Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuto ya Baebele e Nonotsha Tumelo

Thuto ya Baebele e Nonotsha Tumelo

Thuto ya Baebele e Nonotsha Tumelo

MONGWE wa dialogane tsa setlhopha sa bo122 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade o ne a bolela jaana ka letsatsi la dikalogo: “Ruri re nnile le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go dirisa dikgwedi tse tlhano tse di fetileng re sekaseka dikakanyo tsa Mmopi wa rona e bile re ithuta go leba dilo kafa ene a di lebang ka teng. March 10, 2007, ke letsatsi le maloko a a 56 a setlhopha seno a tla nnang a le gopola. Ba ne ba tla tloga ba simolola tirelo ya borongwa kwa dinageng tse 26 tse ba neng ba abetswe kwa go tsone.

Theodore Jaracz wa Setlhopha se se Laolang o ne a amogela bareetsi ba ba 6 205 ka botsalano a bo a re: “Re tlhomamisegile gore go nna teng mo thulaganyong eno ya dikalogo go tla lo nonotsha mo semoyeng le mo tumelong.” O ne a rola dibui di le nnè ka go latelana ga tsone mme tsa naya baithuti kgothatso le kgakololo e e mo nakong, e e tswang mo Baebeleng e e tla ba thusang gore ba atlege mo dikabelong tsa bone tsa borongwa.

Ba Kgothalediwa go Nonotsha Tumelo ya ba Bangwe

Leon Weaver, yo e leng leloko la Komiti ya Lekala la United States o ne a bua ka setlhogo se se reng, “Nna o Dire se se Molemo.” O ne a gopotsa baithuti gore mongwe le mongwe wa bone o ne a dirisitse palogare ya dingwaga di le 13 mo tirelong ya nako e e tletseng a ruta thuto ya Baebele e e nonotshang tumelo. O ne a re: “Ke tiro e e molemo ka gonne e akaretsa go boloka matshelo a batho, mme sa botlhokwa le go feta, ke tiro e e molemo ka gonne e tlotlomatsa Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa.” Go tswa foo Mokaulengwe Weaver o ne a kgothaletsa baithuti gore ba tswelele pele ba ‘jalela moya le gore ba se ka ba ‘lesa go dira se se molemo.’—Bagalatia 6:8, 9.

David Splane, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a naya kgakololo e e mosola mo puong ya setlhogo se se reng, “Tlhomamisa Gore o Simolola Sentle.” Mokaulengwe Splane o ne a kgothaletsa barongwa ba basha gore ba simolole tiro ya bone kwa ba abetsweng teng sentle ka go dira jaana: “Nna o leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. O se ka wa itlhaganelela go dira ditshwetso. Nna botsalano. O se ka wa tshwayatshwaya diphoso. Ikokobetse, mme o tlotle bakaulengwe ba lefelo leo.” Go tswa foo o ne a oketsa a re: “Fela fa o goroga, tlhomamisa gore o simolola dilo sentle, mme e kete Jehofa a ka segofatsa dinao tsa gago tse dintle fa o ntse o isetsa batho ‘dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.’”—Isaia 52:7.

Motlhatlheledi wa Gileade e bong Lawrence Bowen o ne a tlotla ka setlhogo se se reng, “Boswa jo re Tlhomamisegang ka Jone.” Mokaulengwe Bowen o ne a gopotsa baithuti gore fa Sekolo sa Gileade se ne se tlhomiwa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, se ne se theilwe gotlhelele mo tumelong e e feletseng ya gore Lefoko la ga Jehofa la boporofeti le tla diragadiwa. (Bahebera 11:1; Tshenolo 17:8) Fa e sa le ka nako eo, Gileade e ntse e naya baithuti sebaka sa gore ba nonotshe tumelo ya bone. Tumelo e e nonofileng e tlhotlheletsa baalogi gore ba tsamaye ba bolela boammaaruri ka tlhoafalo.

Mark Noumair, motlhatlheledi yo mongwe wa Gileade, o ne a tlotla ka setlhogo se se kgatlhang se se reng, “O Nkgopotsa Mongwe.” O ne a tlotla ka sekai sa ga moporofeti Elisha, yo o neng a bontsha tumelo le bopelokgale mo kabelong ya gagwe. Mokaulengwe Noumair o ne a bolela jaana a theile mafoko a gagwe mo go 1 Dikgosi 19:21: “Elisha o ne a iketleeditse go dira diphetogo mo botshelong, go dira gore dilo tse di amang ene di tle morago, mme a bolele boikaelelo jwa ga Jehofa.” O ne a akgolela baalogi go bo ba bontshitse moya o o ntseng jalo mme a ba kgothatsa gore ba tswelele pele fela jalo mo dikabelong tsa bone tse disha.

Tumelo e Baka Kgololesego ya go Bua

Fa baithuti bano ba ba neng ba tlile go nna barongwa ba ntse ba nonotsha tumelo ya bone ka nako ya sekolo, ba ne ba dirisa mafelobeke go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo. Tiro ya bone e ne ya nna le maitemogelo a a molemo a a neng a anelwa a bo a direlwa dipontsho mo puong e e neng e neelwa ke motlhatlheledi yo mongwe wa Gileade e bong Wallace Liverance. Setlhogo sa puo ya gagwe se se reng, “Re Supa Tumelo ka Jalo re a Bua,” se ne se lebisitse go mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a fitlhelwang mo go 2 Bakorintha 4:13.

Morago ga puo eno, Daniel Barnes le Charles Woody, ba e leng maloko a lelapa la Bethele, ba ne ba botsolotsa bangwe ba e leng barongwa gone jaanong le ba e kileng ya bo e le barongwa. Bone ba ne ba gatelela gore Jehofa o tlhokomela le go segofatsa batho ba ba mo direlang ka boikanyegi. (Diane 10:22; 1 Petere 5:7) Morongwa mongwe o ne a akgela jaana: “Ruri thuto e re e neilweng mo Gileade e ne ya bontsha nna le mosadi wa me kafa Jehofa a re tlhokomelang ka gone. E re nonotshitse tumelo tota. Tumelo e botlhokwa ka gonne batlhanka botlhe ba Modimo, go akaretsa barongwa, ba tlile go nna le diteko, mathata le ditlhobaelo.”

Tswelela Pele o Ruta Thuto ya Baebele e e Nonotshang Tumelo

Samuel Herd wa Setlhopha se se Laolang o ne a konela thulaganyo ya kalogo sentle ka go tlotla le bareetsi ka setlhogo se se reng, “Nna o Nonotshe Bakaulengwe ba Gago.” Boikaelelo jwa thuto e baithuti ba neng ba e amogetse e ne e le bofe? Mokaulengwe Herd o ne a re: “Boikaelelo jwa yone e ne e le go go ruta go dirisa loleme lwa gago go baka Jehofa, go ruta ba bangwe boammaaruri jwa gagwe mo tshimong e o sa tswang go e abelwa, le go nonotsha tumelo ya bakaulengwe ba bangwe.” Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola baithuti gore loleme gape lo ka dirisiwa go buelela dilo tse di sa kgothatseng. (Diane 18:21; Jakobe 3:8-10) O ne a kgothaletsa baithuti gore ba etse sekao sa ga Jesu fa ba dirisa loleme. Nako nngwe fa barutwa ba ga Jesu ba sena go mo reetsa, ba ne ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka . . . fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?” (Luke 24:32) Mokaulengwe Herd o ne a re: “Fa mafoko a gago e le a a kgothatsang, a tla ama dipelo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa o abetsweng gone.”

Morago ga moo, dialogane di ne tsa newa didipoloma. Go tswa foo go ne ga balwa lekwalo le le tswang mo setlhopheng le le bontshang go anaanela. Le ne le re: “Re ikutlwa re na le boikarabelo jo bogolo jwa go dirisa se re se ithutileng, re se dirisa go diragatsa dikabelo tsa rona ka boikanyegi jaaka barongwa. Jaaka re iketleeditse go ya kwa dintlheng tsa lefatshe, re rapelela gore maiteko a rona a tlise pako e kgolo kwa go Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo, Jehofa Modimo.” Bareetsi ba ne ba amogela mafoko ao ka legofi. Ee ruri, thulaganyo ya dikalogo e ne e nonotshitse tumelo ya botlhe ba ba neng ba le teng.

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

“Fa mafoko a gago e le a a kgothatsang, a tla ama dipelo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa o abetsweng gone”

[Lebokoso mo go tsebe 15]

DIPALOPALO MALEBANA LE SETLHOPHA

Dinaga tse ba tswang kwa go tsone: 9

Dinaga tse ba abetsweng go ya kwa go tsone: 26

Palo ya baithuti: 56

Palogare ya dingwaga tsa bone: 33,4

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 16,8

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Setlhopha sa bo122 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Howitt, R.; Smith, P.; Martinez, A.; Pozzobon, S.; Kitamura, Y.; Laud, C. (2) Fiedler, I.; Beasley, K.; Matkovich, C.; Bell, D.; Lippincott, W. (3) Sites, W.; Andersen, A.; Toevs, L.; Fusano, G.; Rodríguez, C.; Yoo, J. (4) Sobomehin, M.; Thomas, L.; Gasson, S.; Dauba, V.; Bertaud, A.; Winn, C.; Dobrowolski, M. (5) Yoo, J.; Dauba, J.; Mixer, H.; Newton, M.; Rodríguez, F.; Mixer, N. (6) Laud, M.; Lippincott, K.; Martinez, R.; Haub, A.; Schamp, R.; Pozzobon, L.; Toevs, S. (7) Howitt, S.; Kitamura, U.; Newton, D.; Haub, J.; Sites, J.; Thomas, D. (8) Sobomehin, L.; Matkovich, J.; Fusano, B.; Winn, J.; Schamp, J.; Andersen, D.; Dobrowolski, J. (9) Fiedler, P.; Bell, E.; Beasley, B.; Smith, B.; Bertaud, P.; Gasson, M.