Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kopana Mmogo?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kopana Mmogo?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kopana Mmogo?

MONNA wa ga Christine o ne a mo latlha ka tshoganyetso ba sena go nyalana dingwaga di le 20. Christine o ne a tshwanelwa ke gore a le esi jalo a godise bana ba basimane ba le supa le wa mosetsana. Ba ne ba na le dingwaga tse di magareng ga 7 le 18. A re: “Jaanong ke ne ke tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsotlhe tsa botlhokwa ke le esi. Ke ne ke ikutlwa ke imetswe ke maikarabelo mme ke eletsa go engwa nokeng le go kaelwa.” O ne a bona kae thuso eo e a neng a e tlhoka?

Christine a re: “Dipokano tsa Bokeresete di ne tsa nthusa thata nna le ba lelapa la me. Kwa dipokanong re ne re kgothadiwa ke ditsala tsa rona le kaelo ya Lefoko la Modimo. Go nna teng ka metlha kwa dipokanong go re thusitse mo dikarolong tsotlhe tsa botlhokwa tsa botshelo jwa rona jwa lelapa.”

Mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ rotlhe re lebana le diteko tse di farologaneng. (2 Timotheo 3:1) Jaaka Christine, o ka nna wa bo o tsaya dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa di nonotsha tumelo, e le karolo e e botlhokwa thata ya kobamelo ya gago mo go Jehofa. Dipokano tse tlhano tsa beke le beke di godisa lorato lwa gago mo Modimong, di nonotsha tsholofelo e o nang le yone ka isagwe, e bile di go naya kaelo e e theilweng mo Baebeleng ya kafa o ka lebanang le diteko ka teng.

Le fa go ntse jalo, go na le batho ba ba ketefalelwang ke go nna teng kwa dipokanong ka metlha. Ba a bo ba lapile thata kwa bokhutlong jwa letsatsi, mme ba fitlhela go le bokete gore ba apare ka tsela e e siameng le go ya dipokanong. Bangwe tiro ya bone ya boitshediso ga e ba letle go nna teng kwa dipokanong. Gore ba kgone go nna teng kwa dipokanong tsotlhe, ba tla tshwanelwa ke go amogela madi a a kwa tlase kana ba latlhegelwe ke ditiro tsa bone. Bangwe ga ba nne teng kwa dipokanong ka gonne ba akanya gore boitlosobodutu bongwe bo ka ba lapolosa go feta go kopanela mmogo le phuthego.

Ka jalo, ke mabaka afe a a go pateletsang go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete? O ka dira jang gore dipokano tseno di go lapolose? Go thusa go araba dipotso tseno, a re tlhatlhobeng taletso e e lorato ya ga Jesu e e mo go Mathaio 11:28-30. O ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.”

“Tlang mo go Nna”

Jesu o rile: “Tlang mo go nna.” Tsela e nngwe ya go arabela taletso eo ke ka go nna teng kwa dipokanong ka metlha. Go na le mabaka a a utlwalang a go bo re tshwanetse go nna teng, ka gonne nako nngwe, Jesu o kile a re: “Koo go nang le ba le babedi kgotsa ba le bararo gone ba phuthegile ka leina la me, ke gone koo mo gare ga bone.”—Mathaio 18:20.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a laletsa batho ba ba farologaneng gore ba mo sale morago. Ka go dira jalo o ne a ba bulela sebaka sa go nna le kamano e e gaufi le ene. Bangwe ba ne ba dumela go mo sala morago gone fela foo. (Mathaio 4:18-22) Ba bangwe ba ne ba letla dilo tse di tshwanang le go rata dikhumo go ba thibela go mo sala morago. (Mareko 10:21, 22; Luke 9:57-62) Jesu o ne a kgothatsa ba ba neng ba mo sala morago ka go ba raya a re: “Lo ne lwa se ka lwa ntlhopha, mme nna ke tlhophile lona.”—Johane 15:16.

Morago ga loso le tsogo ya ga Keresete, o ne a sa tlhole a na le barutwa ba gagwe ka tsela ya mmatota. Mme o ne a sa ntse a na le bone ka gonne o ne a kaela tiro ya bone e bile a etse tlhoko tsela e ba latelang kgakololo ya gagwe ka yone. Ka sekai, dingwaga di ka nna 70 morago ga tsogo ya gagwe, Jesu o ne a naya diphuthego tse supa tsa kwa Asia Minor kgakololo le kgothatso. Dilo tse a neng a di bua di ne di bontsha gore o ne a itse dilo tse batho ba ba mo diphuthegong tseo ba dirang sentle mo go tsone le tse ba leng bokoa mo go tsone.—Tshenolo 2:1–3:22.

Jesu o sa ntse a kgatlhegela mongwe le mongwe wa barutwa ba gagwe. O solofetsa jaana: “Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:20) Jaanong re tshela mo metlheng ya bofelo, mme ka jalo re tlhoka go amogela taletso ya ga Jesu ya go mo sala morago. Ka selekanyo se se rileng, go tlhokega gore re nne teng kwa dipokanong ka metlha gore re kgone go dira jalo. Jesu o batla gore re mo reetse mme re ‘rutwe ke ene’ ka dithuto tse di theilweng mo Baebeleng le dipuo tse re di utlwang ka metlha kwa dipokanong. (Baefeso 4:20, 21) A o arabela taletso ya ga Jesu e e reng: “Tlang mo go nna”?

“Lona Lotlhe ba lo Dirang ka Natla Le ba Lo Imelwang”

Lebaka la botlhokwa la go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete ke go bona kgothatso. (Bahebera 10:24, 25) Bontsi jwa rona ruri re ‘dira ka natla e bile re imelwa’ ka ditsela tse di farologaneng. O ka tswa o imelwa ke ditlhobaelo dingwe tse o nang le tsone, jaaka mathata a botsogo. Kwa dipokanong tsa Bokeresete, re a kgothatsana. (Baroma 1:11, 12) Ka sekai, o tla utlwa dikakgelo tse di nonotshang tumelo, o tla gakololwa ka tsholofelo e o nang le yone e e theilweng mo Baebeleng, mme o tla bona tumelo ya ba bangwe ba ba itshokelang diteko. Dilo tseno tsotlhe di ka go thusa go itshokela mathata a gago le go a leba ka tsela e e tshwanetseng.

Akanya ka se mosadi mongwe wa Mokeresete yo o kgorelediwang ke bolwetse bongwe jwa seemera a ileng a se bua. A re: “Bolwetse jwa me bo dira gore ke nne nako e telele kwa bookelong. Go ya dipokanong fa ke tswa kwa bookelong go thata, mme ke teng kwa ke tshwanetseng go ya teng. Lorato lwa bakaulengwe le bokgaitsadi lo dira gore ke nne ke itumetse mme thuto le kaelo e ke e newang ke Jehofa le Jesu di dira gore ke tshele botshelo jo bo nang le boikaelelo.”

“Jokwe Ya me E Bopelonomi le Morwalo Wa me O Motlhofo”

Ela tlhoko gore mo temaneng eno e re e sekasekang, Jesu o rile: “Ithute mo go nna.” Fa re ithuta mo go Jesu, re nna barutwa ba gagwe, mme re rwala jokwe ya gagwe fa re ineela mo Modimong re bo re kolobediwa. (Mathaio 11:28-30) Go nna le seabe ka metlha kwa dipokanong go botlhokwa thata gore re tswelele re le barutwa ba ga Jesu. Ka ntlha yang? Ka gonne kwa dipokanong tsa Bokeresete re rutwa ka Jesu, ka dithuto tsa gagwe le ka ditsela tse a neng a dira dilo ka tsone.

Ke morwalo ofe o Jesu a batlang gore re o rwale? Ke morwalo o le ene a o rweleng—tshiamelo ya go dira thato ya Modimo. (Johane 4:34; 15:8) Go tlhokega gore re dire maiteko go latela ditaelo tsa Modimo, mme morwalo ono ga o bokete thata mo re ka palelwang ke go o rwala. O ka lebega o le bokete fa re leka go o rwala re le rosi. Le fa go ntse jalo, fa re rapelela moya wa Modimo mme re iphepa ka dijo tsa semoya tse re di newang kwa dipokanong, re tla amogela “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” a a tswang kwa Modimong. (2 Bakorintha 4:7) Ka go baakanyetsa dipokano le go nna le seabe mo go tsone, lorato lwa rona mo go Jehofa lo tswelela lo nonofa. Mme fa re tlhotlhelediwa ke lorato, ditaelo tsa Modimo “ga di imele.”—1 Johane 5:3.

Batho ka kakaretso ba lebana le mathata a a tshwanang le go itshedisa, go lebana le mathata a botsogo le go rarabolola mathata a botho. Le fa go ntse jalo, gore kgone go lebana le mathata ano ka katlego, ga re ikaege ka botlhale jwa batho. Dipokano tsa phuthego di re thusa go ‘tlogela go tlhobaela,’ ka gonne Jehofa o re naya dilo tse re di tlhokang e bile o re thusa go lebana le mathata. (Mathaio 6:25-33) Ee ruri, dipokano tsa Bokeresete di bontsha kafa Modimo a re ratang ka teng.

“Ke Bonolo e Bile ke Boikokobetso mo Pelong”

Jesu o ne a itlwaeditse go ya kwa sinagogeng kwa go neng go buiwa ka Lefoko la Modimo teng. Nako nngwe fa Jesu a ile teng o ne a tsaya momeno wa ga Isaia mme a bala: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo, o ne a nthomela go rerela batshwarwa kgololo le difofu go kgona go bona gape, go tsamaisa ba ba gateletsweng thata ba golotswe, go rera ngwaga o o amogelesegang wa ga Jehofa.” (Luke 4:16, 18, 19) Go ne go ka itumedisa tota go utlwa Jesu a bontsha kafa mafoko ao a diragalang ka gone, a re: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe”!—Luke 4:21.

Jesu, “modisa yo mogolo” yo o bonolo, o sa ntse a okametse tiro ya go disa balatedi ba gagwe ka tsela ya semoya. (1 Petere 5:1-4) A kaelwa ke Jesu, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o tlhomile banna gore ba dise diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:45-47; Tito 1:5-9) Banna bano ba ‘disa phuthego ya Modimo’ ka bonolo e bile ba tlhoma sekao se se molemo ka go nna teng ka metlha mo dipokanong. O ka bontsha gore o anaanela “dimpho [tse e leng] banna” ka go nna teng kwa dipokanong, kwa o ka kgothatsang ba bangwe ka go nna teng ga gago le ka go nna le seabe.—Ditiro 15:30-33; 20:28; Baefeso 4:8, 11, 12.

“Lo Tla Bonela Meya ya Lona Tapologo”

Fa o le kwa dipokanong tsa Bokeresete, o ka tlhomamisa jang gore di a go lapolosa tota? Tsela e nngwe ke ka go dirisa kgakololo eno ya ga Jesu: “Tlhokomelang kafa lo reetsang ka gone.” (Luke 8:18) Batho ba tota ba neng ba batla go ithuta ba ne ba tlhwaela Jesu tsebe. Ba ne ba mo kopa gore a ba tlhalosetse ditshwantsho tse a neng a di dirisa, mme ka ntlha ya seo ba ne ba kgona go tlhaloganya ka botlalo.—Mathaio 13:10-16.

O ka etsa batho ba ba ntseng jalo ba ba nyoretsweng dijo tsa semoya ka go reetsa ka kelotlhoko fa go beilwe dipuo kwa dipokanong. (Mathaio 13:10-16) Gore o kgone go tlhoma mogopolo mo go se se buiwang, leka go tsamaisana le sebui fa se ntse se tlhalosa dintlha. Ipotse dipotso tse di tshwanang le tseno: ‘Nka dirisa tshedimosetso eno jang mo botshelong jwa me? Nka e dirisa jang go thusa ba bangwe? Nka tlhalosa jang ntlha eno?’ Gape, bula ditemana tse sebui se di dirisang fa se tlhalosa dintlha tsa konokono. Fa o ela tlhoko thata tsela e o reetsang ka yone, dipokano di tla go lapolosa thata.

Morago ga dipokano, buisana le ba bangwe ka dintlha tse go tlotlilweng ka tsone. Bua ka se go neng go tlotlwa ka sone le kafa se ka dirisiwang ka teng. Metlotlo e e agang e dira gore dipokano di lapolose tota.

Ruri re na le mabaka a a utlwalang a go kopana mmogo. Fa o se na go sekaseka kafa re ka solegelwang molemo ka teng jaaka re sa tswa go bona, ipotse jaana, ‘Ke arabela jang mo taletsong ya ga Jesu e e reng: “Tlang mo go nna”?’

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

A ditiro tse dingwe di go kgoreletsa go nna teng kwa dipokanong?