Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Setshwantsho sa ga Jesu sa motho yo o neng a na le moeng a bo a kopa a sa kgaotse se ka re ruta eng? (Luke 11:5-10)

Setshwantsho seno se bontsha boikutlo jo re tshwanetseng ra rapela re na le jone. Re tshwanetse go rapela re sa kgaotse, kana re tswelele re kopa, segolobogolo re kopa moya o o boitshepo wa Modimo. (Luke 11:11-13)—12/15, tsebe 20-2.

• Setshwantsho sa ga Jesu sa motlholagadi le moatlhodi se re ruta eng? (Luke 18:1-8)

Se gatelela botlhokwa jwa go rapela. Jehofa o farologane le moatlhodi yoo mme o siame e bile o batla go re thusa. Gape, re tshwanetse go nna le tumelo e e tshwanang le ya motlholagadi yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno.—12/15, tsebe 26-8.

• Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi Paulo a ne a raya Bakeresete ba kwa Korintha a re ba ‘pitlologe’? (2 Bakorintha 6:11-13)

Go lebega bangwe kwa Korintha ba ne ba sa anaanele badumedi mmogo le bone, ba sa pitlologe e bile ba se pelotshweu. Re tshwanetse go dira maiteko go anaanela badumedi mmogo le rona ka tsela ya mmatota, re tseye matsapa go dira ditsala tse disha.—1/1, tsebe 9-11.

• Go tshwaiwa mo go umakiwang mo go Tshenolo 7:3 ke eng?

Fa Modimo a tlotsa Bakeresete ka moya o o boitshepo, bano ba a tshwaiwa kwa tshimologong. Mme Tshenolo 7:3 e bua ka go tshwaiwa ga bofelo fa batlodiwa bao ba tlhomamisiwa gore ba bontshitse boikanyego ka botlalo.—1/1, tsebe 30-1.

• Ke eng se batsadi ba ka se ithutang mo pegong ya Baebele e e buang ka Samuele?

Sa ntlha, ba tshwanetse go ruta bana ba bone lefoko la Modimo jaaka go se na pelaelo gore batsadi ba ga Samuele ba ne ba mo ruta. Gape, ba tshwanetse go kgothatsa bana ba bone gore ba dire tirelo ya ga Jehofa tsela ya bone ya botshelo.—1/15, tsebe 16.

• Re ka bontsha jang gore re itumelela go leta Jehofa?

Re “letetse . . . letsatsi la ga Jehofa,” re lebile pele kwa nakong e re tla gololwang ka yone fa a senya baikepi botlhe. (2 Petere 3:7, 12) Le fa Jehofa a batla thata go fedisa bosula jotlhe, o sa ntse a letile e le gore a falotse Bakeresete ka tsela e e tla galaletsang leina la gagwe. Re tshwanetse go dumela gore Jehofa o itse nako e e siameng ya go tsaya kgato, mme gone jaanong, re tshwanetse go mmaka ka matlhagatlhaga.— (Pesalema 71:14, 15)—3/1, tsebe 17-18.

• A Noa o ne a tsenya di le supa tsa phologolo nngwe le nngwe e e phepa kgotsa ditlhopha di le supa tsa bobedi le bobedi tsa phologolo nngwe le nngwe mo arakeng?

Noa o ne a teilwe gatwe a ‘tseele kwa go ene phologolo nngwe le nngwe e e phepa ka bosupa le bosupa.’ (Genesise 7:1, 2) Ka Sehebera, polelwana e e reng “bosupa le bosupa” tota e balega ka go re “supa supa.” Tsela eo ya go bua ga e reye ditlhopha tse supa tsa bobedi le bobedi, jaaka dithanolo tse dingwe tsa Baebele di e baya. Go lebega Noa a ne a tsaya di le supa tsa phologolo nngwe le nngwe, le phologolo e nngwe e le nngwefela ya bosupa e a neng a tla e ntsha setlhabelo. (Genesise 8:20)—3/15, tsebe 31.

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go “akanya” kafa tumelo ya bagolwane, ba ba etelelang pele, e felelang ka gone?

Moaposetoloi Paulo o re kopa gore re ‘akanye’ ka kelotlhoko kana re ele tlhoko, matswela a go ikanyega ga bagolwane mme re latele dikao tse di ntseng jalo tsa tumelo. (Bahebera 13:7) Re dira seno ka gonne Lefoko la Modimo le re kaela go dira jalo. Gape re tlhatswegile pelo gore bagolwane ba eleletsa Bogosi jwa Modimo mmogo le rona se se molemo.—4/1, tsebe 28.