Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Thusa Jang Bongwanake Gore ba Rutege ka Tsela ya Mmatota?

Nka Thusa Jang Bongwanake Gore ba Rutege ka Tsela ya Mmatota?

Nka Thusa Jang Bongwanake Gore ba Rutege ka Tsela ya Mmatota?

GO RUTA ngwana go ka tshwantshiwa le loeto lo lo kgatlhang le lo lo nang le mathata. Ke loeto lo wena le bana ba gago lo le tsayang mmogo. O a ba kgothatsa e bile o ba kaela ka lorato, ka go dira jalo o ba thusa gore ba tswelele ba tsamaya mo tseleng ya botshelo. Go na le dilo tse dintsi tse ba tshwanetseng go di ithuta!

Gore bana ba atlege tota ba bo ba itumele mo botshelong, ba tshwanetse go nna le mekgwa e e siameng ya boitsholo le ya semoya, ba ithute go farologanya se se siameng le se se phoso. Fa ba itse Jehofa e bile ba mo rata, thuto ya bone e tla bo e le molemo tota mme tao e ba e newang e tla ba solegela molemo ka bosakhutleng. Jaaka o le motsadi, o na le seabe se segolo thata mo go se bana ba gago ba se ithutang le kafa ba se tsayang le go se tlhaloganya ka teng.

Lo tla nna le mathata mangwe mo loetong lono. Bana ba kgatlhwa ke dilo motlhofo, mme ba ka ithuta dilo tse dintsi tse di sa siamang kwa ntle ga lelapa. Re tshela mo lefatsheng le le laolwang ke Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) O kgatlhegela thuto ya bana ba gago, mme e le ka mabaka a sele fela. Satane ke morutisi yo o nang le bokgoni le yo o nang le maitemogelo tota—mme o bosula thata. Le fa a itira “moengele wa lesedi,” lesedi la gagwe le a tsietsa e bile ga le tsamaisane le Lefoko la ga Jehofa le thato ya gagwe. (2 Bakorintha 4:4; 11:14; Jeremia 8:9) Diabolo le madimona a gagwe ke batsietsi ba bagolo, ba rotloetsa bopelotshetlha, go sa ikanyege le go senyega ga boitsholo.—1 Timotheo 4:1.

Ke eng se o ka se dirang go sireletsa bana ba gago gore ba se ka ba tsiediwa? O ka ba ruta jang gore ba amogele se se boammaaruri le se se tla ba solegelang molemo? Selo sa botlhokwa ke gore wena o itlhatlhobe. O tshwanetse go ba tlhomela sekao se se molemo. Gape go botlhokwa thata gore o rwale boikarabelo jwa gago jwa go thapisa bana ba gago e bile o iphe nako ya go dira jalo. Pele ga re sekaseka dintlha tseno, a re batleng motheo wa thuto e e molemo.

Motheo wa Thuto e e Molemo

Re ka ithuta sengwe mo go Kgosi Solomone wa Iseraele, yo e leng mongwe wa batho ba ba botlhale thata yo o kileng a tshela. Baebele ya re: “Modimo a tswelela a naya Solomone botlhale le tlhaloganyo ka selekanyo se segolo thata le pelo e e bulegileng, jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle. Mme botlhale jwa ga Solomone bo ne bo le bogolo go gaisa botlhale jwa botlhe ba Botlhaba le go gaisa botlhale jotlhe jwa Egepeto.” Solomone o ne a “kgona go bua diane di le dikete di le tharo, mme dipina tsa gagwe di ne tsa nna sekete le botlhano.” O ne a na le kitso e ntsi thata ka dimela le ka botshelo jwa diphologolo. (1 Dikgosi 4:29-34) Kgosi Solomone gape o ne a okamela dithulaganyo tsa dikago kwa Iseraele, go akaretsa go agiwa ga tempele e ntlentle ya ga Jehofa kwa Jerusalema.

Mekwalo ya ga Solomone, e e tshwanang le e e fitlhelwang mo bukeng ya Moreri, e senola gore o ne a tlhaloganya botho jwa batho tota. O ne a tlhotlheleditswe ke Modimo gore a gatelele motheo wa thuto ya boammaaruri. Solomone o ne a re: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso.” Gape kgosi eo e e botlhale e ne ya re: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale, mme kitso ya Yo O Boitshepotshepo ke se tlhaloganyo e leng sone.”—-Diane 1:7; 9:10.

Fa e le gore re boifa Modimo, re mo tlotla ka tlotlo e e boteng mme ga re batle go dira gore a se ka a itumela. Re lemoga gore ke Mogodimodimo mme re tshwanetse go mo ikobela. Batho ba ba sa tlotleng motho yo matshelo a rona a ikaegileng ka ene, ba ka nna ba tsewa ba le botlhale ke batho, mme botlhale joo ke “boeleele mo Modimong.” (1 Bakorintha 3:19) Bana ba gago ba tlhoka thuto e e theilweng mo ‘botlhaleng jo bo tswang kwa godimo.’—Jakobe 3:15, 17.

Go boifa go kgopisa Jehofa go amana thata le go mo rata. Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba mmoife le go mo rata. Moshe o ne a re: “Wena Iseraele, ke eng se Jehofa Modimo wa gago a se kopang mo go wena fa e se go boifa Jehofa Modimo wa gago, gore o tsamaye mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe le go mo rata le go direla Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago; go boloka ditaelo tsa ga Jehofa le melao ya gagwe e ke e go laolelang gompieno, gore o solegelwe molemo?”—Duteronome 10:12, 13.

Fa re tsenya go boifa Jehofa ka tlotlo e e boteng mo baneng ba rona, re tla bo re thaya motheo wa thuto e e tla dirang gore bana ba rona ba nne botlhale tota. Fa ba ntse ba ithuta go nna le poifo eo, ba tla tswela pele ba anaanela Mmopi wa bone, yo e leng Motswedi wa kitso yotlhe. Seno se tla thusa bana ba rona go tlhaloganya se ba se ithutang, le gore ba se ka ba dira ditshwetso tse e seng tsone. Ba tla nna le bokgoni jwa go ‘farologanya se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) Motheo o o ntseng jalo gape o tla ba thusa go nna ba ikokobeditse le go tila go dira se se bosula.—Diane 8:13; 16:6.

Bana ba Gago ba go Etse Tlhoko!

Re ka thusa bana ba rona jang go rata Jehofa le go mmoifa? Karabo ya potso eo e mo Molaong o Jehofa a neng a o neile Baiseraele a dirisa moporofeti Moshe. Batsadi ba Baiseraele ba ne ba teilwe ga twe: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago. Mme mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.”—Duteronome 6:5-7.

Ditemana tseno di ruta batsadi dithuto tsa botlhokwa. Nngwe ya tsone ke eno: Jaaka o le motsadi, o tshwanetse go tlhoma sekao se se molemo. Gore o kgone go ruta bana ba gago go rata Jehofa, wena ka bowena o tshwanetse go rata Modimo, mme mafoko a gagwe a tshwanetse go nna mo pelong ya gago. Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa thata jaana? Ke ka gonne ke wena morutisi yo mogolo wa bana ba gago. Se ba se ithutang mo sekaong sa gago se tla ba ama thata. E bile ga go na sepe se se nang le tlhotlheletso e kgolo mo ngwaneng go gaisa sekao sa motsadi.

Dilo tse o di eletsang, dikgopolo tsa gago le mekgwa e mentle, di bonala mo go se o se buang mmogo le mo go se o se dirang. (Baroma 2:21, 22) Bana ba ithuta go tloga boseeng ka go ela batsadi ba bone tlhoko. Bana ba lemoga se se leng botlhokwa mo batsading ba bone mme dilo tseno ke tsone tse gantsi di nnang botlhokwa mo baneng. Fa o rata Jehofa tota, bana ba gago ba tla lemoga seo. Ka sekai, ba tla bona gore go bala Baebele le go ithuta di botlhokwa mo go wena. Ba tla lemoga gore o baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong. (Mathaio 6:33) Go nna teng ga gago ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi di tla ba bontsha gore go direla Jehofa tirelo e e boitshepo go botlhokwa fela thata mo go wena.—Mathaio 28:19, 20; Bahebera 10:24, 25.

Rwala Maikarabelo a Gago

Thuto e nngwe e batsadi ba ka e ithutang mo go Duteronome 6:5-7 ke eno: O na le boikarabelo jwa go thapisa bana ba gago. Mo bathong ba ga Jehofa ba bogologolo, batsadi ba ne ba ruta bana ba bone. Mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga, batsadi ba ne ba tswelela ba na le seabe sa botlhokwa thata mo go ruteng bana ba bone. (2 Timotheo 1:5; 3:14, 15) Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete mmogo le ene, o ne a bontsha gore borre segolobogolo ba ne ba tshwanetse go “godisetsa [bana ba bone] mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

Ka gonne batsadi ba gateletswe ke dilo tsa metlha ya segompieno, tiro, le dilo tse dingwe tse ba tshwanetseng go di dira, ba ka nna ba rwesa batho ba bangwe boikarabelo jwa go ruta bana ba bone, jaaka barutabana kwa sekolong kana batho ba ba ithutetseng tiro ya go tlhokomela bana. Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o ka emisetsang motsadi yo o lorato. O se ka wa nyatsa tsela e o leng botlhokwa ka yone le kafa o ka nnang le tlhotlheletso ka teng. Fa o tlhoka thuso go ruta bana ba gago, tlhopha ka botlhale, mme o se ka wa rwesa motho yo mongwe maikarabelo a gago a a boitshepo.

Go Ipha Nako ya go Thapisa Bana ba Gago

Thuto e nngwe gape e batsadi ba e ithutang mo go Duteronome 6:5-7 ke e: Go thapisa bana go tsaya nako e bile go tlhoka maiteko. Batsadi ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ‘jalela kwa teng’ boammaaruri jwa Modimo mo baneng ba bone. Lefoko la ntlhantlha la Sehebera le le rayang go “jalela kwa teng” le raya “go boeletsa,” “go boeletsa kgapetsakgapetsa.” Ba ne ba tshwanetse go dira seno letsatsi lotlhe, go tloga ka masa go fitlha maitseboa, “mo ntlong ya gago” le “mo tseleng.” Go tsaya nako e bile go tlhoka maiteko go ruta bana le go baakanya maikutlo a bone le boitshwaro jwa bone gore ba itumedise Modimo.

Ka jalo, ke eng se o ka se dirang go thusa bana ba gago go rutega ka tsela ya mmatota? O ka dira go le gontsi. Ba rute go rata Jehofa le go mmoifa. Tlhoma sekao se se molemo. Rwala maikarabelo a gago a go ruta bana ba gago, mme o iphe nako ya go ba thapisa. Ga o a itekanela, mme o tla dira diphoso fa o ntse o leka go ba ruta. Mme fa tota o leka go dira thato ya Modimo, bana ba gago ba tla anaanela maiteko a o a dirang mme a tla ba solegela molemo. Diane 22:6 ya re: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” Le basetsana ke se se tshwanang.

Thuto ke loeto lwa botshelo jotlhe. Fa e le gore wena le bana ba gago lo rata Modimo, ke loeto lo lo tla lo itumelelang ka bosakhutleng. Go tla nna jalo ka gonne go tla nna go na le dilo tse dintsi tse re ka di ithutang ka Jehofa le kafa re ka dirang se a se batlang ka teng.—Moreri 3:10, 11.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

A o balela bana ba gago Baebele?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Iphe nako ya go ruta bana ba gago ka Mmopi