Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ‘Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang’

Re ‘Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang’

Re ‘Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang’

“Ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.”—PESALEMA 139:14.

1. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ba akanyang ba tsaya gore dilo tse di gakgamatsang tse di mo lefatsheng di dirilwe ke Modimo?

LEFATSHE le tletse ka dibopiwa tse dintsi tse di gakgamatsang. Di nnile gone jang? Bangwe ba dumela gore ga di a dirwa ke Mmopi mongwe yo o botlhale. Ba bangwe bone ba dumela gore go kgaphela kwa thoko fela kgang ya gore go na le Mmopi go dira gore re se ka ra tlhaloganya tlholego ka botlalo. Ba dumela gore ditshedi tsa lefatshe di raraane thata, di mefutafuta, e bile re ka re di dintle thata gore di ka bo di itlhagetse fela. Batho ba le bantsi, bangwe ba bone e le borasaense, ba bona go na le bosupi jwa gore lobopo lo dirilwe ke Mmopi yo o botlhale, yo o maatla e bile a le molemo. *

2. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Dafide gore a bake Jehofa?

2 Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo ke mongwe yo o neng a tlhatswegile pelo gore go na le Mmopi yo o tshwanelwang ke go bakwa ka ntlha ya dilo tse di gakgamatsang tse a di bopileng. Le fa Dafide a tshedile lobaka lo loleele pele ga motlha wa gompieno wa tsa saense, o ne a lemoga gore o ne a faraferwe ke dikai tse dintsi tse di molemo tsa dilo tse Modimo a di bopileng. Se Dafide a neng a se dira fela e ne e le go sekaseka mmele wa gagwe ka boene mme a gakgamadiwa thata ke bokgoni jwa Modimo jwa go bopa. O ne a kwala a re: “Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang. Ditiro tsa gago di a gakgamatsa, jaaka moya wa me o lemoga sentle.”—Pesalema 139:14.

3, 4. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore mongwe le mongwe wa rona a akanyetse kwa teng ka ditiro tsa ga Jehofa?

3 Dafide o ne a dumela seno thata ka gonne a ile a akanyetsa dilo kwa teng. Gompieno, dithuto tsa sekolo le metswedi ya dikgang e tletse ka dikgopolo tse di ka koafatsang tumelo malebana le kwa batho ba tswang teng. Fa re batla go nna le tumelo e e tshwanang le ya ga Dafide, le rona re tshwanetse go akanyetsa dilo kwa teng. Go kotsi go letla se batho ba bangwe ba se akanyang se tlhotlheletsa se rona re se akanyang, bogolo jang mo dikgannyeng tsa konokono, tse di jaaka gore a go na le Mmopi le gore seabe sa gagwe ke sefe.

4 Mo godimo ga moo, go akanya ka ditiro tsa ga Jehofa go nonotsha tsela e re mo anaanelang ka yone mme go dira gore re ikanye ditsholofetso tsa gagwe malebana le isagwe. Seo le sone se ka re rotloetsa gore re itse Jehofa botoka re bo re mo direle. Ka jalo, a re sekasekeng kafa saense ya gompieno e tlhomamisitseng ka teng tshwetso ya ga Dafide ya gore re ‘dirilwe ka tsela e e gakgamatsang.’

Tsela e e Gakgamatsang e re Golang ka Yone

5, 6. (a) Rotlhe re simolotse jang go tshela? (b) Diphilo tsa rona di na le seabe sefe?

5 “Wena ka bowena o dirile diphilo tsa me; o ne wa mpoloka ke bipilwe mo sebopelong sa ga mmè.” (Pesalema 139:13) Rotlhe re simolotse go tshela mo teng ga mmele wa mmaarona re le sele e le nngwe e nnye go feta le yone khutlo e e kwa bofelong jwa seele seno. Sele eo e nnyennye e ne e raraane fela thata—e kete madirelo a mannye a dikhemikale! E ne ya gola ka bofefo. Morago ga dikgwedi tse pedi o le mo popelong, dikarolo tsa konokono tsa mmele wa gago di ne di setse di bopegile. Dingwe tsa tsone ke diphilo. Fa o tsholwa, diphilo tsa gago di ne di setse di ka kgona go tlhotlha madi a gago—go tlosa botlhole le metsi a a sa tlhokegeng, mme di tlogela dilo tse mmele o di tlhokang. Fa diphilo tsa gago tse pedi di itekanetse sentle, di tlhotlha metsi a a mo mading a gago—mo e ka nnang dilitara tse tlhano mo mogolong—nako le nako fa go sena go feta metsotso e le 45!

6 Gape diphilo tsa gago di thusa go laola selekanyo sa diminerale tse di mo mading a gago mmogo le selekanyo sa esiti le kgatelelo ya madi. Di dira ditiro tse dingwe tse dintsi tsa botlhokwa, tse di jaaka go fetola vitamin D gore e nne mo seemong sa go thusa marapo gore a bopege sentle le go tlhagisa horomone e e bidiwang erythropoietin, e e rotloetsang go bopiwa ga disele tse dikhibidu mo marapong a gago. Ke sone se diphilo di ileng tsa bidiwa “baitse ba bagolo ba khemiseteri mo mmeleng”! *

7, 8. (a) Tlhalosa tsela e ngwana yo o iseng a tsholwe a golang ka yone. (b) Ke ka tsela efe re ka reng ngwana yo o iseng a tsholwe o “logwa mo dikarolong tse di kwa tlasetlase tsa lefatshe”?

7 “Marapo a me a ne a sa go fitlhegela fa ke ne ke dirwa mo sephiring, fa ke ne ke logwa mo dikarolong tse di kwa tlasetlase tsa lefatshe.” (Pesalema 139:15) Sele ya ntlhantlha e ne ya ikgaoganya, mme disele tse disha di ne tsa tswelela pele go ikgaoganya. Go ise go ye kae, disele di ne tsa simolola go itlhaola ka ditiro tse di farologaneng, tse dingwe e nna disele tsa methapo, disele tsa mesifa, tsa letlalo jalo le jalo. Disele tsa mofuta o le mongwe di ne tsa ipopa tsa nna dithishu mme le tsone tsa ipopa go nna dikarolo tse di farologaneng tsa mmele. Ka sekai, mo bekeng ya boraro o sena go imiwa, o ne wa simolola go nna le thulaganyo ya marapo. Fa o setse o le dibeke di supa fela mme o le boleele jwa disentimetara di le 2,5, marapo a gago otlhe a a 206 a ne a bopegile, le fa a ne a sa ntse a le mannyennye e bile a ise a ome go nna marapo a a thata.

8 Tiragalo eno e e gakgamatsang ya go gola e ne e direga mo teng ga popelo ya ga mmago e sa bonwe ke ope, go ntse jaaka e kete e fitlhegile kwa tengteng ga lefatshe. Ee ruri, batho ba sa ntse ba sa itse go le gontsi ka tsela e re bopegang ka yone. Ka sekai, ke eng se se ileng sa kurusa dijini dingwe mo diseleng tsa gago gore di simolole tiragalo ya go itlhaola ga disele? Gongwe kgabagare saense e tla senola seo, mme jaaka Dafide a umaka morago ga moo, Mmopi wa rona—Jehofa—o sa le a ntse a tlhaloganya seo ka botlalo.

9, 10. Go bopega ga dikarolo tsa losea lo lo iseng lo tsholwe go “kwadilwe” jang mo “bukeng” ya Modimo?

9 “Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago, malebana le malatsi a di bopilweng ka one mme go ne go ise go nne le e le nngwe fela ya tsone.” (Pesalema 139:16) Sele ya gago ya ntlha e ne e na le thulaganyo e e feletseng ya mmele wa gago otlhe. Thulaganyo eno e ne ya kaela tsela e o golang ka yone dikgwedi tse robongwe tse o di ntseng mo popelong pele o tsholwa mme ya dira gore ka dingwaga di feta masome a mabedi morago ga moo o bo o ntse o gola go fitlha o nna mogolo. Mo nakong eno yotlhe, mmele wa gago o ne wa feta mo maemong a mantsi a a farologaneng, otlhe a kaelwa ke tshedimosetso e e tsentsweng mo seleng ele ya ntlha.

10 Dafide o ne a sa itse sepe ka disele le dijini, a se na le fa e le maekerosekoupo. Mme gone o ne a lemoga sentle gore tsela e mmele wa gagwe o neng o gola ka yone e ne e supa gore dilo di rulagantswe e sa le pele. Dafide o ka tswa a ne a na le kitsonyana ka go gola ga masea mo popelong, ka jalo o ne a ka tlhalosa gore kgato nngwe le nngwe e tshwanetse go direga go ya ka thulaganyo e e sa leng e tlhomilwe. O ne a tlhalosa thulaganyo eno ka tsela ya poko a re e “kwadilwe mo bukeng” ya Modimo.

11. Dipopego tsa mmele wa rona di laolwa ke eng?

11 Gompieno go a itsege gore se o se gotsitseng mo batsading ba gago le mo bagologolwaneng ba gago—jaaka boleele jwa gago, dipopego tsa sefatlhego, mmala wa matlho le moriri le tse dingwe tse dintsintsi—di ne tsa laolwa ke dijini tsa gago. Nngwe le nngwe ya disele tsa gago e na le dijini di le dikete di le masomesome, mme jini nngwe le nngwe ke karolo ya mogolagang o moleele o o bopilweng ka DNA (deoxyribonucleic acid). Ditaelo tsa go aga mmele wa gago di “kwadilwe” mo thulaganyong ya dikhemikale tsa DNA ya gago. Nako le nako fa disele tsa gago di kgaogana—e le go dira disele tse disha kgotsa go emisetsa disele tse dikgologolo—DNA ya gago e fetisa ditaelo tseo, ka jalo e dira gore o tswelele pele o tshela e bile o sa fetoge dipopego. A sekai se se gakgamatsang jang ne sa maatla le botlhale jwa Mmopi wa rona yo o kwa legodimong!

Mogopolo wa Rona O o Sa Tshwaneng le Ope

12. Ke eng se se dirang gore batho ba farologane thata le diphologolo?

12 “Ka jalo, a bo dikakanyo tsa gago di le tlhwatlhwakgolo jang ne mo go nna! Oo Modimo, a bo palo yotlhe ya tsone e le kana kang! Fa ke ne nka leka go di bala, di feta le moshawa.” (Pesalema 139:17, 18a) Diphologolo le tsone di dirilwe ka tsela e e gakgamatsang, mme dingwe di na le ditemosi le bokgoni jo bo fetang jwa batho. Mme Modimo o neile batho bokgoni jwa mogopolo jo bo fetang jwa phologolo le fa e ka nna efe kgakala. Buka nngwe ya saense ya re: “Le fa rona batho re ka tswa re tshwana ka ditsela tse dintsi le dibopiwa tse dingwe, ke rona fela ditshedi tsa mo lefatsheng tse di kgonang go dirisa puo le kakanyo. Gape ke rona fela re nang le kgatlhego e kgolo ya go itse ka ga popego ya rona: Mmele wa rona o rulagantswe jang? Re bopilwe jang?” Tseno ke dipotso tse Dafide le ene a neng a di ipotsa.

13. (a) Dafide o ne a ka tlhatlhanya jang ka dikakanyo tsa Modimo? (b) Re ka latela jang sekao sa ga Dafide?

13 Sa botlhokwa le go feta, re farologane le diphologolo ka gonne re kgona go akanya ka dikgopolo tsa Modimo. * Mpho eno e e kgethegileng ke nngwe ya ditsela tse ka tsone re dirilweng “mo setshwanong sa Modimo.” (Genesise 1:27) Dafide o ne a dirisa mpho eno ka botlalo. O ne a tlhatlhanya ka bosupi jwa go nna teng ga Modimo le dinonofo tse di molemo tse di bonalang mo lefatsheng le le mo dikologileng. Gape Dafide o ne a na le dibuka tsa bogologolo tsa Dikwalo Tse di Boitshepo, tse di nang le ditshenolo tsa Modimo a bua ka ga gagwe le ka ditiro tsa gagwe. Dibuka tseno tse di tlhotlheleditsweng di ne tsa thusa Dafide go tlhaloganya dikakanyo tsa Modimo, botho jwa gagwe le boikaelelo jwa gagwe. Go tlhatlhanya ka Dikwalo, popo le ka ditirisano tsa Modimo le ene go ne ga tlhotlheletsa Dafide gore a bake Mmopi wa gagwe.

Se go Nna le Tumelo go se Akaretsang

14. Ke ka ntlha yang fa re sa tlhoke go itse sengwe le sengwe ka Modimo gore re nne le tumelo mo go ene?

14 Fa Dafide a ntse a akanya ka popo le Dikwalo, o ile a lemoga gore go ka se kgonege gore a tlhaloganye kitso le bokgoni jwa Modimo ka botlalo. (Pesalema 139:6) Go ntse jalo le ka rona. Re ka se tsoge re kgonne go tlhaloganya sengwe le sengwe ka ditiro tsotlhe tsa Modimo tsa popo. (Moreri 3:11; 8:17) Mme Modimo o ile a “bonatsha” kitso e e lekaneng a dirisa Dikwalo le dibopiwa tsa tlholego gore batho ba ba batlang boammaaruri ba ba tshelang mo motlheng ope fela ba kgone go bona boammaaruri jo bo theilweng mo bosuping.—Baroma 1:19, 20; Bahebera 11:1, 3.

15. Tshwantsha kafa tumelo le kamano ya rona le Modimo di amanang ka teng.

15 Go nna le tumelo go akaretsa se se fetang fela go dumela gore botshelo le lobopo di tshwanetse tsa bo di dirilwe ke Motswedi mongwe o o botlhale. Go akaretsa go ikanya Jehofa Modimo jaaka motho—motho yo o batlang gore re mo itse mme re nne re na le kamano e e molemo le ene. (Jakobe 4:8) Akanya ka fa o ikanyang rrago yo o lorato ka teng. Fa motho yo o tletseng dipelaelo a ne a ka bontsha go belaela gore a rrago a ka go thusa fa o le mo bothateng, o ka nna wa palelwa ke go mo tlhatswa pelo gore rrago o a ikanyega. Le fa go ntse jalo, fa e le gore fa nako e ntse e feta o bone bosupi jwa gore rrago o na le botho jo bo molemo, o ka tlhomamisega gore le ka motlha a ka se go swabise. Ka tsela e e tshwanang, go itse Jehofa ka go ithuta Dikwalo, go akanya ka popo le go bona kafa a re thusang ka teng a araba dithapelo tsa rona go dira gore re mo ikanye. Go dira gore re batle go ithuta mo go oketsegileng ka ga gagwe le go mmaka ka bosakhutleng re tlhotlhelediwa ke lorato lwa bopelotshweu le boineelo. Joo ke boikaelelo jo bo tlotlegang go gaisa jotlhe jo motho ope a ka nnang le jone.—Baefeso 5:1, 2.

Batla Kaelo ya Mmopi wa Rona!

16. Re ka ithuta eng mo kamanong e e gaufi e Dafide a neng a na le yone le Jehofa?

16 “Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.” (Pesalema 139:23, 24) Dafide o ne a itse gore Jehofa o ne a setse a mo itse ka botlalo—sengwe le sengwe se a neng a se akanya, a se bua kgotsa a se dira, Mmopi wa gagwe o ne a ka kgona go se bona. (Pesalema 139:1-12; Bahebera 4:13) E re ka Modimo a ne a na le kitso e kana kana ka Dafide, seo se ne se dira gore a ikutlwe a sireletsegile, fela jaaka ngwana yo monnye a ikutlwa a sireletsegile fa a kukilwe ke batsadi ba gagwe ba ba lorato. Dafide o ne a rata kamano eno e e gaufi le Jehofa e bile a leka go tswelela pele a na le yone ka go akanyetsa kwa teng ka ditiro tsa gagwe le ka go mo rapela. E bile tota, dipesalema tse dintsi tsa ga Dafide—go akaretsa Pesalema 139—tota ke dithapelo tse di buiwang go na le mmino. Go tlhatlhanya le go rapela le gone go ka re thusa go atamalana le Jehofa.

17. (a) Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a batla gore Jehofa a sekaseke pelo ya gagwe? (b) Tsela e re dirisang kgololesego ya rona ka yone e ama matshelo a rona jang?

17 E re ka re dirilwe mo setshwanong sa Modimo, re na le kgololesego ya go itlhophela. Re ka tlhopha go dira se se molemo kgotsa se se bosula. Kgololesego eo e tla le maikarabelo a boitsholo. Dafide o ne a sa batle go tsewa e le mongwe wa baikepi. (Pesalema 139:19-22) O ne a batla go tila go dira diphoso tse di botlhoko. Ka jalo, fa Dafide a sena go akanya ka kitso ya ga Jehofa e e akaretsang sengwe le sengwe, o ne a kopa Modimo ka boikokobetso gore a sekaseke motho wa gagwe wa kafa teng le go mo kaela mo tseleng e e isang botshelong. Melao ya Modimo e e siameng ya boitsholo e dira mo go mongwe le mongwe; ka jalo le rona re tshwanetse go tlhopha sentle. Jehofa o re rotloetsa rotlhe gore re mo ikobele. Fa re dira jalo o a re amogela mme re bona le melemo e mengwe e mentsi. (Johane 12:50; 1 Timotheo 4:8) Go tsamaya le Jehofa letsatsi le letsatsi, go re thusa gore re nne re ritibetse, tota le fa re lebane le mathata a a masisi.—Bafilipi 4:6, 7.

Latela Mmopi wa Rona yo o Molemo!

18. Dafide o ne a swetsa ka goreng fa a sena go akanya ka popo?

18 Fa Dafide a sa le mosha, gantsi o ne a nna a le kwa ntle, a disitse matsomane. Dinku di ne di lebisa ditlhogo fa fatshe di fula, mme ene o ne a tsholeletsa matlho a gagwe kwa magodimong. Fa go setse go le lefifi mo maitseboeng, Dafide o ne a akanya ka bogolo jwa lobopo le gore lo kayang. Dafide o ne a kwala a re: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe. Letsatsi morago ga le lengwe le dira gore go buiwe thata, le bosigo morago ga jo bongwe bo supa kitso.” (Pesalema 19:1, 2) Dafide o ne a tlhaloganya gore o ne a tlhoka go senka le go latela Ene yo o neng a dirile dilo tsotlhe bontle jaana. Le rona re tshwanetse go dira jalo.

19. Basha le bagolo ba ka ithuta eng mo kgannyeng ya gore ba ‘dirilwe ka tsela e e gakgamatsang’?

19 Dafide e ne e le sekai sa kgakololo e morwawe e bong Solomone a neng a e naya basha moragonyana: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago . . . Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Moreri 12:1, 13) Fa Dafide a sa le mosha, o ne a setse a lemoga gore o ‘dirilwe ka tsela e e gakgamatsang.’ Go tshela go dumalana le seno se a neng a se lemoga go ne ga mo tlisetsa melemo e megolo botshelo jotlhe jwa gagwe. Fa rona, re le basha kgotsa re le bagolo, re baka e bile re direla Mmopi wa rona yo Mogolo, botshelo jwa rona jwa gone jaanong le jwa mo isagweng bo tla itumedisa. Baebele e solofetsa jaana malebana le ba ba nnang ba le gaufi le Jehofa e bile ba tshela ka ditsela tsa gagwe tsa tshiamo: “Ba tla nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng, ba tla tswelela pele ba nonne e bile ba le banana, gore ba bolele fa Jehofa a thokgame.” (Pesalema 92:14, 15) Mme re tla nna le tsholofelo ya go ipelela ditiro tsa Mmopi wa rona tse di gakgamatsang ka bosakhutleng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 1 Bona tsebe 11 ya kgatiso ya July 8, 2004, ya Tsogang! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 6 Bona le setlhogo se se reng “Your Kidneys—A Filter for Life,” mo kgatisong ya August 8, 1997 ya Tsogang! ka Seesemane.

^ ser. 13 Go lebega mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 139:18b a raya gore fa a ne a ka tlhola letsatsi lotlhe a bala dikakanyo tsa ga Jehofa go fitlha a thulamela bosigo, fa a thanya mo mosong, o ne a tla bo a ntse a ise a fetse.

A o Ka Tlhalosa?

• Tsela e losea lo lo iseng lo tsholwe lo golang ka yone e bontsha jang gore re ‘dirilwe ka tsela e e gakgamatsang’?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhatlhanya ka dikakanyo tsa ga Jehofa?

• Tumelo ya rona e amana jang le kamano ya rona le Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Tsela e losea lo golang ka yone mo popelong e latela thulaganyo e e tlhomilweng e sa le pele

DNA

[Motswedi wa Setshwantsho]

Unborn fetus: Lennart Nilsson

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fela jaaka bana ba ba ikanyang rraabone yo o lorato, re tshepa Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go akanya ka tiro ya ga Jehofa go ne ga tlhotlheletsa Dafide gore a mmake