Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Mokeresete o tshwanetse a tila dijo le dino tse di nang le khafeine?

Baebele ga e thibele Mokeresete go dirisa kofi, tee, tšhokolete, maté le dinotsididi tse di nang le khafeine. Le fa go ntse jalo, gone Dikwalo di naya melaometheo e e ka re thusang go dira ditshwetso tse di botlhale. A re sekasekeng pele gore ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba tila dijo le dino tse di nang le khafeine.

Lebaka lengwe la konokono ke gore bangwe ba tsaya khafeine e le seokobatsi se se kgonang go fetofetola maikutlo a motho, e re ka e kgona go tsibosa mogopolo ka tsela nngwe. Gape e ka tshwakgola motho. Buka nngwe ya tshupiso ya dikhemisi ya re: “Go dirisa khafeine e ntsi ka lobaka lo loleele go ka dira gore mmele o e tlwaele, o bo o e lemalele. Fa motho a kgaotsa go e dirisa, go ka nna le matshwao mo mmeleng a a bontshang gore o tlogela sengwe, a a jaaka go opiwa ke tlhogo, go tenegatenega fela, go tshoga, go tlhobaela le go tsewa ke sedidi.” Matshwao a a nnang teng fa o latlha khafeine a akanyediwa gore a kwalwe mmogo le matshwao a a nnang teng fa o latlha diokobatsi tse dingwe mo bukeng ya Diagnostic and Statistical Manual of Mental Disorders. Ka jalo go a utlwala go bo Bakeresete bangwe ba ka tshwenyega ka gonne ba sa batle go tshwakgolwa ke sepe e bile ba batla go bontsha boikgapo.—Bagalatia 5:23.

Bangwe ba dumela gore khafeine e ka ama botsogo jwa motho kgotsa jwa ngwana yo o iseng a tsholwe. Bakeresete ba tshwanetse ba rata Modimo ‘ka moya wa bone otlhe,’ ka jalo ga ba dire sepe se se tla khutshwafatsang botshelo jwa bone. Mme gape e re ka ba laelwa gore ba rate moagelani wa bone, ba tila dilo tse di ka gobatsang ngwana yo o iseng a tsholwe.—Luke 10:25-27.

A go a utlwala go tshwenyega ka dilo tse di ntseng jalo tsa botsogo? Ga se botlhe ba ba dumelang gore khafeine e ka baka malwetse mangwe. Babatlisisi bangwe e bile ba bega gore kofi e na le mosola mo botsogong. Ka 2006, makasine wa Time o ne wa bega jaana: “Dipatlisiso tse di ileng tsa dirwa kwa tshimologong di ne tsa bontsha [gore khafeine] e ka nna ya felela ka kankere ya setlha, haebolate le malwetse a mangwe. Dipatlisiso tsa bosheng jaana tsone di ganeditse seo e bile di senotse gore tota e na le melemo mengwe ya botlhokwa. Go lebega khafeine e thusa go sireletsa sebete ka tsela nngwe, e sireletsa motho mo bolwetseng jwa Parkinson, jwa sukiri, jwa Alzheimer, jwa maje a a ipopang mo santlhokong, jwa go gatelelwa thata mo maikutlong gongwe le mo mefuteng mengwe ya kankere.” Lekwalodikgang lengwe le ne la bega jaana ka tiriso ya khafeine: “Go a utlwala gore tharabololo fela ke go e dirisa ka tekanyetso.”

Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a itirela tshwetso ka boene go ya ka se a se tlhaloganyang ka tshedimosetso e e leng teng gone jaanong ka ga khafeine le ka melaometheo ya Baebele e go lebegang e amega. Ka sekai, mosadi yo o imileng wa Mokeresete a ka swetsa ka gore a se ka a dirisa khafeine a sa ntse a imile fa a dumela gore e ka ama ngwana wa gagwe yo o iseng a tsholwe. Fa Mokeresete a fitlhela gore fa a sa nwe khafeine ka metlha o nna le maikutlo a go tenegatenega fela kgotsa o ikutlwa e kete o a lwala, go ka nna molemo gore a tlogele khafeine, le fa e ka nna ka nakwana. (2 Petere 1:5, 6) Bakeresete ba bangwe ba tshwanetse ba tlotla tshwetso e e ntseng jalo, ba sa gatelele maikutlo a bone mo go ene.

Le fa o ka dira tshwetso efe malebana le dijo le dino tse di nang le khafeine, gopola mafoko ano a ga Paulo: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.