Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tharabololo Ya go Se Batle go Itshokela Ditso Tse Dingwe ke Efe?

Tharabololo Ya go Se Batle go Itshokela Ditso Tse Dingwe ke Efe?

Tharabololo Ya go Se Batle go Itshokela Ditso Tse Dingwe ke Efe?

MOLAOLAMOTSHAMEKO mongwe wa kwa Spain o emisa motshameko wa kgwele ya dinao. Ka ntlha yang? Ka gonne babogedi ba bantsi ba roga motshameki wa kwa Cameroon mo a batlang go tswa mo lebaleng. Kwa Russia go tlwaelegile gore batho ba ba tswang kwa Afrika, Asia le kwa Latin America ba tlhaselwe ka dikgoka; mo ngwageng wa 2004, ditiragalo tsa go tlhaselwa ga batho ba ditso tse dingwe kwa Russia di tlhatlogile ka diperesente di le 55 mme tsa nna 394 ka 2005. Kwa Boritane teng, nngwetharong ya Ba-Asia le bantsho ba ba neng ba tsibogela patlisiso nngwe ba ne ba akanya gore ba ne ba kobilwe mo tirong ka ntlha ya go tlhaolwa ka lotso. Dikai tseno di bontsha sentle gore ono ke mokgwa o o anameng lefatshe ka bophara.

Batho ba ba tlhoileng batho ba ditso tse dingwe ba ba tlhoa ka selekanyo se se sa tshwaneng—bangwe ba go dira ka go tlhapatsa batho ba ditso tse dingwe kana go bua mafoko a a tlhabang ba sa akanyetse maikutlo a bone, fa ba bangwe bone ba ya bokgakaleng jwa gore ba leke go bolaya batho ba ditso tse dingwe ba re ke molao wa setšhaba. * Tota ke eng selo sa konokono se se dirang gore batho ba se ka ba itshokela ditso tse dingwe? Re ka dira eng gore re se ka ra nna le bothata joo? A go a utlwala go nna le tsholofelo ya gore letsatsi lengwe malapa otlhe mo lefatsheng a tla kgona go tshela mmogo ka kagiso? Baebele e re naya tshedimosetso e e kgatlhang ka kgang eno.

Kgatelelo le Letlhoo

Baebele ya re: “Pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” (Genesise 8:21) Ke gone ka moo batho ba bangwe ba itumelelang go gatelela ba bangwe. Gape Baebele e bolela jaana: “Bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi; mme mo letlhakoreng la bagateledi ba bone go ne go na le maatla.”—Moreri 4:1.

Baebele e bontsha gape gore go tlhoana ga ditso go sa le go nna teng go tswa bogologolo. Ka sekai, mo lekgolong la bo18 la dingwaga pele ga Motlha wa Rona, Faro wa kwa Egepeto o ne a laletsa Jakobe wa Mohebera le lelapa la gagwe le legolo gore ba tle go nna mo Egepeto. Le fa go ntse jalo, moragonyana Faro yo mongwe o ne a ikutlwa a tshosiwa ke setlhopha seno se segolo sa bafaladi. Mme ka ntlha ya seo pego ya re: “Mme ya raya batho ba yone ya re: ‘Bonang! Batho ba bomorwa Iseraele ba bantsi e bile ba thata go re feta. Tlang! A re dirisaneng le bone ka botlhale, e se re kgotsa ba ntsifala.’ . . . Ka jalo ba ba tlhomela balaodi bao ba ba patelelang go dira tiro e e boima ka boikaelelo jwa go ba gatelela mo go sikareng mekgweleo ga bone.” (Ekesodo 1:9-11) Baegepeto ba ne ba bo ba laela gore basimanyana botlhe ba ba sa tswang go tsholwa ba e neng e le ba lotsalo lwa ga Jakobe ba bolawe.—Ekesodo 1:15, 16.

Ke Eng se se Bakileng Bothata Jono?

Tota madumedi a lefatshe ga a ise a dire sepe se se kalo go leka go thibela go se itshokelane ga ditso. Le fa gone go le boammaaruri gore batho bangwe ba ne ba nna digatlhamelamasisi mme ba leka go thibela kgatelelo, gantsi bodumedi jone bo ne bo ema le bagateledi. Seno se ne sa direga le kwa United States, kwa molao wa teng o neng o gatelela go laola batho ba bantsho le go ba bolaya, mme le melao e e thibelang go nyalana ga batho ba ditso se di farologaneng e ne ya tswelela go fitlha ka 1967. Go ne go ntse jalo le kwa Afrika Borwa ka nako ya tlhaolele fa batho ba le mmalwa ba ne ba sireletsa maemo a bone a a kgethegileng ka go baya melao e e neng e akaretsa go thibela manyalo a batho ba ditso tse di sa tshwaneng. Mo maemong ano otlhe, bangwe ba batho ba ba neng ba tswa mo setsong se se neng se ema nokeng go se itshokelane ga ditso e ne e le batho ba ba tseneletseng thata mo bodumeding.

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa lebaka le lengwe gape la konokono le le bakang go se itshokelane ga ditso. E tlhalosa lebaka la go bo batho ba ditso tse dingwe ba gatelela ba bangwe. Ya re: “Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato. Fa mongwe a bua mafoko a a reng: ‘Ke rata Modimo,’ mme le fa go ntse jalo a tlhoile mokaulengwe wa gagwe, ke moaki. Ka gonne yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Johane 4:8, 20) Mafoko ano a tlhalosa lebaka la konokono la go bo ditso di sa kgone go itshokelana. Batho ba dira seno—le fa ba ka tswa ba ipolela gore ke badumedi kana e se bone—gonne ga ba ise ba itse Modimo kana ba mo rate.

Go Itse Modimo ke Gone go Dirang Gore Batho ba Ditso Tse di Farologaneng ba Utlwane

Go itse Modimo le go mo rata go thusa jang gore batho ba ditso tse di farologaneng ba utlwane? Lefoko la Modimo le na le tshedimosetso efe e e thibelang batho gore ba se ka ba utlwisa ba ba sa tshwaneng le bone botlhoko? Baebele ya re Jehofa ke Rre wa batho botlhe. Ya re: “Mo go rona go na le Modimo a le mongwe e bong Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene.” (1 Bakorintha 8:6) E tswelela jaana: “O dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe.” (Ditiro 17:26) Ka jalo, totatota batho botlhe ke barwarre.

Ka jalo batho ba ditso tsotlhe ba ka itumelela gore ba amogetse botshelo mo Modimong, mme gone botlhe ba na le sengwe se se ba hutsafatsang ka bagologolwane ba bone. Mokwadi wa Baebele e bong Paulo o ne a re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe.” Ka jalo, “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23; 5:12) Jehofa ke Modimo yo o ratang dilo tse di mefutafuta—ga go dibopiwa tse pedi tse di tshwanang kgo. Le fa go ntse jalo, ga go setso se a se dirileng gore se ikutlwe se gaisa se sengwe. Boikutlo jo batho ba nang le jone jwa gore setso sa bone se botoka go feta sa ba bangwe bo ganetsana le boammaaruri jo bo mo Dikwalong. Ga go pelaelo gore kitso e re e bonang mo Modimong e rotloetsa gore batho ba ditso tse di farologaneng ba utlwane.

Modimo o Amegile ka Ditšhaba Tsotlhe

Bangwe ba ipotsa gore a Modimo o ne a rotloetsa go gobelela mo ditsong ka go rata Baiseraele le go ba ruta gore ba nne ba itlhaotse mo bathong ba ditšhaba tse dingwe. (Ekesodo 34:12) Nako nngwe, Modimo o ne a tlhopha setšhaba sa Iseraele gore e nne boswa jwa gagwe jo bo kgethegileng ka ntlha ya tumelo e e tlhomologileng e rraabonemogologolwane e bong Aborahame a neng a na le yone. Modimo o ne a busa Iseraele wa bogologolo ka boene, a ba tlhophela babusi mme a ba naya le melao e ba tshwanetseng go e latela. Fa Baiseraele ba ne ba amogela thulaganyo eo, batho ba bangwe ba ne ba kgona go bona matswela a go busiwa ke Modimo go farologana le se se neng se direga mo ditšhabeng tse dingwe tse di neng di busiwa ke batho. Gape mo go one motlha oo, Jehofa o ne a ruta Baiseraele gore go ne go tlhokega gore ba dire ditlhabelo gore ba boele ba nne le kamano e e molemo le Modimo. Ka jalo tsela e Jehofa a neng a dirisana le Iseraele ka yone e ne e solegela ditšhaba tsotlhe molemo. Seno se ne se dumalana le se a neng a se boleletse Aborahame: “Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.”—Genesise 22:18.

Mo godimo ga moo, Bajuda ba ne ba nna le tshiamelo ya go amogela ditaelo tsa Modimo le go nna setšhaba se Mesia a neng a tsholelwa mo go sone. Mme seno le sone se ne se tlile go solegela ditšhaba tsotlhe molemo. Dikwalo tsa Sehebera tse di neng tsa newa Bajuda di tlhalosa nako e e itumedisang e mo go yone batho ba ditso tsotlhe ba tlileng go amogela masego a magolo: “Ditšhaba di le dintsi di tla ya mme di re: ‘Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe’ . . . Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape. Mme ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.”—Mika 4:2-4.

Le fa gone Jesu Keresete ene a ne a rerela Bajuda, o ne a ba raya gape a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Ga go setšhaba se se neng se se kitla se utlwa dikgang tse di molemo. Ka jalo Jehofa o tlhomile sekao se se molemo sa gore batho ba ditso tsotlhe ba tshwarwe ka tsela e e tshwanang. “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

Gape melao e Modimo a neng a e naya setšhaba sa bogologolo sa Iseraele e bontsha gore o kgathalela ditšhaba tsotlhe. Ela tlhoko kafa Molao o neng o sa tlhoke fela gore batho ba e seng Baiseraele ba ba neng ba nna mo nageng eo ba itshokelwe, fa o re: “Moagi wa moeng yo o agileng le lona e le moeng o tshwanetse go nna jaaka motho wa mo lefatsheng la ga lona; mme o mo rate jaaka o ithata, gonne lo ne lwa nna baagi ba baeng kwa lefatsheng la Egepeto.” (Lefitiko 19:34) Melao e le mentsi ya Modimo e ne e ruta Baiseraele gore ba nne pelonomi mo bafalading. Ke gone ka moo e neng ya re fa Boase, e bong rraagwemogologolwane wa ga Jesu a bona mosadi yo o tlhokang wa motswakwa a ronopa, a neng a dira go dumalana le se a ithutileng sone mo Modimong fa a ne a tlhomamisa gore barobi ba tlogelele mosadi yono ditlhaka tse di lekaneng gore a ronope.—Ruthe 2:1, 10, 16.

Jesu o re Ruta Bopelonomi

Jesu o ne a senola kitso ya Modimo go feta le fa e ka nna mang yo mongwe. O ne a bontsha balatedi ba gagwe kafa ba ka nnang pelonomi ka gone mo bathong ba ba farologaneng le bone. O kile a simolola motlotlo le mosadi wa Mosamarea. Basamarea e ne e le batho ba setso se Bajuda ba le bantsi ba neng ba se nyatsa, ka jalo mosadi yono o ne a gakgamala tota. Fa ba ntse ba tlotla, Jesu o ne a thusa mosadi yono ka bopelonomi gore a tlhaloganye kafa a ka bonang botshelo jo bo sa khutleng ka gone.—Johane 4:7-14.

Gape Jesu o ne a re ruta kafa re tshwanetseng go tshwara batho ba ditso tse dingwe ka gone fa a ne a dira setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo. Monna yono o ne a bona Mojuda yo o neng a gobetse thata morago ga go tlhaselwa ke dikebekwa. Go ne go ka nna motlhofo gore Mosamarea a ipolelele fela gore: ‘Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go thusa Mojuda? Bajuda ba tlhoile batho ba gaetsho.’ Mme Jesu o ne a re Mosamarea yono o ne a leba batho ba ditšhaba tse dingwe ka tsela e e farologaneng. Le fa gone batsamai ba bangwe ba ne ba fetile monna yono yo o gobetseng, Mosamarea ene o ne “a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo” mme a mo thusa fela thata. Jesu o ne a konela setshwantsho seno ka go bua gore mongwe le mongwe yo o batlang go amogelwa ke Modimo o tshwanetse go dira fela jalo.—Luke 10:30-37.

Moaposetoloi Paulo o ne a ruta batho ba ba batlang go kgatlha Modimo gore ba fetole botho jwa bone mme ba etse tsela e Modimo a tshwarang batho ka yone. Paulo o ne a kwala jaana: “Apolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme lo apare botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaaruri go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa, koo go se nang Mogerika le fa e le Mojuda gone, go rupa le fa e le go sa rupa, motswakwa, Mosethia . . . Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakolosa 3:9-14.

A go Itse Modimo go Fetola Batho?

A tota go itse Jehofa Modimo go fetola tsela e batho ba dirisanang ka yone le batho ba ditso tse dingwe? Ela tlhoko maitemogelo a mofaladi mongwe yo o tswang kwa Asia mme a nna kwa Canada yo o neng a swaba tota fa a ne a tlhaolwa. O ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme ba simolola go ithuta Baebele le ene. Moragonyana o ne a ba kwalela lekwalo le a neng a ba leboga mo go lone mme a re: ‘Lo ne lo le basweu ba ba lorato le ba ba molemo. Fa ke lemoga gore lo ne lo farologane le basweu ba bangwe, ke ne ka ipotsa gore go tla jang. Ke ne ka akanya thata ka gone mme ka swetsa ka gore ke ka gonne lo le Basupi ba Modimo. Go tshwanetse ga bo go na le sengwe mo Baebeleng. Ke ne ka bona kwa dipokanong tsa lona ditlhopha tsa batho ba basweu, ba bantsho, ba ba borokwa, le ba basetlha ba dipelo tsa bone di neng di tshwana—di se na mmala—gonne e le barwarraamotho. Jaanong ke a itse gore batho bano ba ba molemo ba dirilwe ke mang. Ke Modimo wa lona.’

Lefoko la Modimo le bolelela pele nako e ka yone “lefatshe le tla tlala[ng] kitso ya ga Jehofa.” (Isaia 11:9) Tota le jaanong, e le go diragatsa boporofeti jwa Baebele, boidiidi jo bogolo jwa batho ba le dimilionemilione ba ba ‘tswang mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme,’ ba kopantswe ke kobamelo ya boammaaruri. (Tshenolo 7:9) Ba lebile pele go bona letlhoo le tseelwa sebaka ke lorato mo bathong ba lefatshe lotlhe ba go ise go ye kae ba tla diragatsang boikaelelo jwa ga Jehofa jo a neng a bo bolelela Aborahame: “Malapa otlhe a lefatshe a tla segofala mo losikeng lwa gago.”—Ditiro 3:25.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Lefoko “setso” le raya ditiro, mekgwa le ditumelo tsa morafe o o rileng tse di farologanang le tsa merafe e mengwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Molao wa Modimo o ne o ruta Baiseraele gore ba rate baagi ba baeng

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Re ka ithuta eng mo setshwantshong sa Mosamarea yo o molemo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Modimo ga a naya batho ba setso sepe lebaka la gore ba ikutlwe ba le kwa godimo ga ba bangwe