Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Selo se se Botlhokwa Thata go Feta le Maemo a Bosa

Selo se se Botlhokwa Thata go Feta le Maemo a Bosa

Selo se se Botlhokwa Thata go Feta le Maemo a Bosa

MO E ka nnang setšhaba sengwe le sengwe se na le diane tse di buang ka maemo a bosa: Fa loapi lo le lohibidu bosigo, motsamaisa sekepe itumele; fa lo nna lohibidu mo mosong, motsamaisa sekepe, ntsha matlho dinameng. Gompieno balepaloapi ba bolela mabaka a a raraaneng a go bo maemo a bosa a ka gakala fela jaaka seane seo se bua.

Mo motlheng wa ga Jesu batho ba ne ba ntse ba tlwaetse go ithuta ka loapi le go batla tlhaloso ka tsela e le lebegang ka yone. Jesu o ne a raya Bajuda bangwe a re: “Lo tlwaetse gore fa go nna maabanyane lo bo lo re, ‘Go tla nna bosa jo bontle, gonne loapi lo bohibidu jwa molelo’; mme mo mosong, ‘Gompieno bosa bo tla nna tsiditsana, go le pula, gonne loapi lo bohibidu jwa molelo, mme lo lebega lo le letobo.’ Lo itse go phutholola ponalo ya loapi, mme . . . ” Mme eng? Jesu o ne a tswelela ka go bua sengwe se se sa tlwaelegang: “Ditshupo tsa metlha ga lo kgone go di phutholola.”—Mathaio 16:2, 3.

‘Ditshupo tseno tsa metlha’ e ne e le eng? E ne e le dilo tse di neng di bontsha sentle gore Jesu ke ene Mesia wa mmatota yo o rometsweng ke Modimo. Ditiro tsa gagwe di ne di bonala sentle fela jaaka loapi lo lohibidu. Le fa go ntse jalo, Bajuda ba le bantsi ba ne ba itlhokomolosa matshwao a a neng a bontsha gore Mesia o gorogile—e leng sengwe se se neng se le botlhokwa go feta le maemo a bosa.

Le gompieno go na le letshwao le le botlhokwa le go feta go tlhaloganya mmala wa loapi lwa mmatota. Jesu o ne a bolelelapele gore lefatshe leno le le boikepo le ne le tla nyelediwa e le gore go simolole lefatshe le le botoka. O ne a umaka dilo di le mmalwa tse di neng di tla direga tse di tla bontshang fa phetogo eno e ne e le gaufi le go direga. Dingwe tsa tsone ke dintwa tse di tla aparelang lefatshe lotlhe le leuba. Jesu o ne a re fa re bona dilo tseno, nako ya gore Modimo a tsereganye e tla bo e atametse.—Mathaio 24:3-21.

A o bona “ditshupo tsa metlha”?