‘Ba Kopantswe ke Lorato Le fa Ba sa Utlwane ka Puo’
‘Ba Kopantswe ke Lorato Le fa Ba sa Utlwane ka Puo’
Kgololo. Poloko. Go fetile makgolokgolo a dingwaga batho ba batla go gololesega mo matshwenyegong le mo tlalelong. Re ka lebana jang le mathata a botshelo? A ruri kgololo e tla tsamaya e nna teng? Fa go le jalo, e tla nna teng jang?
ENO e ne e le kgang e go neng go tlotlwa ka yone mo metseletseleng ya dikopano tsa kgaolo tsa malatsi a le mararo tse di rulagantsweng ke Basupi ba ga Jehofa tse di neng tsa simolola ka May 2006. Setlhogo sa kopano eno se ne se re, “Kgololo e Atametse!”
Baemedi ba le diketekete ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng ba ne ba nna teng mo go di le robongwe tsa dikopano tseno. Di ne tsa tshwarwa mo dikgweding tsa July le August 2006, kwa Prague, motsemogolo wa Czech Republic; kwa Bratislava, motsemogolo wa Slovakia; kwa Chorzow le kwa Poznan, Poland; * le mo ditoropong di le tlhano tsa Jeremane—Dortmund, Frankfurt, Hamburg, Leipzig, le Munich. Palogotlhe ya batho ba ba nnileng teng mo dikopanong tseno tsotlhe e ne e feta 313 000.
Go ne go rena moya o o ntseng jang mo dikopanong tseno? Ke eng se babegadikgang ba neng ba se bua? Mme batlakopanong bone ba ne ba ikutlwa jang fa ba tswa mo dikopanong tseno?
Dipaakanyetso
Baeng mmogo le Basupi ba mo mafelong ao ba ne ba lebeletse ka tlhoafalo e kgolo dikopano tseno tse ba neng ba itse gore di ne di tlile go nna tiragalo e e sa lebalesegeng ya semoya. Go direla batlakopanong dithulaganyo tsa marobalo a a lekaneng e ne e le namane e tona ya tiro. Ka sekai, kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Chorzow, Basupi ba Ba-Poland ba ne ba ithaopa go amogela baeng ba ka nna 13 000 ba ba tswang kwa Yuropa Botlhaba. Baemedi ba ba tswang kwa Armenia, Belarus, Estonia, Georgia, Kazakhstan, Kyrgyzstan, Latvia, Lithuania, Moldova, Russia, Tajikistan, Turkmenistan, Ukraine, United States, le kwa Uzbekistan ba ne ba nna teng mo kopanong eo.
Bontsi jwa baemedi bano ba ne ba tshwanelwa ke go simolola go baakanyetsa maeto ano dikgwedikgwedi pele ga kopano. Tatiana yo e leng moreri wa nako e e tletseng kwa Kamchatka, e leng setlhaketlhake sa Russia se se kafa bokonebotlhaba jwa Japane o ne a simolola go baya madi a leeto leno ngwaga pele ga kopano. O ne a tlile go tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 10 500. Sa ntlha, o ne a tsamaya diura di le 5 ka sefofane, mme morago ga moo a tsamaya ka terena malatsi a ka nna mararo, mme labofelo o ne a fetsa diura di le 30 mo beseng e e yang kwa Chorzow.
Batho ba le diketekete ba ne ba ithaopa go dira ditiro tse di neng di tlhokega pele kopano e simolola, e leng go Duteronome 23:14) Fa re umaka sekai se le sengwe fela, kwa Leipzig, Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba dira tiro e e duleng diatla ya go phepafatsa setadiamo, mme ba ne ba solofetsa gore ba tla se phepafatsa gape le morago ga kopano. Mme ka ntlha ya seno, badiredibagolo ba setadiamo seno ba ne ba phimola molawana o o neng o le mo tumalanong ya go hira setadiamo o o kopang gore ba duele madi a a rileng a ditshenyegelo tsa go phepafatsa.
baakanya ditadiamo le mafelo a a di dikologileng gore di tshwanele go nna mafelo a kobamelo. (Ditaletso
Diphuthego lefatshe ka bophara di ne tsa itsise fela thata ka Dikopano tseno tsa “Kgololo e Atametse!” Batho ba ba neng ba tlile go ya kwa dikopanong tse di kgethegileng ba ne ba nna le seabe mo letsholong leno ka matlhagatlhaga. Ba ne ba tswelela ba itsise ka kopano eno go fitlha bosigo jwa letsatsi pele ga kopano e simolola. A tlhoafalo ya bone e ne ya nna le matswela a a molemo?
Mosupi mongwe wa Mo-Poland yo o bidiwang Bogdan o ne a kopana le monna mongwe yo o godileng yo o neng a batla go nna teng mo kopanong mme bothata jwa gagwe e le gore madinyana a a nang le one a phenshene a ne a sa lekana gore a ka tsaya loeto lwa dikilometara di le 120 go ya kwa Chorzow. Go ne ga direga gore go nne le manno mo beseng e e neng e hirilwe ke phuthego. Bogdan o tlhalosa jaana: “Re ne ra bolelela monna yono gore a ka tsamaya le rona a sa duela sepe fa fela a ka tla kwa lefelong le bese e tlogelang kwa go lone ka 5:30 mo mosong.” Monna yono o ne a dumela mme a tla kopanong. Moragonyana o ne a kwalela bakaulengwe a re: “Ke ikemiseditse go tokafatsa botshelo jwa me ka ntlha ya se ke se utlwileng kwa kopanong.”
Kwa Prague monna mongwe yo o neng a nna mo go nngwe ya dihotele tse di dirisiwang ke baemedi ba ba tswang kwa Boritane o ne a bolelela batlakopanong maitseboa mangwe gore le ene o ne a le teng mo thulaganyong ya kopano ya letsatsi leo. Ke eng se se mo tlhotlheleditseng gore a ye koo? Monna yono a re fa a sena go amogela ditaletso go tswa mo baboleding ba le lesome mo mebileng ya toropo, o ne a ikutlwa a tshwanelwa ke go ya! O ne a kgatlhwa thata ke se a se utlwileng mme o ne a batla go ithuta ka mo go oketsegileng.—1 Timotheo 2:3, 4.
Thulaganyo ya Semoya e e Nonotshang
Thulaganyo e ne ya tlhalosa kafa re ka lebanang ka gone le mathata a a farologaneng. Kgakololo e e tlhamaletseng ya Dikwalo e ne ya tlhalosa kafa mathata ano a ka rarabololwang ka gone kana a ka itshokelwang ka gone.
Batho ba ba tshwenngwang ke botsofe, botsogo jo bo sa itekanelang, go swelwa ke batho ba ba ba ratang kana mathata a mangwe a botho, ba ne ba bona kgothatso e e tswang mo Baebeleng e e tla ba thusang go lebana le botshelo ba na le tsholofelo. (Pesalema 72:12-14) Banyalani mmogo le batsadi ba ne ba utlwa kgakololo ya Baebele ya gore ba ka kgona jang go nna le manyalo a a itumetseng le kafa ba ka godisang bana ba bone ka katlego ka gone. (Moreri 4:12; Baefeso 5:22, 25; Bakolosa 3:21) Basha ba Bakeresete—bao ba gateletsweng botlhoko ke dithaka tsa bone kwa sekolong mme kwa lapeng le kwa phuthegong ba neelwa kgakololo e e molemo ya Lefoko la Modimo—ba ne ba newa kgakololo e e mosola ya kafa ba ka lebanang ka gone le kgatelelo e e tswang mo dithakeng tsa bone le kafa ba ka ‘tshabelang dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.’—2 Timotheo 2:22.
Bokaulengwe Jwa Mmatota Jwa Ditšhabatšhaba
Ka metlha Basupi ba ga Jehofa ba amogela kaelo e e molemo ya Dikwalo kwa dikokoanong tsa bone. (2 Timotheo 3:16) Le fa go ntse jalo, se se neng se dira gore dikopano tseno e nne tse di kgethegileng ke gore go ne go na le baemedi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Dikopano tsotlhe tse di kgethegileng di ne di na le thulaganyo e e tshwanang ya semoya ka dipuo di le mmalwa. Letsatsi le letsatsi go ne go na le maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa a a neng a neela dipuo le dipego tse di tswang kwa dinageng di sele e leng sengwe se se neng se dira gore thulaganyo e itumedise. Dipuo tseno le dipego di ne di ranolwa gore batho ba ba neng ba le teng ba ba buang dipuo tse di farologaneng ba solegelwe molemo.
Baemedi ba ne ba swegaswega go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba ba tswang kwa dinageng di sele. Moemedi mongwe o ne a re: “Go sa utlwane ga rona ka puo e ne e se bothata le eseng. Go na le moo go ne go oketsa boitumelo jo bo neng bo le gone mo kopanong. Baeng bano ba ne ba tswa mo ditsong tse di farologaneng mme gone ba ne ba kopantswe botlhe ke tumelo e le nngwe.” Batlakopanong kwa Munich bone ba ne ba re: “Re kopantswe ke lorato le fa re sa utlwane ka puo.” Go sa kgathalesege gore ba ne ba tswa kae kana gore ba bua puo efe, batlakopanong bao ba ne ba bona gore ba ne ba le fa gare ga ditsala tsa mmatota—bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete.—Sekarea 8:23.
Mafoko a Tebogo
Maemo a bosa ka nako ya kopano kwa Poland a ne a leka boitshoko jwa batlakopanong. Bothata e ne e se pula fela, bontsi jwa nako go ne go le tsididi tota—themperetšha e le didikirii di ka nna 14 tsa Celsius. Mokaulengwe mongwe yo o tswang kwa United States o ne a re: “E ne e le maemo a bosa a a maswe le dithemperetšha tse di kwa tlase go feta tsotlhe tse nkileng ka lebana le tsone ke le mo kopanong e bile ke ne ke sa tlhaloganye le thulaganyo. Mme gone seemo se se gakgamatsang sa go kopana ga batho ba ditšhabatšhaba,moya o o botsalano o o neng o rena foo le tsela e e tlhomologileng ya go amogela baeng, di ne tsa dira gore ke se ka ka tshwenyega ka tseno tsotlhe. Ruri kopano eo e ne e le e e sa lebalesegeng!”
Sengwe se batlakopanong ba ba buang Se-Poland ba se kitlang ba se lebala e ne e le kitsiso ya go gololwa ga Insight on the Scriptures ka Se-Poland—e leng tuelo e e molemo ya go itshoka ga bone mo serameng le mo puleng. Go gololwa ga kgatiso e ntšha ya Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa le gone go ne ga tlisa boitumelo jo bogolo mo Dikopanong tsotlhe tsa “Kgololo e Atametse!”
Ba le bantsi ba ba neng ba le teng ba na le mabaka a mangwe a a dirang gore ba gopole kopano eno. Kgaitsadi mongwe wa Mo-Czech yo o bidiwang Kristina yo o neng a ithaopa go tsamaya ka bese le setlhopha sa baemedi ba ba tswang kwa moseja a re: “Fa re laelana, kgaitsadi mongwe o ne a nkisa kwa thoko a ntlamparela a bo a re: ‘Ke ne ke ikutlwa ke tlhokometswe tota! Lo ne lo re tlisetsa dijo mo re neng re dutse teng mme lo re naya le metsi a go nwa. Ruri re lebogela lorato lwa lona lwa go intsha setlhabelo.’” O ne a bua ka dijo tsa motshegare tse di neng di newa batlakopanong ba ba tswang moseja. Mokaulengwe mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Re ne re ise re ko re dire tiro eo pele. Re ne re tshwanelwa ke go isa dijo tsa motshegare di ka nna 6 500 letsatsi le letsatsi. Go ne go ama pelo tota go bona kafa batho ba neng ba ithaopa ka bontsi ka teng, go akaretsa le bana tota.”
Kgaitsadi yo o tswang kwa Ukraine yo o neng a ya kopanong kwa Chorzow o ne a re: “Re tlhotlheleditswe thata ke lorato, tlhokomelo le bopelonomi jo re bo bontshitsweng ke badumedi mmogo le rona. Ruri re tlhaela mafoko a tebogo.” Mme Annika yo o nang le dingwaga di le robedi yo o tswang kwa Finland ene o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Poland a re: “Kopano e ne e le monate o o sa tlhalosegeng. Go monate go nna mo phuthegong ya ga Jehofa gonne o nna le ditsala lefatshe ka bophara!”—Pesalema 133:1.
Dikakgelo Tsa ba ba Lebeletseng
Pele ga kopano go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore batlakopanong bangwe ba bontshiwe mafelo a a kgatlhang. Kwa motseselegaeng mongwe kwa Bavaria, baeti ba ne ba ema kwa Diholong tsa Bogosi kwa Basupi ba lefelo leo ba neng ba ba amogela teng. Mokaedi wa setlhopha sengwe sa baeng yo e neng e se Mosupi o ne a kgatlhiwa thata ke tsela e bakaulengwe ba ratanang ka yone. Motlakopanong mongwe o bega jaana: “Fa re ntse re le mo beseng mo tseleng ya go boela kwa hoteleng, mokaedi yono wa bajanala o ne a re re farologane thata le ditlhopha tse dingwe tsa bajanala. Re ne re apere sentle mme botlhe mo setlhopheng ba ne ba dirisana sentle le ba ba eteletseng pele. Go ne go se ope yo o roganang e bile go na le thulaganyo. O ne a gakgamaditswe ke tsela e batho bano ba ba sa itsaneng ba fetogileng ditsala ka bonako ka gone.”
Mokaulengwe yo o neng a bereka mo Lephateng la Dikgang kwa kopanong ya Prague o ne a re: “Ka Sontaga mo mosong mookamedi wa mapodise a a neng a abetswe go bereka mo lebaleng la kopano o ne a re etela. O ne a bolela gore go ne go rena kagiso mme a bo a re ga a na tiro. Gape o ne a re bangwe ba batho ba ba agileng go dikologa setadiamo ba ne ba botsa gore thulaganyo ya kopano e ne e ntse jang. Fa a umaka Basupi ba ga Jehofa gantsi ba ne ba kgobega marapo mme mookamedi yono o ne a ba raya a re: ‘Fa batho ba ne ba ka leka fela go itshwara ka tsela e ntle e Basupi ba ga Jehofa ba itshwarang ka yone, go ka bo go sa tlhokege mapodise.’”
Ba le Bantsi ba Setse ba Golotswe!
Lefoko la Modimo Baebele le dira jaaka borogo mo gare ga ditso, le momaganya Bakeresete gore ba nne ka kagiso ba le seoposengwe. (Baroma 14:19; Baefeso 4:22-24; Bafilipi 4:7) Dikopano tse di kgethegileng tsa “Kgololo e Atametse!” di ne tsa supa seo. Basupi ba ga Jehofa ba setse ba golotswe mo masetlapelong a le mantsi a a bogisang batho mo lefatsheng. Go se itshokelane, bogale le tlhaolele—re bala dilo di le mmalwa fela tse di tshwenyang batho—di setse di tlositswe mo go bone, mme ba lebeletse pele mo nakong e ka yone mathata ano a tla bong a tlositswe mo lefatsheng lotlhe.
Ba ba neng ba nna teng mo dikopanong tseno ba ne ba iponela kafa Basupi ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng le mo ditsong tse di sa tshwaneng ba leng seoposengwe ka gone. Seno se ne sa bonala sentle kwa bokhutlong jwa dikopano. Botlhe ba ne ba opa diatla, ba tlamparelana le ditsala tsa bone tse disha e bile ba itsaya dinepe. (1 Bakorintha 1:10; 1 Petere 2:17) E re ka ba ne ba itumetse e bile ba tlhomamisegile gore ba gaufi le go gololwa mo mathateng otlhe a bone, baemedi bano ba ne ba boela kwa dinageng tsa bone le kwa diphuthegong tsa bone ba ntšhafaditse boikaelelo jwa bone jwa go ngangatlela ‘lefoko la botshelo’ la Modimo.—Bafilipi 2:15, 16.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 4 Mabala a mangwe a kopano a le marataro go ralala Poland le le le lengwe kwa Slovakia a ne a golagantswe ka megala gore ba kgone go utlwa dipuo tse di neng di neelwa ke bakaulengwe ba kwa dinageng tse dingwe.
[Lebokoso mo go tsebe 10]
Dipuo di le 25 di Buiwa e Kete ke Puo e le Nngwe
Mo dikopanong tsotlhe di le robongwe, thulaganyo e ne ya neelwa ka puo ya mo lefelong leo. Kwa dikopanong tsa Jeremane, dipuo di ne tsa neelwa le ka dipuo tse dingwe gape di le 18. Kwa Dortmund dipuo di ne tsa neelwa ka Searabia, Se-Farsi, Sepotokisi, Sepanishe, le ka Se-Russia; mme kwa Frankfurt di ne tsa neelwa ka Seesemane, Sefora, le Se-Serb/Se-Croatia; kwa Hamburg di ne tsa neelwa ka Se-Denmark, Se-Dutch, Se-Sweden, le Se-Tamil; kwa Leipzig di ne tsa neelwa ka Se-China, Se-Poland le Se-Turkey; mme kwa Munich gone di ne tsa neelwa ka Segerika, Sentadiana le ka Puo ya Diatla ya kwa Jeremane. Kwa kopanong ya kwa Prague, dipuo tsotlhe di ne di neelwa ka Se-Czech, Seesemane le Se-Russia. Kwa Bratislava thulaganyo e ne e neelwa ka Seesemane, Se-Hungary, Se-Slovakia le ka Puo ya Diatla ya kwa Slovakia. Kwa Chorzow dipuo tsa teng e ne e le Se-Poland, Se-Russia, Se-Ukraine le Puo ya Diatla ya kwa Poland. Mme kwa Poznan, di ne di neelwa ka Se-Poland le Se-Finland.
Dipuo tseno tsotlhe di ne di le 25! Ee ruri, batlakopanong ba ne ba kopantswe ke lorato le fa ba sa utlwane ka puo.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Batlakopanong kwa Frankfurt ba ne ba itumeletse go amogela “Thanolo ya Lefatshe le Lesha” ka puo ya bone