Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tloga ka Momeno Go ya Go Codex—Kafa Baebele e Nnileng Buka ka Gone

Go Tloga ka Momeno Go ya Go Codex—Kafa Baebele e Nnileng Buka ka Gone

Go Tloga ka Momeno Go ya Go CodexKafa Baebele e Nnileng Buka ka Gone

KA MAKGOLOKGOLO a dingwaga, batho ba ne ba boloka tshedimosetso ka ditsela di le dintsi. Mo nakong e e fetileng, bakwadi ba ne ba kwala mafoko a bone mo difikantsweng, mo dikwalelong tsa leje kgotsa tsa legong, mo dipapetlaneng tse di dirilweng ka matlalo le mo dilong tse dingwe. Ka lekgolo la ntlha la dingwaga, kwa Botlhabagare, tsela e e neng e tlwaelegile e bile e le yone e e dirisiwang go kwala mafoko e ne e le mo momenong. Morago ga moo go ne ga dirisiwa codex, e kgabagare e neng ya tsaya maemo a momeno mme ya nna yone e e dirisiwang thata go boloka dilo tse di kwadilweng. Gape e ne ya thusa thata mo go anamisiweng ga Baebele. Codex e ne e le eng, mme go ile ga tla jang gore e dirisiwe?

Codex e ne e le mofuta wa ntlhantlha, wa buka ya segompieno. E ne e na le dipapetlana tse di neng di menwa, di kopanngwa di bo di bofiwa mmogo mo di menegileng gone. Ditsebe tsa yone di ne di kwadilwe mo matlhakoreng oomabedi mme di sireleditswe ke khabara. Codex ya bogologolo e ne e sa tshwane thata le dibuka tsa gompieno, mme jaaka bontsi jwa dilo tse dingwe tse di tlhamilweng, e ne ya tlhabololwa le go fetolwa go ya kafa batho ba ba neng ba e dirisa ba neng ba batla e bile ba rata ka gone.

Logong, Bonota le Dikwalelo Tsa Letlalo

Kwa tshimologong, gantsi di-codex di ne di dirwa ka dikwalelo tsa legong tse di tshasitsweng bonota. Di-polyptych tse di kwadilweng tse di tshasitsweng bonota kgotsa dikwalelo tsa legong tse di tshwaragantsweng mmogo mo letlhakoreng la tsone le leleele, di ne tsa fitlhelwa kwa Herculaneum, toropo nngwe e e neng ya senngwa mmogo le Pompeii ke go thunya ga Thaba ya Vesuvius ka 79 C.E. Kgabagare, dikwalelo tse di sa menegeng di ne tsa tseelwa sebaka ke tse di kgonang go menega. Ka Selatine, di-codex tseno kgotsa dibuka, di ne di bidiwa membranae, kgotsa dikwalelo tsa matlalo, ka ntlha ya gore gantsi go ne go dirisiwa letlalo gore e nne ditsebe tsa dibuka tseno.

Di-codex dingwe tse di neng tsa se ka tsa senyega di ne di dirilwe ka papirase. Di-codex tsa Bokeresete tsa bogologolo, tse di neng di bolokilwe mo mafelong mangwe a Egepeto a tlelaemete e e omeletseng, ke tsa dipapirase. *

Momeno Kgotsa Codex?

Go bonala Bakeresete ba ne ba dirisa thata momeno, go fitlha mo bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Go ne ga nna le mathata fa gare ga batho ba ba buelelang go dirisiwa ga codex le ba ba buelelang go dirisiwa ga momeno mo bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E go fitlha go lekgolo la boraro. Batho ba ba neng ba tlwaetse go dirisa momeno, ba ne ba okaoka go tlogela mokgwa o ba neng ba tlwaetse go dira dilo ka one le dingwao. Le fa go ntse jalo, akanya fela gore go bala momeno go ne go akaretsa eng. Gantsi momeno o ne o dirilwe ka dipapetlana di le mmalwa tsa papirase kgotsa ka letlalo le le kopantsweng mmogo go dira sebata se seleele, se se neng se menwa. Mokwalo o ne o kwalwa mo dikholomong mo bokafantleng jwa momeno. Go bala momeno, mmadi o ne a phutholola momeno go bona karolo e a e batlang. Fa a sena go bala, o ne a o mena gape. (Luke 4:16-20) Gantsi go ne go tlhokega memeno e le mmalwa go kwala buka e le nngwe, mme seno se ne se dira gore go nne boima go e dirisa. Le fa go bonala Bakeresete ba go tloga ka lekgolo la bobedi la dingwaga go ya pele ba ne ba rata go kwalolola Dikwalo mo codex, ba ne ba tswelela pele ba dirisa momeno ka makgolokgolo a dingwaga. Le fa go le jalo, baitse ba dumela gore go dirisa ga Bakeresete codex go ile ga nna le seabe se segolo mo go direng gore e amogelwe ke batho ba le bantsi.

Melemo ya codex e a bonala—e kgona go tsaya ditlhaka tse dintsi, e balega motlhofo e bile go motlhofo go tsamaya o e tshotse. Tota le fa bangwe bogologolo ba ne ba lemoga melemo eno, bontsi jwa bone bo ne bo okaoka go tlogela go dirisa momeno. Le fa go ntse jalo, mo makgolokgolong a le mmalwa a dingwaga, go ne go na le mabaka a le mmalwa a a neng a dira gore codex e nne botlhokwa.

Fa codex e bapisiwa le momeno, e ne e sa je madi a mantsi. O ne o ka kgona go kwala mo matlhakoreng oomabedi a yone mme dibuka di le mmalwa di ne di ka kopanngwa mo bolumong e le nngwe. Go ya ka batho bangwe, tsela e go neng go le motlhofo ka yone go bona ditemana tse di rileng mo codex ka yone go ne ga dira gore Bakeresete ba le bantsi ba rate go e dirisa le batho ba porofeshenale ba ba jaaka babueledi. Mo Bakereseteng, bolumo e potlana ya ditemana—kgotsa lenaane la dinopolo tsa Baebele—di ne di le botlhokwa thata mo tirong ya go rera. Mo godimo ga moo, codex e ne e na le khabara, e gantsi e neng e dirilwe ka logong, ka jalo e ne e sa senyege motlhofo jaaka momeno.

Gape di-codex di ne di le molemo gore motho a kgone go bala a le esi. Kwa bofelong jwa lekgolo la boraro la dingwaga, Diefangele tse dipotlana tsa letlalo di ne di dirisiwa ke batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete. Fa e sale go tloga ka nako eo, dibilione tsa Baebele e e feletseng kgotsa dikarolo tsa yone di ile tsa gatisiwa mo codex.

Gompieno, didirisiwa di le dintsi di dirile gore motho a kgone go bona ka bonako le ka tsela e e motlhofo botlhale jwa bomodimo jo bo mo Baebeleng. E ka bonwa mo dikhomputareng, mo dikhaseteng le mo dikgatisong. Go sa kgathalesege gore o rata Baebele e le ka tsela efe, dira gore o rate Lefoko la Modimo, le nne selo se o tlhatlhanyang ka sone letsatsi le letsatsi.—Pesalema 119:97, 167.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng “The Early Christian Codex,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 1962, tsebe 501-5 (ka Seesemane).

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Codex e ne ya thusa thata mo go anamisiweng ga Baebele