Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Dithulaganyo Tsa Gago di Tla Tlhomamisiwa Thata”

“Dithulaganyo Tsa Gago di Tla Tlhomamisiwa Thata”

“Dithulaganyo Tsa Gago di Tla Tlhomamisiwa Thata”

MOPESALEMA DAFIDE o ne a rapela jaana mo pineng e a neng a e tlhama: “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tlhe Modimo, mme o tsenye moya o mosha mo teng ga me, o o nitameng. Busetsa boitumelo jwa poloko ya gago mo go nna, mme e kete o ka ntshegetsa ka moya o o ratang.” (Pesalema 51:10, 12) Fano Dafide yo o neng a ikwatlhaya fa a sena go leofa le Bathesheba, o ne a rapela Jehofa Modimo gore a phepafatse pelo ya gagwe mme a mo tsenye moya, kgotsa boikutlo, jwa gore a dire se se siameng.

A Jehofa o bopa pelo e ntšha mo teng ga rona tota, a bo a re neye moya o mosha le o o ratang? Kgotsa ke rona re tshwanetseng ra leka go nna le pelo e e itshekileng mme ra e dibela? “Jehofa ke ene motlhatlhobi wa dipelo,” mme o tlhopha go nna le seabe se se kana kang mo go se se diregang mo pelong ya rona? (Diane 17:3; Jeremia 17:10) O re tlhotlheletsa go le kana kang mo botshelong, mo maitlhomong a rona le mo ditirong tsa rona?

Ditemana tsa ntlha tse robongwe tsa Diane kgaolo 16 di dirisa leina la Modimo makgetlho a le robedi mme di re bontsha kafa re ka dirang ka teng go tsenya botshelo jwa rona mo taolong ya Modimo gore ‘dithulaganyo tsa rona di tlhomamisiwe thata.’ (Diane 16:3) Temana 10 go ya go 15 di remeletse mo boikarabelong jwa kgosi kgotsa mmusi.

Ke Mang yo o ‘Rulaganyang Dikakanyo Tsa Pelo’?

Diane 16:1a ya re: “Motho wa mo lefatsheng o rulaganya dikakanyo tsa pelo.” Go bonala sentle gore ke rona re tshwanetseng go “rulaganya dikakanyo tsa pelo.” Jehofa ga a baakanye pelo ya rona ka kgakgamatso e bile ga a re neye moya o o ratang. Re tshwanetse go tsaya matsapa a go bapala kitso e e tlhomameng ka Lefoko la gagwe, Baebele, go tlhatlhanya ka se re se ithutang, le go dumalanya dikakanyo tsa rona le tsa gagwe.—Diane 2:10, 11.

Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo Dafide a ne a kopa go newa “pelo e e itshekileng” le “moya o mosha” le bontsha gore o ne a lemoga gore o sekametse mo boleong le gore o tlhoka thuso ya Modimo gore a phepafatse pelo ya gagwe. E re ka re sa itekanela, re ka nna ra raelesega go dira “ditiro tsa nama.” (Bagalatia 5:19-21) Fa re batla go ‘bolaya ditokololo tsa rona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha,’ re tlhoka thuso ya ga Jehofa. (Bakolosa 3:5) A bo go le botlhokwa jang ne gore re rapelele thuso ya gagwe gore re se ka ra wela mo thaelong le gore re tlose mekgwa ya boleo mo dipelong tsa rona!

A re ka thusa ba bangwe go ‘rulaganya dikakanyo’ tsa pelo ya bone? Baebele ya re: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Loleme lwa rona lo ka fodisa ba bangwe leng? Fa fela e le gore “karabo ya loleme e tswa kwa go Jehofa,” ke gore, fa re bua mafoko a boammaaruri a Dikwalo.—Diane 16:1b.

Baebele ya re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Pelo ya rona ya tshwantshetso e sekametse mo go ipheng diipato tsa go dira phoso le go itsietsa. Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o bolela jaana a tlhagisa ka kotsi eno: “Ditsela tsotlhe tsa motho di itshekile mo matlhong a gagwe, mme Jehofa o tlhatlhoba meya.”Diane 16:2.

Go ithata go tlola tekanyo go ka dira gore re iphe diipato tsa go dira diphoso, re fitlhe dikarolo tsa botho jwa rona jo bo sa siamang mme re itlhokomolose bosula jwa rona. Mme Jehofa ene a ka se tsiediwe. O tlhatlhoba meya. Moya wa motho fano ke boikutlo jwa gagwe jo bo mo laolang mme bo amana le pelo. Go bopega ga moya wa motho go amana thata le se se dirwang ke pelo ya tshwantshetso, se se akaretsang dilo tse di jaaka dikakanyo, maikutlo le maitlhomo. Moya ke one o tlhatlhobiwang ke “motlhatlhobi wa dipelo,” mme dikatlholo tsa gagwe ga di sekamele ntlha e le nngwe. Re tshwanetse go dibela moya wa rona.

“Pitikela Ditiro Tsa Gago mo go Jehofa”

Go dira dithulaganyo go tlhoka go akanya—sengwe se se dirwang ke pelo. Gantsi morago ga dithulaganyo go latela ditiro. A re tla atlega mo ditirong tsa rona? Solomone a re: “Pitikela ditiro tsa gago mo go Jehofa mme dithulaganyo tsa gago di tla tlhomamisiwa thata.” (Diane 16:3) Go pitikela ditiro tsa rona mo go Jehofa go kaya go mo ikanya, go ikaega ka ene, go ipaya mo taolong ya gagwe—re ka re, go pitikolola morwalo mo magetleng a rona re o pitikela mo magetleng a gagwe. Mopesalema o ne a opela a re: “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.”—Pesalema 37:5.

Le fa go ntse jalo, fa re batla dithulaganyo tsa rona di tlhomamisiwa, di tshwanetse tsa bo di tsamaisana le Lefoko la Modimo, mme di tshwanetse tsa bo di dirwa ka maitlhomo a a siameng. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re thuse a bo a re tshegetse mme re dire se se siameng ka tlhoafalo gore re latele kgakololo ya Baebele. Go botlhokwa thata gore re ‘latlhele mokgweleo wa rona mo go Jehofa’ fa re lebane le diteko kgotsa mathata, gonne ‘o tla re tshegetsa.’ Ee ruri, “ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”—Pesalema 55:22.

“Jehofa o Diretse Sengwe le Sengwe Boikaelelo Jwa Gagwe”

Ke eng gape se e tla nnang diphelelo tsa go pitikela ditiro tsa rona mo go Jehofa? Kgosi e e botlhale ya re: “Jehofa o diretse sengwe le sengwe boikaelelo jwa gagwe.” (Diane 16:4a) Mmopi wa lobopo ke Modimo wa boikaelelo. Fa re pitikela ditiro tsa rona mo go ene, botshelo jwa rona bo tlala ka ditiro tse di nang le boikaelelo, e seng tsa lefela. Mme boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe le batho ba ba nnang mo go lone bo nnetse ruri. (Baefeso 3:11) O ne a bopa lefatshe mme a le bopela “go nniwa.” (Isaia 45:18) Mo godimo ga moo, se a neng a se ikaeletse ka batho mo lefatsheng go tswa kwa tshimologong se tshwanetse sa diragala. (Genesise 1:28) Botshelo jwa go ineela mo Modimong wa boammaaruri bo tla nnela ruri mme bo tla nna le bokao ka bosakhutleng.

Jehofa o diretse “le moikepi letsatsi le le bosula.” (Diane 16:4b) Ga a bopa baikepi, ka gonne “tiro ya gagwe e itekanetse.” (Duteronome 32:4) Le fa go ntse jalo, o ba letleletse gore ba tswelele pele ba le teng e bile ba tshela go fitlha a bona go tshwanela gore a diragatse katlholo ya gagwe e e botlhoko. Ka sekai, Jehofa o ne a raya Faro wa kwa Egepeto a re: “Ke go tlogetse o ntse o le gone ka lebaka leno, gore ke go bontshe maatla a me le gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.” (Ekesodo 9:16) Dipetso tse di Lesome le go senngwa ga ga Faro le masole a gagwe mo Lewatleng le Lehibidu ruri e ne e le dipontsho tse di sa lebalegeng tsa maatla a Modimo a a sa tshwaneng le ape.

Gape Jehofa a ka rulaganya dilo gore baikepi ba diragatse boikaelelo jwa gagwe ba sa lemoge. Mopesalema o ne a re: “Tšararego ya motho e tla go baka; [Jehofa] o tla ikgatlha [kgotsa go itlama] ka mo go setseng ga tšararego.” (Pesalema 76:10) Jehofa a ka letla baba ba gagwe ba bontsha batlhanka ba gagwe tšararego—mme e le fela ka selekanyo se se tlhokegang go otlhaya batho ba gagwe mme ka jalo a ba thapisa. Tšararego e e fetang eo, Modimo o itlama ka yone.

Fa Jehofa a ema nokeng batlhanka ba gagwe ba ba ikokobeditseng, go tweng ka ba ba ikgogomosang le ba ba ikgodisang? Kgosi ya Iseraele ya re: “Mongwe le mongwe yo o pelo e ikgogomosang ke selo se se makgapha mo go Jehofa. Seatla se ka nna sa gokagana le seatla, mme motho ga a na go gololesega mo kotlhaong.” (Diane 16:5) Ba ba ‘pelo di ikgogomosang’ ba ka nna ba nna seoposengwe ba kgothatsana mme ba ka se falole kotlhao. Ka jalo, go molemo gore re nne le moya wa boikokobetso go sa kgathalesege gore re na le kitso e kana kang kgotsa bokgoni jo bo kana kang kgotsa gore re na le ditshiamelo dife tsa tirelo.

“Ka go Boifa Jehofa”

E re ka re tsholetswe mo boleong, go motlhofo gore re dire diphoso. (Baroma 3:23; 5:12) Ke eng se se tla re thusang gore re tile go dira dithulaganyo tse di tla re isang mo tseleng e e sa siamang? Diane 16:6 ya re: “Tlolo e direlwa tetlanyo ka bopelonomi jwa lorato le boammaaruri, mme motho o fapoga bosula ka go boifa Jehofa.” Le fa Jehofa a direla maleo a rona tetlanyo ka bopelonomi jwa gagwe jwa lorato le boammaaruri, go boifa Jehofa ke gone go re faposang mo boleong. A bo go le botlhokwa jang ne gore mo godimo ga go rata Modimo le go anaanela bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, re boife go mo utlwisa botlhoko!

Go boifa Modimo go tsena mo pelong ya rona fa re boifa e bile re tlotla maatla a Gagwe a magolo. Akanya fela ka maatla a gagwe a a bonalang mo popong! Fa Jobe a ne a gopodiwa gore maatla a Modimo a bonala mo ditirong tsa gagwe tsa popo, seo se ne sa thusa tlhogo eno ya lotso go fetola tsela e a akanyang ka yone. (Jobe 42:1-6) A ga re amege ka tsela e e ntseng jalo fa re bala le go akanya ka dipego tse di kwadilweng mo Baebeleng tsa kafa Jehofa a neng a dirisana ka teng le batho ba gagwe? Mopesalema o ne a opela a re: “Tlang, mme lo bone ditiro tsa Modimo. Tirisano ya gagwe le bomorwa batho e a boitshega.” (Pesalema 66:5) Ga re a tshwanela go tsaya gore bopelonomi jwa ga Jehofa jwa lorato bo itlela fela. Fa Baiseraele ba ne ba ‘tsuologa mme ba utlwisa moya wa Modimo o o boitshepo botlhoko, Jehofa o ne a fetoga mmaba wa bone; ene o ne a lwa le bone.’ (Isaia 63:10) Kafa letlhakoreng le lengwe, “fa Jehofa a ipelela ditsela tsa motho o dira gore le baba ba gagwe ba nne mo kagisong le ene.” (Diane 16:7) A bo go boifa Jehofa e le tshireletso e kgolo jang ne!

Kgosi e e botlhale ya re: “Bonnye jo bo nang le tshiamo bo botoka go gaisa dikungwa tse dintsi tse di se nang tshiamiso.” (Diane 16:8) Diane 15:16 ya re: “Go botoka go nna le mo gonnye o boifa Jehofa go na le go nna le letlepu le le nang le tlhakatlhakano.” Go boifa Modimo ka go mo tlotla ruri go botlhokwa gore o nne mo tseleng ya tshiamo.

“Pelo ya Motho wa mo Lefatsheng e ka Nna ya Tlhama Tsela ya Gagwe”

Motho o bopilwe a kgona go itirela ditshwetso, a kgona go tlhopha fa gare ga se se siameng le se se phoso. (Duteronome 30:19, 20) Pelo ya rona ya tshwantshetso e kgona go sekaseka dilo tse di farologaneng e bo e tlhomama mo go se le sengwe kgotsa go feta. Solomone o bolela jaana a bontsha gore re tshwanetse go itirela ditshwetso: “Pelo ya motho wa mo lefatsheng e ka nna ya tlhama tsela ya gagwe.” Mme fa a dirile jalo, “Jehofa ke ene a kaelang dikgato tsa gagwe.” (Diane 16:9) E re ka Jehofa a ka kaela dikgato tsa rona, re tla bo re dira ka botlhale fa re batla thuso ya gagwe fa re ‘dira gore dithulaganyo tsa rona di tlhomamisiwe thata.’

Jaaka fa re setse re bone, pelo e boferefere mme e kgona go diragatsa dikakanyo tsa maaka. Ka sekai, motho a ka dira boleo, mme pelo ya gagwe e ka sekamela mo go ipheng diipato. Mo boemong jwa go tlogela mekgwa ya gagwe ya boleo, motho yono a ka ntsha mabaka a gore Modimo o lorato, o pelonomi, o pelotlhomogi, e bile o a itshwarela. Motho yono o boletse jaana mo pelong ya gagwe: “Modimo o lebetse. O subile sefatlhego sa gagwe. Ruri ga a kitla a go bona.” (Pesalema 10:11) Mme go phoso e bile go kotsi go tsaya gore bopelotlhomogi jwa Modimo bo itlela fela.

“Lonaka lo lo Siameng Lwa Selekanyi le Sekale se se Siameng ke Tsa ga Jehofa”

Jaanong Solomone o tlogela go bua ka pelo le ditiro tsa motho wa mo lefatsheng mme jaanong o bua ka tsa kgosi: “Tshwetso e e tlhotlheleditsweng e tshwanetse go nna mo dipounameng tsa kgosi; molomo wa yone ga o a tshwanela go itshupa o sa ikanyege mo katlholong.” (Diane 16:10) Kgosi e e tlhomilweng, Jesu Keresete, e tla nna fela jalo. Go busa ga gagwe mo lefatsheng go tla bo go tsamaisana le thato ya Modimo.

Kgosi e e botlhale e bolela jaana e bontsha kwa tshiamiso le tshiamo di tswang teng: “Lonaka lo lo siameng lwa selekanyi le sekale se se siameng ke tsa ga Jehofa; dilekanyabokete tsotlhe tsa leje tsa kgetsi ke tiro ya gagwe.” (Diane 16:11) Dilekanyi le dikale tsa tshiamiso di tswa kwa go Jehofa. Kgosi ga e a tshwanela go ipeela selekanyo sa dilekanyi tseno kafa yone e batlang ka teng. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a re: “Ga nka ke ka dira selo le fa e le se le sengwe ka bonna; fela jaaka ke utlwa, ke atlhola jalo; mme katlholo e ke atlholang ka yone e siame, ka gonne ga ke batle thato ya me, mme ke batla thato ya yo o nthomileng.” Re ka lebelela gore Morwa a dire ka tshiamiso e e feletseng ka gonne Rara “o neetse Morwa go atlhola gotlhe.”—Johane 5:22, 30.

Ke eng gape se se ka lebelelwang mo kgosing e e emelang Jehofa? Kgosi ya Iseraele ya re: “Go dira boikepo ke selo se se makgapha mo dikgosing, gonne ke ka tshiamo setulo sa bogosi se tlhomamisiwang ka thata.” (Diane 16:12) Bogosi jwa ga Mesia bo laolwa ke melaometheo ya Modimo ya tshiamo. Ga bo tsamaisane le “setulo sa bogosi se se bakang dipitlagano.”—Pesalema 94:20; Johane 18:36; 1 Johane 5:19.

Go Amogelwa ke Kgosi

Babusiwa ba kgosi e kgolo ba tshwanetse ba arabela jang? Solomone a re: “Dipounama tsa tshiamo di ipedisa kgosi e kgolo; mme e rata yo o buang dilo tse di thokgameng. Tšararego ya kgosi e raya barongwa ba loso, mme motho yo o botlhale ke yo o e tilang.” (Diane 16:13, 14) Gompieno baobamedi ba ga Jehofa ba tsaya mafoko ano tsia mme ba tlhoafetse mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ba itse gore go dirisa dipounama tsa bone ka tsela eno go itumedisa Kgosi e e leng Mesia, Jesu Keresete. Ruri go ne go le botlhale go tila go utlwisa kgosi e e maatla ya motho botlhoko le go batla gore e go amogele. A bo go le botlhale le go feta gore re batle go amogelwa ke Kgosi e e leng Mesia!

Solomone o tswelela pele jaana: “Go na le botshelo mo leseding la sefatlhego sa kgosi, mme kamogelo ya yone e tshwana le leru la pula ya dikgakologo.” (Diane 16:15) ‘Lesedi la sefatlhego sa kgosi’ le kaya go amogelwa ke ene, fela jaaka ‘lesedi la sefatlhego sa ga Jehofa’ le kaya go amogelwa ke Modimo. (Pesalema 44:3; 89:15) Fela jaaka maru a pula a re tlhomamisetsa gore metsi a etla ao a tla thusang gore dijalo di butswe, go amogelwa ke kgosi ke bosupi jwa gore go tla dilo tse di molemo. Go tshela mo taolong ya Kgosi e e leng Mesia go tla bo go na le masego a mantsi le katlego, fela jaaka puso ya ga Kgosi Solomone e ne e ntse, mme gone e ne e le ka selekanyo se sennye.—Pesalema 72:1-17.

Fa re ntse re emetse gore Bogosi jwa Modimo bo laole sengwe le sengwe mo lefatsheng, e kete re ka batla thuso ya gagwe go phepafatsa pelo ya rona. Gape e kete re ka ikanya Jehofa re bo re mmoife. Ke gone re ka tlhomamisegang ka botlalo gore “dithulaganyo tsa [rona] di tla tlhomamisiwa thata.”—Diane 16:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ke jang go ka tweng Jehofa o diretse “moikepi letsatsi le le bosula”?