Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo se Ka Lwa Busetsa Ope Bosula ka Bosula”

“Lo se Ka Lwa Busetsa Ope Bosula ka Bosula”

“Lo se Ka Lwa Busetsa Ope Bosula ka Bosula”

“Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe.”—BAROMA 12:17.

1. Ke boitshwaro bofe jo bo tlwaelegileng?

FA NGWANA a kgoromediwa ke yo mongwe, gantsi le ene o a mo ikgoromeletsa. Ka maswabi, ga se bana fela ba ratang go ipusolosetsa jalo. Bagolo ba le bantsi le bone ba a go dira. Fa mongwe a ba kgopisa, ba batla go ipusolosetsa. Gone ke boammaaruri gore gantsi bagolo ba ka se kgorometsane ka tsela ya mmatota, mme gone ba tla ipusolosetsa ka ditsela tse di sa lemotshegeng. Ba ka nna ba seba motho yo o ba kgopisitseng ba mo senya leina kgotsa ba batla ditsela tsa go mo thibela gore a se ka a atlega. Le fa ba ka dirisa mokgwa le fa e le ofe, boikaelelo bo a tshwana, ke go ipusolosetsa.

2. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa ineele mo keletsong ya go ipusolosetsa? (b) Re tla sekaseka dipotso dife le kgaolo efe ya Baebele?

2 Le fa keletso ya go ipusolosetsa e tseneletse, Bakeresete ba boammaaruri ga ba ineele mo go yone. Mo boemong jwa moo, ba leka go latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.” (Baroma 12:17) Ke eng se se tla re rotloetsang go tshela ka molao oo wa maemo a a kwa godimo? Ke bomang segolobogolo ba re sa tshwanelang go ipusolosetsa ka bosula mo go bone? Re tla bona melemo efe fa re sa itetle go ipusolosetsa ka bosula? E le gore re arabe dipotso tseo, a re tlhatlhobeng kgang e e dikologileng mafoko ano a ga Paulo mme re bone kafa Baroma kgaolo 12 e bontshang ka teng gore go se ipusolosetse go siame, go bontsha lorato le boingotlo. Re tla sekaseka dintlha tseno tse tharo, ka bongwe ka bongwe.

“Ka Gone Ke a Lo Rapela”

3, 4. (a) Go simolola ka Baroma kgaolo 12, Paulo o tlhalosa eng, mme lebaka la go bo a dirisa polelwana “ka gone” le kaya eng? (b) Bopelotlhomogi jwa Modimo bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa ama Bakeresete ba kwa Roma jang?

3 Go simolola mo go kgaolo 12, Paulo o tlotla ka dikgang tse nnè tse di tsamaisanang tse di amang botshelo jwa Mokeresete. O tlhalosa kamano ya rona le Jehofa, le badumedi ka rona, le ba ba sa dumeleng, mmogo le babusi. Paulo o bontsha gore go na le lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go tila ditshekamelo tse di phoso, go akaretsa keletso ya go ipusolosetsa, fa a re: “Ka gone ke a lo rapela ka mapelotlhomogi a Modimo, bakaulengwe.” (Baroma 12:1) Ela tlhoko polelwana e e reng “ka gone,” e e kayang gore “ka ntlha ya se se setseng se boletswe.” Tota Paulo a re, ‘Ka ntlha ya se ke setseng ke se lo tlhaloseditse, ke lo rapela gore lo dire jaana.’ Paulo o ne a tlhaloseditse Bakeresete bao ba kwa Roma eng?

4 Mo dikgaolong tsa ntlha tse 11 tsa lekwalo la ga Paulo, o ne a tlhalosa tshiamelo e e molemo e e bulegetseng Bajuda mmogo le Baditšhaba gore ba nne babusi le Keresete mo Bogosing jwa Modimo, tsholofelo e Baiseraele ba tlholego ba ileng ba se ka ba e amogela. (Baroma 11:13-36) Tshiamelo eo e e molemolemo e ne ya nna teng fela “ka mapelotlhomogi a Modimo.” Bakeresete ba tshwanetse ba arabela jang bopelonomi jono jo bogolo jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo? Dipelo tsa bone di tshwanetse go tlala ka kanaanelo e kgolo mo e leng gore ba ka tlhotlheletsega go dira se Paulo a se buang morago ga moo: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Baroma 12:1) Mme Bakeresete bao tota ba ne ba ka ikisa “setlhabelo” go Modimo jang?

5. (a) Motho a ka ikisa jang “setlhabelo” go Modimo? (b) Ke molaomotheo ofe o o tshwanetseng wa laola boitshwaro jwa Mokeresete?

5 Paulo o tswelela pele ka go tlhalosa jaana: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Mo boemong jwa go letla moya wa lefatshe o bopa tsela e ba akanyang ka yone, ba ne ba tshwanetse go fetola megopolo ya bone gore e tsamaisane le tsela ya ga Keresete ya go akanya. (1 Bakorintha 2:16; Bafilipi 2:5) Molaomotheo oo o tshwanetse go tlhotlheletsa boitshwaro jwa letsatsi le letsatsi jwa Bakeresete botlhe ba boammaaruri, go akaretsa le rona gompieno.

6. Fa re dirisa tsela e Paulo a bayang mabaka ka yone e e mo go Baroma 12:1, 2, ke eng se se re rotloetsang gore re tile go ipusolosetsa?

6 Tsela e Paulo a bayang mabaka ka yone mo go Baroma 12:1, 2 e re thusa jang? Fela jaaka Bakeresete bale ba ba tloditsweng ka moya ba kwa Roma, re anaanela thata bopelotlhomogi jo bo sa kgaotseng le jo bo bontshiwang ka ditsela tse dintsi jo Modimo a re bo neileng e bile a ntse a re bo naya letsatsi le letsatsi. Ka gone, pelo e e tletseng kanaanelo e re rotloetsa go direla Modimo ka maatla otlhe a rona, ka sotlhe se re nang le sone le ka bokgoni jotlhe jwa rona. Gape keletso eo e e tswang mo pelong e re tlhotlheletsa gore re dire sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra akanya jaaka lefatshe mme re akanye jaaka Keresete. Mme go nna le mogopolo wa ga Keresete go ama tsela e re dirisanang ka yone le ba bangwe—badumedi ka rona mmogo le ba e seng badumedi. (Bagalatia 5:25) Ka sekai: Fa re akanya jaaka Keresete, re ikutlwa re patelesega go gana maikutlo a gore re ipusolosetse.—1 Petere 2:21-23.

“A Lorato Lwa Lona lo Nne Lo lo Se Nang Boitimokanyo”

7. Go tlhalosiwa lorato lwa mofuta ofe mo go Baroma kgaolo 12?

7 Re tila go busetsa bosula ka bosula e seng fela ka gonne go dira jalo go siame mme gape ka gonne go bontsha lorato. Ela tlhoko kafa go tswa foo moaposetoloi Paulo a tlhalosang boitlhomo jwa lorato ka teng. Mo bukeng ya Baroma, Paulo o dirisa lefoko “lorato” (a·gaʹpe ka Segerika) gantsintsi a bua ka lorato lwa Modimo le lwa ga Keresete. (Baroma 5:5, 8; 8:35, 39) Le fa go ntse jalo, mo go kgaolo 12, Paulo o dirisa a·gaʹpe ka tsela e nngwe—a bua ka lorato lo batho ba lo bontshang ba bangwe. Fa Paulo a sena go bolela gore dimpho tsa semoya ga di tshwane mme bangwe ba badumedi ba na le tsone, o umaka nonofo e Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go nna le yone. A re: “A lorato lwa lona lo nne lo lo se nang boitimokanyo.” (Baroma 12:4-9) Go bontsha ba bangwe lorato ke letshwao la konokono la Bakeresete ba boammaaruri. (Mareko 12:28-31) Paulo o re gakolola gore re tlhomamise gore jaaka Bakeresete re bontsha lorato lwa mmatota.

8. Re ka bontsha jang lorato lo lo se nang boitimokanyo?

8 Morago ga moo, Paulo o bontsha kafa lorato lo lo se nang boitimokanyo lo bontshiwang ka teng, a re: “Tlhoang se se boikepo, ngaparelang se se molemo.” (Baroma 12:9) ‘Go tlhoa’ le ‘go ngaparela’ ke mafoko a a nang le bokao jo bo tseneletseng. ‘Go tlhoa’ go ka ranolwa go twe ‘go ila thata.’ Re tshwanetse go ila e seng fela ditlamorago tsa bosula mme le jone bosula ka bojone. (Pesalema 97:10) Lefoko la ‘go ngaparela’ le ranotswe go tswa mo lediring la Segerika le ka tlhamalalo le kayang ‘go kgomaretsa.’ Mokeresete yo o nang le lorato lwa mmatota o kgomaretse nonofo ya bomolemo thata mo e fetogang karolo e e feletseng ya botho jwa gagwe.

9. Paulo o naya kgakololo efe gangwe le gape?

9 Gangwe le gape Paulo o umaka tsela nngwe e re ka bontshang lorato ka yone. A re: “Nnang lo segofatse ba ba bogisang; segofatsang mme lo se ka lwa hutsa.” “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.” “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa.” “Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Baroma 12:14, 17-19, 21) Mafoko a ga Paulo a re bontsha sentle gore re tshwanetse go tshwara batho ba ba sa dumeleng jang, tota le ba ba re ganetsang.

“Nnang lo Segofatse ba ba Bogisang”

10. Re ka segofatsa jang ba ba re bogisang?

10 Re diragatsa jang kgakololo eno ya ga Paulo: “Nnang lo segofatse ba ba bogisang”? (Baroma 12:14) Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:44; Luke 6:27, 28) Ka jalo, tsela nngwe e re segofatsang ba ba re bogisang ka yone ke ka go ba rapelela, re kopa Modimo gore fa bangwe ba re ganetsa ka ntlha ya go tlhoka kitso, Jehofa a ba bule matlho gore ba bone boammaaruri. (2 Bakorintha 4:4) Gone ke boammaaruri gore go ka lebega go sa tlwaelega go kopa Modimo gore a segofatse mongwe yo o go bogisang. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re leka gore tsela ya rona ya go akanya e tshwane le ya ga Keresete, re tla kgona go bontsha baba ba rona lorato. (Luke 23:34) Go bontsha lorato jalo go ka nna le diphelelo dife?

11. (a) Sekao sa ga Setefane se ka re ruta eng? (b) Jaaka botshelo jwa ga Paulo bo bontshitse, babogisi bangwe ba ka fetoga jang?

11 Setefane le ene o ne a rapelela babogisi ba gagwe, mme thapelo ya gagwe e ne ya arabiwa. Lobakanyana fela morago ga Pentekosete ya 33 C.E., Setefane o ne a tshwarwa ke baganetsi ba phuthego ya Bokeresete, a gogelwa kwa ntle ga Jerusalema, mme a kgobotlediwa ka maje. Pele a swa, o ne a goa a re: “Jehofa, o se ka wa ba balela boleo jono.” (Ditiro 7:58–8:1) Mongwe wa banna ba Setefane a neng a ba rapelela letsatsi leo e ne e le Saulo, yo o neng a bona Setefane a bolawa e bile a dumalana le gone. Moragonyana, Jesu yo o tsositsweng o ne a bonala mo go Saulo. Ene motho yono yo e kileng ya bo e le mmogisi o ne a nna molatedi wa ga Keresete a ba a nna moaposetoloi Paulo, ene yo o kwadileng lekwalo le le yang go Baroma. (Ditiro 26:12-18) Go dumalana le thapelo ya ga Setefane, go lebega Jehofa a ile a itshwarela Paulo boleo jwa go nna mmogisi. (1 Timotheo 1:12-16) Ke sone se Paulo a ileng a kgothatsa Bakeresete a re: “Nnang lo segofatse ba ba bogisang”! O ne a itse ka se se mo diragaletseng gore kgabagare babogisi bangwe ba ka nna ba fetoga batlhanka ba Modimo. Mo motlheng wa rona, babogisi bangwe le bone ba nna badumedi ka ntlha ya go rata kagiso ga batlhanka ba ga Jehofa.

“Agisanang le Batho Botlhe”

12. Mafoko a kgakololo a a mo go Baroma 12:9, 17 a amana jang?

12 Kgakololo e e latelang ya ga Paulo malebana le kafa re tshwanetseng go tshwara ka teng badumedi le batho ba e seng badumedi ya re: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.” Mafoko ao a golagana sentle le se a se buileng pelenyana a re: “Tlhoang se se boikepo.” Aitsane, motho a ka bolela jang gore ruri o tlhoile se se boikepo, kgotsa se se bosula, mme a busolosetsa ba bangwe ka jone? Go dira jalo e tla bo e se go nna le lorato “lo lo se nang boitimokanyo.” Go tswa foo Paulo a re: “Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe.” (Baroma 12:9, 17) Re ka dirisa mafoko ao jang?

13. Re itshwara jang “mo ponong ya batho botlhe”?

13 Pelenyana, mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a kwala kaga pogiso e baaposetoloi ba neng ba lebane le yone. O ne a re: “Re fetogile selo sa go bogelwa ke lefatshe, le ke baengele, le ke batho. . . . Fa re gobololwa, re a segofatsa; fa re bogisiwa, re a itshoka; fa re senngwa leina, re a rapela.” (1 Bakorintha 4:9-13) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba lebeletswe ke batho ba lefatshe leno. Fa batho ba ba re dikologileng ba bona dilo tse di molemo tse re di dirang le fa re sa tshwarwe sentle, ba ka nna ba kgatlhegela molaetsa wa rona wa Bokeresete.—1 Petere 2:12.

14. Re tshwanetse go ya bokgakaleng bofe gore re agisane le ba bangwe?

14 Mme re tshwanetse go ya bokgakaleng bofe gore re agisane? Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang. Paulo o raya bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete a re: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” (Baroma 12:18) Dipolelwana tse di reng “fa go kgonega” le “kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona” di bontsha gore go agisana le ba bangwe go ka nna ga se kgonege ka dinako dingwe. Ka sekai, re ka se ka ra roba molao wa Modimo fela gore re agisane le batho. (Mathaio 10:34-36; Bahebera 12:14) Le fa go ntse jalo, re dira sengwe le sengwe se tota re ka se kgonang—re sa robe melaometheo e e siameng—gore re agisane “le batho botlhe.”

“Lo se Ka Lwa Ipusolosetsa”

15. Mo go Baroma 12:19 ke lebaka lefe le le neetsweng la gore re se ka ra ipusolosetsa?

15 Paulo o naya lebaka le lengwe gape le le re kgothaletsang gore re se ka ra ipusolosetsa; go dira jalo go bontsha boingotlo. A re: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” (Baroma 12:19) Mokeresete yo o lekang go ipusolosetsa o ipagololela mogodu. O dira tiro e tota e leng ya Modimo. (Mathaio 7:1) Mo godimo ga moo, fa a ipusolosetsa, o bontsha gore ga a tshepe mafoko ano a ga Jehofa: “Ke tla duela.” Mo boemong jwa moo, Bakeresete ba boammaaruri ba ikanya Jehofa gore o tla “dira gore ba ba tlhophilweng ba gagwe . . . ba direlwe tshiamiso.” (Luke 18:7, 8; 2 Bathesalonika 1:6-8) Ka boingotlo ba tlogelela Modimo gore e nne ene a busolosang bosula.—Jeremia 30:23, 24; Baroma 1:18.

16, 17. (a) Go “koelela magala a a tukang mo tlhogong” ya mongwe go kaya eng? (b) A wena ka namana o bone kafa bopelonomi bo ileng jwa nolofatsa pelo ya motho yo e seng modumedi ka teng? Fa go le jalo, naya sekai.

16 Go ipusolosetsa mo mmabeng go ka nna ga mo thatafatsa pelo, mme go dirisana le ene ka bopelonomi go ka mo nolofatsa pelo. Ka ntlha yang? Ela tlhoko mafoko a Paulo a a kwaletseng Bakeresete kwa Roma. A re: “Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fepe; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe; gonne ka go dira seno o tla bo o koelela magala a a tukang mo tlhogong ya gagwe.” (Baroma 12:20; Diane 25:21, 22) Seo se kayang?

17 Go “koelela magala a a tukang mo tlhogong ya gagwe” ke sekapuo se se tserweng mo mokgweng wa go nyerolosa ditshipi mo metlheng ya Baebele. Lenyatshipi le ne le tsenngwa mo leubelong go bo go koelwa magala kafa tlase le mo godimo ga lone. Magala a a fisang a a koetsweng fa godimo a ne a oketsa mogote gore tshipi e bo e nyerologe mme e lomologe mo go se e seng tshipi tota. Ka tsela e e tshwanang, fa re direla moganetsi tiro e e molemo, re ka nna ra dira se go ka tweng ke go nyerolola go nna thata ga gagwe mme a feleletsa a bontsha dinonofo tsa gagwe tse di botoka. (2 Dikgosi 6:14-23) E bile tota, maloko a le mantsi a phuthego ya Bokeresete a ne a gogelwa mo kobamelong ya boammaaruri la ntlha ke ditiro tse di molemo tse ba neng ba di direlwa ke batlhanka ba ga Jehofa.

Lebaka La go Bo re Sa Ipusolosetse

18. Ke ka ntlha yang fa go sa ipusolosetse go siame, e bile go bontsha lorato le boingotlo?

18 Mo tlhalosong eno e khutshwane ya Baroma kgaolo 12, re bone mabaka a le mmalwa a botlhokwa a go bo re ‘sa busetse bosula ka bosula mo go ope.’ La ntlha, go se ipusolosetse ke mokgwa o o siameng. E re ka Modimo a re bontshitse bopelotlhomogi, go tshwanetse e bile go a utlwala gore re ineele mo go Jehofa mme re ikobele melao ya gagwe ka go rata—go akaretsa le molao wa gore re rate baba ba rona. La bobedi, go gana go busolosetsa bosula ka bosula go bontsha lorato. Fa re tlogela go ipusolosetsa mme re berekela gore go nne le kagiso, re solofela ka lorato go thusa tota le baganetsi bangwe ba ba bogale gore ba fetoge baobamedi ba ga Jehofa. La boraro, go se busolose bosula ka jo bongwe go supa boingotlo. Go ipusolosetsa go tla bo go bontsha go ipagololela mogodu ka gonne Jehofa a re: “Pusoloso ke ya me.” Gape Lefoko la Modimo le tlhagisa jaana: “A boikgodiso bo tlile? Foo tlontlologo e tla tla; mme botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2) Fa ka botlhale re tlogelela Modimo gore e nne ene a busolosang bosula re tla bo re bontsha gore re boingotlo.

19. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Paulo o konela tlhaloso ya gagwe ya kafa re tshwanetseng go tshwara ba bangwe ka teng. O gakolola Bakeresete jaana: “Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Baroma 12:21) Re lebane le dilo dife tse di re tlhotlheletsang mo bosuleng gompieno? Re ka di fenya jang? Dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe tse di tsamaisanang le tsone di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

A o Ka Tlhalosa?

• Mo go Baroma kgaolo 12, go fitlhelwa kgakololo efe gangwe le gape?

• Ke eng se se tla re rotloetsang gore re se ka ra ipusolosetsa?

• Rona le ba bangwe re ka bona melemo efe fa re sa ‘busetse bosula ka bosula’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Baroma kgaolo 12 e tlhalosa kamano ya Mokeresete le

• Jehofa

• badumedi ka ene

• ba e seng badumedi

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Lekwalo le Paulo a le kwaletseng Baroma le naya Bakeresete kgakololo e e mosola

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Sekai sa ga morutwa Setefane se ka re ruta eng?