Go Ikaega ka Mekgwa e Mentle ya Boitsholo E e Sa Felelweng ke Nako
Go Ikaega ka Mekgwa e Mentle ya Boitsholo E e Sa Felelweng ke Nako
BATHO botlhe mo setšhabeng ba latela mofuta mongwe wa molao wa boitsholo. A ga o dumalane gore batho ba bantsi ba rata dinonofo tse di tshwanang le go ikanyega, bopelonomi, go nna kutlwelobotlhoko le go amega ka ba bangwe?
Motswedi wa Mekgwa Eno ya Boitsholo ke Ofe?
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., monna mongwe yo o rutegileng yo o neng a bidiwa Saulo o ne a tshela mo mefuteng e meraro ya dingwao tse di nang le melao ya tsone ya boitsholoBaroma 2:14, 15.
—ya Sejuda, ya Segerika le ya Seroma. Kwa ntle ga meetlo e mentsi le melao e dingwao tseo di neng di e gatelela, Saulo o ne a lemoga gore batho ka kakaretso ba kaelwa ke sengwe se ba tshotsweng ba na le sone se se ba thusang go nna le boitsholo jo bo siameng. Seo ke segakolodi sa rona. Fa Saulo a sena go nna moaposetoloi wa Mokeresete Paulo, o ne a kwala mafoko ano: “Le fa e le leng fela fa batho ba ditšhaba ba ba se nang molao ba dira ka tlholego dilo tsa molao, batho bano, le mororo ba se na molao, bone ka bobone ke molao. Ke bone tota ba ba bontshang fa kgang ya molao e kwadilwe mo dipelong tsa bone, fa segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone.”—Le fa go ntse jalo, a mme gone go lekane gore re kaelwe fela ke “boikutlo jwa tlholego” fa re leka go dira tshwetso kaga se se siameng le se se sa siamang? Jaaka o ka tswa o bone, hisitori ya batho e tletse ka diphoso tse di dirilweng ke batho ka bongwe le ke ditlhopha. Seno se tlhatswitse batho ba bantsi pelo gore re tlhoka kaelo ya maemo a a kwa godimo gore re kgone go itse mekgwa e mentle ya boitsholo e re ka tshelang ka yone. Batho ba bantsi ba ka dumela gore Modiri wa batho ke ene a leng mo boemong jo bo siameng jwa go naya batho melao e e ntseng jalo e e sa felelweng ke nako. Dr. Carl Jung mo bukeng ya gagwe ya The Undiscovered Self, a re: “Motho yo o sa ikaegang ka Modimo a ka se kgone gore ka boene fela a emelane le dithaelo tsa lefatshe tse di maatla tsa boitsholo.”
Seo se dumalana le se moporofeti wa bogologolo a ileng a se kwala: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Mmopi wa rona a re: “Ke go ruta gore o solegelwe molemo, mme ke go tsamaisa mo tseleng e e siameng.”—Isaia 48:17, Contemporary English Version.
Motswedi O o Ka Ikanngwang wa Melao e e Siameng ya Boitsholo
Mafoko a a sa tswang go nopolwa a fitlhelwa mo motsweding o o anamisitsweng go e gaisa yotlhe wa melao e e siameng ya boitsholo—Dikwalo Tse di Boitshepo. Batho ba le bantsintsi mo lefatsheng lotlhe, le ba e seng Bakeresete le ba ba sa rateng bodumedi tota, ba batla thuso mo Baebeleng gore ba bone temogo le botlhale. Mmoki wa Mojeremane Johann Wolfgang von Goethe o ne a re: “Nna ke ne ke rata [Baebele] e bile ke e sisimoga, ka gonne ke kgonne go nna le boitsholo jo bo siameng ka ntlha ya yone.” Go begwa gore moeteledipele wa Mohindu Mohandas Gandhi o kile a re: “Tsweetswee nwang mo metsweding ya metsi e e boteng e lo e newang mo Therong ya mo Thabeng [karolo ya dithuto tsa ga Jesu Keresete tse di mo Baebeleng] . . . Ka gonne thuto ya Thero eo e ne e lebagane le mongwe le mongwe wa rona.”
Moaposetoloi Paulo, yo o nopotsweng fa godimo, o ne a gatelela seabe sa botlhokwa se Dikwalo Tse di Boitshepo di nang le sone mo go direng gore batho ba nne le mekgwa e mentle ya boitsholo: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng.” (2 Timotheo 3:16) A mme tota go ntse jalo?
Ke eng o sa itlhatlhobele gore a tota go ntse jalo? Sekaseka melaometheo e e kwadilweng mo tsebeng e e latelang. Bona fela kafa e rotloetsang batho go nna le mekgwa e e siameng ya boitsholo ka teng. Akanya kafa dikgopolo tse di mo dithutong tseno di leng maatla ka teng gore di ka tokafatsa boleng jwa botshelo jwa gago le dikamano tsa gago le batho ba bangwe.
A o Tla Solegelwa Molemo?
Melaometheo e e thathamisitsweng ke dikai di le mmalwa fela tsa kgakololo e e molemo e e mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Mo godimo ga dikai tseno, Lefoko la Modimo le na le ditlhagiso di le dintsi malebana le dikakanyo tse di kotsi, puo, le ditiro tse di ka senyang matshelo a rona.—Diane 6:16-19.
Dithuto tse di mo Baebeleng di re naya sengwe se setšhaba sa batho ka kakaretso se se nang sone gotlhelele, e leng kgakololo e e dirang gore batho ba kgone go tshela go ya ka melao e e kwa godimo thata ya boitsholo. Batho ba ba amogelang dithuto tseno ba bo ba di dirisa ba fetoga fela thata. Tsela ya bone ya go akanya e a tokafala. (Baefeso 4:23, 24) Ba nna le maitlhomo a a botoka. Go ithuta melao ya boitsholo ya Modimo e e tlhalosiwang mo Baebeleng go thusitse batho ba bantsi go tlosa go tlhaola batho ka lotso le letlhoo mo dipelong tsa bone. (Bahebera 4:12) Melao e mentle ya boitsholo e e kgothalediwang mo Baebeleng e tlhotlheleditse batho go tlogela mefuta yotlhe ya thubakanyo le bosula mme ba nne batho ba ba botoka.
Melao e e siameng ya boitsholo e e mo Baebeleng e thusitse batho ba le bantsintsi go tlogela mekgwa e e tseneletseng e ba nang le yone le ditlwaelo tse di sentseng matshelo a ba bangwe. (1 Bakorintha 6:9-11) Dithuto tsa Baebele di ntse di fetola batho bao—di sa fetole fela mekgwa ya bone mme di fetola dipelo tsa bone, dilo tse ba di solofetseng, le malapa a bone. Le fa lefatshe le ka senyega thata jang, batho mo lefatsheng lotlhe ba ntse ba fetoga go nna batho ba ba botoka. Mme seo ga se na go ema. “Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.” (Isaia 40:8)
Le fa go ntse jalo, a wena o tla solegelwa molemo ke “lefoko la Modimo wa rona”? Basupi ba ga Jehofa ba ka rata go go bontsha kafa o ka amogelang ka teng melao e e siameng ya Baebele gore e go solegele molemo. Go tshela go dumalana le melao e e ntseng jalo ya boitsholo go raya gore o tla amogelwa ke Modimo gone jaanong mme o tla tshela botshelo jo bo sa khutleng jo bo laolwang ke melaometheo ya Modimo e e sa felelweng ke nako.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 6]
MELAOMETHEO E E SA FELELWENG KE NAKO
Molao wa Sekagouta. “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang; tota e bile, seno, ke se se kaiwang ke Molao le Baporofeti.”—Mathaio 7:12.
Rata moagelani wa gago. “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) “Lorato ga lo direle moagelani bosula; jalo lorato ke tiragatso ya molao.”—Baroma 13:10.
Tlotla ba bangwe. “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.”—Baroma 12:10.
Latelela kagiso. “Lo boloke kagiso mo gare ga lona.” (Mareko 9:50) “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” (Baroma 12:18) “A re lateleleng dilo tse di isang kagisong.”—Baroma 14:19.
Itshwarele. “O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.” (Mathaio 6:12) “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile.”—Baefeso 4:32.
Ikanyege. “Ikanyege mo mosading wa gago mme o rate ene a le nosi. . . . Itumelele mosadi wa gago mme o ipelele mosetsana yo o mo nyetseng . . . A bontle jwa gagwe jo bo gogelang bo go itumedise; a a go apese lorato. . . . Ke ka ntlha yang fa o rata mosadi yo mongwe? Ke ka ntlha yang fa o batla go gogelwa ke bontle jwa mosadi wa monna yo mongwe?” (Diane 5:15-20, Today’s English Version) “Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo, le motho yo o sa siamang mo go se sebotlana thata ga a a siama le mo go se segolo.” (Luke 16:10) “Se se batliwang mo balebeding ke gore motho a fitlhelwe a ikanyega.”—1 Bakorintha 4:2. “A ke ka nna phepa mo boitsholong ke na le dikale tsa boikepo le kgetsi ya dilekanyabokete tsa leje tsa tsietso?” (Mika 6:11) “Re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.
Nna Boammaaruri. “Tlhoang se se bosula, mme lo rate se se molemo, mme lo tlogelele tshiamiso sebaka fa kgorong.” (Amose 5:15) “A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le yo mongwe. Atlholang ka boammaaruri le ka katlholo ya kagiso mo dikgorong tsa lona.” (Sekarea 8:16) “E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.”—Baefeso 4:25.
Dira ka natla. “A o bone motho yo o setswerere mo tirong ya gagwe? O tla ema fa pele ga dikgosi.” (Diane 22:29) “Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona.” (Baroma 12:11) “Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.”—Bakolosa 3:23.
Nna bonolo, kutlwelobotlhoko, pelonomi. “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.”—Bakolosa 3:12.
Fenya bosula ka molemo. “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:44) “Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.”—Baroma 12:21.
Direla Modimo ka bojotlhe. “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.”—Mathaio 22:37, 38.
[Ditshwantsho]
Go dirisa melao e e siameng ya boitsholo ya Baebele go ka re thusa go nna le manyalo a a atlegileng, dikamano tse di itumetseng mo lapeng, le botsala jo bo kgotsofatsang