Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maatla a Loleme

Maatla a Loleme

Maatla a Loleme

LOLEME lwa thutlwa lo boleele jwa disentimetara di le 45, mme lo majato e bile lo maatla mo lo kgonang go kgetla matlhare mo dikaleng tsa setlhare. Boima jwa loleme lwa leruarua le letala bo lekana le jwa tlou. Akanya gore o tlhoka maatla a a kanakang gore o kgone fela go lo sutisa!

Loleme lwa motho lone lo lonnye tota ka bogolo, boima le maatla fa o lo bapisa le ao. Le fa go ntse jalo, lo nonofile go a feta kgakala. Baebele e bua jaana ka tokololo eno e nnye ya mmele wa motho: “Loso le botshelo di mo maatleng a loleme.” (Diane 18:21) E le ruri ke ga kae re utlwa ka maatla a a kotsi a loleme lwa motho lo nang le one a a neng a dirisiwa go simolola maaka, le go naya bosupi jwa maaka jo bo neng jwa senya botshelo le e leng go baka loso mo bathong ba ba se nang molato?

Tota le batho ba ba sa bolong go nna ditsala ka lobaka lo loleele ba ne ba tlhobogana ka ntlha ya mafoko a a utlwisang botlhoko. Maikutlo a ne a kgobega ka ntlha ya mafoko a a tlhabang. Jobe yo o neng a sentswe leina thata ke ditsala tsa gagwe o ne a lela a re: “Lo tla nna lo sera moya wa me ka lobaka lo lokae le go nna lo nthubaganya ka mafoko?” (Jobe 19:2) Morutwa Jakobe o ne a re tlhalosetsa sentle tsela e loleme lo lo sa laolesegeng lo kgonang go senya ka yone fa a re: “Loleme ke tokololo e nnye mme le fa go ntse jalo lo ikgantsha mo gogolo. Bonang! Abo go tlhokega molelo o monnye jang ne go tlhosetsa sekgwa se segolo thata ka molelo! Ebu, loleme ke molelo.”—Jakobe 3:5, 6.

Kafa letlhakoreng le lengwe maatla a loleme a ka tshedisa motho. Mafoko a a supang kutlwelobotlhoko le a a gomotsang a ne a falotsa bangwe ba ba neng ba tshwenyegile thata mo maikutlong kana ba akanya go ipolaya. Bangwe ba ba dirisang diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le dikebekwa tse di kotsi ba ne ba falola go swa pele ga nako ka go bo ba ne ba reetsa kgakololo e e molemo e ba neng ba e newa. Ee ke boammaaruri gore leungo lwa loleme lwa mosiami ke “setlhare sa botshelo” mme “lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera.”—Diane 15:4; 25:11.

Le fa go ntse jalo, tsela e e di gaisang tsotlhe ya go dirisa loleme ke ka go baka Jehofa Modimo, re bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go ruta ba bangwe ka boammaaruri jo bo molemo jwa Baebele. Ka ntlha yang? Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3; Mathaio 24:14; 28:19, 20.