Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Ntlhantlha ya Sepotokisi—E ne Ya Tlhoka Boitshoko

Baebele ya Ntlhantlha ya Sepotokisi—E ne Ya Tlhoka Boitshoko

Baebele ya Ntlhantlha ya Sepotokisi—E ne Ya Tlhoka Boitshoko

“YO O itshokang o tla atlega.” Moono ono o fitlhelwa mo tsebeng ya ntlha ya phamfolete ya bodumedi ya lekgolo la bo17 la dingwaga e e kwadilweng ka João Ferreira de Almeida. Go thata go akanya ka tsela e e tshwanetseng go feta eno ya go tlhalosa monna yo o neng a intsha setlhabelo gore a kgone go ranola le go gatisa Baebele ka Sepotokisi.

Almeida o tshotswe ka 1928 kwa Torre de Tavares mo motseng o o kafa bokone jwa Portugal. E re ka a ne a nna khutsana a sa ntse a le monnye, o ne a golela mo motsemogolong wa Portugal o o bidiwang Lisbon, a godisiwa ke rangwanaagwe yo e neng e le moitlami wa bodumedi bongwe. Go ya kafa go itsegeng ka teng, fa Almeida a ne a thapisediwa go nna moruti, o ne a amogela thuto ya maemo a a kwa godimo e e neng ya mo thusa gore a nne le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go itse dipuo a sa ntse a le monnye.

Le fa go ntse jalo, fa Almeida a ka bo a ile a nna mo Portugal ga go lebege a ka bo a kgonne go dirisa bokgoni joo jwa gagwe go ranola Baebele. Fa Phetogo e Kgolo e ntse e anama mo bokone le mo bogareng jwa Yuropa mme batho ba nna le Dibaebele ka dipuo tsa bone, baagi ba Portugal bone ba ne ba sa ntse ba tlhotlhelediwa thata ke Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi ya Katoliki. Fa motho a ne a ka fitlhelwa fela a na le Baebele ka puo ya gagwe o ne a ka nna a patelediwa go tlhagelela fa pele ka kgotlatshekelo ya Bokgelogi. *

Almeida o ne a fudugela kwa Netherlands fa a le dingwaga di le 14 gongwe a tshaba maemo ano a a gatelelang. Moragonyana fela ga foo, o ne a tsaya loeto lwa go ya Asia a kgabaganya mo Batavia (e jaanong e bidiwang Jakarta), Indonesia, e ka nako eo e neng e le motse o Dutch East India Company e neng e busa borwabotlhaba jwa Asia e le mo go one.

Moranodi Yo o Mo Dingwageng Tsa Bosha

Mo karolong ya bofelo ya loeto lwa gagwe a ya kwa Asia, Almeida o ne a fetola botshelo jwa gagwe fela thata. Fa a ntse a tsamaya ka sekepe fa gare ga Batavia le Malacca (e jaanong e bidiwang Melaka) kafa bophirima jwa Malaysia, go ne ga direga gore a bone phamfolete ya Baporotesetanta e e neng e kwadilwe ka Sepanishe e e neng e na le setlhogo se se reng Diferencias de la Cristiandad (Pharologano e e Leng Teng mo Ditumelong tse di Ipitsang tsa Bokeresete). Phamfolete eo e ne e tlhasela dithuto tsa maaka tsa bodumedi e bile e na le mafoko a a neng a kgatlha Almeida yo mosha fela thata: “Go dirisa puo e batho ba sa e itseng mo kerekeng, le fa maitlhomo a gone e ka nna go baka Modimo, ga go solegele bareetsi ba ba sa tlhaloganyeng molemo ka gope.”—1 Bakorintha 14:9.

Almeida o ne a kgona go dira tshwetso ka kgang eno a sa okaoke: Tsela fela ya go senola diphoso tsa bodumedi e ne e le go dira gore batho botlhe ba kgone go tlhaloganya Baebele. Fa Almeida a goroga kwa Malacca, o ne a sokologela kwa bodumeding jwa Dutch Reformed mme ka yone nako eo a simolola go ranola dikarolo dingwe tsa Diefangele go tswa mo puong ya Sepanishe a di ranolela mo Sepotokising mme a di aba mo “bathong ba ba tlhoafaletseng go itse boammaaruri.” *

Dingwaga di le pedi moragonyana, Almeida o ne a setse a siametse tiro e nngwe e kgolo—go ranola Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika go tswa go Latin Vulgate. O ne a fetsa tiro eno mo nakong e e kwa tlase ga ngwaga fela, e leng phitlhelelo e kgolo mo mosheng wa dingwaga di le 16 fela! O ne a nna pelokgale mme a romelela molaodimogolo wa Mo-Dutch yo o kwa Batavia khopi ya thanolo eno gore a e gatise. Go lebega Kereke ya Reformed e e kwa Batavia e ne ya romela khopi ya mokwalo ono wa seatla kwa Amsterdam, mme ka maswabi moruti yo o setseng a tsofetse yo o neng a newa khopi eno o ne a tlhokafala mme tiro eno ya ga Almeida ya nyelela.

Fa ka 1651 Almeida a ne a kopiwa gore a direle phuthego ya Reformed e e kwa Ceylon (e jaanong e bidiwang Sri Lanka) khopi ya thanolo ya gagwe, o ne a fitlhela gore khopi ya gagwe ya ntlhantlha e ne e nyeletse mo mabolokelong a kereke. Seno ga se a ka sa mo kgoba marapo, gonne ka tsela nngwe o ne a kgona go bona khopi eno—gongwe aotlelaene e a neng a simolotse ka yone—mme mo ngwageng o o latelang o ne a konela thanolo ya gagwe e e tokafaditsweng ya Diefangele mmogo le buka ya Ditiro. Setlhopha se se laolang sa Kereke ya Reformed kwa Batavia se ne sa mo duela di-guilders di le 30. Mongwe wa badirimmogo le Almeida o ne a kwala jaana: “Ano e ne e le madi a mannye tota fa a bapisiwa le tiro e kgolo e a e dirileng.”

Le fa gone a ne a sa tsewe tsia, Almeida o ne a tswelela ka tiro ya gagwe mme ka 1654 a romela Tesetamente e Ntšha e e tokafaditsweng e bile e feletse. Kgang ya go gatisa e ne ya runya gape, mme ga go sepe se se neng sa dirwa fa e se fela go baakanya dikhopi di le mmalwa tse di kwadilweng ka seatla gore di dirisiwe mo dikerekeng dingwe.

O Kgalwa ke Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi

Mo dingwageng di le lesome tse di neng tsa latela, Almeida o ne a tshwarega ka go direla Kereke ya Reformed tiro ya boruti le ya borongwa. O ne a tlhomiwa ka 1656 mme a direla pele kwa Ceylon, kwa a neng a falola ka lesoba la nnale go gatakwa ke tlou mme moragonyana a ya go direla kwa India e le mongwe wa barongwa ba ntlha ba Porotesetanta ba ba neng ba etela naga eo.

Almeida e ne e le mosokologi wa Moporotesetanta yo o neng a direla kwa nageng e sele. Ka jalo, batho ba le bantsi ba ba neng ba bua Sepotokisi ba a neng a ba etela ba ne ba mo tsaya e le motlhanogi le motsietsi. Tsela e a neng a kgala ka tlhamalalo boitsholo jo bo sa siamang jwa baruti le e a neng a senola dithuto tsa kereke ka yone, e ne ya dira gore gangwe le gape a nne le dikgotlhang le barongwa ba Katoliki. Dikgotlhang tseo di ne tsa ya magoletsa ka 1661 fa Kgotlatshekelo e e kgatlhanong le Bokgelogi ya kwa Goa, kwa India e ne e atlholela Almeida loso gonne a latofalediwa go nna mokgelogi. Setshwantsho sa gagwe se ne sa fisiwa a seyo. Morago fela ga foo, molaodimogolo wa Mo-Dutch o ne a mmiletsa gape kwa Batavia gongwe a tshositswe ke tsela e Almeida a leng manganga ka yone.

Le fa Almeida e ne e le morongwa yo o tlhagafetseng, ga a ka a lebala gore go ne go tlhokega Baebele ya Sepotokisi. Go na le moo, go se itse Baebele—mo go neng go bonala thata mo baruting le mo bathong fela—go ne ga mo rotloetsa gore a batle go tswelela ka maitlhomo a gagwe. Mo ketapeleng ya pampitshana nngwe ya bodumedi ya 1668, Almeida o ne a itsise babadi jaana: “Ke solofela gore . . . go ise go ye kae ke tla lo naya Baebele e e feletseng ka puo ya lona, e leng mpho e kgolo le letlotlo le le tlhwatlhwakgolo le go seng ope yo o tla tsamayang a lo naya lone.”

Almeida o Lebana le Komiti ya Tshekatsheko

Ka 1676, Almeida o ne a romela aotlelaene ya gagwe ya bofelo ya Tesetamente e Ntšha kwa setlhopheng se se laolang sa kereke kwa Batavia gore se e sekaseke. Go tswa fela kwa tshimologong, Almeida o ne a sa utlwane le batho ba ba neng ba tlhatlhoba tiro ya gagwe. Mokwadi mongwe wa dipolelo tsa botshelo e bong J. L. Swellengrebel o ne a tlhalosa gore badirimmogo le Almeida ba ba buang Se-Dutch ba ka tswa ba ne ba thatafalelwa ke go tlhaloganya pharologano e e neng e le teng mo bokaong le mo mokgweng o a neng a o dirisa fa a ranola. Gape ba ne ba ganetsana le ka puo e a neng a tlhophile go e dirisa fa a ranola. A Baebele e ne e tshwanetse go dirisa Sepotokisi se se buiwang mo lefelong leo kana se se tlhabolotsweng se ba le bantsi ba neng ba tla thatafalelwa ke go se tlhaloganya? Kgabagare, tlhoafalo ya ga Almeida ya go batla go bona tiro e fedile e ne ya baka dikgotlhang tse di sa feleng.

Tiro e ne e tswelela ka bonya tota, gongwe e le ka ntlha ya dikganetsano kana go tlhoka kgatlhego ga batlhatlhobi. Dingwaga di le nnè morago ga foo, batlhatlhobi bano ba ne ba sa ntse ba ngangisana ka dikgaolo tsa ntlha tsa Luke. Almeida o ne a betwa ke pelo fa a bona tsela e ba neng ba diega ka yone mme a romela khopi e a e kwadileng ka seatla kwa Netherlands gore e gatisiwe batlhatlhobi ba sa itse.

Go sa kgathalesege maiteko a setlhopha se se laolang sa kereke se neng sa a dira go thibela go gatisiwa ga dikhopi tseno, ka 1681 Tesetamente e Ntšha ya gagwe e ne ya gatisiwa kwa Amsterdam, mme dikhopi tsa teng tsa ntlha di ne tsa goroga kwa Batavia mo ngwageng o o latelang. Akanya fela gore Almeida o tshwanetse a bo a ne a swaba jang fa a lemoga gore batlhatlhobi ba kwa Netherlands ba dirile diphetogo mo thanolong ya gagwe! Almeida o ne a lemoga gore e re ka batlhatlhobi bano ba ne ba sa tlwaelana le Sepotokisi, ba ne ba tsentse “mafoko a a sa tlwaelegang le a a ikganetsang a a neng a dira gore bokao jwa Moya o o Boitshepo bo se ka jwa tlhaloganngwa.”

Puso ya Ba-Dutch le yone e ne e sa kgotsofala mme e ne ya laela gore kgatiso eno e nyelediwe yotlhe. Tota le mo maemong ao, Almeida o ne a kopa puso gore e tlogele dikhopi di le mmalwa mme a solofetsa gore o ne a tla tlhomamisa gore diphoso tse di masisi tse di mo dikhoping tseo di baakanngwe ka seatla. Dikhopi tseno di ne di tla dirisiwa go fitlhela go dirwa dikhopi tse dingwe tse disha.

Batlhatlhobi ba kwa Batavia ba ne ba kopana gape mme ba tswelela ka tiro ya bone ya go sekaseka Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le go simolola go baakanya dibuka tsa Dikwalo tsa Sehebera gonne Almeida o ne a setse a feditse go di ranola. E re ka setlhopha se se laolang se ne se boifa gore Almeida o ne a tla fela pelo, se ne sa swetsa ka gore se boloke dikhopi tsa bofelo tse di saennweng mo bobolokelong jwa kereke. Mme gone Almeida o ne a ganetsana le tshwetso eo ya bone.

Ka nako eo, dingwagangwaga tse a di feditseng a dira ka natla mmogo le mathata a botshelo a mo tlelaemeteng ya boboatsatsi di ne di koafaditse botsogo jwa gagwe. Ka ntlha ya botsogo jwa gagwe jo bo neng bo ntse bo koafala, ka 1689 Almeida o ne a tlogela ditiro tsa gagwe tsa mo kerekeng mme a ineela mo go ranoleng Dikwalo tsa Sehebera. Ka maswabi, o ne a tlhokafala ka 1691 fa a ntse a ranola kgaolo ya bofelo ya Esekiele.

Kgatiso ya bobedi ya Tesetamente e Ntšha e a e weditseng pelenyana fela ga loso lwa gagwe e ne ya gatisiwa ka 1693. Mme le mo lekgetlong leno gape, thanolo ya gagwe e ne ya senngwa ke batlhatlhobi ba ba sa dirang tiro ya bone sentle. Mo bukeng ya gagwe e e bidiwang A Biblia em Portugal (Baebele ya Sepotokisi), G. L. Santos Ferreira o bolela gore: “Batlhatlhobi . . . ba ne ba fetola thata tiro e e duleng diatla ya ga Almeida, ba senya bontle le fa e ka nna bofe jo batlhatlhobi ba kgatiso ya ntlha ba neng ba bo tlodisitse matlho.”

Baebele ya Sepotokisi e a Konelwa

Fa Almeida a swa, tlhotlheletso e e neng e le teng ya gore Baebele ya Sepotokisi e tokafadiwe le go gatisiwa kwa Batavia e ne ya nyelela. Barongwa ba kwa Denmark ba ba dirang kwa Tranquebar, kafa borwa jwa India, ba ne ba kopa Mokgatlho wa kwa London o o Rotloetsang Bakeresete go nna le Kitso gore o duelele go gatisiwa ga kgatiso ya boraro ya Tesetamente e Ntšha ya ga Almeida ka 1711.

Mokgatlho oo o ne wa swetsa ka gore tiro ya go gatisa e direlwe kwa Tranquebar. Le fa go ntse jalo, mo tseleng ya go ya India, sekepe se se neng se rwele didirisiwa tsa go gatisa le Dibaebele tsa Sepotokisi se ne sa thopiwa ke magodu a mo lewatleng a Bafora mme kgabagare ba se tlogela mo boemakepeng jwa Rio de Janeiro, kwa Brazil. Santos Ferreira o kwala jaana: “Ka ntlha ya lebaka lengwe le le sa tlhalosegeng le maemo mangwe a a ka tsewang e le kgakgamatso, dibokoso tse di neng di na le didirisiwa tsa go gatisa di ne tsa fitlhelwa di le mo maemong a a siameng mo lefelong le le kwa tlase le le tsenyang dithoto, mme sone sekepe seo se ne sa rwala dithoto tseo go ya kwa Tranquebar.” Barongwa ba kwa Denmark ba ne ba tokafatsa ka kelotlhoko thanolo ya ga Almeida ya dibuka tse di setseng tsa Baebele mme ba e gatisa. Bolumo ya bofelo ya Baebele ya Sepotokisi e ne ya gatisiwa ka 1751, dingwaga di ka nna 110 morago ga gore Almeida a simolole tiro ya gagwe ya go ranola Baebele.

Boswa jo bo Nnetseng Ruri

Go tloga Almeida a sa ntse a le mosha, o ne a lemoga gore go tlhokega Baebele ya Sepotokisi gore batho ba ba tlwaelegileng ba kgone go tlhaloganya boammaaruri ka puo ya bone. O ne a itshoka botshelo jwa gagwe jotlhe gore a kgone go fitlhelela mokgele oo, go sa kgathalesege gore Kereke ya Katoliki e ne e mo ganetsa, dithaka tsa gagwe di sena sepe le ene, mathata a a sa feleng a gore thanolo ya gagwe e nne e tokafadiwa le botsogo jwa gagwe jo bo neng bo ntse bo koafala. Boitshoko jwa gagwe bo ne jwa duelwa.

Batho ba le bantsi ba ba buang Sepotokisi ba Almeida a neng a ba rerela ba fokotsegile, ba bangwe ga ba tlhole ba le teng mme Baebele yone e ne ya falola. Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, Mokgatlho wa Boritane le wa Dinaga di Sele wa Baebele mmogo le Mokgatlho wa Baebele wa Amerika e ne ya anamisa dikhopi di le diketekete tsa thanolo ya ga Almeida kwa Portugal le kwa metseng e e mo lobopong ya Brazil. Mme ka ntlha ya seo, go fitlha gompieno Dibaebele tse di tswang mo mokwalong wa gagwe wa bogologolo ke tsone tse di itseweng thata le tse di anamisiwang thata mo dinageng tsa batho ba ba buang Sepotokisi.

Ga go pelaelo gore ba le bantsi ba leboga baranodi ba Baebele ba ntlhantlha ba ba jaaka Almeida. Mme re tshwanetse go leboga Jehofa fela thata, Modimo yo o ratang go buisana le rona, yo “thato ya gagwe e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4) Totatota ke Ene yo o neng a dibela lefoko la gagwe mme a dira gore le nne teng gore re solegelwe molemo. E kete ka metlha re ka rata le go ithuta ka tlhoafalo ‘letlotlo leno le le tlhwatlhwakgolo’ le le tswang kwa go Rraarona yo o kwa legodimong.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Mo halofong ya bobedi ya lekgolo la bo16 la dingwaga, Kereke ya Katoliki e ne ya dirisa Index of Forbidden Books (Lenaane la Dibuka tse di Thibetsweng) go dira dithibelo tse di masisi tse di malebana le go dirisiwa ga Dibaebele tsa dipuo tse dingwe. Go ya ka The New Encyclopædia Britannica, lenaane leno le ne la “thibela gotlhelele tiro ya Katoliki ya go ranola ka dingwaga tse 200 tse di neng tsa latela.”

^ ser. 8 Dikgatiso tsa bogologolo tsa Baebele ya ga Almeida di mmitsa Padre (Rara) Almeida, e leng se se neng sa dira gore bangwe ba akanye gore o ne a kile a nna moruti wa Katoliki. Le fa go ntse jalo, barulaganyi ba Ba-Dutch ba Baebele ya ga Almeida ba ne ba dirisa leina leo ka phoso ba akanya gore ke leina le le dirisiwang ke baruti.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

LEINA LA MODIMO

Sekai se se tshwanelwang ke go elwa tlhoko sa kafa Almeida a neng a supa go ikanyega ka gone jaaka moranodi ke kafa a dirisitseng leina la Modimo ka gone go ranola ditlhaka tse nnè tsa Sehebera.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Cortesia da Biblioteca da Igreja de Santa Catarina (Igreja dos Paulistas)

[Mmapa mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LEWATLE LA ATLANTIC

PORTUGAL

Lisbon

Torre de Tavares

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Batavia mo lekgolong la bo17 la dingwaga

[Credit line]

From Oud en Nieuw Oost-Indiën, Franciscus Valentijn, 1724

[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Tsebe e setlhogo se leng mo go yone ya Tesetamente e Ntšha ya ntlha ka Sepotokisi, e e gatisitsweng ka 1681

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy Biblioteca Nacional, Portugal