Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tsamaya O ye Go Tlhapa mo Mogobeng wa Siloame”

“Tsamaya O ye Go Tlhapa mo Mogobeng wa Siloame”

“Tsamaya O ye Go Tlhapa mo Mogobeng wa Siloame”

FA JESU a sena go fodisa monna wa sefofu ka seretse se se metsi, o ne a mo raya a re: “Tsamaya o ye go tlhapa mo mogobeng wa Siloame.” Monna yoo o ne a dira jalo mme “a boa a bona.” (Johane 9:6, 7) Mogobe wa Siloame o ne o le kae? Se se ribolotsweng ke baithutamarope se re naya tshedimosetso e ntšha ya gore o kwa kae.

Bajanala ba bantsi ba kile ba etela lefelo lengwe kwa Jerusalema le le bidiwang Mogobe wa Siloame, ba dumela gore ke one mogobe o go buiwang ka one mo go Johane 9:7. Lefelo leno le kwa bofelong jwa mogogoro wa ga Hesekia—ke mogogoro wa metsi o o boleele jwa dimetara di le 530 o o neng wa agiwa ka lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E. Le fa go ntse jalo, mogobe ono o simolotse go nna teng ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E. O agilwe ke batho ba kwa Byzantine ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ba neng ba akanya ka tsela e e phoso gore mogobe o o umakiwang mo Efangeleng ya ga Johane o tshwanetse wa bo o ne o le kwa bofelelong jwa mogogoro ono.

Le fa go ntse jalo, ka 2004 baithutamarope ba ne ba bona lefelo lengwe le ba neng ba swetsa ka gore ke Mogobe wa Siloame o o neng o le teng fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. O dimetara di ka nna 100 kwa borwabotlhaba jwa lefelo le pele go neng go akanngwa gore ke Mogobe wa Siloame. Ba o bone jang? Badiredi ba puso ba mo toropong eo ba ne ba tshwanetse go baakanya phaepe e e tsamaisang leswe mo lefelong leo, ka jalo ba ne ba romela badiri ba ba neng ba tshotse didirisiwa tse dikgolo. Moithutamarope yo o neng a dira gaufi le fa go neng go epiwa teng o ne a bona ditepisi tse pedi fa go ntse go epiwa. Tiro eo e ne ya emisiwa mme ba Israeli Antiquities Authority ba ne ba dumela gore lefelo leo le ribololwe. Letlhakore le le lengwe la mogobe oo, le le boleele jwa dimetara di ka nna 70, le dikhutlo tsa one tse pedi di ne di setse di ribolotswe.

Madi mangwe a tshipi a a bonweng fa go ne go ribololwa ke a a neng a dirisiwa mo ngwageng wa bobedi, wa boraro le wa bonè fa Bajuda ba ne ba tsogologela Baroma. Ba ne ba ba tsogologela magareng ga 66 le 70 C.E. Madi ao a tshipi ke bosupi jwa gore mogobe oo o ne o dirisiwa go fitlha ka 70 C.E. fa Jerusalema e ne e senngwa ke Baroma. Lokwalopaka lwa Biblical Archaeology Review lwa re: “Ka jalo, mogobe ono o ne o dirisiwa go fitlha ka nako ya tsogologelo, mme morago ga moo o ne wa se ka wa tlhola o dirisiwa. Lefelo leno, le le leng kwa tlase go a feta otlhe kwa Jerusalema, ga le a ka la nniwa gape go fitlha ka motlha wa Byzantine. Ngwaga le ngwaga dipula tsa mariga tse di elelang mo mokgatšheng di ne di rwala seretse di se tshela mo mogobeng. Mme fa Baroma ba sena go senya motse oo, mogobe oo o ne o sa tlhole o phepafadiwa. Fa dingwaga di ntse di feta mogobe o ne wa tlala ka seretse se sentsi mme wa felela o sa bonale. Baithutamarope ba ne ba o ribolola o le kafa tlase ga seretse se se bokima jwa dimetara di le tharo mo dikarolong dingwe tsa one.”

Ke eng fa baithuti ba ba ikanyegang ba Baebele ba kgatlhegela lefelo le Mogobe wa Siloame o neng o le mo go lone? Ke ka gonne seno se ba thusa go tlhaloganya sentle thutafatshe ya Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga, e e umakiwang gantsi mo dipegong tsa Efangele tsa botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mogobe wa Siloame o o sa tswang go bonwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 2003 BiblePlaces.com