Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Barisilai—Monna yo o Neng a le Boingotlo

Barisilai—Monna yo o Neng a le Boingotlo

BarisilaiMonna yo o Neng a le Boingotlo

‘KE KA ntlha yang ke nna mokgweleo mo go wena?’ Monna wa dingwaga tse 80 yo o neng a raya Kgosi Dafide wa Iseraele mafoko ao e ne e le Barisilai. Baebele ya re e ne e le “monna yo mogolo thata,” ka ntlha ya khumo ya gagwe. (2 Samuele 19:32, 35) Barisilai o ne a nna kwa nageng ya Gileade, kgaolo ya dithaba e e kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane.—2 Samuele 17:27; 19:31.

Go ne go rileng fa Barisilai a raya Dafide mafoko ao? Mme ke ka ntlha yang fa monnamogolo yono a ne a bua jalo?

Go Tsuologela Kgosi

Dafide o ne a le mo kotsing. Morwawe, Abesalome o ne a itseetse bogosi ka dikgoka fa a sena go “utswa dipelo tsa batho ba Iseraele.” Go ne go bonala sentle gore Abesalome o ne a sena go tlogela ope yo o ikanyegang mo go rraagwe. Ka jalo Dafide le batlhanka ba gagwe ba ne ba tswa kwa Jerusalema. (2 Samuele 15:6, 13, 14) Fa Dafide a ne a goroga kwa Mahanaime, e e kwa botlhaba jwa Joredane, Barisilai o ne a mo thusa.

Barisilai le banna ba bangwe ba babedi ba ne ba naya Dafide dilo tse dintsi tse a neng a di tlhoka. Banna bano ba bararo ba ba ikanyegang ba ne ba bontsha gore ba ne ba tlhaloganya boemo jo bo thata jo Dafide a neng a le mo go jone fa ba ne ba bua jaana ka ene le banna ba gagwe: “Batho ba tshwerwe ke tlala e bile ba lapile le go nyorwa kwa nageng.” Barisilai, Shobi le Makire ba ne ba dira sotlhe se ba neng ba se kgona go thusa ka go naya Dafide le banna ba gagwe malao, korong, barele, bupi, dijo tsa ditlhaka tse di gadikilweng, dinawa tse dikima, dilentele, tswina ya dinotshe, botoro, dinku le dilo tse dingwe.—2 Samuele 17:27-29.

Go ne go le kotsi go thusa Dafide. Go ne go ka se direge gore Abesalome a tlogele ope yo o neng a ema kgosi e e tshwanetseng nokeng a sa mo otlhaya. Mme Barisilai o ne a bontsha bopelokgale ka go ikanyega mo go Dafide.

Boemo bo a Fetoga

Moragonyana fela ga foo, masole a ga Abesalome a a tsuologang a ne a kopana le banna ba ga Dafide. Go ne ga lowa mo sekgweng sa Eferaime, gongwe e le gaufi le Mahanaime. Masole a ga Abesalome a ne a fenngwa, “mme polao foo ya nna kgolo mo letsatsing leo.” Le fa Abesalome a ile a leka go tshaba, go ise go ye kae o ne a bolawa.—2 Samuele 18:7-15.

Dafide o ne a boa a nna kgosi ya Iseraele e e sa ganediweng ke ope. Go ne go sa tlhole go tlhokega gore balatedi ba gagwe ba tshele e le batshabi. Gape, go bo ba ile ba ikanyega mo go Dafide go ne ga dira gore a ba tlotle le go ba leboga.

Fa Dafide a ne a le gaufi le go boela kwa Jerusalema, “Barisilai wa Mogileade a fologa go tswa kwa Rogelime gore a tle a fetele kwa Joredane le kgosi gore a e buledise go ya kwa Joredane.” Ka nako eo, Dafide o ne a raya Barisilai yo o neng a tsofetse a re: “Wena kgabaganya le nna, mme ruri ke tla go tlamela ka dijo o na le nna kwa Jerusalema.”—2 Samuele 19:15, 31, 33.

Dafide o tshwanetse a bo a ile a anaanela thuso ya ga Barisilai thata. Ga go lebege kgosi e ne e batla go duela Barisilai fela ka go mo naya dithoto dingwe. Barisilai yo o humileng o ne a sa tlhoke dilo tsa mofuta oo. Dafide o ka tswa a ne a batla gore Barisilai a direle kwa ntlong ya segosi ka ntlha ya dinonofo tse dintle tse monna yono yo o godileng a nang le tsone. Go nnela ruri kwa ntlong ya segosi e ne e tla nna selo se se tseelwang kwa godimo ka gonne go ne go tla naya Barisilai sebaka sa go itumelela go nna tsala ya kgosi.

Go Nna Boingotlo le go Leba Dilo Sentle

Barisilai o ne a bua jaana fa a ne a araba taletso ya ga Kgosi Dafide: “Malatsi a dingwaga tsa botshelo jwa me a ntse jang, gore ke bo nka tlhatlogela kwa Jerusalema le kgosi? Ke na le dingwaga di le masome a robedi gompieno. A nka lemoga molemo le bosula, kgotsa a motlhanka wa gago a ka utlwa se ke neng ka se ja le se ke neng ka se nwa, kgotsa a ke sa ntse ke ka reetsa lentswe la baopedi ba banna le ba basadi?” (2 Samuele 19:34, 35) Ka jalo, Barisilai o ne a se ka a amogela taletso ya kgosi mme a gana tshiamelo e kgolo. Ka ntlha yang?

Lengwe la mabaka a tshwetso e Barisilai a e tsereng e ka tswa e ne e le ka ntlha ya botsofe le mathata a bo a bakang. Barisilai o ka tswa a ne a akanya gore ga a na go tshela lobaka lo loleele. (Pesalema 90:10) O ne a dirile se a neng a ka kgona go se dira go ema Dafide nokeng, mme gape o ne a itse sentle gore ka ntlha ya botsofe go na le dilo dingwe tse a ka se kang a kgona go di dira. Barisilai ga a ka a letla maemo le go tlhagelela gore di mo foufaletse go lemoga gore bokgoni jwa gagwe bo felela kae. Barisilai o ne a farologana le Abesalome yo o ratang maemo, mme ka botlhale a nna boingotlo.—Diane 11:2.

Lebaka le lengwe le le dirileng gore Barisilai a tseye tshwetso e a e tsereng e ka tswa e le gore o ne a sa batle gore go sa kgone go dira dilo dingwe ga gagwe go kgoreletse tiro ya kgosi e e tlhomilweng ke Modimo. Barisilai o ne a botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa motlhanka wa gago a ka tlhola a nna mokgweleo mo go morena wa me kgosi?” (2 Samuele 19:35) Le fa Barisilai a ne a ntse a eme Dafide nokeng, gongwe o ne a dumela gore monna yo mmotlana a ka dira tiro botoka. Gongwe a bua ka ngwana wa gagwe wa mosimane, Barisilai o ne a re: “Kimahame motlhanka wa gago ke yo. A a kgabaganye le morena wa me kgosi; mme o dire ka ene se se molemo mo matlhong a gago.” Go na le gore Dafide a kgopisiwe ke seo, o ne a amogela kakantsho eno. Tota e bile, pele ga Dafide a kgabaganya noka ya Joredane, o ne a “atla Barisilai [a] mo segofatsa.”—2 Samuele 19:37-39.

Go Nna Tekatekano go Botlhokwa

Pego ya ga Barisilai e bontsha botlhokwa jwa go nna tekatekano. Ga re a tshwanela go gana tshiamelo ya tirelo kana ra se ka ra dira ka natla go tshwanelega ka gonne re batla go tshela botshelo jo bo iketlileng kana re akanya gore re ka se kgone go rwala maikarabelo. Modimo a ka re thusa mo re tlhaelang teng fa re ikaega ka ene gore a re neye nonofo le botlhale.—Bafilipi 4:13; Jakobe 4:17; 1 Petere 4:11.

Mme gape, re tshwanetse go lemoga gore go na le dilo dingwe tse re ka se kang ra kgona go di dira. Ka sekai, gongwe Mokeresete mongwe o setse a tshwaregile thata ka ditiro tsa semoya. O lemoga gore fa a amogela dikabelo tse dingwe, o ka nna a iphitlhela a sa kgone go diragatsa maikarabelo a mangwe a gagwe a Dikwalo jaaka go tlhokomela lelapa la gagwe ka dilo tse le di tlhokang. Mo boemong joo, go tla bo go bontsha gore o boingotlo e bile o tekatekano fa a sa amogele dikabelo tse dingwe gape gone jaanong.—Bafilipi 4:5; 1 Timotheo 5:8.

Barisilai ke sekao se se molemo, mme re tshwanetse go akanya thata ka sekao sa gagwe. O ne a ikanyega, a le pelokgale, a le pelotshweu e bile a le boingotlo. Sa botlhokwa go di feta tsotlhe, Barisilai o ne a ikemiseditse go baya dilo tse di direlwang Modimo kwa pele ga dilo tse ene a batlang go di dira.—Mathaio 6:33.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Barisilai yo o nang le dingwaga tse masome a le robedi o ne a tsaya loeto lo lo lapisang gore a ye go thusa Dafide

GILEADE

Rogelime

Sukothe

Mahanaime

Noka ya Joredane

Gilegala

Jeriko

Jerusalema

EFERAIME

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke ka ntlha yang fa Barisilai a ne a sa amogele kopo ya ga Dafide?