Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Phuthego e Bake Jehofa

A Phuthego e Bake Jehofa

A Phuthego e Bake Jehofa

“Ke tla bolela leina la gago mo go bomorwarre; ke tla go baka ka pina mo gare ga phuthego.”—BAHEBERA 2:12.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa phuthego e le mosola jaana, mme seabe sa yone sa konokono ke sefe?

FA E sale bogologolo batho ba ntse ba bona botsala le tshireletsego mo thulaganyong ya lelapa. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa setlhopha se sengwe se batho ba bantsintsi mo lefatsheng gompieno ba bonang botsala le tshireletsego mo go sone ka tsela e e gakgamatsang. Sone ke phuthego ya Bokeresete. Le fa o ka tswa o le mo lelapeng le le kitlaneng le le go emang nokeng kgotsa o se mo go lone, o ka anaanela e bile o tshwanetse go anaanela se Modimo a se re fileng ka thulaganyo ya phuthego. Mme fa e le gore o setse o kopanela le phuthego nngwe ya Basupi ba ga Jehofa, o ka nna wa bolela ka botsalano jo bo molemo jo o bo ipelelang koo le kafa o ikutlwang o sireletsegile ka teng koo.

2 Phuthego ga se setlhopha fela sa ditsala. Ga se tlelapa e mo go yone go kopanang batho ba ba tswang mo lefelong le le lengwe kgotsa ba ba kgatlhegelang motshameko mongwe o o tshwanang. Go na le moo, thulaganyo ya phuthego e diretswe thata go baka Jehofa Modimo. Ga go bolo go nna jalo, jaaka buka ya Dipesalema e gatelela. Re bala jaana mo go Pesalema 35:18: “Ke tla go baka mo phuthegong e kgolo; ke tla go baka mo gare ga batho ba bantsi.” Pesalema 107:31, 32 e re kgothatsa jaana: “A batho ba ke ba ntshetse Jehofa ditebogo ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jwa lorato le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo go bomorwa batho. Mme a ba mmake mo phuthegong ya batho.”

3. Go ya ka Paulo, phuthego e dira eng?

3 Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a gatelela seabe se sengwe sa botlhokwa sa phuthego fa a ne a bua ka “ntlo ya Modimo, e e leng phuthego ya Modimo yo o tshelang, pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) Paulo o ne a bua ka phuthego efe? Baebele e dirisa lefoko “phuthego” ka ditsela dife? Mme seno se tshwanetse sa ama jang botshelo jwa rona le tsholofelo ya rona? Go bona karabo, a re simololeng ka go sekaseka kafa lefoko “phuthego” le dirisiwang ka teng mo Lefokong la Modimo.

4. Gantsi lefoko “phuthego” le dirisiwa jang mo Dikwalong tsa Sehebera?

4 Lefoko la Sehebera le gantsi le ranolwang go twe “phuthego” le tswa mo go le le kayang “go phutha batho.” (Duteronome 4:10; 9:10) Mopesalema o ne a dirisa lefoko “phuthego” a bua ka baengele kwa legodimong, mme lefoko leno le ka dirisiwa go kaya setlhopha sa batho ba ba bosula. (Pesalema 26:5; 89:5-7) Le fa go ntse jalo, gantsi Dikwalo Tsa Sehebera di le dirisa fa le lebisitse go Baiseraele. Modimo o ne a bolela gore Jakobe o ne a tla “nna phuthego ya ditšhaba” mme seo se ile sa direga. (Genesise 28:3; 35:11; 48:4) Baiseraele ba ne ba bidiwa, kgotsa ba tlhophiwa gore ba nne “phuthego ya ga Jehofa,” ‘phuthego ya Modimo wa boammaaruri.’—Dipalo 20:4; Nehemia 13:1; Joshua 8:35; 1 Samuele 17:47; Mika 2:5.

5. Ke lefoko lefe la Segerika le gantsi le ranolwang go twe “phuthego,” mme lefoko leno le ka dirisiwa jang?

5 Lefoko la Segerika le le tsamaisanang le leo ke ek·kle·siʹa, mme le tswa mo mafokong a mabedi a Segerika a a kayang “kwa ntle” le “bitsa.” Le ka dirisiwa go lebisitswe kwa setlhopheng se e seng sa bodumedi, jaaka “kopano” e Dimeterio a neng a e tsositse gore e tsogologele Paulo kwa Efeso. (Ditiro 19:32, 39, 41) Mme gantsi Baebele e le dirisa fa e bua ka phuthego ya Bokeresete. Dithanolo dingwe di ranola lefoko leno di re “kereke,” mme The Imperial Bible-Dictionary e bega gore “ga le ke . . . le dirisediwa go kaya kago ka boyone e Bakeresete ba neng ba kopanela mo go yone go obamela.” Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, lefoko “phuthego” le dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng di ka nna nnè.

Phuthego ya Modimo e e Tloditsweng

6. Dafide le Jesu ba ne ba dirang mo phuthegong?

6 Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 22:22 a a lebisa mo go Jesu fa a ne a kwala jaana: “‘Ke tla bolela leina la gago mo go bomorwarre; ke tla go baka ka pina mo gare ga phuthego.’ Ka gone [Jesu] o ne a patelesega go tshwana le ‘bomorwarraagwe’ ka ditsela tsotlhe, gore a tle a nne moperesiti yo mogolo yo o nang le kutlwelobotlhoko le yo o ikanyegang mo dilong tse di leng ka ga Modimo, gore a tle a isetse maleo a batho setlhabelo sa thuanyo.” (Bahebera 2:12, 17) Dafide o ne a ile a baka Modimo mo gare ga phuthego ya Iseraele wa bogologolo. (Pesalema 40:9) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a bua ka eng fa a re Jesu o ne a ile a baka Modimo mo “gare ga phuthego”? Ke phuthego efe eo?

7. Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di dirisa lefoko “phuthego” ka tsela efe ya konokono?

7 Se re se balang mo go Bahebera 2:12, 17 se botlhokwa. Se bontsha gore Keresete o ne a akarediwa mo phuthegong e mo go yone a neng a bolelela bomorwarraagwe leina la Modimo. Bomorwarraagwe bao e ne e le bomang? Ke ba ba bopang karolo ya “losika lwa ga Aborahame,” bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ka moya, “ba ba nang le seabe mo pitsong ya selegodimo.” (Bahebera 2:16–3:1; Mathaio 25:40) Ee, bokao jwa konokono jwa lefoko “phuthego” mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika ke setlhopha sa maloko a mantsi sa balatedi ba ba tloditsweng ka moya ba ga Keresete. Batlodiwa bano ba ba 144 000 ba bopa “phuthego ya maitibolo a a kwadisitsweng kwa magodimong.”—Bahebera 12:23.

8. Jesu o ne a bolelela pele jang ka go tlhomiwa ga phuthego ya Bokeresete?

8 Jesu o ne a bontsha gore “phuthego” eno ya Bokeresete e ne e tla bopiwa. Mo e ka nnang ngwaga pele a swa, o ne a raya mongwe wa baaposetoloi a re: “O Petere, mme mo lefikeng leno ke tla aga phuthego ya me, mme dikgoro tsa Hadese ga di na go e fekeetsa.” (Mathaio 16:18) Petere mmogo le Paulo ba ne ba tlhaloganya sentle gore Jesu ka boene e ne e le lefika le le boleletsweng pele. Petere o ne a kwala gore ba ba agiwang go nna ‘maje a a tshelang’ a ntlo ya semoya mo lefikeng e leng Keresete, e ne e le “setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore [ba] bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe” tsa ene yo o ba biditseng.—1 Petere 2:4-9; Pesalema 118:22; Isaia 8:14; 1 Bakorintha 10:1-4.

9. Phuthego ya Modimo e ne ya simolola go bopiwa leng?

9 “Setlhopha [seno] sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng” se ne sa simolola leng go bopiwa go nna phuthego ya Bokeresete? E ne e le ka Pentekosete ya 33 C.E. fa Modimo a ne a tshololela moya o o boitshepo mo barutweng ba ba neng ba phuthegile kwa Jerusalema. Moragonyana mo letsatsing leo, Petere o ne a naya puo e e botswerere fa pele ga setlhopha sa Bajuda le basokologi. Ba le bantsi ba ne ba utlwile botlhoko thata ka ntlha ya loso lwa ga Jesu; ba ne ba ikwatlhaya mme ba kolobediwa. Pego ya Dikwalo e re bontsha gore ba le diketekete ba ne ba dira jalo, mme ba nna karolo ya phuthego e ntšha ya Modimo e e golang. (Ditiro 2:1-4, 14, 37-47) E ne e gola ka gonne Bajuda le basokologi ba bantsintsi ba ne ba amogela ntlha ya gore Baiseraele ba tlholego ba ne ba sa tlhole ba le phuthego ya Modimo. Go na le moo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba bopa “Iseraele wa Modimo” wa semoya ba ne ba fetogile phuthego ya Modimo ya boammaaruri.—Bagalatia 6:16; Ditiro 20:28.

10. Jesu o amana jang le phuthego ya Modimo?

10 Gantsi Baebele e farologanya Jesu le batlodiwa, jaaka mo polelwaneng e e reng “ka ga Keresete le phuthego.” Jesu ke Tlhogo ya phuthego eno ya Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Paulo o ne a kwala gore Modimo o ne “a mo dira [Jesu] tlhogo ya dilo tsotlhe mo phuthegong, e e leng mmele wa gagwe.” (Baefeso 1:22, 23; 5:23, 32; Bakolosa 1:18, 24) Gompieno, mo lefatsheng go setse fela masalela a se kae a maloko a a tloditsweng a phuthego eno. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Jesu Keresete, Tlhogo ya bone, o a ba rata. Tsela e a ikutlwang ka yone ka bone e tlhalosiwa mo go Baefeso 5:25: “Keresete le ene [o] ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” O ba rata ka gonne ba tlhoafetse ba naya Modimo “setlhabelo . . . sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa,” fela jaaka Jesu a ne a dira fa a ne a le mo lefatsheng.—Bahebera 13:15.

Lefoko “Phuthego” fa le Dirisiwa ka Ditsela Tse Dingwe

11. Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di dirisa lefoko “phuthego” ka tsela efe ya bobedi?

11 Ka dinako tse dingwe, Baebele e dirisa polelwana e e reng “phuthego” ka tsela e e sa akaretseng, e sa le dirise mo batlodiweng botlhe ba ba 144 000 ba ba bopang “phuthego ya Modimo.” Ka sekai, Paulo o ne a kwalela setlhopha sengwe sa Bakeresete a re: “Ithibeng mo go nneng ba ba kgopisang Bajuda mmogo le Bagerika le phuthego ya Modimo.” (1 Bakorintha 10:32) Go bonala sentle gore fa Mokeresete mongwe kwa Korintha wa bogologolo a ne a dira sengwe se se sa tshwanelang, bangwe ba ne ba ka kgopisega. A mme seo se ne se ka kgopisa Bagerika, Bajuda, kgotsa batlodiwa botlhe go tswa kwa motlheng oo, go fitlha gompieno? Nnyaa le e seng. Ka jalo go lebega gore mo temaneng eno “phuthego ya Modimo” e kaya Bakeresete ba ba tshelang ka nako e e rileng. Ka tsela e e tshwanang, motho a ka bua ka gore Modimo o kaela phuthego, o a e tlamela kgotsa o a e segofatsa, a bua ka Bakeresete botlhe ba ba leng teng ka nako e e rileng, go sa kgathalesege gore ba kae. Kgotsa re ka bua ka boitumelo le kagiso e e leng mo phuthegong ya Modimo gompieno, re kaya e e leng mo bakaulengweng botlhe ba Bakeresete.

12. Lefoko “phuthego” le dirisiwa ka tsela efe ya boraro mo Baebeleng?

12 Tsela ya boraro e Baebele e dirisang lefoko “phuthego” ka yone e kaya Bakeresete botlhe mo lefelong le le rileng. Re bala jaana: “Phuthego mo Judea yotlhe fela le Galalea le Samarea ya tsena mo lobakeng lwa kagiso.” (Ditiro 9:31) Go ne go na le ditlhopha di le mmalwa tsa Bakeresete mo lefelong leo le legolo, mme botlhe ba ba kwa Judea, Galalea le Samarea ba ne ba bidiwa “phuthego.” Fa re akanya ka palo ya ba ba ileng ba kolobediwa ka Pentekosete ya 33 C.E. le moragonyana ga foo, go ka tswa go ne go na le ditlhopha di le mmalwa tse di neng di kopana ka metlha mo Jerusalema. (Ditiro 2:41, 46, 47; 4:4; 6:1, 7) Herode Ageripa I o ne a busa mo Judea go fitlha a tlhokafala ka 44 C.E., mme temana ya 1 Bathesalonika 2:14 e bontsha gore ka 50 C.E. go ne go na le diphuthego di le mmalwa kwa Judea. Ka jalo, fa go twe Herode o ne a “tshwara bangwe ba phuthego makgwakgwa,” seo se ka tswa se lebisitse go ditlhopha di le mmalwa tse di neng di kopanela mo Jerusalema.—Ditiro 12:1.

13. Tsela ya bonè e bile e le e e tlwaelegileng e Baebele e dirisang lefoko “phuthego” ka yone ke efe?

13 Tsela ya bonè e lefoko “phuthego” le dirisiwang ka yone e bile e le e e dirisiwang thata ke fa e kaya Bakeresete ba ba bopang phuthego e le nngwe ya lefelo lengwe, jaaka e e kopanelang mo legaeng la mongwe. Paulo o ne a umaka “diphuthego tsa Galatia.” Phuthego e e ntseng jalo e ne e se yosi fela mo kgaolong e kgolo eo ya Roma. Paulo o ne a dirisa lefoko “diphuthego” le le mo bontsing gabedi a bua ka Galatia, e e neng e tla akaretsa tse di kwa Antioka, Derebe, Lisetera le Ikonio. Banna ba bagolwane ba ba tshwanelegang, kgotsa balebedi, ba ne ba tlhomiwa mo diphuthegong tseno tsa mafelo ao. (1 Bakorintha 16:1; Bagalatia 1:2; Ditiro 14:19-23) Go ya ka Dikwalo, tsotlhe tseo e ne e le “diphuthego tsa Modimo.”—1 Bakorintha 11:16; 2 Bathesalonika 1:4.

14. Tsela e lefoko “phuthego” le dirisiwang ka yone mo ditemaneng di le mmalwa e re bolelela eng?

14 Mo mafelong mangwe, ditlhopha tse di tlang dipokanong tsa Bokeresete di tshwanetse tsa bo di ne di le dinnye, di kgona go lekana mo legaeng la mongwe. Le fa go ntse jalo, lefoko “phuthego” le ne le dirisiwa go kaya dingwe tsa ditlhopha tseo tse dinnye. Tse re di itseng ke diphuthego tse di neng di le mo matlong a ga Akwila le Periseka, Nimefa, le Filemone. (Baroma 16:3-5; Bakolosa 4:15; Filemone 2) Seno se tshwanetse sa kgothatsa diphuthego gompieno tse di leng dinnye thata mme gongwe di kopanela ka metlha mo legaeng la mongwe. Jehofa o ne a amogela diphuthego tse dinnye jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme ruri o a di amogela le gompieno, a di segofatsa le go di kaela ka moya wa gagwe o o boitshepo.

Diphuthego di Baka Jehofa

15. Moya o o boitshepo o ne o dira jang mo diphuthegong dingwe tsa bogologolo?

15 Re umakile gore jaaka Pesalema 22:22 e ne e boleletse pele, Jesu o ne a baka Modimo mo gare ga phuthego. (Bahebera 2:12) Balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba tshwanetse go dira fela jalo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo gore e nne barwa ba Modimo mme ka jalo e nne barwarraagwe Keresete, bangwe ba ne ba amogela moya o o boitshepo o dira ka tsela e nngwe e e kgethegileng. Ba ne ba amogela dimpho tsa kgakgamatso tsa moya. Dingwe tsa ditsela tse dimpho tseno di neng di dira ka tsone e ne e le go ba naya puo e e kgethegileng ya botlhale kgotsa kitso, maatla a go fodisa kgotsa go porofeta, kgotsa le e leng bokgoni jwa go bua ka dipuo tse ba neng ba sa di itse.—1 Bakorintha 12:4-11.

16. Boikaelelo bongwe jwa dimpho tsa moya tsa kgakgamatso e ne e le bofe?

16 Paulo o ne a bua jaana malebana le go bua ka diteme: “Ke tla opela pako ka mpho ya moya, mme gape ke tla opela pako ka mogopolo wa me.” (1 Bakorintha 14:15) O ne a bona botlhokwa jwa gore ba bangwe ba tlhaloganye mafoko a gagwe mme ka jalo ba rutege. Mokgele wa ga Paulo e ne e le go baka Jehofa mo phuthegong. O ne a rotloetsa ba bangwe ba ba neng ba na le dimpho tsa moya jaana: “Totang mo go tsone gore lo age phuthego,” a raya phuthego ya lefelo leo e e neng e bontsha mpho eo. (1 Bakorintha 14:4, 5, 12, 23) Go bonala sentle gore Paulo o ne a kgatlhegela diphuthego tsa motlha wa gagwe, a itse gore mo go nngwe le nngwe ya tsone, Bakeresete ba ne ba tla nna le sebaka sa go baka Modimo.

17. Ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone ka diphuthego gompieno?

17 Jehofa o ntse a tswelela pele a dirisa phuthego ya gagwe le go e ema nokeng. O segofatsa setlhopha sa maloko a mantsi sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng gompieno. Seno se bontshiwa ke dijo tse dintsi tsa semoya tse batho ba Modimo ba nang le tsone. (Luke 12:42) O segofatsa lelapa lotlhe la bakaulengwe lefatshe ka bophara. Gape o segofatsa diphuthego tse re leng mo go tsone, tse kwa go tsone re bakang Mmopi wa rona ka ditiro tsa rona le ka dikakgelo tse di nonotshang ba bangwe tumelo. Fa re le koo re newa thuto le thapiso gore re kgone go baka Modimo le ka dinako tse dingwe, fa re sa kopana le phuthego ya lefelo la rona.

18, 19. Bakeresete ba ba ineetseng ba ba mo phuthegong ya lefelo lepe fela ba batla go dira eng?

18 Gopola gore moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba phuthego ya kwa Filipi, kwa Makedonia a re: “Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore . . . lo tladiwe ka maungo a a siameng, a a leng ka Jesu Keresete, gore Modimo a galalediwe a bo a bakwe.” Seo se ka akaretsa go bolelela ba bangwe, batho ba ba seng mo phuthegong, kaga tumelo e ba nang le yone mo go Jesu le tsholofelo e e molemo e ba nang le yone. (Bafilipi 1:9-11; 3:8-11) Ka jalo, Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ka ene a re: “A ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo ka [Jesu] sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.”—Bahebera 13:15.

19 A o itumelela go baka Modimo “mo gare ga phuthego,” jaaka Jesu a ne a dira, le go dirisa dipounama tsa gago go baka Jehofa fa pele ga ba ba iseng ba itse Modimo le go mmaka? (Bahebera 2:12; Baroma 15:9-11) Tsela e re arabelang ka yone e tla amiwa thata ke gore re akanyang ka seabe sa phuthego ya lefelo la rona mo boikaelelong jwa Modimo. Mo setlhogong se se latelang, a re tlhatlhobeng kafa Jehofa a kaelang le go dirisa phuthego ya rona ka teng le gore e tshwanetse ya nna le seabe sefe mo matshelong a rona gompieno.

A o A Gakologelwa?

• “Phuthego ya Modimo” e e bopilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng e nnile gone jang?

• Ditsela tse dingwe tse tharo tse Baebele e dirisang lefoko “phuthego” mo go tsone ke dife?

• Dafide, Jesu le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba batla go dira eng malebana le phuthego mme seno se tshwanetse sa re ama jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jesu e ne e le motheo wa phuthego efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ditlhopha tsa Bakeresete ba mafelo a a farologaneng di ne di kopana e le “diphuthego tsa Modimo”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fela jaaka Bakeresete ba kwa Benin, re ka baka Jehofa mo boidiiding jo bo phuthegileng