Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo O a Go Bona?

A Modimo O a Go Bona?

A Modimo O a Go Bona?

A JEHOFA, Mmopi yo Mogolo o kgona go bona? Ee, o a bona! Baebele e bua jaana ka tlhamalalo: “Ene Yo o bopang leitlho, a ga a kgone go leba?” (Pesalema 94:9) Tsela e Jehofa a bonang ka yone e feta e batho ba kgonang go bona ka yone. Ga a bone fela bokafantle jwa rona mme gape ke “motlhatlhobi wa dipelo.” (Diane 17:3; 21:2) Ee, o na le bokgoni jwa go sekaseka se re se akanyang, dilo tse re batlang go di dira le dikeletso tsa rona tse di kwa tengteng.

Jehofa o itse mathata a re ka kopanang le one mo botshelong mme o araba mekokotlelo ya rona. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso. Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:15, 18) Ruri go gomotsa tota go itse gore Jehofa o tlhaloganya maemo a rona mme o araba dithapelo tsa rona tse di tswang pelong!

Jehofa Modimo o bona le eleng ditiro tse di dirwang mo sephiring. Ee, “dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Ka jalo, go sa kgathalesege gore a se re se dirang se siame kana ga se a siama, Modimo o a se bona. (Diane 15:3) Ka sekai, Genesise 6:8, 9 ya re, “Noa a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa,” mme “a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” Ee, Jehofa o ne a amogela Noa a bo a mo segofatsa gonne Noa a ne a mo utlwa e bile a boloka melao ya gagwe e e siameng. (Genesise 6:22) Noa o ne a farologane le batho ba mo motlheng wa gagwe ba ba neng ba tletse dikgoka e bile ba le bosula. Modimo o ne a bona boemo jono sentle. O ne “a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.” Kgabagare Jehofa o ne a nyeletsa batho bano ba ba boikepo mme a boloka Noa le ba lelapa la gagwe ba tshela.—Genesise 6:5; 7:23.

A ruri Jehofa o tla go amogela? Aitsane matlho a ga Jehofa “a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) Go ise go ye kae, o tla tlosa batho botlhe ba ba boikepo gape mme a boloke ba ba pelonolo.—Pesalema 37:10, 11.