Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jefetha o Diragatsa Maikano a Gagwe mo go Jehofa

Jefetha o Diragatsa Maikano a Gagwe mo go Jehofa

Jefetha o Diragatsa Maikano a Gagwe mo go Jehofa

MOTLHABANI yo o fentseng o boela gae fa a sena go golola setšhaba sa gabone mo kgatelelong. Morwadie o a taboga go mo kgatlhantsha, a bina a itumetse e bile a letsa moropana. Fa motlhabani yono a mmona, o ikgagola diaparo, go na le gore a itumele. Ka ntlha yang? A ga a itumelele go bona morwadie a itumeletse go mmona a boa a babalesegile? Motlhabani yono o fentse ntwa efe? Ene ke mang?

Monna yono ke Jefetha, mongwe wa baatlhodi ba kwa Iseraele wa bogologolo. Mme gore re arabe dipotso tse dingwe le go bona gore pego eno e na le bokao bofe mo go rona, re tshwanetse go sekaseka ditiragalo tse di diregileng pele ga batho ba re buileng ka bone fa godimo ba kopana jalo ka tsela e e sa tlwaelegang.

Mathata Kwa Iseraele

Jefetha o tshela mo motlheng wa mathata. Baiseraele ba bangwe ba fularetse kobamelo e e itshekileng mme ba direla medimo ya Sidona, Moabe, Amona le Filisitia. Ka jalo, Jehofa o latlha batho ba gagwe mme o a ba tlogela gore ba gatelelwe ke Baamona le Bafilisitia ka dingwaga di le 18. Banni ba kwa Gileade, kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane, ba mo mathateng a magolo thata. * Kgabagare, Baiseraele ba a itharabologelwa, ba a ikwatlhaya mme ba batla thuso ya ga Jehofa, ba simolola go mo direla, mme ba tlosa medimo e sele mo gare ga bone.—Baatlhodi 10:6-16.

Baamona ba thibelela mo Gileade mme Baiseraele ba a phuthega go ba kgatlhantsha. Mme Baiseraele ga ba na molaodi. (Baatlhodi 10:17, 18) Jefetha ene o na le mathata a a mo lebaneng. Bomorwarraagwe ka rraagwe ba ba pelotshetlha ba mo lelekile gore ba utswe boswa jwa gagwe. Ka jalo Jefetha o fudugela kwa Tobe, karolo e e kwa botlhaba jwa Gileade mme o nna mo kotsing ya go tlhaselwa ke baba ba Baiseraele. “Banna ba ba ditshwakga,” ba e ka tswang e le ba ba latlhegetsweng ke tiro ka ntlha ya bagateledi kana ba ba neng ba tsuologela go nna batlhanka ba bone, ba phuthegela kwa go Jefetha. Gongwe go re “ba tswa le ene,” go raya gore ba tsamaya le Jefetha fa a ntse a tlhasela baagelani ba e leng baba. Gongwe Baebele ya re Jefetha ke “monna yo o thata wa seganka” ka gonne a le pelokgale fa a tlhabana. (Baatlhodi 11:1-3) Ke mang a tla etelelang Baiseraele pele fa ba tlhabana le Baamona?

“Tla o Nne Molaodi wa Rona”

Banna ba bagolwane ba Gileade ba kopa Jefetha jaana: “Tla o nne molaodi wa rona.” Fa e le gore ba lebeletse gore ka yone nako eo a tsamaye a boele kwa nageng ya gagabo, seo se ka se direge. A re: “A ga se lona ba lo neng lwa ntlhoa lwa ba lwa nteleka mo ntlong ya ga rre? Mme ke ka ntlha yang fa lo tlile kwa go nna fela fa lo le mo matshwenyegong?” E ne e le selo se se sa siamang go bo ba ile ba leleka Jefetha mme go tswa foo ba bo ba tla go kopa thuso kwa go ene!—Baatlhodi 11:4-7.

Jefetha o tla nna molaodi kwa Gileade fela fa ba ka mo naya sengwe se a se batlang. A re: ‘Fa Jehofa a ntlogelela Baamona, ke tla nna tlhogo ya lona!’ Phenyo e ne e tla bontsha gore Modimo o ba eme nokeng, mme Jefetha gape o batla go tlhomamisa gore batho ga ba na go furalela puso ya Modimo fela fa bothata jono bo se na go feta.—Baatlhodi 11:8-11.

Go Dirisana le Baamona

Jefetha o leka go buisana le Baamona. O romela barongwa kwa kgosing ya bone gore ba ye go batla lebaka la go bo Baamona ba le dikgoka. Phetolo ya bone e na le tatofatso: Fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Egepeto, ba ne ba nna mo lefatsheng la Baamona, mme ba tshwanetse go le busa.—Baatlhodi 11:12, 13.

Ka gonne Jefetha a itse hisitori ya Baiseraele sentle, o kgona go ganetsa ditatofatso tsa Baamona. O ba bolelela gore Baiseraele ga ba ka ba tlhasela naga ya Baamona, Moabe kana Edoma fa ba ne ba tswa kwa Egepeto; e bile Amona ga e a ka ya gapa naga e e neng e bakile dikgotlhang ka nako ya Khudugo ya Baiseraele. Baamore ke bone ba neng ba gapile naga eo, mme Modimo o ne a tsenya kgosi ya bone, Sihone, mo seatleng sa Baiseraele. E bile Baiseraele ba ne ba nnile mo lefelong leo ka dingwaga di le 300. Ke eng fa e le gone Baamona ba reng lefelo leo ke la bone morago ga nako e telele jaana?—Baatlhodi 11:14-22, 26.

Jefetha gape o bua ka kgang e bakileng mathata a Baiseraele: Modimo wa boammaaruri ke mang? A ke Jehofa kana ke medimo ya naga e Iseraele e e gapileng? Fa e le gore Kemoshe o ne a na le maatla, a o ne a se na go a dirisa go dira gore naga ya batho ba gagwe e se ka ya gapiwa? Eno ke ntwa e e magareng ga bodumedi jwa maaka, jo bo rotloediwang ke Baamona, le kobamelo ya boammaaruri. Ka jalo, Jefetha o konela ka go re: “A Jehofa Moatlhodi a atlhole gompieno fa gare ga bomorwa Iseraele le bomorwa Amona.”—Baatlhodi 11:23-27.

Kgosi ya Amona ga e reetse molaetsa wa ga Jefetha o o bontshang gore Jefetha ga a ineele. “Jaanong moya wa ga Jehofa wa tla mo go Jefetha, mme a ralala Gileade le Manase,” gongwe a biletsa banna ba ba itekanetseng ntweng.—Baatlhodi 11:28, 29.

Maikano a ga Jefetha

Ka gonne Jefetha a ne a batla kaelo ya Modimo ka tlhoafalo, o ikana jaana mo Modimong: “Fa ruri o ka tsenya bomorwa Amona mo seatleng sa me, foo go tla diragala gore yo o tla tswang, yo o tswang ka dikgoro tsa ntlo ya me a tla go nkgatlhantsha fa ke boa ka kagiso kwa go bomorwa Amona, o tla nna wa ga Jehofa, mme ene yoo ke tla mo isa jaaka tshupelo e e fisiwang.” Modimo o araba thapelo eo ka go segofatsa Jefetha le go dira gore a kgone go kgemetha batho ba metse e 20 ya Amona ka “polao e kgolo,”, mme ka go dira jalo a fenya baba ba Iseraele.—Baatlhodi 11:30-33.

Fa Jefetha a boa kwa ntweng, motho yo o tlang go mo kgatlhantsha ke morwadie yo a mo ratang, yo e leng ngwana a le esi yo a nang le ene! Pego ya re: “Fa a mmona, a simolola go gagolaka diaparo tsa gagwe mme a re: ‘Ijoo, morwadiaka! Ruri o dirile gore ke obege, mme jaanong ke wena yo ke neng ke go ntsha mo go nna. Mme nna—nna ke buletse Jehofa molomo wa me, mme ga ke kgone go boela morago.’”—Baatlhodi 11:34, 35.

A ruri Jefetha o tlile go ntsha morwadie setlhabelo? Nnyaa. Go ka se direge gore a bo a ne a akantse go dira jalo. Jehofa o tlhoile go dira batho ditlhabelo ka tsela ya mmatota, mme oo e ne e le mongwe wa mekgwa e e bosula ya Bakanana. (Lefitiko 18:21; Duteronome 12:31) Moya wa Modimo o ne o kaela Jefetha fa a ne a dira maikano e bile Jehofa o ne a segofatsa maiteko a gagwe. Baebele e akgola Jefetha ka ntlha ya tumelo ya gagwe le seabe se a nnileng le sone malebana le maikaelelo a Modimo. (1 Samuele 12:11; Bahebera 11:32-34) Ka jalo, go ntsha motho setlhabelo, mo e leng go bolaya, ga se selo se se neng se ka direga. Ka jalo, Jefetha o ne a akantse ka eng fa a ne a ikana gore o tla ntshetsa Jehofa motho e le setlhabelo?

Go bonala Jefetha a ne a raya gore o ne a tla neela motho yo o tla mo kgatlhantshang mo tirelong e e kgethegileng ya Modimo. Molao wa ga Moshe o ne o letlelela go ikanela Jehofa ka batho. Ka sekai, basadi ba ne ba direla kwa lefelong le le boitshepo, gongwe ba ga metsi. (Ekesodo 38:8; 1 Samuele 2:22) Ga go itsiwe dilo tse dintsi ka tirelo ya mofuta oo kgotsa le gore a motho o ne a e direla ruri kana jang. Go lebega Jefetha a ne a akantse ka boineelo jo bo ntseng jalo jo bo kgethegileng fa a ne a ikana, e bile go lebega tsholofetso ya gagwe e ne e kaya tirelo e motho a e direlang ruri.

Morwadia Jefetha le Samuele moragonyana ba ne ba dirisana sentle le batsadi ba bone gore ba diragatse maikano a batsadi ba bone ba a dirileng. (1 Samuele 1:11) E re ka morwadia Jefetha e ne e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa, o ne a tlhatswegile pelo jaaka rraagwe gore maikano a gagwe a tshwanetse go diragadiwa. E ne e le go intsha setlhabelo thata ka gonne go ne go raya gore o ne a se kitla a nyalwa. O ne a lelela bokgarebane jwa gagwe ka gonne Moiseraele mongwe le mongwe o ne a eletsa go nna le bana go tsweletsa leina la lelapa le go nna le boswa. Gore Jefetha a diragatse maikano a gagwe, o ne a se kitla a tlhola a nna le ngwana wa gagwe yo o esi yo a mo ratang.—Baatlhodi 11:36-39.

Ga go reye gore lekgarebane leno le le ikanyegang le ne le tlile go tshela botshelo jo bo se nang mosola. Go direla ka nako e e tletseng kwa ntlong ya ga Jehofa go ne go le molemo tota, go kgotsofatsa, e bile e le tsela e a tshwanelwang ke go e akgolelwa e a neng a tlotla Modimo ka yone. Ka jalo, “ngwaga le ngwaga bomorwadia Iseraele ba ne ba tswa ba ya go akgola morwadia Jefetha wa Mogileade.” (Baatlhodi 11:40) Mme ga go na pelaelo gore o ne a itumelela go direla Jehofa.

Batho ba bantsi mo gare ga batho ba Modimo gompieno ba tlhopha tirelo ya nako e e tletseng, ba direla e le babulatsela, barongwa, balebedi ba ba etang kana maloko a malapa a Bethele. Seno se ka raya gore motho ga a kgone go bona bagabone gantsi jaaka a ne a ka rata. Le fa go ntse jalo, batho bano le ba malapa a bone ba ka itumelela tirelo eno e e boitshepo e e direlwang Jehofa.—Pesalema 110:3; Bahebera 13:15, 16.

Go Tsuologela Kaelo ya Modimo

Fa re sekaseka se se diragetseng mo motlheng wa ga Jefetha, re lemoga gore Baiseraele ba bantsi ba ne ba sa latele kaelo ya ga Jehofa. Le fa go ne go bonala sentle gore Modimo o ne a segofatsa Jefetha, batho ba Eferaime ba ne ba mo omanya. Ba batla go itse gore ke ka ntlha yang fa a ne a sa ba biletsa ntweng. E bile ba ikaeletse go fisa ntlo ya ga Jefetha ‘mo godimo ga gagwe’!—Baatlhodi 12:1.

Jefetha a re o ne a biditse batho ba Eferaime mme ga ba a ka ba tla. Mme gone ke Modimo a ileng a fenya ntwa. A jaanong ba tennwe ke gore batho ba Gileade ga ba a ka ba buisana le bone fa ba ne ba tlhopha Jefetha go nna molaodi wa bone? Tota e bile, go bo batho ba Eferaime ba sa ka ba tla go kaya gore ba ne ba tsuologela Jehofa, mme tharabololo e le yosi fela ke go ba tlhasela. Mo ntweng e e neng ya latela morago ga moo, batho ba Eferaime ba a fenngwa. Banna ba Eferaime ba ba tshabang ba tshwarwa motlhofo ka gonne ba ne ba palelwa ke go bitsa lefoko le le reng “Shibolethe” sentle. Go ne ga bolawa batho ba Eferaime ba le 42 000 mo ntweng eo.—Baatlhodi 12:2-6.

Eno ke nako e e sa itumediseng tota mo hisitoring ya Baiseraele! Dintwa tse di fentsweng ke Baatlhodi Otheniele, Ehude, Barake le Gideone di ne tsa tlisa kagiso. Mo lekgetlhong leno kagiso ga e umakiwe. Pego eo e konela fela ka gore: “Jefetha a tswelela go atlhola Iseraele dingwaga di le thataro, mme morago ga moo a swa mme a fitlhwa mo motseng wa gagwe kwa Gileade.”—Baatlhodi 3:11, 30; 5:31; 8:28; 12:7.

Ke eng se re ka se ithutang mo ditiragalong tseno tsotlhe? Re ithuta gore le fa botshelo jwa ga Jefetha bo ne bo tletse mathata, o ne a ikanyega mo Modimong. Monna yono yo o seganka o ne a umaka Jehofa fa a ne a bua le banna ba bagolwane ba kwa Gileade, fa a ne a bua le Baamona, fa a ne a bua le morwadie mmogo le batho ba Eferaime, le fa a ne a dira maikano. (Baatlhodi 11:9, 23, 27, 30, 31, 35; 12:3) Modimo o ne a segofatsa Jefetha ka ntlha ya boineelo jwa gagwe, a mo dirisa mmogo le morwadie go tlotlomatsa kobamelo e e itshekileng. Mo motlheng o batho ba neng ba sa latele melao ya Modimo, Jefetha ene o ne a e ngaparela. Jaaka Jefetha, a o tla nna o ikobela Jehofa?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Baamona ba ne ba le setlhogo thata. Dingwaga di le kafa tlase ga 60 morago ga moo, ba ne ba tshosetsa gore ba tla gonya leitlho la moja la mongwe le mongwe wa banni ba motse mongwe wa kwa Gileade o ba neng ba o tlhorontsha. Moporofeti Amose o ne a bua ka nako e ba neng ba bula basadi ba baimana ba kwa Gileade ka bogare.—1 Samuele 11:2; Amose 1:13.