Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tsogo ya Baswi ke ya Mmatota mo go Wena?

A Tsogo ya Baswi ke ya Mmatota mo go Wena?

A Tsogo ya Baswi ke ya Mmatota mo go Wena?

“Go tlile go nna le tsogo.”—DITIRO 24:15.

1. Ke ka ntlha yang fa go lebega loso lo ka se ka lwa tilwa?

“MO LEFATSHENG leno, ga go na sepe se re ka tlhomamisegang ka sone fa e se loso le go duela lekgetho.” Mafoko ao, a a kwadilweng ka 1789 ke radipolotiki wa kwa Amerika e bong Benjamin Franklin, a ile a kgatlha bangwe mme ba a tsaya a le botlhale. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba sa ikanyegeng ga ba ntshe lekgetho ka tsela e e tshwanetseng. Loso ke lone go lebegang re ka se ka ra lo tila. Ka borona fela, ga go ope wa rona yo o ka lo tilang fa lo setse lo tlile. Lo re sala morago rotlhe fela. Sheole—lebitla le le tlwaelegileng la batho—e fetsa batho ba re ba ratang e sa kgotsofale. (Diane 27:20) Mme akanya ka ntlha e nngwe e e gomotsang.

2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa loso lo se kitla lo tlela batho botlhe jaaka ba le bantsi ba akanya? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

2 Lefoko la ga Jehofa le re tlhomamisetsa tota gore go tla nna le tsogo, gore batho ba tla busediwa gape mo botshelong. Eno ga se toro fela, e bile ga go na maatla ape mo lobopong a a ka thibelang Jehofa go diragatsa tsholofelo eno. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi gompieno ga ba lemoge gore go na le bangwe ba ba ka nnang ba se ka ba swa. Ka ntlha yang? Ka gonne “boidiidi jo bogolo” jo bo se nang palo bo tla falola ‘pitlagano e kgolo,’ e e tla tlogang e tla. (Tshenolo 7:9, 10, 14) Ba tla tswelela pele ba tshela morago ga moo, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri. Ka jalo, mo go bone loso ga se sengwe se se ka se tilweng. Mo godimo ga moo, “loso lo tla nyelediwa.”—1 Bakorintha 15:26.

3 Re tshwanetse go ikutlwa re tlhomamisega ka tsogo fela jaaka moaposetoloi Paulo, yo o neng a re: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) A re sekasekeng dipotso tse tharo malebana le tsogo. Sa ntlha, ke eng se se dirang gore tshofelo eno e tlhomamisege jaana? Sa bobedi, wena ka namana o ka gomodiwa jang ke tsholofelo ya tsogo? Sa boraro, tsholofelo eno e ka ama jang tsela e o tshelang ka yone gone jaanong?

Tsogo—Re ka Tlhomamisega ka Yone

4. Tsogo e botlhokwa go le kana kang mo boikaelelong jwa ga Jehofa?

4 Go na le dilo di le mmalwa tse di dirang gore re tlhomamisege ka tsogo. Sa botlhokwa ke gore, e na le seabe se segolo mo boikaelelong jwa ga Jehofa. Gopola, Satane o ne a gogela batho mo boleong, le mo ditlamoragong tsa jone tse di ka se tilweng e leng loso. Ka jalo, Jesu o ne a bua jaana kaga Satane: “Ene yoo e ne e le mmolai fa a ne a simologa.” (Johane 8:44) Mme Jehofa o ne a solofetsa gore “mosadi” wa gagwe, kgotsa phuthego ya gagwe ya sekamosadi e e kwa legodimong e ne e tla tlhagisa “losika” lo lo neng lo tla gobatsa “noga [eo] ya kwa tshimologong” mo tlhogong, lo tapeta Satane gore a se ka a tlhola a nna teng. (Genesise 3:1-6, 15; Tshenolo 12:9, 10; 20:10) Fa Jehofa a ntse a senola ka iketlo boikaelelo jwa gagwe malebana le Losika lo e leng Mesia, go ne ga bonala sentle gore Losika lo ne lo se kitla lo bolaya Satane fela. Lefoko la Modimo la re: “Morwa Modimo o ne a bonadiwa ka boikaelelo jono, e leng, go senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Johane 3:8) Loso lo lo bakilweng ke boleo jo re bo ruileng mo go Adame ke sengwe sa konokono mo ditirong tsa ga Satane tse Jehofa a ikaeletseng go bona di sentswe ka Jesu Keresete. Mo ntlheng eno, setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo le tsogo di botlhokwa fela thata.—Ditiro 2:22-24; Baroma 6:23.

5. Ke ka ntlha yang fa tsogo e tla galaletsa leina la ga Jehofa?

5 Jehofa o ikaeletse go galaletsa leina la gagwe le le boitshepo. Satane o sentse Modimo leina e bile o rotloeditse maaka. O ne a bolela maaka a re Adame le Efa ‘ruri ga ba kitla ba swa’ fa ba ka ja loungo lo Modimo a lo ba ileditseng. (Genesise 2:16, 17; 3:4) Fa e sa le ka nako eo, Satane o rotloeditse maaka a a tshwanang le ao, a a jaaka gore fa motho a swa, moya wa gagwe ga o swe, o a tswa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla dirisa tsogo go senola gore seo sotlhe ke maaka. O tla tlhomamisetsa ruri gore ke ene fela Mmoloki le Mmusetsi wa botshelo.

6, 7. Jehofa o ikutlwa jang ka go tsosa batho, mme re itse jang?

6 Jehofa o eletsa go tsosa baswi. Baebele e tlhalosa sentle tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone mo ntlheng eno. Ka sekai, akanya ka mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a monna yo o ikanyegang e bong Jobe: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape? Ke tla leta malatsi otlhe a tiro ya bonatla e ke patelediwang go e dira, go fitlha kgololo ya me e tla. O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:14, 15) Mafoko ano a kayang?

7 Jobe o ne a itse gore fa a sena go swa, go ne go tla feta nako a letile a le mo borokong jwa loso. O ne a tsaya nako eo e le ‘tiro ya bonatla e e patelediwang,’ nako e a tshwanelwang ke go leta kgololo ka yone. Mo go ene, go ne go tlhomamisegile gore kgololo eo e tla tla. Jobe o ne a lemoga gore o ne a tla gololwa. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a itse gore Jehofa o ikutlwa jang. Jehofa o ne a tla “tlhologelelwa” go bona motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang gape. Ee, Modimo o tlhologelelwa go tsosa batho botlhe ba ba siameng. Gape Jehofa o tla naya ba bangwe tshono ya go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng. (Luke 23:43; Johane 5:28, 29) E re ka e le thato ya Modimo go diragatsa boikaelelo joo, ke mang yo o ka mo thibang?

8. Jehofa o re “tlhomamiseditse” jang tsholofelo ya rona ka isagwe?

8 Tsholofelo ya rona ka isagwe e tlhomamisiwa ke tsogo ya ga Jesu. Fa Paulo a ne a naya puo kwa Athena, o ne a bolela jaana: “[Modimo] o tlhomile letsatsi le ka lone a ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo a mo tlhomileng, e bile o tlhomamiseditse batho botlhe ka seno ka a mo tsositse mo baswing.” (Ditiro 17:31) Bangwe ba ba neng ba reeditse Paulo ba ne ba mo sotla fa ba utlwa ka tsogo. Le fa go ntse jalo, ba se kae ba ne ba nna badumedi. Gongwe ba ne ba kgatlhiwa ke ntlha ya gore tsholofelo eno e tlhomamisegile. Fa Jehofa a ne a tsosa Jesu, o ne a dira kgakgamatso e e di gaisang tsotlhe. O ne a tsosa Morwawe mo losong gore a boe a tshele e le sebopiwa se se maatla sa semoya. (1 Petere 3:18) Fa Jesu a sena go tsosiwa o ne a le mogolo go feta fa a ise a nne motho. E re ka Jesu a sa swe, e bile a na le maatla a a fetwang ke a ga Jehofa fela, jaanong o mo seemong sa gore a ka diragatsa dikabelo tse di molemo tse di tswang kwa go Rraagwe. Jehofa o dirisa Jesu go tsosa batho ba bangwe botlhe—ba ka tswa ba tsogela go ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Jesu ka boene o ne a re: “Ke nna tsogo le botshelo.” (Johane 5:25; 11:25) Fa Jehofa a ne a tsosa Morwawe, o ne a dira gore tsholofelo ya botlhe ba ba ikanyegang e tlhomamisege.

9. Pego e e mo Baebeleng e tlhomamisa jang gore tsogo ke sengwe sa mmatota?

9 Go ile ga tsosiwa batho fa pele ga ba bangwe ba ba neng ba lebeletse, mme ga kwalwa ka gone mo Lefokong la Modimo. Pego ya Baebele e na le tlhaloso e e feletseng ya go tsosiwa ga batho ba le robedi ba ba tsoseditsweng go boa ba tshela mo lefatsheng e le batho. Dikgakgamatso tseno di ne di sa dirwe mo sephiring mme di ne di dirwa batho ba lebeletse. Jesu o ne a tsosa Lasaro, yo o neng a na le malatsi a le manè a sule, fa pele ga boidiidi jwa batho ba ba neng ba lela—kwantle ga pelaelo ba akaretsa ba lelapa, ditsala le baagelani ba monna yoo. Bosupi jono jwa gore Jesu o ne a rometswe ke Modimo bo ne bo le maatla mo e leng gore baba ba ga Jesu ba bodumedi ga ba ise ba ganetse gore go ne go diragetse. Mo boemong jwa moo, ba ne ba loga maano a go bolaya Jesu le ene Lasaro tota! (Johane 11:17-44, 53; 12:9-11) Ee, re ka tshepa gore tsogo ke sengwe se re ka tlhomamisegang gore se tla direga. Modimo o re neile pego ya batho ba ba tsositsweng mo nakong e e fetileng go re gomotsa le go re nonotsha tumelo.

Go Gomodiwa ke Tsholofelo ya Tsogo

10. Ke eng se se tla re thusang gore re gomodiwe ke dipego tse di mo Baebeleng tsa tsogo?

10 A o eletsa go gomotsega fa o lebane le loso? Sengwe se se ka re gomotsang thata ke dipego tsa go tsosiwa ga batho tse di mo Baebeleng. Go bala ka dipego tse di ntseng jalo, go tlhatlhanya ka tsone le go bona ditiragalo tseno ka leitlho la mogopolo go ka dira gore tsholofelo ya tsogo e nne ya mmatota mo go wena. (Baroma 15:4) Tseno ga se ditlhamane fela. Ke dilo tse di diragaletseng batho ba mmatota jaaka rona, ba ba neng ba tshela ka nako nngwe felo gongwe gone mo lefatsheng. A re sekasekeng sekai se le sengwe ka bokhutshwane—tsogo ya ntlha e go kwadilweng ka yone mo Baebeleng.

11, 12. (a) Motlholagadi wa kwa Sarepate o ne a welwa ke masetlapelo afe, mme o ne a tsibogela seo jang kwa tshimologong? (b) Tlhalosa gore Jehofa o ne a naya Elija moporofeti wa gagwe maatla a go direla motlholagadi eng.

11 Akanya fela ka seemo seno. E setse e le dibeke di le mmalwa moporofeti Elija e le moeng wa mosadi wa motlholagadi wa kwa Sarepate, a nna mo ntlwaneng e e mo borulelong jwa ntlo ya gagwe. Ke motlha wa mahutsana. Kgaolo eo e wetswe ke komelelo le leuba. Batho ba le bantsi ba a swa. Jehofa o setse a dirisitse Elija go dira kgakgamatso e e diregileng ka lobaka lo loleele ya go duela tumelo ya motlholagadi yono yo o ikokobeditseng. Ene le morwawe yo mmotlana ba ne ba tloga ba swa ke tlala, ba saletswe ke dijo tsa bofelo, fa Modimo a tla fa Elija maatla a go dira kgakgamatso e e neng ya dira gore bupi jwa motlholagadi yono le leokwane di se ka tsa fela. Le fa go ntse jalo, jaanong o welwa ke masetlapelo. Ngwana o tsenwa ke bolwetse ka tshoganetso, a bo a kgaotsa go hema. A bo motlholagadi a utlwile botlhoko jang ne! Go botlhoko go swelwa ke monna yo o neng a go ema nokeng, mme jaanong o swetswe ke ngwana wa gagwe yo o esi. Ka ntlha ya kutlobotlhoko, e bile o pega Elija le Modimo wa gagwe Jehofa, molato! Moporofeti o tla dirang?

12 Elija ga a kgalemelele motlholagadi yono go dira tatofatso eno ya maaka. Mo boemong jwa moo, a re: “Nnaya morwao.” Fa Elija a sena go isa ngwana yo o suleng kwa ntlwaneng e e kwa borulelong, o rapela kgapetsakgapetsa gore ngwana a boe a tshele gape. Kgabagare, Jehofa o tsaya kgato! Akanya fela kafa Elija a phatsimang sefatlhego ka teng fa a bona sehuba sa mosimanyana se kokomoga ka gonne a hema. Matlho a ngwana a a bulega e bile a a phatsima ka gonne o a tshela. Elija o folosa mosimanyana o mo tlisa kwa go mmaagwe a re: “Bona, morwao o a tshela.” O itumetse ka tsela e e ka se tlhalosiweng. A re: “Jaanong, eleruri, ke a itse gore o monna wa Modimo le gore lefoko la ga Jehofa le le mo molomong wa gago le boammaaruri.” (1 Dikgosi 17:8-24) Tumelo ya gagwe mo go Jehofa le mo moemeding wa gagwe e nonofile go feta le fa e le leng pele.

13. Ke ka ntlha yang fa pego ya fa Elija a ne a tsosa morwa wa motlholagadi e re gomotsa gompieno?

13 Go tlhatlhanya ka pego e e ntseng jalo ruri go a gomotsa. A bo go bonala sentle jang gore Jehofa o kgona go fenya mmaba wa rona e leng loso! Akanya fela ka nako ya fa boipelo jwa motlholagadi yono bo tla bo bo diragalela batho ba le diketekete fa baswi ka kakaretso ba tla bo ba tsosiwa! Boipelo kwa legodimong bo tla nna bogolo gape fa Jehofa a ipelela go kaela Morwawe fa a tsosa batho mo lefatsheng lotlhe. (Johane 5:28, 29) A o swetswe ke mongwe yo o mo ratang? A bo go itumedisa jang go itse gore Jehofa a ka kgona e bile o tla tsosa baswi!

Tsholofelo ya Gago le Botshelo Jwa Gago Jaanong

14. Tsholofelo ya tsogo e ka ama botshelo jwa gago jang?

14 Tsholofelo ya tsogo e ka ama jang tsela e o tshelang ka yone gone jaanong? O ka nonotshiwa ke tsholofelo eno fa o lebane le mathata, dikgwetlho, pogiso kgotsa kotsi. Satane o batla gore o boife loso mo e leng gore o ka ananya boikanyegi jwa gago ka tsholofetso nngwe e e lolea ya go babalesega. Gopola gore Satane o ile a raya Jehofa a re: “Sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” (Jobe 2:4) Fa Satane a ne a bua mafoko ano, o ne a re senya leina rotlhe, go akaretsa le wena. A ke boammaaruri gore o tla tlogela go direla Modimo fa o lebana le kotsi? Fa o tlhatlhanya ka tsholofelo ya tsogo, o ka nitamisa boikaelelo jwa gago jwa go tswelela pele o dira thato ya ga Rrago yo o kwa legodimong.

15. Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 10:28 a ka re gomotsa jang fa re lebane le kotsi?

15 Jesu o ne a re: “Lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele mme ba sa ka ke ba bolaya moya; mme go na le moo boifang yo o ka senyang moya le mmele mo Gehena.” (Mathaio 10:28) Ga re a tshwanela go boifa Satane kgotsa badiredi ba gagwe ba batho. Ke boammaaruri gore bangwe ba ka nna le maatla a go gobatsa, le e leng go bolaya. Le fa go ntse jalo, le fa ba ka re dira bosula jo bo kana kang, e tla bo e le ga nakwana. Jehofa a ka kgona e bile o tla dirolola bosula bope jo bo dirwang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, le eleng go ba tsosa. Jehofa ke ene fela a tshwanelwang ke gore re mmoife re bo re mo tlotle ka tsela e e boteng. Ke ene fela a nang le maatla a go bolaya motho gore motho yoo a se ka a nna le tsholofelo epe ya go tshela mo isagweng, ke gore a bolaya mmele le moya kwa Gehena. Se se itumedisang ke gore Jehofa ga a batle gore seo se go diragalele. (2 Petere 3:9) Ka ntlha ya tsholofelo ya tsogo, rona batlhanka ba Modimo re ka nna re tlhomamisegile gore re babalesegile. Re tla bona botshelo jo bo sa khutleng fa fela re ikanyega, mme ga go sepe se Satane kgotsa balatedi ba gagwe ba ka se dirang.—Pesalema 118:6; Bahebera 13:6.

16. Tsela e re lebang dilo ka yone e ama jang dilo tse re di tsayang di le botlhokwa?

16 Fa tsholofelo ya tsogo e le ya mmatota mo go rona, e ka fetola boikutlo jo re nang le jone ka botshelo. Re lemoga gore “fa re tshela le fa re swa, re ba ga Jehofa.” (Baroma 14:7, 8) Ka jalo, fa re sekaseka se se tlang pele mo matshelong a rona, re dirisa kgakololo eno ya ga Paulo: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Batho ba le bantsi ba mo lobelong ba batla go kgotsofatsa keletso nngwe le nngwe le maikutlo mangwe le mangwe a ba nang le one. Ba lebega ba le mo lobelong lwa go itumelela menate ya botshelo ka gonne ba tsaya gore botshelo bo bokhutshwane, mme fa e le gore ba na le mofuta mongwe wa kobamelo, ruri ga o tsamaisane le ‘thato ya Modimo e e itekanetseng.’

17, 18. (a) Lefoko la ga Jehofa le bontsha jang gore botshelo jwa motho bo bokhutshwane, mme Modimo o re batlela botshelo jo bo ntseng jang? (b) Ke ka ntlha yang fa re tlhotlheletsega go baka Jehofa malatsi otlhe?

17 Ke boammaaruri, botshelo bo bokhutshwane. “[Bo] tshwanetse go feta ka bonako, mme re fofele koo,” gongwe e le dingwaga tse 70 kgotsa 80. (Pesalema 90:10) Batho ba feta fela jaaka bojang jo botala, jaaka moriti o o fetang, jaaka moya o o hemelwang kwantle. (Pesalema 103:15; 144:3, 4) Mme Modimo o ne a sa ikaelela gore re dirise masome a sekae a dingwaga re gola, re bapala botlhale le maitemogelo mangwe, mme masome a sekae a a latelang a dingwaga re bo re koafala, re lwala re bo re swa. Jehofa o bopile batho ba na le keletso ya go tshelela ruri. Baebele ya re: “O tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone.” (Moreri 3:11) A Modimo o setlhogo mo a ka re nayang keletso e e ntseng jalo mme a bo a dira gore go se ka ga kgonega go e diragatsa? Nnyaa le e seng, ka gonne “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) O tla dirisa tsogo go dira gore batho ba ba suleng ba kgone go tshelela ruri.

18 Ka ntlha ya tsholofelo ya tsogo, re ka nna le isagwe e e tlhomameng. Ga re tlhoke go nna mo lobelong, re ikutlwa re patelesega go dira sotlhe se re ka se kgonang gone jaanong. Ga re tlhoke go dirisa lefatshe leno le le swang, re le dirisa “ka botlalo.” (1 Bakorintha 7:29-31; 1 Johane 2:17) Rona ga re tshwane le batho ba ba se nang tsholofelo ya mmatota, ka gonne re na le mpho e e molemo ya go itse gore fa re nna re ikanyega mo go Jehofa Modimo, re tla nna le nako e e sa khutleng ya go mmaka le go ipelela botshelo. Ka jalo, a re lekeng bojotlhe go baka Jehofa malatsi otlhe, ene yo o dirang gore tsholofelo ya tsogo e nne sengwe se re ka tlhomamisegang ka sone!

O ne O ka Araba Jang?

• Re tshwanetse go ikutlwa jang ka tsogo?

• Ke dilo dife tse di dirang gore re tlhomamisege ka tsholofelo ya tsogo?

• O ka gomodiwa jang ke tsholofelo ya tsogo?

• Tsholofelo ya tsogo e ka ama jang tsela e o tshelang ka yone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jobe o ne a itse gore Jehofa o eletsa go tsosa basiami

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

“Bona, morwao o a tshela”