Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshimo e ‘Tshweu go ka Rojwa’

Tshimo e ‘Tshweu go ka Rojwa’

Tshimo e ‘Tshweu go ka Rojwa’

Kwa karolong e e kwa bokone thata ya Amerika Borwa go na le Setlhaketlhake sa Guajira. Se kwa bokone jwa Colombia le kwa bokonebophirima jwa Venezuela. Bothata jwa lefelo leno la sekaka ke gore letsatsi le babola mo mogote o fitlhang kwa go didikirii di le 43, mme pula e boutsana. Le fa maemo a bosa a ntse jalo, batho fano ba tshwaregile e bile ke balemi ba ba atlegileng. Dipheshwana tse di tswang kwa lewatleng le diphefo tse di foketseng ruri tse di tswang kwa bokonebotlhaba di dira gore botshelo bo nne botoka, di dira gore baeng ba kgone go itumelela go bona bontle jwa naga le dintshi tse dintle tsa lewatle.

O A AMOGELWA mo nageng ya Ba-India ba Ba-Wayuu. Go na le Ba-Wayuu ba ka nna 305-000, mme ba le 135 000 ba bone ba nna kwa Colombia. Batho ba morafe ono ba nnile fano nako e telele pele ga naga ya Spain e dira lefelo leno kolone.

Ba-Wayuu ba itshedisa ka go lema le go rua. Gape ba tshwara ditlhapi e bile ba gwebisana le dinaga tse ba bapileng le tsone. Basadi ba teng ba otlha ka mebala e e galotseng, mme bajanala ba rata go reka dilwana tsa bone.

Ba-Wayuu ba itsege ka gore ke batho ba ba ikanyegang le ba ba amogelang baeng. Le fa go ntse jalo, le bone ba tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Bothata bongwe jo bogolo ke lehuma, le le bakang mathata a mangwe jaaka go sa itse go bala le go kwala, phepelotlase ya masea, go tlhokega ga tsa kalafi le boganana mo dikarolong dingwe.

E setse e le dingwaga tse dintsi ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di romela barongwa gore ba ye go nna mo gare ga Ba-Wayuu. Ka ntlha ya seno, bontsi jwa dikolo tse di thapisang barutabana le dikolo tse bana ba tsenang sekolo e bile ba nna mo go tsone di laolwa ke kereke. Bontsi jwa Ba-Wayuu ba amogetse mekgwa e go tweng ke ya Bokeresete, jaaka go obamela ditshwantsho le go kolobetsa masea, mme ga ba a tlogela ditumelo le meetlo e e simologileng mo ditlhamaneng tsa bogologolo le mo tumelabotlhoding.

Ka kakaretso, Ba-Wayuu ba boifa Modimo mme ba rata dithuto tse di theilweng mo Baebeleng tse di rutwang ke Basupi ba ga Jehofa. Kwa tshimologong ya bo1980, go ne go na le Basupi ba le supa fela ba Ba-Wayuu kwa Guajira, ba bararo ba bone ba ne ba nna kwa Ríohacha, motsemogolo. Mo godimo ga Basupi bano ba ba tlholegang mo lefelong leno, go na le baboledi ba bangwe ba le 20 ba ba neng ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi koo ka puo ya Se-Spain.

Ba Newa Molaetsa ka Puo ya Bone

Bontsi jwa Ba-Wayuu ba ba nnang kwa Ríohacha ba dirisa puo ya Se-Spain le fa ba sa se itse thata jalo, mme gape ba dirisa le puo ya segabone ya Se-Wayuunaiki. Kwa tshimologong, ba ne ba sa atlege go le kalo fa ba rera molaetsa wa Bogosi. Batho ba mo lefelong leo ba ne ba sa rate go buisana le arijunas, jaaka ba ne ba bitsa batho ba e seng Ba-Wayuu. Fa Basupi ba ne ba ba etela kwa magaeng a bone, bontsi jwa Ba-Wayuu ba ne ba bua le bone ka puo ya bone e seng ka Se-Spain. Fa go nna jalo Basupi ba ne ba tswa mme ba tsena mo ntlong e e latelang.

Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa 1994 ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya abela setlhopha sa babulatsela ba ba kgethegileng kana barutisi ba nako e e tletseng ba Baebele gore ba ye go direla kwa Phuthegong ya Ríohacha. Babulatsela bano ba ne ba kopa Mosupi mongwe wa Mo-Wayuu gore a ba rute Se-Wayuunaiki. Fa badiredi bano ba sena go tshwara dithero dingwe tse di sa raraanang ka tlhogo ba ne ba tswa ba ya tshimong mme ka bonako fela ba ne ba bona phetogo e kgolo mo tseleng e batho ba neng ba arabela ka yone. Le fa barutisi bano ba Baebele ba ne ba bua Se-Wayuunaiki se se robegileng, beng ba matlo ba ne ba gakgamala tota mme ba ne ba rata go reetsa, ka dinako tse dingwe bone ka bobone ba ne ba tsweletsa motlotlo ka Se-Spain se ba sa se itseng sentle!

“A Masweu go ka Rojwa”

Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha tiro ya Bakeresete ya go dira barutwa le go lema tshimo, e leng papiso e balemirui ba Ba-Wayuu ba e tlhaloganyang sentle. (1 Bakorintha 3:5-9) Ka tsela ya tshwantshetso, tshimo ya Ba-Wayuu eleruri ‘e tshweu go ka rojwa.’—Johane 4:35.

Neil, yo e leng Moindia wa Mo-Wayuu yo o neng a nna kwa Manaure, o ne a na le bogole bongwe jo a tshotsweng a na le jone. E re ka Neil a ne a pega Modimo molato ka ntlha ya bogole jono, o ne a tshwenyega thata mo maikutlong mme a leka go ipolaya. Mosupi mongwe yo o neng a ipha nako ya go rera ka ntlo le ntlo fa a ne a etetse mafelo a a farologaneng mabapi le tiro ya gagwe ya boitshediso o ne a bua le Neil ka Bogosi jwa ga Jehofa. Neil o ne a na le dingwaga di le 14 fela. Ka gonne Mosupi yono a ne a kgona go bona gore Neil o na le kgatlhego, o ne a simolola thuto ya Baebele le ene. Neil o ne a itumelela go ithuta ka botho jwa ga Jehofa jo bo lorato, mme a bona gore Modimo ga se ene a bakang go boga. O ne a amega maikutlo tota fa a ne a bala ka tsholofetso ya Modimo ya lefatshe la paradaise, fa bolwetse bo tla bo bo sa tlhole bo le teng!—Isaia 33:24; Mathaio 6:9, 10.

Ka nako eo, ba lelapa la ga Neil ba ne ba na le kgotlhang e kgolo le lelapa le lengwe. Ka gonne ba losika lwa ga Neil ba ne ba batla go itshireletsa ba ne ba dira meetlo mengwe ya setso. Neil a re: “Kwa tshimologong, ke ne ke tshaba go bua le ba lelapa la gaetsho ka tumelo ya me e ntšha, segolobogolo bagolo ba mo lapeng, ba ba tlotliwang thata.” Batsadi ba ga Neil ba ne ba galefa fa ba ne ba utlwa gore o ne a se na go dira dilo tse di sa tsamaisaneng le Baebele e bile o ne a se na go dira meetlo e e amanang le tirisabadimo. Neil o ne a fudugela kwa Ríohacha mme a simolola go kopanela le phuthego ya teng. O ne a kolobediwa moragonyana. Ka 1993 o ne a tlhongwa go nna motlhanka wa bodiredi mme dingwaga di le tharo morago ga moo o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. Go tswa foo ka 1997 o ne a tlhongwa go nna mogolwane wa phuthego. Ka ngwaga wa 2000 o ne a atolosa bodiredi jwa gagwe, a nna mmulatsela yo o kgethegileng.

Gape akanya ka sekai sa ga Teresa, e leng Mo-Wayuu yo o neng a simolola go ithuta Baebele le Basupi. Daniel, e bong monna yo a neng a nna le ene, o ne a mo sotla mmogo le bana ba gagwe ba bararo. Le fa moragonyana Daniel a ile a dumela go ithuta Baebele mmogo le Teresa, gantsi o ne a ya go nwa mo go feteletseng le ditsala tsa gagwe, ka dinako tse dingwe ba dira jalo ka malatsi a le manè kana a le matlhano. Ba lelapa la gagwe ba ne ba tshelela mo lehumeng. Teresa o ne a tswelela a ithuta le go ya dipokanong tsa Bokeresete. Seno se ne sa thusa Daniel go lemoga botlhokwa jwa go ithuta Baebele. Mongwe wa bana ba bone o ne a wela mo pitseng ya metsi a a belang mme a bolawa ke dintho tse di maswe tse di neng di mo dule. Fa Teresa a sa ntse a hutsafaditswe thata ke go swelwa ke ngwana, gape o ne a tshwanelwa ke go lebana le kgatelelo ya ditsala le baagelani ya gore a dire meetlo mengwe ya phitlho e e sa tsamaisaneng le Baebele.

Mo nakong eo e e thata, batho bano ba babedi ba ne ba newa thuso e e kgothatsang le kgomotso ke maloko a diphuthego tse di gaufi. Morago ga phitlho, ba ne ba tswelela ba etelwa ke maloko a phuthego ya mo lefelong la bone ya Se-Wayuu. Fa Daniel a ne a bona lorato lono lwa Bokeresete, o ne a tlhotlheletsega go gatela pele semoyeng. O ne a tlogela go nwa le go sotla Teresa. Daniel le Teresa ba ne ba nyalana, mme Daniel a simolola go bereka ka thata go tlamela lelapa la gagwe. Ba ne ba gatela pele semoyeng mme ba kolobediwa ka 2003. Boobabedi ba na le dithuto di le mmalwa tsa Baebele. Ka go bo Teresa a ile a neela ba lelapa la gagwe bosupi sentle, ba losika lwa gagwe jaanong ba iketleeleditse go reetsa Basupi ba ga Jehofa fa ba etile. Setlogolo sa ga Daniel sa mosimane ke mmoledi yo o sa kolobediwang, mme ditlogolo tse dingwe tsa gagwe tse pedi tsa basetsana ba ithuta Baebele e bile ba nna teng kwa dipokanong tsa phuthego. Mogadibo wa ga Teresa, yo le ene a neng a swelwa ke ngwana mo kotsing, le lelapa la gagwe ba bontshitse kgatlhego ya go ithuta Baebele.

Dijo Tsa Semoya Ka Se-Wayuunaiki

Ka 1998 bukana ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! * e ne ya gololwa ka Se-Wayuunaiki. Bukana eno e ne ya nna sedirisiwa sa botlhokwa se se okeditseng kgolo mo tshimong ya Se-Wayuu le mo go tshwareng dithuto tsa magae tsa Baebele. Go ne ga dirwa dithulaganyo ka 2003 go thapisa bakaulengwe ba le mmalwa go ranola dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa ba di ranolela mo puong ya Se-Wayuunaiki. Ka ntlha ya tiro e e molemo e e dirilweng ke setlhopha sa baranodi kwa Ríohacha, go ranotswe dibukana tse di oketsegileng, mme seno se okeditse palo ya barutwa ba ba buang Se-Wayuunaiki.

Fa e sa le go tloga ka 2001, dipuo dingwe tsa kopano ya kgaolo di ntse di ranolelwa mo puong ya Se-Wayuunaiki. Diithuti tsa Baebele di a kgothala semoyeng fa di utlwa dipuo ka puo ya bone. Ba letetse letsatsi le ka lone diterama tsa Baebele di tla dirwang ka puo ya Se-Wayuunaiki.

Tshimo e e Golang

Uribia ke motse o o dikilometara di le 100 kwa bokonebotlhaba jwa Ríohacha. Phuthego ya kwa Uribia ya Se-Wayuu e na le baboledi ba le 16 ba Bogosi, mme bontsi jwa bone ba dira maiteko a a oketsegileng go rerela Ba-India ba ba nnang mo mafelong a selegae. Mongwe wa bagolwane ba phuthego o bua jaana ka loeto lo lo ntseng jalo lwa fa ba ne ba ile go rera: “Re ne ra tsena mo jarateng ya polase e e nang le matlo a ka nna lesome le bobedi a a nang le marulelo a a kwa tlase le difensetere tse dinnye. Fa pele ga nngwe le nngwe ya matlo ano go na le marulelo a a sepapetla a a dirilweng ka yotojolo, e leng thito ya motoroko. Marulelo ano a namola ba lelapa le baeng mo letsatsing le le babolang. Re ne ra itumelela go bona gore batho ba bantsi ba ne ba na le kgatlhego, ka jalo re ne ra rulaganya go boela go ya go simolola dithuto tsa Baebele. Fa re boa, re ne ra lemoga gore bontsi jwa batho bao ba ne ba sa itse go bala le go kwala. Ba ne ba re bolelela gore go na le sekolo se se neng se sa tlhole se dirisiwa ka gonne madi a tlhaela. Motho yo o se tlhokometseng o ne a re naya tetla ya go dirisa nngwe ya diphaposi tsa borutelo go tshwarela teng ditlelase tsa go ruta go bala le go kwala le go tshwarela dithuto tsa Baebele. Ba-Wayuu ba le barataro ba ithutile go bala le go kwala mme ba gatetse pele mo thutong ya bone ya Baebele. Re amilwe pelo ke kanaanelo e ba nang le yone, ka jalo re ikaeletse go tshwara dipokano mo polaseng eno.”

Palo ya Basupi ba e seng ba mo lefelong leo ba ithutile Se-Wayuunaiki mme thuso ya bone e anaanelwa thata. Mo Setlhaketlhakeng sa Guajira, diphuthego di le robedi le ditlhopha di le pedi jaanong di dirisa puo eno.

Go bonala sentle gore Jehofa o ne a segofatsa maiteko ano. Kwa ntle ga pelaelo go sa ntse go ka fitlhelelwa mo go oketsegileng mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo mo bathong ba Ba-Wayuu. Go lebeletswe matswela a a molemo jaaka batho ba ba lemogang se ba se tlhokang semoyeng ba nna barutwa ba Bakeresete. E kete Jehofa a ka romela badiredi ba ba oketsegileng go tla go lema tshimo eno, ‘e tshweu go ka rojwa.’—Mathaio 9:37, 38.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Dimmapa mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

VENEZUELA

COLOMBIA

LA GUAJIRA

Manaure

Ríohacha

Uribia

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Bonno jwa Ba-Wayuu fa tlase: Victor Englebert