Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Tsholofelo mo Lefatsheng le le Tletseng Mathata

Go Nna le Tsholofelo mo Lefatsheng le le Tletseng Mathata

Go Nna le Tsholofelo mo Lefatsheng le le Tletseng Mathata

“BATHO fela ba ba tlwaelegileng ba na le maatla a go direla ba bangwe dilo tse di molemo le go rarabolola mathata go feta le fa e le leng pele mo hisitoring ya batho.” Motho yo pele e neng e le Poresidente ya United States, Bill Clinton, o ne a bua jalo kwa khonferenseng nngwe kwa Ottawa, Canada, ka March 2006. O ne a re batho ba ba direlang ba bangwe dilo tse di molemo mo lefatsheng lotlhe ba ntse ba oketsega fa e sa le go tloga ka nako ya tsunami [thoromo e kgolo ya lefatshe e e ileng ya baka makhubu a magolo a lewatle] ka 2004 a bo a bua a na le tsholofelo gore jaanong lefatshe le “mo nakong e batho mo lefatsheng lotlhe ba tlhokanang thata ka yone.”

A re ka lebelela gore masetlapelo a tlholego a dire gore batho gongwe le gongwe ba nne matlhagatlhaga go dira gore go nne le isagwe e e botoka? A ‘go tlhokana thata ga batho’ ke motheo o o utlwalang wa go nna le tsholofelo ya gore go tla nna le isagwe ya kagiso ya mmatota le polokesego e e nnelang ruri?

Motswedi wa Tsholofelo ya Mmatota

Maiteko a batho ba a dirileng ka lobaka lo loleele ka dingwaga di feta dimilione di le thataro a bontsha gore batho ba nna fela ba swabisana. Ke sone se Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di re gakololang jaana: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.” (Pesalema 146:3) Go baya tsholofelo ya rona mo mekgatlhong ya lefatshe leno, mo dithotong tsa lone, le mo dilong tse re batlang go di fitlhelela, go felela fela ka maswabi. Ka ntlha yang? Ka gonne “lefatshe le a feta le keletso ya lone.”—1 Johane 2:17.

Le fa go ntse jalo, mo makgolokgolong a dingwaga a a ntseng a feta, Modimo e ntse e le tsholofelo e e tlhomameng mo bathong ba ba siameng. Baebele e mmitsa “tsholofelo ya Iseraele [wa bogologolo]” le “tsholofelo ya borraabonemogologolwane [ba Iseraele]” e bile e dirisa dipolelwana tse dingwe tse dintsintsi tse di bontshang go nna le tsholofelo mo go ene, go mo ikanya le go mo tshepa. (Jeremia 14:8; 17:13; 50:7) Eleruri Baebele e re kgothaletsa go “solofela mo go Jehofa.”—Pesalema 27:14.

Diane 3:5, 6 e re kgothatsa jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” O na le mabaka a a utlwalang a gore o ikanye tsholofetso eo ka botlalo ka gonne Jehofa Modimo ga a fetoge, o a ikanyega, e bile ka metlha o dira se a se buileng. (Malaki 3:6; Jakobe 1:17) O batla gore dilo di go tsamaele sentle mme fa ka metlha o tsaya tsia se se buiwang mo Lefokong la gagwe, Baebele, e tla go kaela sentle thata mo metlheng eno e e boifisang.—Isaia 48:17, 18.

Motho yo o latelang kaelo ya Modimo ka pelo yotlhe a ka ikanya tsholofetso eno: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.” (Isaia 41:10) Go rapela ka tlhoafalo mmogo le go akanyetsa kwa teng ka tsholofetso eno go gomotsa batho botlhe ba ba ratang Jehofa Modimo tota, ka gonne go ba thusa go lebana le maemo a a thata le ditlhobaelo.

Akanya ka Andrea, Mosupi mongwe wa ga Jehofa e bile e le mmè wa bana ba babedi. A re: “Thapelo le go tlhatlhanya ka ditsholofetso tsa ga Jehofa ke tsone fela di nnayang maatla fa ke nna le ditlhobaelo mo botshelong. Fa ke dira gore Jehofa e nne ene motho yo o nnetseng ruri mo botshelong jwa me, go nna motlhofo thata gore ke se ka ka fekeediwa ke mathata.”

Nonotsha Tsholofelo ya Gago mo go Jehofa

Fa mopesalema a ne a gatelela botlhokwa jwa go solofela mo go Jehofa, o ne a re: “Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e ntsi, mme ga ba na sekgopi.” (Pesalema 119:165) Go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo go ka go thusa thata go tlatsa mogopolo wa gago le pelo ka dilo tsa semoya tse di molemo le tse di agang ‘dilo tse di boammaaruri, tse di tsewang masisi, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang, tse di buiwang molemo, tse di molemo, le tse di tshwanelwang ke pako.’ Fa o dira maiteko ka tlhoafalo go utlwa, go ithuta, go amogela le go dira dilo tseo, ‘Modimo wa kagiso o tla nna le wena.’—Bafilipi 4:8, 9.

Fa John a bua ka dingwaga tse dintsi tse a nnileng le maitemogelo ka tsone, a re: “Pele ga nka fetola tsela e ke ikutlwang ka yone ka isagwe, go ne go le botlhokwa gore ke itse gore ke tshwanetse go dira diphetogo tse dikgolo mo bothong jwa me le mo tseleng e ke akanyang ka yone pele ga nka nna le kamano le Modimo yo o itekanetseng, yo o sa bonaleng. Tsela e le yosi e ke neng nka nna le kamano eo ka yone e ne e le gore ke nne motho yo o ratang dilo tsa semoya. Seno se ne se tlhoka gore ke dire phetogo mme ke nne motho yo o akanyang thata ka Modimo, ke lebe dilo jaaka Modimo a di leba ka go bala Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le go tlhatlhanya ka lone.”

Fa o nwa metsi a a lapolosang, a a nayang botshelo a a mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng, o tla bo o dirisa tsela e e nang le matswela ya go lwantshana le dilo tse dintsintsi tse di maswe tse re di bonang le tse re di utlwang ka metlha mo metsweding ya dikgang. Go dirisa se se kwadilweng mo Baebeleng le gone go tla nonotsha dikamano tsa lelapa la gago e bile go tla fokotsa tlhobaelo. Gape Modimo o solofetsa gore o iketleeleditse go ‘bontsha ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.’ (2 Ditiragalo 16:9) O tla rarabolola dilo ka tsela e e leng gore tota go tla bo go se na sepe se se ka go boifisang.

Phinehas, yo o ileng a tshela ka nako ya ntwa le ya dikganyaolo tsa batho, a re: “Ke ithutile go baya botshelo jwa me mo diatleng tsa ga Jehofa tse di lorato. Go ngaparela melaometheo ya Baebele go nthusitse gore ke tile mathata a mantsi.” Fa tota o ikanya Jehofa Modimo, a ka go thusa go fenya mathata a go lebegang a le magolo thata. (Pesalema 18:29) Ngwana yo mmotlana yo o nang le kamano e e gaufi le batsadi ba gagwe o ba ikanya ka botlalo e bile o ikutlwa a sireletsegile fa ba mo tlhokometse le fa a lwala kana a na le mathata mangwe. Le wena o ka ikutlwa jalo fa o dira maiteko a go amogela taletso ya gore o solofele mo go Jehofa.—Pesalema 37:34.

Motheo o o Ikanyegang wa Tsholofelo

Jesu Keresete o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo rapele ka tsela eno . . . ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’” (Mathaio 6:9, 10) Bogosi joo jo bo kwa legodimong—puso e e eteletsweng pele ke Jesu Keresete—ke tsela e Modimo a e dirisang go bontsha bolaodi jwa gagwe mo lefatsheng jaaka a na le tshwanelo ya go dira jalo.—Pesalema 2:7-12; Daniele 7:13, 14.

Mefuta e e farologaneng ya poifo e e amang karolo nngwe le nngwe ya botshelo gompieno e bontsha sentle gore re tlhoka thuso ya Modimo. Go a itumedisa go itse gore re gaufi le go bona thuso eo! Jesu Keresete, yo jaanong a tlhomilweng ke Modimo go nna Kgosi e e leng Mesia o neilwe taolo ya go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le go itshepisa leina la Gagwe. (Mathaio 28:18) Go ise go ye kae, puso ya Bogosi e tla busa lefatshe gore e fedise dilo tsotlhe tse di bakang poifo le tlhobaelo. Isaia 9:6 e umaka dinonofo tsotlhe tse di bontshang gore Jesu o a tshwanelega go nna Mmusi yo o ka fedisang dilo tse re di boifang. Ka sekai, o bidiwa “Rara wa Bosakhutleng,” “Mogakolodi yo o Gakgamatsang,” le “Kgosana ya Kagiso.”

Akanya fela ka mafoko a a monate a a reng, “Rara wa Bosakhutleng.” Jaaka Jesu e le “Rara wa Bosakhutleng,” o na le maatla le taolo—mmogo le keletso—ya go naya batho ba ba kutlo tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng mo motheong wa setlhabelo sa gagwe sa thekololo. Seno se raya gore kgabagare batho ba tla gololwa mo boleong le bosaitekanelang jo ba bo ruileng mo mothong wa ntlha yo o leofileng, e bong Adame. (Mathaio 20:28; Baroma 5:12; 6:23) Keresete gape o tla dirisa maatla a a a neilweng ke Modimo go tsosa batho ba bantsi ba ba suleng.—-Johane 11:25, 26.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a itshupa e le “Mogakolodi yo o Gakgamatsang.” Ka gonne Jesu a ne a itse Lefoko la Modimo e bile a tlhaloganya botho jwa batho thata, o ne a kgona go rarabolola mathata a batho ba nnang le one letsatsi le letsatsi. Fa e sa le Keresete a tlhomiwa go nna kgosi kwa legodimong, o ntse a tsweletse e le “Mogakolodi yo o Gakgamatsang,” a direla e le motho wa konokono yo Jehofa a mo dirisang go bua le batho. Kgakololo ya ga Jesu e e kwadilweng mo Baebeleng, ka metlha e botlhale e bile ga e na diphoso. Go itse le go dumela seno go ka dira gore o tshele o se na ditlhobaelo e bile o se na poifo e e feteletseng.

Isaia 9:6 gape ya re Jesu ke “Kgosana ya Kagiso.” Jaaka Keresete a le yone, go ise go ye kae o tla dirisa maatla a gagwe go fedisa go sa lekalekane gotlhe—mo go tsa bopolotiki, mo setšhabeng le mo go tsa itsholelo. Jang? Ka go dira gore batho botlhe ba nne kafa tlase ga puso e le nngwe fela ya kagiso ya Bogosi jwa ga Mesia.—Daniele 2:44.

Mo pusong eo ya Bogosi, go tla nna le kagiso e e nnetseng ruri mo lefatsheng lotlhe. Ke eng se se ka dirang gore o tlhomamisege ka seno? Lebaka le tlhalosiwa mo go Isaia 11:9, e e reng: “[Babusiwa ba Bogosi] ga [ba] kitla [ba] utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” Kgabagare, batho botlhe mo lefatsheng ba tla nna le kitso ya boammaaruri ka Modimo mme ba tla mo ikobela. A tsholofelo eno e a go itumedisa? Fa e le gore e a go itumedisa, potlakela go nna le “kitso ya ga Jehofa” e e botlhokwa thata.

O ka bona kitso e e nonotshang tumelo le e e nayang botshelo ya Modimo ka go tlhatlhoba se tota Baebele e se rutang ka ditiragalo tsa motlha wa rona le ka isagwe e e molemo e e solofediwang mo Baebeleng. Ka jalo re go kopa gore o nne le thuto ya Baebele ya mahala e Basupi ba ga Jehofa ba e nayang batho mo lefelong la gaeno. Eno ke tsela e e ka go thusang go kokobatsa poifo le go nna le tsholofelo ya mmatota mo lefatsheng le le tletseng mathata.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Lebaka La go Bo Puso ya Bogosi e Naya Tsholofelo

Jesu Keresete, jaaka e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o neilwe bokgoni le tshwanelo ya go dirisa maatla mo lobopong lotlhe. (Mathaio 28:18) O tla busetsa tirisano ya ditshedi le tikologo ya tsone mo seemong se se tshwanetseng sentle. Gape o tla fenya bolwetse le loso. Ditiro tse di maatla tse Jesu a di dirileng mo lefatsheng di ne di supa masego a magolo a a tla tlang fa a busa e le Kgosi e e itekanetseng le e e ka ikanngwang. Ke dinonofo dife tsa Kgosi eno e e leng Mesia tse di thathamisitsweng fa tlase tse o di ratang thata?

O a atamelesega.Mareko 10:13-16.

O tekatekano e bile ga a na tlhaolele.Mareko 10:35-45.

O a ikanyega e bile ga a ikakanyetse a le esi.Mathaio 4:5-7; Luke 6:19.

O siame.Isaia 11:3-5; Johane 5:30; 8:16.

O a akanyetsa e bile o ikokobeditse.Johane 13:3-15.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go bala Baebele le go tlhatlhanya go ka dira gore re solofele mo go Jehofa