Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Leta Letsatsi la ga Jehofa ka Boitshoko

Go Leta Letsatsi la ga Jehofa ka Boitshoko

Go Leta Letsatsi la ga Jehofa ka Boitshoko

“Tsenyang mo tumelong ya lona . . . boitshoko.”—2 PETERE 1:5, 6.

1, 2. Boitshoko ke eng, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba bo tlhoka?

LETSATSI la ga Jehofa le gaufi thata. (Joele 1:15; Sefania 1:14) E re ka re le Bakeresete ba ba ititeileng sehuba gore re tla nna re ikanyega mo Modimong, re emetse ka tlhoafalo nako e bolaodi jwa ga Jehofa bo tla bong bo tlotlomadiwa ka yone. Mme fa nako eo e ise e fitlhe, re a tlhoiwa, re a kgobiwa, re a bogisiwa e bile re a bolawa, tsotlhe e le ka ntlha ya tumelo ya rona. (Mathaio 5:10-12; 10:22; Tshenolo 2:10) Seno se tlhoka boitshoko—go kgona go emelana le mathata. Moaposetoloi Petere o re rotloetsa jaana: “Tsenyang mo tumelong ya lona . . . boitshoko.” (2 Petere 1:5, 6) Re tlhoka boitshoko, ka gonne Jesu o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Mathaio 24:13.

2 Gape re tsenwa ke malwetse, re a swelwa e bile re welwa ke diteko tse dingwe. A bo Satane a ne a ka itumela jang ne fa tumelo ya rona e ne e ka fela! (Luke 22:31, 32) Fa Jehofa a re eme nokeng, re ka itshokela diteko tse di farologaneng. (1 Petere 5:6-11) Ela tlhoko dikai dingwe tsa ditiragalo tsa mmatota tse di supang gore re ka leta letsatsi la ga Jehofa ka boitshoko le tumelo e e sa fokotsegeng.

Bolwetse Ga bo A ba Thiba

3, 4. Naya sekai se se bontshang gore re ka direla Jehofa ka boikanyegi le fa re lwala.

3 Modimo ga a re fodise ka kgakgamatso gone jaanong, mme gone o re naya maatla a go itshokela bolwetse. (Pesalema 41:1-3) Sharon a re: “Ke sa le ke simolola go tsamaya ka setulo sa maotwana bogologolo tota. Fa e sale ke tsholwa, bolwetse jwa boboko jo bo golafatsang bo dirile gore ke se ka ka itumelela nako ya me ya bongwana.” Go ithuta ka ga Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe tsa gore batho ba tla nna le botsogo jo bo itekanetseng go ne ga naya Sharon tsholofelo. Le fa a bua e bile a tsamaya ka bothata, o ipelela bodiredi jwa Bokeresete. O ne a bolela jaana dingwaga tse 15 tse di fetileng: “Le fa botsogo jwa me bo ka tswelela pele bo koafala, ke tla thusiwa ke go ikanya Modimo le go nna le kamano e e molemo le ene. A bo ke itumela jang ne go bo ke le mongwe wa batho ba ga Jehofa e bile a nkema nokeng a sa kgaotse!”

4 Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba kwa Thesalonika go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathesalonika 5:14) Dilo tse di jaaka go swabisiwa mo go botlhoko di ka baka go tshwenyega thata mo maikutlong. Ka 1993, Sharon o ne a kwala a re: “E re ka ke ne ke ikutlwa ke paletswe gotlhelele, . . . ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong ka lobaka lwa dingwaga tse tharo. . . . Bagolwane ba ne ba nkgomotsa le go nnaya kgakololo. . . . Ka bonolo Jehofa o dirisitse Tora ya Tebelo go re naya lesedi ka kgang ya go tshwenyega thata mo maikutlong. Ee, o amega ka batho ba gagwe e bile o tlhaloganya tsela e re ikutlwang ka yone.” (1 Petere 5:6, 7) Sharon o sa ntse a direla Modimo ka boikanyegi mme o emetse letsatsi le legolo la ga Jehofa.

5. Go na le bosupi bofe jwa gore Bakeresete ba ka itshokela go gatelelwa mo maikutlong ka selekanyo se se rileng?

5 Bakeresete bangwe ba ikutlwa ba gateletswe thata mo maikutlong ka ntlha ya dilo tse di kileng tsa ba diragalela mo botshelong. Harley o iponetse ka matlho Ntwa ya Lefatshe II e e matlhomahibidu mme morago a tshwenngwa ke ditoro tse di maswe tsa ntwa. Fa a ntse a robetse, o ne a ka goa a re: “Tlhokomela! Bona koo!” Fa a tsoga o ne a iphitlhela a kolobile ka ntlha ya mofufutso. Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go tshela botshelo jo bo tsamaisanang le kgakololo ya Modimo mme fa nako e ntse e ya, ditoro tseo di ne tsa fokotsega e bile di sa tlhole di tshosa thata.

6. Mokeresete mongwe o ne a emelana jang le mathata a maikutlo?

6 Mokeresete mongwe yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo o ne a fitlhela go le boima thata gore a dire tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela pele ka tiro eno ka gonne a lemoga gore bodiredi bo tla mo tlisetsa botshelo, ene le ba ba amogelang molaetsa. (1 Timotheo 4:16) Ka dinako tse dingwe o ne a sa kgone go letsa bele fa kgorong, le fa go ntse jalo, o ne a re: “Morago ga nakwana ke ne ke kgona go laola maikutlo a me, ke ye kwa ntlong e e latelang, ke bo ke leka gape. Ka go tswelela pele ke nna le seabe mo bodireding, ke ne ka nna ke tsogile sentle semoyeng.” Go ya dipokanong le gone e ne e le bothata, mme mokaulengwe yono o ne a tlhatswegile pelo gore go kopanela mo kobamelong go mosola. Ka jalo, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang gore a nne teng kwa dipokanong.—Bahebera 10:24, 25.

7. Le fa bangwe ba tshaba go bua fa pele ga batho kgotsa go ya dipokanong, ba bontsha boitshoko jang?

7 Bakeresete bangwe ba na le poifo e e feteletseng ya go boifa maemo mangwe kgotsa dilo dingwe. Ka sekai, ba ka nna ba tshaba go bua fa pele ga batho kgotsa le e leng go nna gone kwa pokanong nngwe. Akanya fela gore go thata jang mo go bone gore ba akgele kwa dipokanong tsa Bokeresete kgotsa ba neye dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo! Le fa go ntse jalo, ba a itshoka, mme re kgothadiwa thata ke gore ba nna ba le teng e bile ba nna le seabe.

8. Ke eng se se ka thusang thata fa o lebane le mathata a maikutlo?

8 Sengwe se se ka thusang motho go itshokela mathata a maikutlo ke go itapolosa le go robala mo go oketsegileng. Go ka nna ga tlhokega gore motho a bone thuso ya bongaka. Mme sengwe se se mosola thata ke go ikaega ka Modimo ka thapelo. Pesalema 55:22 ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” Ka jalo, leka ka bojotlhe gore o “ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe.”—Diane 3:5, 6.

Go Itshokela Khutsafalo ya go Swelwa

9-11. (a) Ke eng se se ka re thusang go itshokela kutlobotlhoko fa re swetswe ke mongwe yo re mo ratang? (b) Sekai sa ga Ana se ka re thusa jang go itshokela kutlobotlhoko ya go swelwa?

9 Fa batho ba swelwa ke ba malapa a bone, ba utlwa botlhoko fela thata. Aborahame o ne a lela fa a sena go swelwa ke mosadi wa gagwe yo a mo ratang thata e bong Sara. (Genesise 23:2) Tota le monna yo o itekanetseng e bong Jesu, o ne a “tsholola dikeledi” fa tsala ya gagwe e bong Lasaro a sena go swa. (Johane 11:35) Ka jalo, go a utlwala gore o ka utlwa botlhoko fa mongwe yo o mo ratang a swa. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba itse gore go tla nna le tsogo. (Ditiro 24:15) Ka gone, ga ba ‘hutsafale fela jaaka ba bangwe botlhe ba ba se nang tsholofelo ba hutsafala.’—1 Bathesalonika 4:13.

10 Re ka itshokela jang kutlobotlhoko ya go swelwa? Gongwe setshwantsho se ka thusa. Gantsi fa tsala e tsaya mosepele ga re hutsafale nako e telele e re ka re lebeletse go mmona gape fa a boa. Go leba loso lwa Mokeresete yo o ikanyegang ka tsela eo go ka fokotsa kutlobotlhoko ya rona ka gonne re itse gore o tlile go tsosiwa.—Moreri 7:1.

11 Go ikaega gotlhelele ka “Modimo wa kgomotso yotlhe” go tla re thusa gore re itshokele kutlobotlhoko ya fa re swetswe. (2 Bakorintha 1:3, 4) Se sengwe gape se se ka re thusang ke go akanya ka se se dirilweng ke motlholagadi wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Ana. O ne a nna motlholagadi dingwaga di le supa fela a sena go nyalwa. Mme fa a na le dingwaga di le 84, o ne a sa ntse a direla Jehofa tirelo e e boitshepo mo tempeleng. (Luke 2:36-38) Ruri botshelo jo bo ntseng jalo jwa boineelo bo ne jwa mo thusa go itshokela kutlobotlhoko le bodutu. Go dira ditiro tsa Bokeresete ka metlha, go akaretsa le tiro ya go rera ka Bogosi, go ka re thusa go itshokela kutlobotlhoko ya go swelwa.

Go Lebana le Diteko Tse di Farologaneng

12. Bakeresete bangwe ba ile ba itshokela teko efe e e amanang le botshelo jwa lelapa?

12 Bakeresete bangwe ba tshwanelwa ke go itshokela diteko tse di amang botshelo jwa lelapa. Ka sekai, fa molekane wa lenyalo a dira boaka, a bo seo se ka utlwisa ba lelapa botlhoko jang ne! Ka ntlha ya go gamarega le go hutsafala, molekane yo o foseditsweng a ka nna a tlhorega boroko mme a ka lela a sa gomotsege. A ka nna a fitlhela ditironyana tse a neng a tlwaetse go di dira di mo ngamola tlhogo mo a dirang diphoso kgotsa dikotsi. Molekane yo o seng molato a ka nna a palelwa ke go ja, a bopama a bo a tshwenyega thata mo maikutlong. A ka nna a fitlhela go le thata go dira ditiro tsa Bokeresete. Mme bana bone ba amega le go feta!

13, 14. (a) Thapelo ya ga Solomone ya fa go ne go kgakolwa tempele e go kgothatsa jang? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo?

13 Fa re kopana le diteko tse di ntseng jalo, Jehofa o re naya thuso e re e tlhokang. (Pesalema 94:19) Thapelo ya ga Kgosi Solomone fa go ne go kgakolwa tempele ya ga Jehofa e bontsha gore Modimo o utlwa dithapelo tsa batho ba gagwe. Solomone o ne a rapela Modimo jaana: “Thapelo le fa e le efe, kopo le fa e le efe ya kamogelo e e ka nnang ya dirwa ke motho ope kgotsa ke batho botlhe ba gago Iseraele, ka gonne mongwe le mongwe wa bone a itse sebetso sa pelo ya gagwe, ba bo ba otlololela ntlo eno magofi a bone, e kete o ka utlwa o le kwa magodimong, lefelo la gago le le tlhomameng la bonno, mme o itshwarele o bo o tseye kgato le go naya mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsotlhe tsa gagwe, ka gonne o itse pelo ya gagwe (gonne wena ka bowena o itse sentle pelo ya bomorwa batho botlhe); ka boikaelelo jwa gore ba go boife malatsi otlhe a ba a tshelang mo godimo ga lefatshe le o le neileng borraaronamogologolwane.”—1 Dikgosi 8:38-40.

14 Go ka nna mosola fela thata go nna re rapelela moya o o boitshepo. (Mathaio 7:7-11) Leungo la moya le akaretsa dinonofo tse di jaaka boipelo le kagiso. (Bagalatia 5:22, 23) A bo re gololesega jang ne fa Rraarona yo o kwa legodimong a araba dithapelo tsa rona—kutlobotlhoko e a fela go sala boipelo, mme tlalelo e a fela go sala kagiso!

15. Ke ditemana dife tse di ka re thusang go okobatsa tlhobaelo ya rona?

15 Re ka lebelela gore re tlhobaele ka selekanyo se se rileng fa re tshwanelwa ke go itshokela mathata a magolo. Mme go tlhobaela ga rona go ka fokotsega fa re gopola mafoko ano a ga Jesu: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng. . . . Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya [Modimo], mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:25, 33, 34) Moaposetoloi Petere o re rotloetsa gore re ‘latlhele tlhobaelo yotlhe ya rona mo Modimong, ka gonne o a re kgathalela.’ (1 Petere 5:6, 7) Go molemo gore re dire maiteko a go rarabolola bothata jo bo rileng. Mme fa re sena go dira se re ka se kgonang, go tshwenyega go ka se re thuse ka sepe, re tshwanetse go rapela. Mopesalema o ne a opela jaana: “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.”—Pesalema 37:5.

16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa re tla nna re na le tlhobaelo? (b) Ke eng se se tla re diragalelang fa re dirisa Bafilipi 4:6, 7?

16 Paulo o ne a kwala a re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Ka tlholego fela, ditlogolwana tse di sa itekanelang tsa ga Adame di tla nna di na le sengwe se di tlhobaelang ka sone. (Baroma 5:12) Basadi ba ga Esau ba Bahite “ba ne ba utlwisa moya wa ga Isake le Rebeka botlhoko,” batsadi ba ga Esau ba ba ratang Modimo. (Genesise 26:34, 35) Bakeresete ba ba jaaka Timotheo le Terofimo ba ka tswa ba ile ba tlhobaela ka ntlha ya bolwetse. (1 Timotheo 5:23; 2 Timotheo 4:20) Paulo o ne a tlhobaela ka badumedi ka ene. (2 Bakorintha 11:28) Mme “Moutlwi wa thapelo” o nna a le teng ka dinako tsotlhe go thusa ba ba mo ratang.—Pesalema 65:2.

17 Fa re ntse re emetse letsatsi la ga Jehofa, re engwa nokeng e bile re gomodiwa ke “Modimo wa kagiso.” (Bafilipi 4:9) Jehofa o ‘kutlwelobotlhoko e bile o pelontle,’ “o molemo e bile o iketleeleditse go itshwarela,” mme o ‘gakologelwa gore re lorole.’ (Ekesodo 34:6; Pesalema 86:5; 103:13, 14) Ka jalo a ‘re mo itsiseng dikopo tsa rona,’ ka gonne seno se tla felela ka gore re nne le “kagiso ya Modimo”—thethebalo e motho a ka se kang a e tlhaloganya.

18. Jaaka go bontshitswe mo go Jobe 42:5, re ka kgona go “bona” Modimo jang?

18 Fa dithapelo tsa rona di arabiwa, re itse gore Modimo o na le rona. Fa Jobe a sena go itshokela diteko tsa gagwe, o ne a re: “Ke utlwile kaga gago ka magatwe [Jehofa], mme jaanong leitlho la me le a go bona.” (Jobe 42:5) Fa re leba dilo ka go tlhaloganya, ka tumelo le ka tebogo, re ka akanya ka tsela e Modimo a dirisanang le rona ka yone mme re kgone go ‘mmona’ go feta le fa e le leng pele. Ruri tirisano e e gaufi jalo le ene e re tlisetsa kagiso ya pelo le mogopolo!

19. Go tla diragalang fa re ‘latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo go Jehofa’?

19 Fa re ‘latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo go Jehofa,’ re ka itshokela diteko re ritibetse ka tsela e e disang pelo ya rona le maatla a rona a mogopolo. Pelo ya rona ya tshwantshetso e tla tswa mo tlalelong le mo poifong. Mogopolo wa rona ga o ne o fuduega ka ntlha ya go tlalelwa kgotsa go tlhobaela.

20, 21. (a) Kgang ya ga Setefane e re naya bosupi bofe jwa gore motho a ka ritibala a ntse a bogisiwa? (b) Naya sekai sa motlha wa gompieno sa mongwe yo o ileng a ritibala a ntse a lekwa.

20 Morutwa Setefane o ne a bontsha gore o ritibetse fa tumelo ya gagwe e ne e lekwa thata. Pele a naya bosupi la bofelo, botlhe ba ba mo Sanehederine ba ne “ba fitlhela sefatlhego sa gagwe se tshwana le sefatlhego sa moengele.” (Ditiro 6:15) Sefatlhego sa gagwe se ne se bontsha gore o mo kagisong—se ntse jaaka sa moengele, morongwa wa Modimo. Fa Setefane a sena go senola gore baatlhodi ba ne ba nnile le seabe mo losong lwa ga Jesu, ba ne “ba tlhabega mo dipelong tsa bone mme ba simolola go mo huranyetsa meno.” “Ka a tletse moya o o boitshepo,” Setefane o ne a “leba kwa legodimong mme a tshogana ka a bona kgalalelo ya Modimo le ya ga Jesu a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.” Ponatshegelo eo e ne ya nonotsha Setefane mme a ikanyega go fitlha losong. (Ditiro 7:52-60) Le fa re sa bone diponatshegelo, re ka nna le thethebalo e re e neilweng ke Modimo fa re bogisiwa.

21 Akanya ka maikutlo a Bakeresete bangwe ba ba ileng ba bolawa ke Banasi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Mongwe wa bone o ne a bolela jaana fa a tlhalosa se se mo diragaletseng kwa kgotlatshekelong: “Go ne ga ntshiwa katlholo ya loso. Ke ne ka reetsa, mme fa ke sena go bua mafoko a a reng, ‘Itshoke go fitlha losong,’ le mafoko a mangwe a sekae a Morena wa rona, go ne go fedile. . . . Mme lo se ka lwa tshwenyega ka seo jaanong. Ka gonne ke mo kagisong, ke ritibetse ka tsela e lo ka se kang lwa e akanya!” Mosha mongwe wa Mokeresete yo o neng a tlile go bolawa ka go kgaolwa tlhogo o ne a kwalela batsadi ba gagwe a re: “Nako e setse e fetile bosigogare. Ke sa ntse nka fetola mogopolo. Ijo! A mme nka itumela gape mo lefatsheng leno ke itatotse Morena wa rona? Nnyaa le eseng! Mme jaanong lo ka tlhomamisega gore ke tswa mo lefatsheng leno ka boitumelo le kagiso.” Kwantle ga pelaelo, Jehofa o ema batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang nokeng.

O ka Itshoka!

22, 23. O ka tlhomamisega ka eng fa o ntse o emetse letsatsi la ga Jehofa ka boitshoko?

22 O ka nna wa se ka wa lebana le dikgwetlho dingwe tse re tlotlileng ka tsone. Le fa go ntse jalo, Jobe yo o boifang Modimo o ne a nepile fa a re: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Gongwe o motsadi yo o dirang ka natla go naya bana ba gago kaelo e e theilweng mo Baebeleng. Ba tshwanetse go itshokela diteko kwa sekolong, mme a bo o itumela jang fa ba ema ba nitame ba emela Jehofa le melaometheo ya gagwe ya tshiamo! O ka tswa o lebane le mathata le dithaelo kwa tirong. Le fa go ntse jalo, o ka itshokela maemo ano le a mangwe ka gonne ‘Jehofa o go rwalela morwalo letsatsi le letsatsi.’—Pesalema 68:19.

23 O ka tswa o itsaya o le motho fela, mme gopola gore Jehofa a ka se tsoge a lebetse tiro ya gago le lorato lo o lo bontshang leina la gagwe le le boitshepo. (Bahebera 6:10) O ka kgona go itshokela diteko tsa tumelo ka thuso ya gagwe. Ka jalo dira gore go dira thato ya Modimo go nne go le mo dithapelong tsa gago le mo dithulaganyong tsa gago. Foo o ka tlhomamisega gore o tla go segofatsa le go go ema nokeng fa o ntse o emetse letsatsi la ga Jehofa ka boitshoko.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tlhoka boitshoko?

• Ke eng se se ka re thusang go itshokela bolwetse le kutlobotlhoko ya go swelwa?

• Thapelo e re thusa jang gore re itshokele diteko?

• Ke ka ntlha yang fa go ka kgonega go leta letsatsi la ga Jehofa ka boitshoko?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go ikaega ka Jehofa go dira gore re kgone go itshokela kutlobotlhoko ya go swelwa

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go rapela go tswa pelong go re thusa go itshokela diteko tsa tumelo