Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Etsa Jehofa ka go Kgathalela ba Bangwe?

A o Etsa Jehofa ka go Kgathalela ba Bangwe?

A o Etsa Jehofa ka go Kgathalela ba Bangwe?

‘LATLHELANG tlhobaelo yotlhe ya lona mo Modimong, ka gonne o a lo kgathalela.’ (1 Petere 5:7) A taletso e e lorato! Jehofa Modimo o amega ka batho ba gagwe ka namana. Re ka ikutlwa re babalesegile mo tlhokomelong ya gagwe.

Re tshwanetse go dira matsapa gore re nne le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go kgathalela ba bangwe mme re bo bontshe. E re ka re sa itekanela, re tshwanetse go ikela tlhoko mo dikotsing dingwe tse re ka welang mo go tsone re re re kgathalela ba bangwe. Pele re tlotla ka dingwe tsa tsone, a re bone dingwe tsa ditsela tse Jehofa a kgathalelang batho ba gagwe ka tsone.

Mopesalema Dafide o ne a dirisa setshwantsho sa modisa mme a tlhalosa tlhokomelo ya Modimo jaana: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe. O nthapamisa mo mafulong a a tletseng bojang; o nkisa fa mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi. O lapolosa moya wa me. . . . Le fa gone ke tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho, ga ke boife sepe se se bosula, gonne o na le nna.”—Pesalema 23:1-4.

E re ka Dafide ka boene e ne e le modisa, o ne a itse gore go tlhokomela letsomane go tlhoka eng. Modisa o sireletsa dinku tsa gagwe mo dibataneng, tse di jaaka ditau, diphiri le dibera. O thiba letsomane gore le se ka la phatlalala, o senka dinku tse di latlhegileng, o tshola dikwanyana tse di lapileng mo sehubeng sa gagwe e bile o tlhokomela tse di lwalang le tse di gobetseng. O nosa letsomane letsatsi le letsatsi. Seo ga se reye gore modisa o laola motsamao mongwe le mongwe wa dinku. Dinku di gololesegile mme di sireleditswe.

Jehofa o tlhokomela batho ba gagwe jalo. Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa a re: ‘Lo dibelwa ka maatla a Modimo.’ Fano, ‘go dibelwa’ totatota go kaya ‘go disiwa.’ (1 Petere 1:5) Jehofa o nna a re beile leitlho ka dinako tsotlhe ka gonne o amega tota ka rona, o nna a iketleeditse go re thusa nako nngwe le nngwe fa re mo kopa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re bopile re na le kgololesego ya go itlhophela, ka jalo ga a tsenelele mo ditirong le mo ditshwetsong tsa rona tsotlhe. Re ka etsa Jehofa jang mo ntlheng eno?

Etsa Modimo ka go Tlhokomela Bana ba Gago

“Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.” Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go sireletsa le go tlhokomela bana ba bone. (Pesalema 127:3) Seo se ka akaretsa go kgothaletsa bana gore ba tlhalose dikakanyo le maikutlo a bone le gore re a akanyetse fa re dirisana le bone. Fa batsadi ba leka go laola sengwe le sengwe se bana ba bone ba se dirang, ba tlhokomologa dikeletso tsa bone gotlhelele, seo se ka tshwana le modisa a leka go laola dinku tsa gagwe ka go di goga ka dikgole. Ga go modisa ope yo o ka tlhokomelang letsomane la gagwe jalo; le Jehofa ga a re dise jalo.

Mariko * o dumela phoso ya gagwe jaana: “Go fetile dingwaga tse dintsi ke nnela go raya bongwanake ke re, ‘Dira se, o se ka wa dira se.’ Ke ne ke tsaya gore ke sone se ke tshwanetseng ka se dira jaaka motsadi. Ke ne ke se ke ke ba akgola, le gone ke ne ke se na puisano epe e e kalo le bone.” Le fa morwadia Mariko a ne a kgona go bua lobaka lo loleele mo mogaleng le ditsala tsa gagwe, o ne a se ke a tlotla nako e telele le mmaagwe. Mariko o tswelela pele jaana: “Mme ke ne ka lemoga gore pharologanyo e fa kae. Fa ngwanake a bua le ditsala tsa gagwe, o ne a dirisa mafoko a a bontshang go akanyetsa maikutlo a yo mongwe, a a jaaka ‘Ee, ke dumalana le wena’ kgotsa ‘Ee, le nna.’ Ke ne ka simolola go dirisa mafoko a a ntseng jalo gore morwadiake a ntshe maikutlo a gagwe mme go ise go ye kae re ne re tlotla lobaka lo loleele e bile re tlotla monate.” Seno se gatelela botlhokwa jwa puisano e e siameng, e gantsi e tlhokang batho ba babedi. E ka se dirwe ke motho a le esi.

Batsadi ba tshwanetse go kgothaletsa bana gore ba ntshe maikutlo a bone ba bo ba tlhalose dikeletso tsa bone, mme bana ba tlhoka go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa tlhokomelo ya batsadi e ka ba sireletsa. Baebele e gakolola bana gore ba utlwe batsadi ba bone; mme go tswa foo e naya lebaka: “Gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.” (Baefeso 6:1, 3) Bana ba ba tlhatswegileng pelo tota gore go ikoba go na le melemo mengwe, ba fitlhela go le motlhofo go nna kutlo.

Ka go Tlhokomela Letsomane la ga Jehofa

Tsela e Jehofa a amegang ka lorato ka yone e bonala mo phuthegong ya Bokeresete. Jaaka Tlhogo ya phuthego, Jesu Keresete o kaela bagolwane gore ba tlhokomele letsomane la gagwe. (Johane 21:15-17) Lefoko la Segerika le le kayang molebedi le tsamaisana le lediri le le kayang “go lebelela ka tlhoafalo.” Petere o laela bagolwane jaana, a gatelela kafa seno se tshwanetseng go dirwa ka teng: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata; e bile e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo; gape e seng ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme e nne ka go nna dikao mo letsomaneng.”—1 Petere 5:2, 3.

Ee, tiro ya bagolwane e tshwana le ya badisa. Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhokomela ba ba lwalang semoyeng le go ba gakolola gore matshelo a bone a bontshe gore ba tshela ka melao e e siameng. Bagolwane ba na le boikarabelo jwa go rulaganya ditiro tsa phuthego, go rulaganyetsa dipokano le go dira gore go nne go na le thulaganyo mo phuthegong.—1 Bakorintha 14:33.

Mme mafoko a a fa godimo a ga Petere a re tlhagisa ka kotsi nngwe—gore bagolwane ba ka “rena” mo phuthegong. Sengwe se se ka bontshang gore mogolwane o dira jalo ke fa a baya melao e e sa tlhokegeng. Mogolwane a ka ikutlwa a na le maikarabelo a magolo a go sireletsa letsomane, mme a bo a feteletsa dilo. Mo phuthegong nngwe kwa dinageng tsa Botlhaba, bagolwane ba ne ba baya melao ya kafa batho ba tshwanetseng go dumedisana ka teng mo Holong ya Bogosi—jaaka gore ke mang yo o tshwanetseng go bua pele—ba dumela gore go latela melao eno go tla thusa gore go nne le kagiso mo phuthegong. Le fa gone bagolwane bao ba ne ba na le maitlhomo a a siameng, a ba ne ba etsa kafa Jehofa a kgathalelang batho ba gagwe ka teng? Mme mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a bontsha tsela e a neng a ikutlwa ka yone: “E seng gore re beng ba tumelo ya lona, fa e se gore re badirimmogo gore lo ipele, gonne lo eme ka tumelo ya lona.” (2 Bakorintha 1:24) Jehofa o ikanya batho ba gagwe.

Kwantle ga go se beye melao e e seng kafa Dikwalong, bagolwane ba ba kgathalelang letsomane ba bontsha go amega tota ka go se senole tshedimosetso ya sephiri. Ga ba lebale tlhagiso eno ya Modimo: “O se ka wa senola puo ya sephiri ya yo mongwe.”—Diane 25:9.

Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng le mmele wa motho: “Modimo o ne a kopanya mmele . . . gore mmele o se ka wa kgaogana, fa e se gore ditokololo tsa one di tle di tlhokomelane ka tsela e e tshwanang.” (1 Bakorintha 12:12, 24-26) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “di tlhokomelane ka tsela e e tshwanang” tota le kaya ‘go tshwenyega ka tse dingwe.’ Maloko a phuthego ya Bokeresete a tshwanetse go kgatlhegelana ka tsela ya mmatota.—Bafilipi 2:4.

Bakeresete ba boammaaruri ba ka bontsha jang gore ba ‘tshwenyega ka ba bangwe’? Ba ka bontsha gore ba tshwenyega ka maloko a mangwe a phuthego ka dithapelo tsa bone le ka go thusa ba ba tlhokang. Seno se thusa gore ba bangwe le bone ba bontshe dinonofo tse di molemo. Ela tlhoko kafa Tadakata a ileng a thusiwa ka teng ke gore batho ba amege ka lorato jalo ka ene. Fa a ne a kolobediwa a na le dingwaga tse 17, e ne e le ene fela a direlang Jehofa mo lelapeng la ga bone. O anela jaana: “Gantsi lelapa lengwe mo phuthegong le ne le ntaletsa go tla go ja le bone le go nna mo dikokoanong tsa bone. Ke ne ke tsena mo ga bone mo e ka nnang moso mongwe le mongwe fa ke ya sekolong re bo re tlotla ka temana ya Baebele ya letsatsi leo. Ba ne ba nkgakolola kafa nka lebanang ka teng le mathata a kwa sekolong, mme re ne re rapela ka one mmogo. Lelapa leno le ne la nthuta moya wa go aba.” Gone jaanong Tadakata o dirisa se a se ithutileng ka go direla kwa go nngwe ya diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa.

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka kotsi e e rileng e e malebana le go bontsha go kgatlhegela ba bangwe. O ne a umaka basadi bangwe ba ba neng ba fetogile “basebi le ba ba itsenyatsenyang mo mererong ya batho ba bangwe, ba bua ka dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.” (1 Timotheo 5:13) Le fa gone go tshwanela gore re kgatlhegele batho ba bangwe, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore ga re fitlhe mo seemong sa gore re itsenyatsenye mo mererong ya bone. Go kgatlhegela ba bangwe ka tsela e e feteletseng go ka bonala ka gore re ‘bue dilo tse re sa tshwanelang go di bua,’ tse di jaaka go tshwayatshwaya batho diphoso.

Re tshwanetse go gopola gore Bakeresete ba ka rulaganya matshelo a bone ka ditsela tse di farologaneng, ba tlhopha go ja dijo tse di sa tshwaneng mme ba tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng mme bo sa tshwane. Mongwe le mongwe o gololesegile go itlhophela se a tla se dirang, fa fela se sa thibelwe ke melaometheo ya Baebele. Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Roma jaana: “A re se tlholeng re atlholana. . . . A re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.” (Baroma 14:13, 19) Re tshwanetse go bontsha gore re amega ka ba bangwe mo phuthegong ka bopeloephepa, e seng ka go itsenyatsenya mo mererong ya bone, mme ka go iketleeletsa go ba thusa. Fa re kgathalelana ka tsela eo, malapa a rona le phuthego ya rona di tla phophoma ka lorato le kutlwano.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Kgothaletsa bana ba gago go ntsha maikutlo a bone ka go ba akgola le go ba tlhomogela pelo