Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Keletso ya ga Adryana

Keletso ya ga Adryana

Keletso ya ga Adryana

ADRYANA, mosetsanyana wa dingwaga tse thataro wa kwa Tulsa, kwa Oklahoma, U.S.A., o ne a eletsa sengwe. Keletso ya gagwe e ne e tshwana le ya mopesalema Dafide, yo o neng a opela a re: “Ke kopile selo se le sengwe mo go Jehofa—ke se ke tla se batlang, gore ke nne mo ntlong ya ga Jehofa malatsi otlhe a botshelo jwa me, gore ke bone bontle jwa ga Jehofa le go leba tempele ya gagwe ka kanaanelo.”—Pesalema 27:4.

Fa Adryana a ne a na le dikgwedi di le thataro fela, o ne a fitlhelwa a na le bolwetse jwa neuroblastoma, tlhagala e e kotsi e e golang mo dikarolong dingwe tsa thulaganyo ya methapo. Bolwetse jono jo bo ka bolayang bo ne jwa dira gore a se ka a tlhola a kgona go dirisa maoto a gagwe oomabedi. Dingaka di ne tsa mo alafa ka dikaro tse dintsi le thulaganyo e e tsereng ngwaga otlhe ya kalafi ya dikhemikale.

Rraagwe Adryana, yo o seng mo bodumeding jo bo tshwanang le Adryana le mmaagwe, o ne a ikgolaganya le lekgotla lengwe gore le thuse morwadie gore a etele lefelo lengwe le le itsegeng thata la boitlosobodutu. Baemedi ba lekgotla leno ba ne ba botsolotsa Adryana pele ba diragatsa keletso eo. O ne a bolela gore o lebogela go bo a tlhophilwe mme a ba bolelela gore a ka mpa a etela kwa Bethele, boremelelo jwa tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York. Fa Adryana a sena go utlwa ka kopo ya ga rraagwe, o ne a rapela Jehofa gore a mo fe tshono ya go etela Bethele. Le fa kwa tshimologong baemedi ba lekgotla leno ba ne ba tshwenyegile gore Bethele e ka nna ya se ka ya kgatlha bana, ba ne ba dumela go mo fa keletso ya pelo ya gagwe fa rraagwe a sena go dumela.

Adryana o ne a ya kwa New York a etela Bethele e le la ntlha, a na le mmaagwe, mogolowe, le tsala ya gagwe. Adryana o ne a re: “Jehofa o arabile kopo ya me. Ke itsile gore o tla re amogela kwa Bethele. Ke bone kafa dibuka, dimakasine le Dibaebele di dirwang ka teng. Go botoka go na le go ya lefelong la boitlosobodutu.”

Ruri Adryana o ne a “bone bontle jwa ga Jehofa” a bo a lebelela ka kanaanelo kafa dilo di dirwang ka teng kwa boremelelong jwa ditiro tsa batho ba ga Jehofa gompieno. Le wena o a lalediwa gore o etele Bethele. Kwantle ga ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York, go na le diofisi tsa makala mo mafelong a mangwe a a farologaneng mo lefatsheng.