Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke ka ntlha yang fa Kgosi Saulo a ne a botsa Dafide a re, “O morwa mang, mosimane?” fa Dafide a sena go bolaya Goliathe, mme e le gore Saulo o ne a kile a bitsa Dafide gore a tle go nna motlhankedi wa gagwe?—1 Samuele 16:22; 17:58.

Go ka nna motlhofo go araba fela ka go re Saulo o ne a lebetse gore Dafide ke mang ka gonne ba ne ba kopane ka nako e khutshwane. Mme ga go lebege go le jalo ka gonne pego e e mo go 1 Samuele 16:18-23 e bontsha gore Kgosi Saulo o ne a romile ka tlhamalalo gore Dafide a tlisiwe kwa go ene mme a mo rata thata a ba a mo dira motsholadibetsa wa gagwe. Saulo o tshwanetse a bo a ne a itse Dafide sentle.

Bakanoki bangwe ba Baebele ba tsaya gore 1 Samuele 17:12-31 le 17:55–18:5 di tshwanetse tsa bo di ile tsa tsenngwa moragonyana ka gonne ditemana tseno ga di yo mo dikhoping dingwe tsa Septuagint ya Segerika, thanolo ya Dikwalo tsa Sehebera e e weditsweng ka lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Le fa go ntse jalo, ga go botlhale go dira tshwetso e e ntseng jalo go ikaegilwe fela ka dikhopi tseno tsa thanolo ya Septuagint, ka gonne ditemana tseno di teng mo mekwalong e mengwe e e tsewang e le boammaaruri ya Dikwalo Tsa Sehebera. *

Go bonala sentle gore, fa Saulo a ne a botsa Abenere, go tswa foo a bo a botsa Dafide ka boene, o ne a sa batle fela go itse leina la ga rraagwe Dafide. Fa Saulo a sena go bona botho jo bongwe jwa ga Dafide, gore ke motho wa tumelo le bopelokgale yo o neng a sa tswa go fenya Goliathe, o ne a batla go itse gore mosimane yono o godisitswe ke motho yo o ntseng jang. Saulo o ka tswa a ne a akantse go dira gore rraagwe Dafide, Jese, kgotsa maloko a mangwe a lelapa la gagabo a tsene mo sesoleng, ka gonne le bone ba ka tswa ba le pelokgale jaaka Dafide.

Le fa 1 Samuele 17:58 e na le karabo e khutshwanyane fela ya ga Dafide a re, “morwa motlhanka wa gago Jese wa Mobethelehema,” mafoko a a latelang morago ga moo a bontsha gore ba ka tswa ba tlotlile se se fetang seo. Mo ntlheng eno, ela tlhoko se se buiwang ke C. F. Keil le F. Delitzsch: “Mafoko a a mo go [1 Samuel 18:1] a a reng, ‘fa a sena go digela go bua le Saulo,’ a bontsha sentle gore Saulo o ne a tlotla le ene mo go oketsegileng ka dikgang tsa lelapa la gagabo ka gonne one mafoko ano a bontsha gore go ne go nnile le motlotlo o moleele.”

Go ya ka seno sotlhe, re ka swetsa ka gore fa Saulo a botsa a re, “O morwa mang, mosimane?” o ne a sa batle go itse leina la ga Dafide, ka a ne a setse a le itse, mme o ne a batla go itse gore Dafide o tswa mo lelapeng le le ntseng jang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Fa o batla go bona gore mafoko a a sa tsenngwang mo thanolong ya Septuagint a boammaaruri go le kae, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 855, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ke ka ntlha yang fa Saulo a ne a botsa Dafide gore ke morwa mang?