Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o ‘Humile Malebana le Modimo’?

A o ‘Humile Malebana le Modimo’?

A o ‘Humile Malebana le Modimo’?

“Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.”—LUKE 12:21.

1, 2. (a) Batho ba ntse ba iketleeditse go latlhegelwa ke dilo tse dintsi gore ba bone eng? (b) Bakeresete ba tshwanetse ba lebana le kgwetlho le kotsi efe?

GO RALALA dingwaga, batho ba ditšhaba tse dintsi ba ile ba semelela ba dira ka natla ka gonne ba ikemiseditse go nna le dikhumo. Ka sekai, ka ntlha ya gouta e e neng ya bonwa ka lekgolo la bo19 la dingwaga kwa Australia, Afrika Borwa, Canada le United States, batho ba le bantsi ba ba tswang kgakala ba ne ba iketleeditse go tlogela magae a bone le baratiwa ba bone ba ya go batla matlotlo kwa dinageng tse ba sa di tlwaelang, tse ka dinako dingwe go neng go le thata go tshela mo go tsone. Ee, batho ba le bantsi ba iketleeditse go tsenya matshelo a bone mo kotsing le go latlhegelwa ke dilo tse dintsi gore ba tle ba bone dikhumo tse ba di eletsang.

2 Le fa bontsi jwa batho gompieno ba sa tsamaye ba senka matlotlo ka tsela ya mmatota, ba tshwanelwa ke go ngakalala gore ba kgone go itshedisa. Go dira jalo mo tsamaisong ya jaanong ya dilo go ka nna thata, go ka batla mo gontsi mo go rona, e bile e ka nna mokgweleo. Go motlhofo go tshwenyega thata ka dijo, diaparo le bonno mo e leng gore o tlhokomologa le e leng go lebala dilo tsa botlhokwa. (Baroma 14:17) Jesu o ne a naya setshwantsho se se neng se tlhalosa mokgwa ono wa batho sentle. Se fitlhelwa mo go Luke 12:16-21.

3. Tlhalosa ka bokhutshwane setshwantsho sa ga Jesu se se mo go Luke 12:16-21.

3 Jesu o ne a bolela setshwantsho seno ka nako ya fa a ne a bua ka kgang e re e sekasekileng ka botlalo mo setlhogong se se fetileng ya gore re tlhoka go itisa mo bopelotshetlheng. Fa Jesu a sena go tlhagisa kaga bopelotshetlha, o ne a bua ka monna yo o humileng yo o sa kgotsofaleleng matlo a polokelo a a tletseng dilo tse di molemo tse a setseng a na le tsone mme a a rutlolola a bo a aga a magolwane gore a boloke dilo tse dingwe gape tse di molemo. Fela fa a akanya gore o tla tloga a iketla a bo a tshela monate, Modimo o mmolelela gore o tlile go swa, mme dilo tsotlhe tse di molemo tse a di ipoloketseng di tla tsewa ke o sele. Go tswa foo, Jesu o ne a konela ka mafoko ano: “Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.” (Luke 12:21) Setshwantsho seno se ka re ruta thuto efe? Re ka dirisa thuto eno jang mo botshelong jwa rona?

Monna yo o Nang le Bothata

4. Re ka re monna yo o mo setshwantshong sa ga Jesu e ne e le motho yo o ntseng jang?

4 Setshwantsho se Jesu a neng a se bolela se tlwaelegile mo dinageng di le dintsi. Re lemoga gore Jesu o ne a simolola kgang eno ka go bolela fela a re: “Lefatshe la monna mongwe yo o humileng le ne le ungwa sentle.” Jesu ga a ka a re monna yono o ne a ikhumisitse ka ditsela dingwe tsa tsietso kgotsa tse di seng kafa molaong. Ka mafoko a mangwe, o ne a sa tlhalosiwe e le motho yo o bosula. Tota e bile, go ya ka se Jesu a neng a se bolela, go a utlwala go akanya gore monna yo o tlhalosiwang mo setshwantshong seno o ne a dirile ka natla. Se re se itseng ke gore e ne e le motho yo o rulaganyetsang isagwe e bile a e bolokela, gongwe a dira jalo a akantse ka ba lelapa la gagwe. Ka jalo, fa kgang eno e lejwa fela kafa letlhakoreng la tiro, go ka twe o tshwantshetsa monna wa senatla yo o neng a tsaya maikarabelo a gagwe masisi.

5. Monna yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o na le bothata bofe?

5 Le fa go ntse jalo, gone Jesu o ne a bitsa motho yo o mo setshwantshong seno a re ke monna yo o humileng, mme seo se kaya gore e ne e le motho yo o neng a setse a na le letlotlo la dithoto. Mme gone, fela jaaka Jesu a ne a tlhalosa, monna yono yo o humileng o ne a na le bothata. Lefatshe la gagwe le ne le tlhagisitse thobo e ntsi go feta e a neng a e solofetse, go feta e a neng a e tlhoka kgotsa e a neng a ka e tlhokomela. O ka bo a dirileng?

6. Batlhanka ba Modimo ba le bantsi gompieno ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso dife?

6 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa gompieno ba lebana le maemo a a tshwanang le a monna yono wa mohumi. Bakeresete ba boammaaruri ba leka go nna badiri ba ba ikanyegang, ba ba tlhoafetseng le ba ba tlhagafetseng. (Bakolosa 3:22, 23) Le fa ba ka tswa ba thapilwe kgotsa ba na le kgwebo ya bone, gantsi ba a atlega kgotsa e bile ba gaisa ba bangwe mo go se ba se dirang. Fa go bulega diphatlha tsa go tlhatlosiwa maemo kgotsa go nna le dikgwebo tse disha, ba tshwanelwa ke go dira tshwetso. A ke ba dumele go tlhatlosiwa maemo kgotsa go oketsa dikgwebo? Basha ba le bantsi ba Basupi le bone ba dira sentle kwa sekolong. Ka ntlha ya seo, ba ka nna ba solofediwa sekgele kgotsa basari gore ba tsweletse dithuto tsa bone kwa dikolong tsa maemo a a kwa godimo. A ba tla dumela fela mme ba amogele se ba se newang?

7. Monna yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a rarabolola bothata jwa gagwe jang?

7 Fa re boela mo setshwantshong sa ga Jesu, monna yo o humileng o ne a dirang fa lefatshe la gagwe le tlhagisa dijo tse dintsi mo a neng a se na bobolokelo jo bo di lekaneng? O ne a swetsa ka gore a rutlolole matlo a polokelo a a neng a na le one mme a age a magolwane gore a boloke dijo tsotlhe tse di setseng le dilo tsa gagwe tse di molemo. Go lebega leano leo le ne la dira gore a ikutlwe a sireletsegile e bile a kgotsofetse mo a neng a akanya jaana: “Ke tla raya moya wa me ke re: ‘Moya, o na le dilo tse di molemo di le dintsi tse di beetsweng dingwaga di le dintsi; nna ka phuthologo, ja, nwa, ijese monate.’”—Luke 12:19.

Ke ka Ntlha Yang fa go Twe Ke “yo O Seng Tekatekano”?

8. Monna yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a lebala ntlha efe ya botlhokwa?

8 Le fa go ntse jalo, kafa Jesu a tlhalositseng ka teng, leano la monna yo o humileng le ne le dira fela gore a ikutlwe e kete o sireletsegile mme tota go sa nna jalo. Le fa le ne le lebega e kete le tla dira, le ne le tlogetse sengwe sa botlhokwa—thato ya Modimo. Monna yono o ne a akantse ka ga gagwe fela, gore o ne a tla kgona jang go iketla, go ja, go nwa le go ijesa monate. O ne a akanya gore ka gonne a na le “dilo tse di molemo di le dintsi,” gape o ne a tla nna le “dingwaga di le dintsi.” Mme ka maswabi, dilo ga di a ka tsa mo tsamaela jalo. Fela jaaka Jesu a ne a boletse pelenyana, “le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Mo go jone bosigo joo, sengwe le sengwe se monna yono a neng a se dirile se ne se sa tlhole se na le mosola mo go ene, ka gonne Modimo o ne a mo raya a re: “Wena yo o seng tekatekano, mo bosigong jono ba batla moya wa gago ka kgang mo go wena. Ke mang, he, yo o tla tsayang dilo tse o di bolokileng?”—Luke 12:20.

9. Ke ka ntlha yang fa go ne go twe monna yo o mo setshwantshong sa ga Jesu ga a tekatekano?

9 Jaanong re tla mo ntlheng ya konokono ya setshwantsho sa ga Jesu. Modimo o ne a re monna yono ga a tekatekano. Bukantswe ya Exegetical Dictionary of the New Testament e tlhalosa gore mefuta ya lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano “ka dinako tsotlhe e kaya go se tlhaloganye.” Ya re mo setshwantshong seno, Modimo o tlhalosiwa a dirisa lefoko leno go senola “kafa dithulaganyo tsa isagwe tsa mohumi yono di se nang mosola ka teng.” Lefoko leno ga le kaye motho yo o seng botlhale, mme le kaya “motho yo o ganang go dumela gore o ikaegile ka Modimo.” Tlhaloso ya ga Jesu ya monna yo o humileng e re gopotsa se a neng a se bua moragonyana a se raya Bakeresete ba phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya kwa Laodikia, kwa Asia Minor: “Wa re: ‘Ke humile e bile ke bapetse dikhumo mme ga ke tlhoke sepe gotlhelele,’ ga o itse gore o a hutsafatsa mme o tlhomola pelo o humanegile o foufetse e bile ga wa ikatega.”—Tshenolo 3:17.

10. Ke ka ntlha yang fa go nna le “dilo tse di molemo di le dintsi” go sa tlhomamise gore re tla nna le “dingwaga di le dintsi”?

10 Re tshwanetse go tsaya thuto eno tsia. A re ka tswa re tshwana le monna yo o mo setshwantshong seno—re dira ka natla go tlhomamisa gore re na le “dilo tse di molemo di le dintsi” mme re sa dire se se tlhokegang gore re nne le tsholofelo ya go bona “dingwaga di le dintsi”? (Johane 3:16; 17:3) Baebele ya re: “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo ga di na go nna le mosola mo letsatsing la tšhakgalo,” gape ya re, “yo o ikanyang dikhumo tsa gagwe—o tla wa.” (Diane 11:4, 28) Ka jalo, Jesu o ne a konela setshwantsho sa gagwe ka kgakololo eno ya bofelo: “Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.”—Luke 12:21.

11. Ke ka ntlha yang fa go se na mosola go baya tsholofelo ya gago mo dithotong?

11 Fa Jesu a ne a re “go nna jalo,” o ne a bontsha gore se se diragaletseng monna yo o humileng wa setshwantsho seno se tla diragalela le bao ba agang botshelo jwa bone—tsholofelo ya bone le tshireletsego ya bone—mo dithotong fela. Phoso ga se go ‘ipeela letlotlo,’ mme ke go sa ‘hume malebana le Modimo.’ Morutwa Jakobe o ne a bolela tlhagiso e e tshwanang le eo fa a ne a kwala jaana: “Heelang tlheng, lona ba lo reng: ‘Gompieno kgotsa ka moso re tla tsaya loeto re ya motseng ono, re tla nna ngwaga gone, mme re tla tshwarega mo kgwebong re bo re dira dipoelo,’ mme lo sa itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso.” Ba tshwanetse go dirang? “Mo boemong jwa moo, lo tshwanetse lwa re: ‘Fa Jehofa a rata, re tla tshela re bo gape re dira seno kgotsa sele.’” (Jakobe 4:13-15) Go sa kgathalesege gore motho o humile go le kana kang kgotsa o na le dithoto go le kana kang, tsotlhe di ka se nne mosola fa a sa hume malebana le Modimo. Mme go huma malebana le Modimo go kaya eng?

Go Huma Malebana le Modimo

12. Re tla huma malebana le Modimo fa re dira eng?

12 Mo mafokong a ga Jesu, go huma malebana le Modimo go farologanngwa le go ikokoanyetsa dithoto, kgotsa go ikhumisa ka dilwana. Ka jalo, Jesu o ne a bolela gore mo botshelong ga re a tshwanela go amega thata ka go ikokoanyetsa dithoto kgotsa go ikgotsofatsa ka se re nang le sone. Mo boemong jwa moo, re tshwanetse go dirisa dithoto tsa rona gore re tokafatse kgotsa re nonotshe kamano ya rona le Jehofa. Ruri go dira jalo go tla dira gore re hume malebana le Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne go tla felela ka gore a re segofatse thata. Baebele e re bolelela jaana: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—Diane 10:22.

13. Tshegofatso ya ga Jehofa e ‘humisa’ ka tsela efe?

13 Fa Jehofa a segofatsa batho ba gagwe, ka metlha o ba naya se se molemolemo. (Jakobe 1:17) Ka sekai, fa Jehofa a ne a naya Baiseraele naga, e ne e le ‘lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe.’ Le fa naga ya Egepeto le yone e ne e ile ya tlhalosiwa jalo, lefatshe le Jehofa a neng a le naya Baiseraele le ne le farologane ka sengwe sa botlhokwa. Moshe o ne a raya Baiseraele a re e ne e le “lefatshe le Jehofa Modimo wa gago a le tlhokomelang.” Ka mafoko a mangwe, ba ne ba tla atlega ka gonne Jehofa o ne a tla bo a ba tlhokometse. Fa fela Baiseraele ba ne ba nna ba ikanyega mo go Jehofa, o ne a ba segofatsa thata mme ba ne ba tshela ka tsela e go neng go bonala sentle gore e botoka go feta ya ditšhaba tsotlhe tse di gaufi le bone. Ee, tshegofatso ya ga Jehofa ke yone e e “humisang”!—Dipalo 16:13; Duteronome 4:5-8; 11:8-15.

14. Batho ba ba humileng malebana le Modimo ba nna le eng?

14 Polelwana e e reng go “huma malebana le Modimo” gape e ranolwa go twe go “huma mo ponong ya Modimo” (Today’s English Version) kgotsa go “huma mo matlhong a Modimo.” (The New Testament in Modern English, ya ga J. B. Phillips) Gantsi batho ba ba humileng dithoto ba tshwenyega ka gore ba ka tswa ba lebega jang mo matlhong a batho ba bangwe. Seno se bontshiwa thata ke tsela e ba tshelang ka yone. Ba batla go kgatlha batho ka se Baebele e se bitsang “go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” (1 Johane 2:16) Go farologana le seo, batho ba ba humileng malebana le Modimo ba amogelwa ke Modimo, ba bona bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang mme ba na le kamano e e lorato le ene. Go nna mo seemong se se ntseng jalo se se rategang ruri go dira gore ba ikutlwe ba itumetse e bile ba sireletsegile, go feta tsela epe e ba neng ba ka ikutlwa ka yone ka ntlha ya dikhumo le fa e le dife. (Isaia 40:11) Potso e e salang ke gore, Re tshwanetse go dirang gore re hume mo matlhong a Modimo?

Go Huma mo Matlhong a Modimo

15. Re tshwanetse go dira eng gore re hume malebana le Modimo?

15 Mo setshwantshong sa ga Jesu, monna yole o ne a rulaganya dilo e bile a dira ka natla e le fela gore a ikhumise ene, mme go ne ga twe ga a tekatekano. Ka jalo, fa re batla go huma malebana le Modimo, re tshwanetse go leka go dira ka natla le go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tse di botlhokwa e bile di le mosola tota mo matlhong a Modimo. Nngwe ya tsone ke e Jesu a neng a laela ka yone a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) Fa re dirisa nako ya rona, maatla a rona le bokgoni jwa rona mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa, re sa e dirisetse go ikhumisa, seo se ka tshwantshiwa le go beeletsa madi. Ba ba dirileng jalo ba ile ba bona dipoelo tse dikgolo tsa semoya, jaaka go bontshiwa ke maitemogelo a a latelang.—Diane 19:17.

16, 17. O ka anela maitemogelo afe a a bontshang tsela ya botshelo e e dirang gore motho a hume mo matlhong a Modimo?

16 Akanya ka kgang ya monna mongwe wa Mokeresete kwa nageng nngwe kwa Botlhaba. O ne a na le tiro e e duelang sentle ya go baakanya dikhomputara. Le fa go ntse jalo, tiro ya gagwe e ne e mo tseela nako e ntsi thata e bile e dira gore a ikutlwe a humanegile semoyeng. Kgabagare, mo boemong jwa go leka go itlhatlosa mo tirong, o ne a tlogela tiro mme a simolola kgwebo ya go dira le go rekisa ice cream mo mmileng gore a nne le nako e e oketsegileng ya go itlhokomela semoyeng le go dira maikarabelo a mangwe. Batho ba a neng a bereka le bone pele ba ne ba mo ja setshego, mme go ne ga felela jang? O ne a re: “Tota ke bona madi a a botoka go feta fa ke ne ke bereka ka dikhomputara. Go dirile gore ke itumele thata ka gonne ga ke ikutlwe ke gateletswe mo maikutlong e bile ke tshwenyegile jaaka fa ke ne ke le kwa tirong ya me ya pele. Mme sa botlhokwa le go feta, jaanong ke ikutlwa ke le gaufi thata le Jehofa.” Phetogo eno e ne ya dira gore Mokeresete yo a kgone go simolola bodiredi jwa nako e e tletseng, mme jaanong o direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa nageng ya gagabo. Ruri tshegofatso ya ga Jehofa “ke yone e e humisang.”

17 Sekai se sengwe ke sa mosadi yo o goletseng mo lelapeng le le neng le tseela thutego kwa godimo. O ne a ya diyunibesithing kwa Fora, kwa Mexico le kwa Switzerland mme o ne a solofetse go nna le tiro e e kgotsofatsang ya botshelo jotlhe. O ne a re: “Ke ne ke atlegile, ke na le maemo le ditshiamelo tse di rileng, mme mo pelong ke ikutlwa ke le lolea, ke sa kgotsofala le eseng.” Go tswa foo o ne a ithuta kaga Jehofa. O ne a re: “Fa ke ntse ke gatela pele semoyeng, keletso ya me ya go itumedisa Jehofa le go mmusetsa bonnye jo a bo mphileng e ne ya nthusa go bona sentle tsela e ke tshwanetseng go e tsaya—go mo direla ka nako e e tletseng.” O ne a tlogela tiro mme go ise go ye kae a kolobediwa. Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, o ntse a direla ka boitumelo mo bodireding jwa nako e e tletseng. A re: “Bangwe ba akanya gore ke sentse ka bokgoni jwa me, mme gone ba a bona gore ke itumetse, e bile ba kgatlhiwa ke melaometheo e ke tshelang ka yone. Ke rapela Jehofa letsatsi le letsatsi gore a nthuse gore ke ikokobetse gore a tle a nkamogele.”

18. Fela jaaka Paulo, re ka huma jang malebana le Modimo?

18 Saulo, yo o neng a nna moaposetoloi Paulo, o ne a solofetse go nna le tiro e e atlegileng ya botshelo jotlhe. Le fa go ntse jalo, moragonyana o ne a kwala a re: “Eleruri gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me.” (Bafilipi 3:7, 8) Mo go Paulo, dikhumo tse a neng a nna le tsone ka Keresete di ne di feta sepe se lefatshe le neng le ka se mo naya. Ka tsela e e tshwanang, fa re tlogela dikeletso dipe tsa bopelotshetlha mme re tshela botshelo jwa bomodimo, le rona re ka tshela botshelo jwa go huma mo matlhong a Modimo. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.”—Diane 22:4.

A o Ka Tlhalosa?

• Monna yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a na le bothata bofe?

• Ke ka ntlha yang fa go ne go twe monna yo o mo setshwantshong seno ga a tekatekano?

• Go huma malebana le Modimo go kaya eng?

• Re ka huma jang malebana le Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke ka ntlha yang fa go ne go twe monna yo o humileng ga a tekatekano?

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Fa go bulega diphatlha tsa go tlhatlosiwa maemo mo tirong, seo e ka nna teko ka tsela efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

“Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang”