Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefoko la Modimo le Kaele Dikgato Tsa Gago

A Lefoko la Modimo le Kaele Dikgato Tsa Gago

A Lefoko la Modimo le Kaele Dikgato Tsa Gago

“Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.”—PESALEMA 119:105.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa bontsi jwa batho ba sa atlega fa ba ntse ba batla kagiso le boitumelo tsa mmatota?

A O KA gopola nako nngwe fa o ne o tshwanelwa ke go kopa mongwe gore a go kaele tsela? Gongwe o ne o setse o le gaufi le kwa o yang teng mme o sa tlhomamisege ka ditsela tsa bofelo tse o tshwanetseng wa di tsaya. Kgotsa o ne o latlhegile tota mme o tshwanetse go tsaya tsela e sele gotlhelele. Mo maemong ano ka bobedi, a go ne go ka se nne botlhale go latela kaelo ya mongwe yo o itseng lefelo leo? Motho yoo o ne a ka go thusa go goroga kwa o yang teng.

2 Batho ka kakaretso ga ba bolo go leka ka dingwagangwaga go itshelela kwantle ga thuso ya Modimo. Mme fa batho ba ba sa itekanelang ba tshela ka tsela ya bone fela, ba latlhega tota. Ruri ba ka se bone tsela e e isang kwa kagisong ya mmatota le boitumelo. Ke ka ntlha yang fa ba sa kgona go goroga? Moporofeti Jeremia o ne a bolela jaana dingwaga di feta 2 500 tse di fetileng: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Motho ope yo o lekang go kaela dikgato tsa gagwe a sa amogele thuso ya mongwe yo o nang le kitso a ka se tsoge a atlegile. Ee ruri, batho ba tlhoka kaelo!

3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa Modimo a tshwanelega go feta le fa e le mang gore a ka kaela batho, mme o solofetsa eng?

3 Jehofa Modimo o tshwanelega go feta motho ope gore a ka re naya kaelo eo. Ka ntlha yang? Ka gonne ke ene a tlhaloganyang go feta motho ope o sele gore batho ba bopegile jang. Gape o itse sentle gore batho ba ne ba fapoga jang mme ba latlhega. O itse le gore ba tlhoka go dira eng gore ba boele mo tseleng. Mo godimo ga moo, Jehofa jaaka e le Mmopi, o nna a itse se se ka re tswelang molemo. (Isaia 48:17) Ka jalo, re ka ikanya ka botlalo tsholofetso ya gagwe e e kwadilweng mo go Pesalema 32:8: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” Ruri Jehofa ke ene a ka re kaelang go feta motho ope o sele. Mme gone o re kaela jang?

4, 5. Mafoko a Modimo a ka re kaela jang?

4 Mopesalema mongwe o ne a bolela jaana a rapela Jehofa: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.” (Pesalema 119:105) Mafoko le dikgakololo tsa Modimo di teng mo Baebeleng, mme di ka re thusa go fenya dikgoreletsi tse re ka kopanang le tsone mo botshelong jwa rona. Ee ruri, fa re bala Baebele mme re e letla e re kaela, re diragalelwa ke se se tlhalosiwang mo go Isaia 30:21: “Ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone.’”

5 Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Pesalema 119:105 e bua ka ditiro tse pedi tse di tsamaisanang tsa Lefoko la Modimo. Sa ntlha, le ntse jaaka lobone lwa lonao lwa rona. Fa re lebana le mathata a botshelo jwa letsatsi le letsatsi, melaometheo e e mo Baebeleng e tshwanetse ya kaela dikgato tsa rona gore re kgone go dira ditshwetso tse di botlhale mme re tile mamena a lefatshe leno. Sa bobedi, dikgakololo tsa Modimo di bonesa tsela ya rona, di re thusa go dira ditshwetso tse di tsamaisanang le tsholofelo ya rona ya go tshelela ruri mo Paradaiseng e Modimo a e solofeditseng. E re ka tsela kwa pele e bonesitswe sentle, re tla kgona go lemoga ditlamorago—tse di molemo kgotsa tse di bosula—tsa tsela e re ka batlang go e tsaya. (Baroma 14:21; 1 Timotheo 6:9; Tshenolo 22:12) A re sekasekeng tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa mafoko a Modimo a a mo Baebeleng a ka nnang lobone lwa lonao lwa rona le lesedi la tsela ya rona ka teng.

“Lobone Lwa Lona o Lwa Me”

6. Mafoko a Modimo a ka nna lobone lwa dinao tsa rona mo maemong afe?

6 Re dira ditshwetso letsatsi le letsatsi. Ditshwetso dingwe di ka lebega di se botlhokwa go le kalo, mme ka dinako tse dingwe re ka lebana le seemo se se lekang boitsholo jwa rona, boikanyegi jwa rona, kgotsa go se tseye letlhakore ga rona. Fa re batla go fenya diteko tse di ntseng jalo, re tshwanetse go dira gore ‘bokgoni jwa rona jwa go lemoga bo thapisiwe ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) Fa re nna le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo e bile re tlhaloganya melaometheo ya lone, re thapisa segakolodi sa rona gore re kgone go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa.—Diane 3:21.

7. Tlhalosa seemo se mo go sone Mokeresete a ka nnang a batla go itisa le badirikaene ba ba sa dumeleng.

7 Akanya ka sekai ke se. A o mogolo yo o lekang ka tlhoafalo go ipedisa pelo ya ga Jehofa? (Diane 27:11) Fa go le jalo, re a go akgola. Mme a re re bangwe ba o berekang le bone ba go fa thekete ya gore o tsamaye le bone kwa motshamekong mongwe. Ba itumelela go bereka le wena, jaanong ba ka rata go itisa le wena e se ka nako ya tiro. O ka nna wa bo o dumela tota gore batho bano ga ba bosula. Gongwe e bile ba dira dilo dingwe mo botshelong ka tsela e e siameng. O tla dirang? A go ka nna kotsi go amogela taletso eo? Lefoko la Modimo le ka go thusa jang go dira tshwetso e e siameng mo kgannyeng eno?

8. Melaometheo ya Dikwalo e re thusa jang fa re sekaseka mabaka mo kgannyeng ya ditsala?

8 Akanya ka melaometheo e sekae ya Dikwalo. Wa ntlha o re ka o gopolang ke o o mo go 1 Bakorintha 15:33, o o reng: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” A go latela molaomotheo ono go tlhoka gore o se ka wa dirisana gotlhelele le batho ba ba sa dumeleng? Karabo ya Dikwalo ya potso eo ke nnyaa. Aitse moaposetoloi Paulo ka boene o ne a bontsha gore o amega ka lorato ka ‘batho ba mefuta yotlhe,’ go akaretsa le ba ba sa dumeleng. (1 Bakorintha 9:22) Go nna Mokeresete ka bogone fela go tlhoka gore re bontshe ba bangwe gore re a ba kgatlhegela—go akaretsa ba ba sa dumeleng se rona re se dumelang. (Baroma 10:13-15) Ee ruri, re ka latela jang kgakololo ya gore re ‘dire se se molemo mo go botlhe’ fa re itlhaola mo bathong ba ba ka nnang ba tlhoka thuso ya rona?—Bagalatia 6:10.

9. Ke kgakololo efe ya Baebele e e re thusang go nna tekatekano fa re dirisana le badirikarona?

9 Le fa go ntse jalo, go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga go nna botsalano le modiri ka wena le go nna tsala ya gagwe e kgolo. Molaomotheo mongwe wa Dikwalo o tsena gone foo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng.” (2 Bakorintha 6:14) Bokao jwa polelwana e e reng “lo se ka lwa pataganela jokwe . . . e le mo go sa lekalekaneng” ke bofe? Dithanolo dingwe tsa Baebele di ranola mafoko ano ka go re ‘lo se ka lwa nna seoposengwe le bone,’ ‘lo se ka lwa leka go dira mmogo le bone jaaka balekane,’ kgotsa ‘tlogelang go nna le botsalano jo bo sa tshwanelang.’ Botsalano le modirikawena e nna jo bo sa tshwanelang fa go rileng? E nna go pataganela jokwe mo go sa lekalekaneng fa go rileng? Lefoko la Modimo, Baebele, le ka kaela dikgato tsa gago mo seemong seno.

10. (a) Jesu o ne a tlhopha ditsala jang? (b) Ke dipotso dife tse di ka thusang motho go dira ditshwetso tse di siameng malebana le ditsala?

10 Akanya ka sekai sa ga Jesu, yo o sa leng a simolola go rata batho fela fa ba ne ba bopiwa. (Diane 8:31) Fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a nna le kamano e ntle le balatedi ba gagwe. (Johane 13:1) E bile o ne “a ikutlwa a . . . rata” monna mongwe yo o neng a latlhegile mo go tsa bodumedi. (Mareko 10:17-22) Mme gape Jesu o ne a dira gore go bonale sentle gore o tlhopha ditsala tsa mofuta ofe. O ne a sa nne le kamano e e gaufi le batho ba ba neng ba sa tlhoafalela go dira thato ya ga Rraagwe. Nako nngwe Jesu o ile a re: “Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang.” (Johane 15:14) Ke boammaaruri gore o ka dirisana sentle le mongwe yo o berekang le ene. Mme ipotse jaana: ‘A motho yo o iketleeditse go dira se Jesu a se laelang? A o batla go ithuta ka Jehofa, ene yo Jesu a re laetseng gore re mo obamele? A o tshela ka melao ya boitsholo e nna jaaka Mokeresete ke tshelang ka yone?’ (Mathaio 4:10) Fa o ntse o tlotla le badirikawena e bile o sa tlogele go dirisa melao ya Baebele, dikarabo tsa dipotso tseno di tla bonala.

11. Naya dikai tse mo go tsone mafoko a Modimo a tshwanetseng go kaela dikgato tsa rona.

11 Go na le maemo a mangwe a mantsi a mo go one mafoko a Modimo a ka nnang jaaka lobone lwa dinao tsa rona. Ka sekai, Mokeresete yo o sa berekeng a ka newa tiro e a e tlhokang thata. Le fa go ntse jalo, dinako tsa yone di ka mo pitlaganya, mme fa a ka dumela go thapelwa tiro eo, o tla fetwa ke dipokano di le mmalwa tsa Bokeresete le ditiro tse dingwe tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri. (Pesalema 37:25) Mokeresete yo mongwe a ka ikutlwa a raelesega thata go lebelela mananeo a boitlosobodutu jo go bonalang sentle gore bo roba melaometheo ya Baebele. (Baefeso 4:17-19) Yo mongwe ene a ka nna a kgopisega motlhofo ka ntlha ya bosaitekanelang jwa badumedi ka ene. (Bakolosa 3:13) Mo maemong ao otlhe, re tshwanetse go letla Lefoko la Modimo e nna lobone lwa dinao tsa rona. Tota fa re latela melaometheo ya Baebele, re ka kgona go lebana le kgwetlho le fa e le efe mo botshelong. Lefoko la Modimo le “tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.”—2 Timotheo 3:16.

“Lesedi la Tsela ya Me”

12. Mafoko a Modimo ke lesedi la tsela ya rona ka tsela efe?

12 Pesalema 119:105 gape e bolela gore mafoko a Modimo a ka nna lesedi la tsela ya rona, a re bonesetsa kwa pele kwa re yang teng. Ga re mo lefifing malebana le isagwe ya rona, ka gonne Baebele e tlhalosa bokao jwa maemo a a ngomolang pelo a lefatshe le gore a tla felela kae. Ee, re lemoga gore re tshela “mo metlheng ya bofelo” ya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5) Go itse se se larileng kwa pele go tshwanetse ga ama thata tsela e re tshelang ka yone gone jaanong. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa!”—2 Petere 3:11, 12.

13. Tsela e dinako di potlakileng ka yone e tshwanetse ya ama jang kafa re akanyang le kafa re tshelang ka teng?

13 Tsela e re akanyang ka yone le e re tshelang ka yone e tshwanetse ya bontsha gore re tlhomamisa gore “lefatshe le a feta le keletso ya lone.” (1 Johane 2:17) Go dirisa kaelo ya Baebele go tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng ka mekgele ya rona ka isagwe. Ka sekai, Jesu o ne a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Ruri re akgola basha ba bantsi jaana ba ba bontshang tumelo mo mafokong a ga Jesu ka go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Ba bangwe—go akaretsa ba ba neng ba tsamaya e le malapa—ba ile ba ithaopela go fudugela kwa dinageng tse baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata kwa go tsone.

14. Lelapa lengwe la Bakeresete le ile la oketsa bodiredi jwa lone jang?

14 Akanya ka lelapa lengwe la Bakeresete la maloko a manè le le ileng la fuduga kwa United States le fudugela kwa Dominican Republic go ya go direla le phuthego nngwe mo toropong e e nang le banni ba le 50 000. Phuthego eno e na le baboledi ba Bogosi ba ka nna 130. Le fa go ntse jalo, ka April 12, 2006, batho ba ka nna 1 300 ba ne ba tla Segopotsong sa loso lwa ga Keresete! Masimo a naga eo “a masweu go ka rojwa” mo e leng gore morago ga dikgwedi di le tlhano fela, rre, mmè, morwa le morwadi bano ba ne ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 30 fa di kopantswe. (Johane 4:35) Rre o tlhalosa jaana: “Phuthego eno e na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 30 ba ba fudugetseng mono go tla go thusa. Ba ka nna 20 ba bone ba tswa kwa United States, mme ba bangwe bone ba tswa kwa Bahamas, Canada, Italy, New Zealand le Spain. Ba goroga ba tlhoafaletse go nna le seabe mo bodireding mme ba nnile le seabe se segolo mo go tsoseng tlhagafalo ya bakaulengwe ba mono.”

15. O bone masego afe ka ntlha ya go baya dilo tse di direlwang Bogosi pele mo botshelong jwa gago?

15 Go a utlwala gore ga se ba le bantsi ba ba ka kgonang go fudugela kwa nageng e nngwe go ya go direla kwa go tlhokegang badiri teng. Mme ba ba ka kgonang—kgotsa ba ba ka rulaganyang maemo a bone gore ba thuse—ruri ba tla nna le masego a magolo ka go nna le seabe mo karolong eno ya bodiredi. Mme go sa kgathalesege gore o direla kae, o se ka wa fetwa ke boipelo jo o ka nnang le jone fa o direla Jehofa ka maatla a gago otlhe. Fa o baya dilo tse di direlwang Bogosi pele mo botshelong jwa gago, Jehofa o solofetsa gore o tla ‘go tshololela lesego go fitlha o sa tlhole o tlhoka sepe.’—Malaki 3:10.

Go Solegelwa Molemo ke Kaelo ya ga Jehofa

16. Re tla solegelwa molemo jang ke go letla Lefoko la Modimo le re kaela?

16 Jaaka fa re bone, mafoko a ga Jehofa a re kaela ka ditsela tse pedi tse di tsamaisanang. A dira jaaka lobone lwa dinao tsa rona, a re thusa go tsaya tsela e e tshwanetseng e bile a re kaela fa re tshwanetse go dira ditshwetso. Gape a bonesa tsela ya rona, a dira gore re kgone go bona sentle se se larileng kwa pele. Seo le sone se re thusa go latela kgakololo eno ya ga Petere: “Tlamang megopolo ya lona lo e tlamela tiro, nnang lo thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong; tlhomang tsholofelo ya lona mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang jo ruri bo tla tlisiwang mo go lona fa Jesu Keresete a senolwa.”—1 Petere 1:13.

17. Go ithuta Baebele go tla re thusa jang go latela kaelo ya Modimo?

17 Kwantle ga pelaelo Jehofa o a re kaela. Potso ke gore, A o tla ikobela kaelo eo? Fa o batla go tlhaloganya kaelo e Jehofa a e nayang, iketleeletse go bala karolo nngwe ya Baebele letsatsi le letsatsi. Tlhatlhanya ka se o se balang, leka go bona gore thato ya ga Jehofa ke efe mo dilong, mme o akanye ka ditsela tse di farologaneng tse tshedimosetso eo e ka dirang ka tsone mo botshelong jwa gago. (1 Timotheo 4:15) Go tswa foo o dirise ‘maatla a gago a go akanya’ fa o itirela ditshwetso.—Baroma 12:1.

18. Fa re letla Lefoko la Modimo le re kaela, re amogela masego afe?

18 Melaometheo e e mo Lefokong la Modimo e tla re fa lesedi fa re e letla, e bo e re neye kaelo e re e tlhokang fa re dira ditshwetso malebana le tsela e re tshwanetseng go e latela. Re ka tlhomamisega gore mafoko a ga Jehofa a a kwadilweng a “tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.” (Pesalema 19:7) Fa re letla Baebele e re kaela, re tla nna le segakolodi se se phepa re bo re kgotsofadiwe ke go itse gore re itumedisa Jehofa. (1 Timotheo 1:18, 19) Fa re letla mafoko a Modimo a kaela dikgato tsa rona letsatsi le letsatsi, Jehofa o tla re segofatsa ka masego a magolo a botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go letla Jehofa Modimo a kaela dikgato tsa rona?

• Mafoko a Modimo a ka nna lobone lwa dinao tsa rona ka tsela efe?

• Mafoko a Modimo a ka nna lesedi la tsela ya rona jang?

• Go ithuta Baebele go tla re thusa jang go latela kaelo ya Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke leng mo go dirisana le motho yo o sa dumelang go sa tshwanelang?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu e ne e le batho ba ba dirang thato ya ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

A tsela e re tshelang ka yone e bontsha gore re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele?