarwa setlhogo ba tla boa ba tshela gape.—Johane 5:28, 29.

Le fa gone go sa ntse go ka kgonega gore re tshwarwe setlhogo, re ka gomodiwa ke go nna le kamano e e gaufi le Modimo le go nna le tumelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa gagwe. Akanya ka Sara yo o neng a se na monna yo o mo thusang go godisa bana ba gagwe ba babedi ba basimane, mme a kgonne go dira gore ba bone thuto e e siameng. Fa a sena go tsofala bana ba gagwe ba ne ba mo latlha, ba sa mo tlamele ka dilo tse a di tlhokang le fa e le gone go mo tlhokomela fa a lwala. Le fa go ntse jalo, Sara yo jaanong e le Mokeresete, a re: “Le fa gone ke utlwa botlhoko, Jehofa ga a ntatlha. O nkeme nokeng a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba ntlhokomelang ka metlha. Ke dumela gore mo bogautshwaneng o tla fedisa mathata a me le a batho botlhe ba ba ikanyang maatla a gagwe le ba ba dirang se a se laelang.”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Sara a buang ka bone ke bomang? Ke ditsala tsa gagwe tsa Bakeresete, ba e leng Basupi ba ga Jehofa. Ba na le bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa batho ba ba kutlwelobotlhoko ba ba dumelang gore go ise go ye kae bosetlhogo bo tlile go fela. (1 Petere 2:17) Satane Diabolo, yo o bakang bosetlhogo jotlhe, le ope fela yo o itshwarang jaaka ene ba tlile go fedisiwa. “Motlha ono wa bosetlhogo” jaaka mokwadi mongwe a o tlhalosa, o tla fela. Ke eng o sa ithute ka tsholofelo eno ka go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 16 Gore o bale ka botlalo ka dinonofo tsa Modimo le botho jwa gagwe, bona buka ya Atamalana le Jehofa e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 17 Maina mangwe a fetotswe.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Kafa o ka Itshwarang ka Teng fa o Tshwarwa Setlhogo

Lefoko la Modimo le re naya kgakololo e e molemo mabapi le kafa re ka itshwarang ka teng fa re tshwarwa setlhogo. Akanyetsa kafa o ka dirisang mafoko ano a a botlhale ka gone:

“O se ka wa re: ‘Ke tla lefa bosula!’ Solofela mo go Jehofa, mme o tla go boloka.”—Diane 20:22.

“Fa o bona go gatelelwa gope fela ga mohumanegi le go tlosiwa ga katlholo le tshiamo ka tsela e e sa siamang . . . , o se ka wa gakgamadiwa ke tiragalo eo, gonne ene yo o kwa godimo go feta yo o kwa godimo o lebeletse.”—Moreri 5:8.

“Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.”—Mathaio 5:5.

“Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 7:12.

“Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe. Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’”—Baroma 12:17-19.

“Le Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi. . . . E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa, mme a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.”—1 Petere 2:21-23.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Jehofa o rutile batho ba bantsi go tlogela bosetlhogo