Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe la Gompieno le le Setlhogo

Lefatshe la Gompieno le le Setlhogo

Lefatshe la Gompieno le le Setlhogo

MARÍA o ne a na le dingwaga di le 64 mme a nna a le esi. O ne a fitlhelwa a sule mo legaeng la gagwe, a iteilwe e bile a kgamilwe ka mogala wa terata.

Segopa sa batho ba ba shakgetseng se itaya mapodise a mararo, se ba latofatsa ka gore ba thopile bana ba babedi. Segopa seo se ne sa tshela mapodise ao a mabedi ka peterolo mme sa ba fisa, mme mapodise ao a bolawa ke dikgabo tsa molelo. Lepodise la boraro le ne la kgona go falola.

Go letsa mogala ga motho mongwe yo o sa ipolelang leina go thusa gore go bonwe sengwe se se tshosang. Mo tshingwaneng nngwe go epololwa marapo a banna ba banè ba ba neng ba ile malatsing a boikhutso. Ba ne ba hapilwe mo matlhong gore ba se ka ba bona, mme ba bofilwe matsogo. Fa ditopo tsa bone di ne di tlhatlhobiwa go fitlhetswe gore ba fitlhilwe ba tshela.

Ditiro tseno tsa bosetlhogo jo bo feteletseng ga se dilo tse di diregileng mo difiliming tse di tshosang le tse di nang le thubakanyo. Dipego tseno ke tsa mmatota tse e neng e le ditlhogo tsa dikgang bosheng jaana mo nageng nngwe ya Latin America. Le fa go ntse jalo, naga eo ga se yone fela e go diregang dilo tseno kwa go yone.

Ditiro tsa bosetlhogo di direga letsatsi le letsatsi. Go thunya ga dibomo, ditlhaselo tsa dirukutlhi, dipolao, ditlhaselo, go thuntshiwa le dipetelelo ke karolo e nnye fela ya ditiragalo tseo. Kgapetsakgapetsa mo dikgannyeng go begwa ka ditiro tse di tshosang tsa bosetlhogo jo bo feteletseng, mme batho ba bantsi ga ba tlhole ba tshoga fa ba bona kana ba utlwa ka bosetlhogo jo bo ntseng jalo.

O ka ipotsa: ‘Ke eng se se diragalang mo lefatsheng gompieno? A go akanyetsa le go tlotla maikutlo a batho ba bangwe go fedile gotlhelele?’ Ke eng fa re tshwanetse go tshela mo lefatsheng le le ntseng jaana?

Jaanong akanya ka Harry, monna yo o nang le dingwaga di le 69 yo o kileng a tshwarwa ke kankere. Mosadi wa gagwe o na le bolwetse jwa go omelela dithishu tsa boboko, mme baagelani ba gagwe le ditsala ba a ba thusa. Harry a re: “Ga ke itse gore re ne re tla dira jang fa batho bano ba ka bo ba sa re thuse.” Kwa Canada, kwa a nnang teng, dipatlisiso di bontsha gore diperesente di feta 50 tsa batho ba ba tlhokomelang batsofe ba thusa mongwe yo ba sa amaneng le ene ka losika. Le wena o tshwanetse wa bo o itse batho bangwe ba ba tlwaelegileng fela ba letsatsi le letsatsi ba bontshang ba bangwe bopelonomi e bile ba amega ka baagelani ba bone. Ee ruri, batho ba na le bokgoni jwa go nna kutlwelobotlhoko le go nna pelonomi go na le go nna setlhogo.

Ka jalo, ke eng fa go na le bosetlhogo jo bo kana? Ke eng se se dirang gore batho ba nne setlhogo? A batho ba ba tshwarang ba bangwe setlhogo ba ka fetoga? A bosetlhogo bo tla tsamaya bo fela? Fa e le gore bo tla fela, bo tla fela jang le gone leng?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Train: CORDON PRESS