Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Morena, O ne O Didimaletseng?”

“Morena, O ne O Didimaletseng?”

“Morena, O ne O Didimaletseng?”

ANO e ne e le mafoko a ga Mopapa Benedict XVI, yo o neng a etetse lefelo le e kileng ya bo e le kampa ya pogisetso kwa Auschwitz, kwa Poland, ka May 28, 2006. Fa a le kwa lefelong le kwa go lone Banasi ba neng ba bolaya dikete di le makgolokgolo tsa Bajuda le batho ba bangwe, o ne a oketsa jaana: “A bo lefelo leno le baka dipotso tse dintsi jang! Potso eno ga e fele: Modimo o ne a le kae mo metlheng eo? O ne a didimaletseng? Ke eng fa a ne a ka letla go ganyaolwa ga batho ba ba kana kana, gore bosula bo fenye jaana? . . . Re tshwanetse go tswelela re goela kwa Modimong ka boikokobetso mme re sa kgaotse re re: Tsaya kgato! Se lebale batho ba o ba bopileng!”

Puo ya mopapa e ne ya dira gore batho ba tsiboge ka matlhagatlhaga. Bangwe ba ne ba lemoga gore o tila ka boomo go bua ka dilo dingwe, jaaka fa a tila go bua ka moya wa go tlhoa Ba-Semite o o neng o bakile bosetlhogo jo bo feteletseng jwa kwa kampeng ya Auschwitz. Ba bangwe ba ne ba tsaya mafoko a gagwe e le go leka go tlhofofatsa kopo ya Mopapa John Paul II fa a ne a kopa gore kereke e itshwarelwe maleo a e a dirileng. Mokwaladikgang wa Mokatoliki, Filippo Gentiloni, o ne a re: “Le fa go ntse jalo, go ne go utlwala gore basekaseki ba bantsi ba dikgang fa ba lebana le potso e e thata ya gore Modimo o ne a le kae—potso e e se nang karabo—ba ka mpa ba botsa potso e e motlhofo: Pius XII o ne a le kae?” Basekaseki ba ne ba lebisitse mo kgannyeng ya gore Mopapa Pius XII a bo a sa bua sepe ka nako ya Go Gailwa ga Batho ke Banasi.

Go Gailwa ga Batho ke Banasi le ditiro tse dingwe tsotlhe tsa kgailo ya merafe tse di dirilweng mo hisitoring yotlhe ya batho di supile gore “motho [o laotse] motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” (Moreri 8:9) Mo godimo ga moo, ga se gore Mmopi wa batho o ntse a didimetse fela le fa go na le bosetlhogo jo bo ntseng jalo. O dirisitse Baebele go senola mabaka a go bo a letla boikepo. Gape Modimo o re tlhomamiseditse gore ga a lebala batho. E bile nako e Modimo a ntseng a letleletse batho gore ba ipuse ka yone e tloga e fela. (Jeremia 10:23) A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka se Modimo a se ikaeletseng ka rona? Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go thusa go bona karabo e e tswang mo Baebeleng ya dipotso tse di neng tsa akabatsa Mopapa Benedict XVI.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Oświęcim Museum