Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—II

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—II

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—II

KE December 609 B.C.E. Kgosi ya Babelona e setse e simolotse go dikaganyetsa Jerusalema ka lekgetlo la bofelo. Go fitlha jaanong, molaetsa wa ga Esekiele mo batshwarweng ba ba kwa Babelona o na le setlhogo se le sengwe: go wa le go senngwa ga motse wa bone o ba o ratang, e bong Jerusalema. Jaanong, molaetsa wa dipolelelopele tsa ga Esekiele o fetogela mo go boleleng katlholo e e tla welang ditšhaba tsa baheitane tse di tla itumelelang masetlapelo a a welang batho ba Modimo. Fa Jerusalema e wa dikgwedi di le 18 moragonyana, molaetsa wa ga Esekiele o nna le setlhogo se sesha: go tsosolosiwa go go kgatlhang ga kobamelo ya boammaaruri.

Esekiele 25:1–48:35 e bua ka dipolelelopele tse di malebana le ditšhaba tse di dikologileng Iseraele le ka ga go gololwa ga batho ba Modimo. * Pego eno e tlhalosa ditiragalo go ya ka tatelano ya tsone le go latelana ga ditlhogo, kwantle fela ga Esekiele 29:17-20. Le fa gone ditemana tseno tse nnè di sa bewa go ya ka tatelano ya ditiragalo, di amana sentle le boporofeti. E re ka buka ya Esekiele e le karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, molaetsa wa yone o a “tshela e bile o naya maatla.”—Bahebera 4:12.

‘LEFATSHE LELE LE TLA FETOGA GO NNA TSHINGWANA YA EDENE’

(Esekiele 25:1–39:29)

E re ka Jehofa a bonetse pele tsela e Amona, Moabe, Edoma, Filisitia, Ture le Sidona ba ikutlwang ka yone malebana le go wa ga Jerusalema, o laela Esekiele go bolelelapele se se tla ba diragalelang. Egepeto e tla thopiwa. “Faro kgosi ya Egepeto le boidiidi jwa gagwe” ba tshwantshiwa le mosedara o o tla tlosiwang ke “tšhaka ya Kgosi ya Babelona.”—Esekiele 31:2, 3, 12; 32:11, 12.

Dikgwedi di le thataro morago ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E., motho mongwe yo o falotseng o a tla mme o begela Esekiele jaana: “Motse o kgemethilwe!” Moporofeti ga ‘a tlhole e le yo o sa kgoneng go bua’ mo batshwarweng. (Esekiele 33:21, 22) O na le dipolelelopele tsa tsosoloso tse a tshwanetseng go di bua. Jehofa “o tla tlhoma modisa a le mongwe fela gore a di okamele, motlhanka wa [gagwe] Dafide.” (Esekiele 34:23) Edoma e tla kgakgabadiwa, mme lefatshe le le ka kwa ga yone, Juda, le tla fetoga “go nna jaaka tshingwana ya Edene.” (Esekiele 36:35) Jehofa o solofetsa go sireletsa batho ba gagwe ba ba tsosolositsweng mo tlhaselong ya ga “Gogo.”—Esekiele 38:2.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

29:8-12—Egepeto e ne ya kgakgabadiwa leng ka dingwaga tse 40? Fa Jerusalema e sena go senngwa ka 607 B.C.E., masalela a Juda a ne a tshabela kwa Egepeto go sa kgathalesege tlhagiso ya ga moporofeti Jeremia. (Jeremia 24:1, 8-10; 42:7-22) Seo se ne sa se ka sa ba falotsa ka gonne Nebukadenesare o ne a tlhasela Egepeto mme a e fenya. Go kgakgabadiwa ga Egepeto ga dingwaga tse 40 go ka tswa go latetse morago ga phenyo eo. Le fa gone hisitori ya lefatshe e sa re neye bosupi bope malebana le go swafadiwa gono, re ka tshepa gore go ile ga direga ka gonne Jehofa ke Modiragatsi wa boporofeti.—Isaia 55:11.

29:18—Ke jang tlhogo ‘nngwe le nngwe e neng e dirilwe lefatla le legetla lengwe le lengwe le neng le kgobotswe’? Go dikaganyediwa ga karolo ya motse wa Ture e e gaufi le lewatle go ne go tseneletse thata e bile go ngomola pelo thata mo e leng gore ditlhogo tsa masole a ga Nebukadenesare di ne tsa dirwa lefatla ke go kgobolwa ke ditlhoro tsa bone tsa phemelo le magetla a bone a kgobolwa ke go tshwara dilwana tsa go aga ditora le dipota.—Esekiele 267-12.

Se re Ithutang Sone:

29:19, 20. E re ka batho ba Ture ba ne ba tshabetse le bontsi jwa dikhumo tsa bone kwa karolong ya motse wa bone e e mo setlhaketlhakeng, Kgosi Nebukadenesare o ne a gapa dilo tse dinnye fela go tswa kwa Ture. Le fa gone Nebukadenesare e ne e le mmusi wa moheitane e bile a ne a ikgantsha le go itseela kwa godimo, Jehofa o ne a mo duelela tirelo ya gagwe ka go mo naya Egepeto go nna “tuelo ya mophato wa gagwe wa sesole.” A ga re a tshwanela go etsa Modimo wa boammaaruri ka go duela dipuso makgetho ka ntlha ya ditirelo tse di re direlang tsone? Maitsholo a balaodi ba lefatshe kgotsa tsela e makgetho a dirisiwang ka yone, ga di re role boikarabelo jono.—Baroma 13:4-7.

33:7-9. Setlhopha sa molebeledi sa motlha wa segompieno—masalela a batlodiwa—le ditsala tsa bone ga ba a tshwanela go ngodiega mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go tlhagisa batho ka “pitlagano e kgolo” e e tlang.—Mathaio 24:21.

33:10-20. Poloko ya rona e ikaegile ka go tlogela ga rona ditsela tse di bosula le go dira se Modimo a se batlang. Eleruri, tsela ya ga Jehofa e ‘lolamisitswe sentle.’

36:20, 21. Baiseraele ba ne ba itshepolola leina la ga Jehofa mo ditšhabeng ka gonne ba ne ba sa tshelele se ba neng ba itsiwe ba le sone, ke gore “batho ba ga Jehofa.” Ga re a tshwanela go nna baobamedi ba ga Jehofa ka leina fela.

36:25, 37, 38. Paradaise ya semoya e re itumelelang yone gompieno e tladitswe ka “letsomane la batho ba ba boitshepo.” Ka jalo, re tshwanetse go lwela go e boloka e le phepa.

38:1-23. A bo go kgothatsa jang ne go itse gore Jehofa o tla golola batho ba gagwe mo tlhaselong ya ga Gogo wa lefatshe la Magogo! Gogo ke leina le le neilweng “mmusi wa lefatshe leno,” Satane Diabolo, fa a sena go kobiwa kwa legodimong. Lefatshe la Magogo le kaya tikologo ya lefatshe e Satane le madimona a gagwe ba tswaletsweng mo go yone.—Johane 12:31; Tshenolo 12:7-12.

“O TLHOME PELO YA GAGO MO GO SOTLHE SE KE SE GO BONTSHANG”

(Esekiele 40:1–48:35)

Ke ngwaga wa bo14 fa e sale motse wa Jerusalema o kgemethiwa. (Esekiele 40:1) Dingwaga di le masome a matlhano le borataro tsa botshwarwa di sa ntse di larile kwa pele. (Jeremia 29:10) Jaanong Esekiele o gaufi le go tshwara dingwaga di le 50. O isiwa kwa lefatsheng la Iseraele a le mo ponatshegelong. O bolelelwa jaana: “Morwa motho, bona ka matlho a gago, mme o utlwe ka ditsebe tsa gago, o tlhome pelo ya gago mo go sotlhe se ke se go bontshang.” (Esekiele 40:2-4) A bo Esekiele a tshwanetse a bo a ne a itumela jang ne go bo a amogela ponatshegelo ya tempele e ntšha!

Tempele e e galalelang e Esekiele a e bonang e na le dikgoro tse 6, diphaposi tsa bojelo tse 30, lefelo la Boitshepo, la Boitshepo jwa Maitshepo, sebeso sa legong, le sebeso se go isiwang ditshupelo tse di fisiwang mo go sone. Mo tempeleng “go tswa” mosele wa metsi a a fetogang mokgatšha o o phothoselang. (Esekiele 47:1) Esekiele o amogela le ponatshegelo ya go abiwa ga lefatshe go ya ka ditso—go abiwa gono go simologa go tswa botlhabatsatsi go ya kwa bophirima mme go na le lefelo la thulaganyo ya bolaodi fa gare ga naga e e abetsweng Juda le e e abetsweng Benjamine. “Lefelo le le boitshepo la ga Jehofa” le “motse” o o bidiwang Jehofa-Shamma di mo lefelong leno.—Esekiele 48:9, 10, 15, 35, ntlha e e kwa tlase mo go NW.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

40:3–47:12—Ke eng se se tshwantshediwang ke tempele ya ponatshegelo? Tempele eno e kgolo e Esekiele a neng a e bona mo ponatshegelong ga e ise e ko e tsamaye e agiwe. E ne e tshwantshetsa tempele ya Modimo ya semoya—thulaganyo ya gagwe ya sekatempele ya kobamelo e e itshekileng mo motlheng wa rona. (Esekiele 40:2; Mika 4:1; Bahebera 8:2; 9:23, 24) Ponatshegelo ya tempele e diragadiwa “mo metlheng ya bofelo,” fa baperesiti ba itshekisitswe. (2 Timotheo 3:1; Esekiele 44:10-16; Malaki 3: 1-3) Le fa go ntse jalo, e diragadiwa la bofelo mo Paradaiseng. Tempele eno ya ponatshegelo e ne e naya Bajuda ba ba kwa botshwarwa tsholofelo ya gore kobamelo ya boammaaruri e tla tsosolosiwa le gore lelapa lengwe le lengwe la Bajuda le tla abelwa boswa jwa lefatshe.

40:3–43:17—Ke eng se se botlhokwa ka ga go lekanngwa ga tempele? Go lekanngwa ga tempele ke sesupo sa gore maikaelelo a ga Jehofa malebana le kobamelo e e itshekileng ruri a tla diragadiwa.

43:2-4, 7, 9—“Ditopo tsa dikgosi tsa bone” tse di neng di tshwanetse go tlosiwa mo tempeleng e ne e le eng? Go bonala ditopo di kaya medimo ya disetwa. Babusi le batho ba Jerusalema ba kgotletse tempele ya Modimo ka medimo ya disetwa—seno sa felela ka gore ba e dire dikgosi tsa bone.

43:13-20—Ke eng se se tshwantshediwang ke sebeso se Esekiele a se boneng mo ponatshegelong? Sebeso sa tshwantshetso ke thato ya Modimo malebana le setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Ka ntlha ya thulaganyo eno, batlodiwa ba bolelwa ba siame mme “boidiidi jo bogolo” bo phepa e bile bo itshekile mo matlhong a Modimo. (Tshenolo 7:9-14; Baroma 5:1, 2) Gongwe ke ka moo “lewatle le le thetsweng” la tempele ya ga Solomone—sejana se segolo sa metsi a moperesiti a neng a tlhapa ka one—le seyong mo tempeleng eno ya ponatshegelo.—1 Dikgosi 7:23-26.

44:10-16—Ke mang yo o tshwantshetsang setlhopha sa baperesiti? Setlhopha sa baperesiti se tshwantshetsa setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng mo motlheng wa rona. Go itshekisiwa ga bone go diragetse ka 1918 fa Jehofa a ne a nna “jaaka moitshekisi le montlafatsi” mo tempeleng ya gagwe ya semoya. (Malaki 3:1-5) Ba ba neng ba le phepa kgotsa ba ba neng ba ikwatlhaya ba ne ba tla tswelela ka tshiamelo ya bone ya tirelo. Morago ga moo, ba ne ba tshwanetse go dira ka natla gore ba ipoloke ba “se na selabe se se tswang mo lefatsheng,” ka jalo ba nna dikao mo ‘boidiiding jo bogolo,’ jo bo tshwantshediwang ke ditso tse e seng tsa boperesiti.—Jakobe 1:27; Tshenolo 7:9, 10.

45:1; 47:13–48:29—“Lefatshe” le go abiwa ga lone go tshwantshetsa eng? Lefatshe le tshwantshetsa tiro yotlhe ya batho ba Modimo. Go sa kgathalesege kwa moobamedi wa ga Jehofa a ka tswang a le teng, o mo lefatsheng le le tsosolositsweng fa fela a kgomarela kobamelo ya boammaaruri. Go abiwa ga lefatshe go tla diragadiwa la bofelo mo lefatsheng le lesha fa motho mongwe le mongwe yo o ikanyegang a tla bo a newa boswa jwa naga.—Isaia 65:17, 21.

45:7, 16—Ke eng se se tshwantshediwang ke moneelo o batho ba neng ba o ntshetsa baperesiti le kgosana? Mo tempeleng ya semoya, seno se kaya thatathata tshegetso ya semoya—go bontsha moya wa tirisanommogo le go thusana.

47:1-5—Ke eng se se tshwantshediwang ke metsi a noka ya ponatshegelo ya ga Esekiele? Metsi a tshwantshetsa dithulaganyo tsa semoya tsa ga Jehofa tsa botshelo, go akaretsa setlhabelo sa ga Keresete Jesu sa thekololo le kitso ya Modimo e e fitlhelwang mo Baebeleng. (Jeremia 2:13; Johane 4:7-26; Baefeso 5:25-27) Noka e tswelela e nna boteng go ya pele go tlamela ba basha ba ba tsenang mo kobamelong ya boammaaruri. (Isaia 60:22) Noka e tla elela ka maatla a magolo e na le metsi a botshelo mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete, mme metsi a yone a tla akaretsa go nna le kitso e e oketsegileng fa “dikwalo tsa momeno” di tla bo di bulwa.—Tshenolo 20:12; 22:1, 2.

47:12—Ditlhare tsa maungo di emela eng? Ditlhare tsa tshwantshetso di tshwantshetsa dithulaganyo tsa Modimo tsa semoya tsa go itekanedisa batho.

48:15-19, 30-35, ntlha e e kwa tlase mo go NW—Mo ponatshegelong ya ga Esekiele motse o tshwantshetsa eng? “Jehofa-Shamma” e mo lefatsheng le le “itshekologileng,” go supa gore e tshwanetse go tshwantshetsa sengwe sa mo lefatsheng. Go bonala motse o tshwantshetsa thulaganyo ya bolaodi ya selefatshe e e solegelang batho ba ba siameng ba ba bopang “lefatshe le lesha” la tshiamo molemo. (2 Petere 3:13) Go nna le dikgoro ga one mo matlhakoreng otlhe go tshwantshetsa kgololesego. Balebedi ba ba mo gare ga batho ba Modimo ba tshwanetse go nna batho ba ba atamelesegang.

Se re Ithutang Sone:

40:14, 16, 22, 26. Ditshwantsho tsa lobota tsa ditlhare tsa mokolane mo botsenong jwa tempele di bontsha gore ke fela ba ba nang le maitsholo a mantle ba letlelelwang go tsena. (Pesalema 92:12) Seno se re ruta gore Jehofa o amogela kobamelo ya rona fa fela re thokgame.

44:23. A bo re ka leboga jang ne ditirelo tse re di direlwang ke setlhopha sa baperesiti sa motlha wa gompieno! “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o etelela pele mo go abeng dijo tse di mo nakong tsa semoya go re thusa go lemoga pharologano fa gare ga se se phepa le se se seng phepa mo matlhong a ga Jehofa.—Mathaio 24:45.

47:9, 11. Kitso—karolo e e botlhokwa ya metsi a tshwantshetso—e alafa ka tsela e e molemolemo mo nakong ya rona. Gongwe le gongwe mo e dirisiwang teng e tshedisa batho semoyeng. (Johane 17:3) Ka fa letlhakoreng le lengwe batho ba ba sa amogeleng metsi a a nayang botshelo ba tla ‘neelelwa letswai’—ba nyelediwa ruri. A bo go le botlhokwa jang ne gore ‘re dire bojotlhe jwa rona go tshwara lefoko la Modimo sentle’!—2 Timotheo 2:15.

“Ruri ke Tla Itshepisa Leina La me Le Legolo”

Fa kgosi ya bofelo ya losika lwa ga Dafide e sena go tlosiwa, Modimo wa boammaaruri o ne a letlelela gore go fete nako e telele pele ga gore “yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong” ya go busa a tle. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a se ka a phuaganya kgolagano ya gagwe le Dafide. (Esekiele 21:27; 2 Samuele 7:11-16) Boporofeti jwa ga Esekiele bo bua ka “motlhanka wa me Dafide,” yo o tla nnang “modisa” le “kgosi.” (Esekiele 34:23, 24; 37:22, 24, 25) Yono ga se ope o sele fa e se Jesu Keresete a le mo maatleng a Bogosi. (Tshenolo 11:15) Jehofa o tla “itshepisa leina la [gagwe] le legolo” ka Bogosi jwa Bomesia.—Esekiele 36:23.

Mo bogautshwaneng jaana, batho ba ba itshekololang leina le le boitshepo la Modimo ba tla nyelediwa. Mme ba ba itshepisang leina leo mo matshelong a bone ka go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo a re diriseng metsi a botshelo a a elelang ka bontsi mo motlheng wa rona le go dira gore kobamelo ya boammaaruri e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa rona.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Fa o batla go bona tlhaloso ya Esekiele 1:1–24:27, bona “Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—I,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 1, 2007.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Tempele e e galalelang ya ponatshegelo ya ga Esekiele

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Noka ya botshelo mo ponatshegelong ya ga Esekiele e tshwantshetsa eng?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Gaufi le Eastern History) Est.