Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Pogo Yotlhe e Tloga e Fela

Lebaka La go Bo Pogo Yotlhe e Tloga e Fela

Lebaka La go Bo Pogo Yotlhe e Tloga e Fela

“Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse.”—DUTERONOME 32:4.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa o tsaya tsholofelo ya go tshelela ruri e le botlhokwa? (b) Ke eng se se thibelang batho ba le bantsi gore ba se ka ba dumela gore go na le Modimo yo o dirang ditsholofetso tse di molemo ka isagwe?

A O RATA go akanya ka botshelo jwa kwa Paradaiseng? Gongwe o ipona o sekaseka polanete eno e e gakgamatsang e bile o ithuta ka ditshedi tsa yone tse di mefutafuta. Kgotsa o akanya ka tsela e o tla kgotsofalang ka yone fa o ntse o bereka le ba bangwe lo tlhokometse lefatshe e bile lo thusa go le fetola paraka ya lefatshe lotlhe. Gongwe o ka akanya ka bokgoni jo o ka nnang le jone mo botaking, mo tirong ya go aga, mo mminong le mo ditirong tse dingwe tse o sa boneng nako ya go di dira mo botshelong jwa gompieno jwa ditshwarego. Mme gone o tsaya tsholofelo eno ya go tshela se Baebele e reng ke “botshelo jwa mmatota,” e le botlhokwa—botshelo jo Jehofa a neng a ikaeletse gore re bo tshele, go tshela ka bosakhutleng.—1 Timotheo 6:19.

2 Go a itumedisa e bile ke tshiamelo e kgolo go bolelela batho ba bangwe ka tsholofelo eno e e tswang mo Baebeleng, a ga go jalo? Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ga ba amogele tsholofelo eno. Ba re ke tumelo fela, ke toro e e ka se diregeng ya batho ba ba tsiediwang motlhofo. E bile ba ka nna ba fitlhela go le thata go dumela mo Modimong yo o solofetsang botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng. Ka ntlha yang? Ba bangwe ba palelwa ke go dumela ka ntlha ya se gantsi se bidiwang bothata jwa bosula. Ba dumela gore fa e le gore Modimo o teng, ke mothatayotlhe e bile o lorato, go thata go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go na le bosula le pogo e kana kana mo lefatsheng. Ba re go ka se ke ga bo go na le Modimo yo o letlelelang bosula, gonne fa e le gore o teng, o tla bo a se mothatayotlhe kgotsa go tla bo go raya gore ga a re kgathalele. Bangwe ba bona tsela eno ya go akanya e utlwala. Satane ruri o itshupile a na le bokgoni jwa go foufatsa batho megopolo.—2 Bakorintha 4:4.

3. Ke potso efe e e thata e re ka thusang batho go e araba, mme ke ka ntlha yang fa re le mo seemong se se botoka go ka e araba?

3 Rona Basupi ba ga Jehofa, re na le tshiamelo e e sa tshwaneng le epe ya go thusa batho ba ba tsiediwang ke Satane le botlhale jwa lefatshe leno. (1 Bakorintha 1:20; 3:19) Re tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa dumele ditsholofetso tsa Baebele. Tota ga ba itse Jehofa. Ba ka tswa ba sa itse leina la gagwe kgotsa bokao jwa lone, mme gongwe ba itse go se kae fela kgotsa ga ba itse sepe ka dinonofo tsa gagwe kgotsa ka rekoto e a nang le yone ya go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Re sego go bo re na le kitso e e ntseng jalo. Gangwe le gape, go molemo gore re sekaseke kafa re ka thusang ka teng batho ba ba “mo lefifing mo mogopolong” gore ba bone karabo ya potso eno e e thata e batho ba ipotsang yone, “Ke ka ntlha yang fa Modimo a letla bosula le go boga?” (Baefeso 4:18) Sa ntlha re tla sekaseka kafa re ka bayang karabo sentle ka teng. Go tswa foo re tla sekaseka kafa dinonofo tsa ga Jehofa di bonalang ka teng mo tseleng e a rarabolotseng kgang ya bosula ka teng.

Go Bona Tsela e e Tshwanetseng ya go Araba

4, 5. Ke eng se re ka tshwanelwang ke go se dira pele, fa mongwe a botsa potso ya gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letla pogo? Tlhalosa.

4 Fa mongwe a botsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo, re arabela jang? Re ka nna ra rata go simolola fela ka tlhaloso e e tseneletseng, re tlhalosa ka botlalo se se diragetseng kwa tshimong ya Edene. Ka dinako tse dingwe go ka tswa go siame go dira jalo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko. Go ka nna ga tlhokega go baakanyetsa karabo pele. (Diane 25:11; Bakolosa 4:6) A re sekasekeng dintlha tse tharo tsa Dikwalo tse re ka batlang go tlhomamisega ka tsone pele ka bokhutshwane, re ise re arabe potso.

5 Sa ntlha, fa e le gore motho o tshwenyegile thata ka go anama ga bosula mo lefatsheng, go ka tswa e le gore ene kgotsa baratiwa ba gagwe ba diragaletswe ke sengwe se se bosula. Ka jalo, go ka nna botlhale pele go bontsha bopelotlhomogi jwa mmatota. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Lelang le batho ba ba lelang.” (Baroma 12:15) Go bontsha bopelotlhomogi, kgotsa “go utlwela ba bangwe botlhoko,” go ka ama motho yoo. (1 Petere 3:8) Fa a lemoga gore re amega ka ene, a ka reetsa molaetsa wa rona.

6, 7. Ke ka ntlha yang fa go ka tshwanela go akgola motho yo o botsang potso ka sengwe se se mo tshwenyang malebana le Baebele?

6 Sa bobedi, re ka nna ra akgola motho yo o peloephepa ka gonne a boditse potso eno. Batho bangwe ba swetsa ka gore lebaka la go bo ba tshwenngwa ke dipotso tseno le kaya gore ga ba na tumelo kgotsa ga ba tlotle Modimo. E bile ba ka tswa ba boleletswe seo ke moruti. Le fa go ntse jalo, tota ga go a nna jalo. Aitsane, batho ba ba ikanyegang ba ba tshedileng ka nako ya fa Baebele e ne e kwalwa ba ne ba botsa dipotso tse di ntseng jalo. Ka sekai, mopesalema Dafide o ne a botsa a re: “Ke ka ntlha yang, Jehofa fa o nna o emetse kgakala thata? Ke ka ntlha yang fa o nna o iphitlhile mo metlheng ya matshwenyego?” (Pesalema 10:1) Ka tsela e e tshwanang, moporofeti Habakuke le ene o ne a botsa a re: “Ao tlhe Jehofa, ke tla tshwanelwa ke go goa ke kopa thuso ka lobaka lo lo kae, mme o sa utlwe? Ke tla ikuela kwa go wena ka lobaka lo lo kae gore o thuse mo thubakanyong, mme o sa boloke? Ke ka ntlha yang fa o dira gore ke bone se se utlwisang botlhoko, mme o nnela go leba a e leng matshwenyego fela? Le gone ke ka ntlha yang fa thopo le thubakanyo di le fa pele ga me, mme ke ka ntlha yang fa go nna le komano, e bile ke ka ntlha yang fa go tsoga kgogakgogano?”—Habakuke 1:2, 3.

7 Bano e ne e le banna ba ba ikanyegang ba ba neng ba tlotla Modimo fela thata. A ba ne ba kgalemelelwa go botsa dipotso tseo tse di ba tshwenyang? Nnyaa, Jehofa o ne a bona go tshwanela go dira gore dipotso tsa bone tsa bopeloephepa di kwalwe mo Lefokong la gagwe. Gompieno, motho yo o tshwenyegileng ka go anama ga bosula tota o ka tswa a tshwerwe ke tlala ya semoya—a eletsa dikarabo tse Baebele e leng yone fela e ka di nayang. Gopola, Jesu o ne a bua molemo ka batho ba ba tshwerweng ke tlala ya semoya, ke gore, ba ba “tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go thusa batho ba ba ntseng jalo go bona boitumelo jo Jesu a neng a bo solofetsa!

8. Ke dithuto dife tse di tlhakanyang tlhogo tse di dirileng gore batho ba le bantsi ba dumele gore Modimo ke ene a tlisang pogo, mme re ka ba thusa jang?

8 Sa boraro, re ka nna ra tshwanelwa ke go thusa motho yoo go bona gore ga se Modimo a bakileng boikepo jo bo anameng jaana mo lefatsheng. Batho ba le bantsi ba rutiwa gore Modimo o busa lefatshe leno le re tshelang mo go lone, gore Modimo o sa le a laolela gale gore dilo tsotlhe tse di re diragalelang di diragale, le gore o na le mabaka a a fitlhegileng a a ka se tlhalosegeng a go bo a bogisa batho. Dithuto tseno ga di boammaaruri. Ga di tlotle Modimo mme di dira gore go lebege e le ene a tlisang boikepo le pogo mo lefatsheng. Ka jalo re ka nna ra tshwanelwa ke go dirisa Lefoko la Modimo go tlhamalatsa dilo. (2 Timotheo 3:16) Jehofa ga se mmusi wa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo; e busiwa ke Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Jehofa ga a laolele gale dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale; o naya mongwe le mongwe kgololesego le sebaka sa go tlhopha fa gare ga se se molemo le se se bosula, se se siameng le se se sa siamang. (Duteronome 30:19) Mme Jehofa ga a ke a baka boikepo; o tlhoile boikepo mme o amega ka batho ba ba bogang go sa tshwanela.—Jobe 34:10; Diane 6:16-19; 1 Petere 5:7.

9. Ke didirisiwa dife tse “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a di dirileng go thusa batho go tlhaloganya gore ke eng fa Jehofa a letlelela pogo?

9 Fa o setse o theile motheo o o ntseng jalo, o ka nna wa fitlhela gore motho yo o go reeditseng o iketleeditse go utlwa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letla pogo e tswelela pele. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o dirile didirisiwa di le mmalwa tse di ka go thusang. (Mathaio 24:45-47) Ka sekai, kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Go Ikobela Modimo” ya 2005/06, go ne ga gololwa pampitshana ya setlhogo se se reng Pogo Yotlhe e Tloga e Fela! Fa pampitshana eno e le teng ka puo ya gaeno, ke ka ntlha yang fa o sa itlwaetse tshedimosetso e e mo go yone? Ka tsela e e tshwanang, buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?, e jaanong e leng teng ka dipuo di le 157, e na le kgaolo e e buang ka yone kgang eno ya botlhokwa. Dirisa didirisiwa tseno ka botlalo. Di tlhalosa sentle dintlha tsa Dikwalo tse di malebana le kgang ya bolaodi jwa lefatshe lotlhe e e neng ya tsosiwa kwa Edene le gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a rarabolola kgang eno ka tsela e a dirileng ka yone. Gape gopola gore fa o ntse o tlotla ka kgang eno, o a bo o senolela motho yo o go reeditseng mofuta wa kitso e e botlhokwa go gaisa tsotlhe tse di leng teng. Ke kitso kaga Jehofa le dinonofo tsa gagwe tse di molemo.

Remelela mo Dinonofong Tsa ga Jehofa

10. Ke eng se batho ba le bantsi ba fitlhelang go le thata go se tlhaloganya malebana le lebaka la go bo Modimo a letla pogo, mme ke kitso efe e e ka ba thusang?

10 Fa o ntse o thusa batho go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a letleletse batho gore ba ipuse ba tlhotlhelediwa ke Satane, leka go ba bontsha dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa. Batho ba le bantsi ba itse gore Modimo o maatla; ba tlwaetse go utlwa a bidiwa Modimo Mothatayotlhe. Le fa go ntse jalo, ba ka nna ba fitlhela go le thata go tlhaloganya lebaka la go bo a sa dirise maatla a gagwe a magolo go fedisa tshiamololo le pogo ka bonako. Ba tshwanetse ba bo ba sa tlhaloganye dinonofo tse dingwe tsa ga Jehofa, tse di jaaka boitshepo jwa gagwe, tshiamo, botlhale le lorato. Jehofa o bontsha dinonofo tseno ka tsela e e feletseng, e e tekatekano. Ka jalo Baebele ya re: “Tiro ya gagwe e itekanetse.” (Duteronome 32:4) O ka bontsha motho dinonofo tseno tse di molemo jang fa o ntse o araba dipotso tse gantsi di bodiwang ka kgang eno? A re sekaseke dikai di le mmalwa.

11, 12. (a) Ke ka ntlha yang fa Adame le Efa ba ne ba ka se ka ba itshwarelwa fa ba leofa? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a se kitla a letlelela boleo ka bosakhutleng?

11 A Jehofa o ka bo a ile a itshwarela Adame le Efa fela? Go itshwarela go ne go ka se dire mo kgannyeng eno. E re ka Adame le Efa e ne e le batho ba ba itekanetseng, ba ne ba itlhophela go gana bolaodi jwa ga Jehofa ka boomo, mme ba tlhopha go amogela kaelo ya ga Satane. Ga go gakgamatse go bo ditsuolodi tseno di sa bontsha go ikwatlhaya ka tsela epe. Le fa go ntse jalo, fa batho ba botsa ka kgang ya go itshwarela mo ntlheng eno, ba ka tswa tota ba ipotsa gore ke eng fa Jehofa a ne a sa repise melao ya gagwe fela a bo a letla boleo le botsuolodi bo tswelela pele. Karabo e amana thata le nonofo e e botlhokwa mo bothong jwa ga Jehofa—boitshepo jwa gagwe.—Ekesodo 28:36; 39:30.

12 Baebele e gatelela boitshepo jwa ga Jehofa makgetlho a le mantsintsi. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, ke batho ba se kae mo lefatsheng leno le le bosula ba ba tlhaloganyang nonofo eno. Jehofa o phepa, o itshekile e bile ga a na boleo bope. (Isaia 6:3; 59:2) Fa go tliwa mo kgannyeng ya boleo, o rulagantse gore go nne le tsela ya go bo direla tetlanyo, go bo fedisa, mme ga a ne a bo letlelela ka bosakhutleng. Fa Jehofa a ne a iketleeditse go tlogelela boleo ka bosakhutleng, re ka bo re se na tsholofelo epe ka isagwe. (Diane 14:12) Jehofa ka nako ya gagwe e e tshwanetseng o tla dira gore popo yotlhe e boele mo seemong sa go itshepa. Re tlhomamisega ka seo ka gonne eo ke thato ya Moitshepi.

13, 14. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a tlhopha gore a se ka a senya ditsuolodi tsa kwa Edene?

13 A Jehofa o ka bo a ile a senya ditsuolodi tsa kwa Edene fela a bo a simolola dilo sesha? Ruri o ne a na le maatla a go dira jalo; go ise go ye kae o tla dirisa maatla ao go senya baikepi botlhe. Bangwe ba ka ipotsa ba re, ‘Ke ka ntlha yang fa a ne a sa dire jalo fa go ne go sa ntse go na le baleofi ba le bararo fela mo lobopong? A go anama ga boleo—le mathata otlhe a re a bonang mo lefatsheng, go ka bo go sa thibelwa?’ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a sa ka a tlhopha go tsaya tsela eo? Duteronome 32:4 ya re: “Ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso.” Jehofa o amegile thata ka tshiamiso. E bile tota, “Jehofa ke morati wa tshiamiso.” (Pesalema 37:28) E re ka Jehofa a rata tshiamiso, ga a ka a fedisa ditsuolodi kwa Edene. Ka ntlha yang?

14 Botsuolodi jwa ga Satane bo ne jwa tsosa potso malebana le tshwanelo ya Modimo ya bolaodi. E re ka Jehofa a na le tshiamiso, kgwetlho ya ga Satane e ne e tshwanetse go arabiwa ka tshiamiso. Fa ditsuolodi tseno di ka bo di bolailwe ka yone nako eo, le fa go ne go ba tshwanela, kgwetlho eno e ka bo e sa arabiwa ka tshiamiso. Go ka bo go ntshitse bosupi jo bongwe jwa gore Jehofa o maatla go feta motho ope fela, mme go nna maatla ga gagwe e ne e se yone kgang. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a boleletse Adame le Efa boikaelelo jwa gagwe. Ba ne ba tshwanetse go nna le bana mme ba tlale ka lefatshe, ba le fenye, ba bo ba laole dibopiwa tsotlhe tsa lefatshe. (Genesise 1:28) Fa Jehofa a ka bo a ile a senya Adame le Efa fela, boikaelelo jo a neng a bo boletse ka batho bo ka bo bo sa diragala. Tshiamiso ya ga Jehofa e ne e ka se letle gore go nne le ditlamorago tse di ntseng jalo, ka gonne boikaelelo jwa gagwe bo a diragadiwa ka metlha.—Isaia 55:10, 11.

15, 16. Fa batho ba akantsha “ditharabololo” tse dingwe malebana le kgang e e tsositsweng kwa Edene, re ka ba thusa jang?

15 A go na le motho mongwe mo lobopong yo o neng a ka rarabolola kgang ya botsuolodi ka botlhale jo bo fetang jwa ga Jehofa? Batho bangwe ba ka ntsha dikakantsho tsa bone ka “ditharabololo” tsa botsuolodi jwa kwa Edene. Le fa go ntse jalo, a ka go rialo ga ba bontshe gore ba na le ditsela tse di botoka tsa go rarabolola kgang eno? Ba ka nna ba bo ba sa dire seo ka maitlhomo a a bosula, mme ga ba tlhaloganye Jehofa le botlhale jwa gagwe jo bogolo. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete kwa Roma, o ne a tsenela kwa teng a bua ka botlhale jwa Modimo, go akaretsa le “sephiri se se boitshepo” malebana le boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go dirisa Bogosi jwa ga Mesia go rekolola batho ba ba ikanyegang le go itshepisa leina la Gagwe le le boitshepo. Paulo o ne a ikutlwa jang ka botlhale jwa Modimo yo o dirileng boikaelelo jono? Moaposetoloi o ne a konela lekwalo la gagwe ka mafoko ano: “Go Modimo, yo a leng botlhale a le nosi, go nne kgalalelo ka Jesu Keresete ka bosaengkae. Amen.”—Baroma 11:25; 16:25-27.

16 Paulo o ne a tlhaloganya gore Jehofa o “botlhale a le nosi”—ke ene a leng botlhale go feta ope fela mo lobopong lotlhe. Ke motho ofe yo o sa itekanelang yo o neng a ka kgona go akanya tsela e e botoka go rarabolola sepe fela—re sa bue ka kgang e e boima go feta tsotlhe tse di kileng tsa tsoga malebana le botlhale jwa Modimo? Ka jalo, re tshwanetse ra thusa batho go nna le tlotlo e re nang le yone ka Modimo yo o “pelo e e botlhale.” (Jobe 9:4) Fa re tlhaloganya botlhale jwa ga Jehofa, re tla kgona go ikanya ka botlalo gore tsela e a dirang dilo ka yone, ke yone e e molemolemo.—Diane 3:5, 6.

Go Tlhaloganya Nonofo ya ga Jehofa ya Botlhokwa

17. Go tlhaloganya lorato lwa ga Jehofa ka tsela e kgolwane go ka thusa jang batho ba ba tshwenngwang ke go bo Modimo a letlelela pogo?

17 “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Baebele e dirisa mafoko ao a a opang kgomo lonaka go bolela nonofo ya botlhokwa le e e rategang go di feta tsotlhe ya ga Jehofa. Mme nonofo eno ke yone e gomotsang thata batho ba ba tshwenngwang ke go anama ga boikepo. Jehofa o bontshitse lorato mo go sengwe le sengwe se a se dirileng go rarabolola tshenyo e kgolo ya boleo mo popong ya gagwe. Lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Jehofa gore a neye bana ba ba leofang ba ga Adame le Efa tsholofelo, a ba naya tsela ya go mo rapela le go nna le kamano e e molemo le ene. Lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Modimo go ntsha thekololo e e neng e tla bula tsela ya gore batho ba itshwarelwe maleo ka botlalo mme ba busediwe mo botshelong jo bo itekanetseng jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) Mme lorato lo mo tlhotlheleditse go nna pelotelele le batho, a naya ba le bantsi kafa go kgonegang ka teng sebaka sa gore ba gane Satane mme ba tlhophe Jehofa gore e nne ene Molaodimogolo wa bone.—2 Petere 3:9.

18. Re sego go bo re na le lesedi lefe, mme re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Fa moruti mongwe a ne a bua le bareetsi ba ba neng ba kokoane go tla go gopola tlhaselo e e maswe ya dirukhutlhi, o ne a re: “Ga re itse gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela bosula le pogo di tswelela pele.” A bohutsana! A ga re itumelele go nna le lesedi ka kgang eno? (Duteronome 29:29) Mme e re ka Jehofa a le botlhale, a le tshiamiso e bile a le lorato, re itse gore go ise go ye kae o tla fedisa pogo yotlhe. E bile o solofeditse gore o tla dira jalo. (Tshenolo 21:3, 4) Mme go tweng ka botlhe ba ba suleng mo dingwageng tse dintsi tse di ntseng di feta? A tsela e Jehofa a rarabolotseng kgang ka teng kwa Edene e dirile gore ba sale ba sena tsholofelo epe? Nnyaa. Lorato lo mo tlhotlheleditse gore le bone a ba baakanyetse sengwe, go ba tsosa mo baswing. Ke yone kgang e go tla buiwang ka yone mo setlhogong se se latelang.

O ne O ka Araba Jang?

• Re ka araba jang motho yo o botsang lebaka la go bo Modimo a letlelela pogo?

• Boitshepo le tshiamiso ya ga Jehofa di bonala jang mo tseleng e a ileng a dira ka yone ka ditsuolodi kwa Edene?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra thusa batho go tlhaloganya lorato lwa ga Jehofa ka tsela e kgolwane?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Leka go thusa batho ba ba tshwenyegileng ka ntlha ya pogo e e anameng mo lefatsheng

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Dafide le Habakuke ba ba ikanyegang ba ne ba botsa Modimo dipotso ka bopeloephepa