Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Fenya Tsheko Kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho

Ba Fenya Tsheko Kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho

Ba Fenya Tsheko Kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho

KA JANUARY 11, 2007, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho kwa Strasbourg, kwa France, e ne ya bolela tshwetso e e neng e dumalanwe ke baatlhodi botlhe e le mo letlhakoreng la Basupi ba ga Jehofa ba kwa Russia mo tshekong ya bone kgatlhanong le Puso ya Russia. Tshwetso eo e ne ya naya Basupi ba ga Jehofa kgololesego ya bodumedi le tshwanelo ya go sekelwa ka tshiamiso. A re sekasekeng gore go tlile jang gore go nne le tsheko.

Phuthego nngwe ya Basupi ba ga Jehofa kwa toropong ya Chelyabinsk, kwa Russia, e tletse thata ka batho ba ba bosusu. Ba ne ba kopanela mo lefelong le ba le hirileng mo kholetšheng e e rutang batho tiro ya diatla. Ka Sontaga, April 16, 2000, pokano ya bone e ne ya kgaosediwa ke modulasetulo, kgotsa Mokomishinara, wa Khomishene ya Ditshwanelo Tsa Batho a na le mapodise a mabedi a maemo a a kwa godimo le lepodise le le lengwe le e seng la seaparo. Ka ntlha ya kgobelelo, bogolo jang ya Mokomishinara, kopano e ne ya emisiwa ka ntlha ya ditatofatso tse di itlhametsweng tsa gore dipokano di tshwarwa kwantle ga tetla e e kafa molaong. Go simolola ka May 1, 2000, tumalano ya go dirisa holo eo e ne ya fedisiwa.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba isa ngongorego kwa mosekising wa Chelyabinsk, mme ga se ka ga nna le matswela ape. Molaotheo wa Russia le Convention for the Protection of Human Rights and Fundamental Freedoms di solofetsa kgololesego ya bodumedi le kgololesego ya go kopana. Ka jalo go ne ga tlisiwa kgetsi fa pele ga kgotlatshekelo ya kgaolo mme morago ga dirwa boikuelo kwa kgotlatshekelong ya naga. Pelenyana ga foo, ka July 30, 1999, kgotlakgolo ya ditsheko e ne ya ntsha katlholo mo kgetsing e nngwe gore “go ya ka Molao wa Russia malebana le kgololesego ya segakolodi le go kopana ga tsa bodumedi, polelwana e e reng ‘ntle le thibelo’ e raya gore ga go tlhokege tetla kgotsa tumelelo e e tswang kwa babusing gore go dirwe ditiro tsa bodumedi mo mafelong a a abetsweng [boikaelelo joo].” (Masakana a tsentswe ke bone.) Le fa go ne go kile ga dirwa katlholo e e ntseng jalo, dingongorego tse di neng di isitswe kwa dikgotlatshekelong tsa kgaolo le tsa naga di ne tsa tshololwa.

Ka December 17, 2001, kgetsi eo e ne ya tlisiwa kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho. Tsheko e ne ya tsena ka September 9, 2004. Tse di latelang ke dinopolo go tswa mo katlholong ya makgaolakgang e e neng ya ntshiwa ke Kgotlatshekelo:

“Kgotlatshekelo e fitlhetse gore baikuedi ga ba a ka ba newa tshwanelo ya bone ya go bona kgololesego ya bodumedi ka gonne ka la 16 April 2000, batlhankedi ba Puso ba ne ba kgaosetsa kopano ya bone ya bodumedi e ise e fele.”

“Mabaka a semolao a go kgaosetsa tiragalo eno ya bodumedi e e neng e tshwaretswe mo dikagong tse di hiretsweng tiragalo eo kafa molaong a ne a tlhaela tota.”

“[Kgotlatshekelo] e lemoga gore go ya ka ditshwetso tsa ditsheko tse di dirilweng mo nakong e e fetileng, ka metlha Kgotlakgolo ya Makgaolakgang ya kwa Russia e ema ka la gore dikokoano tsa bodumedi ga di tlhoke go letlelelwa pele ke puso kgotsa gore puso e itsisiwe pele ka tsone.”

“Ka jalo go robilwe Molawana 9 [kgololesego ya bodumedi] wa Tumalano fa Mokomishinara le bathusi ba gagwe ba ne ba kgaosetsa pokano ya baikuedi ya bodumedi ka la 16 April 2000.”

“Kgotlatshekelo e fitlhela gore dikgotlatshekelo tsa kgaolo le tsa naga ga di a dira tiro ya tsone . . . ya go tlhomamisa gore matlhakore oomabedi a reediwa ka tekatekano le ka tshiamiso. . . . Go robilwe Molawana 6 [tshwanelo ya go sekelwa ka tshiamiso] wa Molaotheo.”

Basupi ba ga Jehofa ba leboga Modimo go bo a ba neile phenyo kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho. (Pesalema 98:1) Tshwetso ya Kgotlatshekelo e tla nna le matswela a a anameng go le kana kang? Joseph K. Grieboski, poresidente wa Institute on Religion and Public Policy o bolela jaana: “Eno ke tshwetso e nngwe e e botlhokwa thata e e amang kgololesego ya bodumedi go ralala Yuropa, ka gonne tshwetso eno e tla ama ditshwanelo tsa bodumedi mo dinageng tsotlhe tse di kafa tlase ga Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho.”