Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tse Pedi Tse di Kgethegileng mo Kopanong e le Nngwe Kwa Georgia

Ditiragalo Tse Pedi Tse di Kgethegileng mo Kopanong e le Nngwe Kwa Georgia

Ditiragalo Tse Pedi Tse di Kgethegileng mo Kopanong e le Nngwe Kwa Georgia

DITIRAGALO tse pedi tse di sa lebalesegeng di diragetse kwa nageng ya Georgia ka 2006. Malatsi a le mararo go tloga ka July 7 go ya go 9 go ne ga tshwarwa Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya “Kgololo e Atametse!” mo mafelong a le marataro go ralala naga. E ne e le mokete wa semoya o o neng wa itumelelwa ke batho ba ba fetang 17 000 ba ba neng ba le teng.

Ka January 2006, go ne ga dirwa maiteko a go bona lefelo le le tshwanelang la kopano le le tla kgonang go rwala diketekete tsa batho mo toropong e kgolo ya Tbilisi, motsemogolo wa Georgia. Mafelo a mangwe a kopano one a ne a tla golaganngwa ka megala ya tlhaeletsano.

Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, batho ba kwa Georgia ba ntse ba newa kgololesego ya kobamelo ka bonya ka bonya. Ka jalo, go sa kgathalesege tsela e Basupi ba neng ba ganediwa ka yone mo nakong e e fetileng, ba ne ba tswelela ka dithulaganyo tsa bone ba tlhomamisegile gore ba tla bona lefelo la kopano mo toropong e kgolo. Ka tlhago fela, batho ba kwa Georgia ba botsalano e bile ba rata go amogela baeng. Le fa go ntse jalo, badiredibagolo bangwe ba koo ba tlhoile batho ka ntlha ya bodumedi jwa bone. A ba ne ba tla kgona go lwantsha maikutlo ao a bone mme ba letlelele Basupi gore ba hire lefelo la kopano?

Bakaulengwe ba ba leng mo Komiting ya Kopano ba ne ba etela ditadiamo tse di farologaneng le diholo tse dikgolo tsa metshameko. Bomanejara ba mafelo ao ba ne ba solofetsa gore go ka dirisiwa mafelo a bone mme ba gana fa bakaulengwe ba kopa letlha le le rileng. Ka jalo, komiti eo e ne ya gakgamala tota fa botsamaisi jwa Tbilisi Philharmonic bo ne bo dumela go hirisetsa Basupi ba ga Jehofa lefelo la bone. Holo eno ya dikonsarata e mo bogareng jwa toropo mme ditiragalo di le dintsi tse di tlotlegang di tshwarelwa foo.

E re ka bakaulengwe ba komiti eo ba ne ba kgothetse tota gore kgabagare matsapa a bone e ne e se a bophiri, ba ne ba simolola dithulaganyo tsa kopano ya Tbilisi mmogo le dikopano tse dingwe mo ditoropong le mo metseng go kgabaganya naga go akaretsa tse di neng di tla tshwarelwa kwa Tsnori, Kutaisi, Zugdidi, Kaspi le kwa Gori. Go ne ga berekwa fela thata gore mafelo ano otlhe a dikopano a kgone go golaganngwa ka megala ya tlhaeletsano e le gore batho ba ba mo go one ba kgone go utlwa thulaganyo ka nako e le nngwe. Sengwe le sengwe se ne se setse se siame. Mme ka tshoganyetso fela, beke e le nngwe pele kopano e simolola, botsamaisi jwa holo ya dikonsarata ya Tbilisi Philharmonic bo ne jwa phimola konteraka e e neng e saenilwe kwantle ga go tlhalosa lebaka la seo.

Tiragalo ya Ntlha e e Kgethegileng

Bakaulengwe ba ne ba tla dira eng mo motsotsong oo wa bofelo? Go ne go se sepe se ba ka se dirang fa e se go ya kwa Marneuli, e leng lefelo la dipolase le le leng dikilometara di le 40 kafa ntle ga Tbilisi. Dikopano di le dintsi di ne di setse di kile tsa tshwarelwa koo mo lefelong la lelapa lengwe la Basupi ba ga Jehofa. Lefelo leno e kile ya bo e le tshingwana e kgolo. Mme mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, e ne e ntse e le lone fela lefelo le diphuthego tsa mo Tbilisi di neng di ka le dirisetsa dikopano. Le fa go ntse jalo, gape Marneuli ke lone lefelo le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tlhaselwa botlhoko ke digongwana mo go lone.

Nngwe ya ditlhaselo tseno e diregile ka September 16, 2000. Mapodise a a tswang mo toropong ya Marneuli a ne a baya maparego mo tseleng go thibela Basupi gore ba se ka ba fitlha kwa lefelong la kopano. Mme morago ga moo go ne ga tla dibese di tletse ka dikebekwa tse di neng di eteletswe pele ke monna mongwe yo o bidiwang Vasili Mkalavishvili yo o neng a tlogedisitswe boruti jwa Orthodox. Ba ne ba emisa dikoloi le dibese tse di neng di ya kwa kopanong ya Marneuli, ba tswatswaila batlakopanong ba le mmalwa mo dikoloing tsa bone, ba ba betsa botlhoko, fa bapagami ba bangwe bone ba ne ba tseelwa dilwana tsa bone go akaretsa le Dibaebele le dibuka tsa Baebele.

Lefelo la kopano la kwa Marneuli le lone le ne la tlhaselwa ke segongwana sa batho ba ka nna 60. Basupi ba ka nna 40 ba ne ba gobala. Mokaulengwe mongwe o ne a tlhabiwa ka thipa mo sehubeng. Bangwe ba batlhasedi bano ba ne ba kgatikanya ditlhobolo tsa bone ba ntse ba thuntshetsa ka bogale mo moyeng. Mongwe wa bone o ne a supa mong wa lefelo leo ka tlhobolo mme a mo laela gore a mo neye madi le dibenyane. Segongwana seno se ne sa phuruphutsha ntlo ya gagwe e e neng e le mo karolong e nngwe ya lefelo leo mme ba utswa dilwana tsa gagwe tse di botlhokwa. Fa ba sena go thuba difensetere tsotlhe tsa ntlo, ba ne ba fisa dibuka tsa Baebele le dibanka tse di neng di tlile go dirisiwa mo kopanong. Ba ne ba senya dibuka di le dintsintsi. Go na le gore mapodise a thibele bokebekwa jono, le one a ne a nna le seabe mo dilong tse di neng di dirwa Basupi. *

Komiti ya Kopano e ne e sa lebana fela le bothata jwa thubakanyo mme e ne e na le kgwetlho ya go tsenya batho ba le 5 000 mo lefelong le ka tlwaelo le tsenyang batho ba ka nna 2 500. Bothata joo bo ne bo tla rarabololwa jang mo nakong e khutshwane jaana? Ruri e ne ya nna kgakgamatso fa beng ba mafelo a a gaufi ba ne ba ithaopa go hirisa ditsha tsa bone tsa masimo.

Go fetola ditsha tseno go nna mabala a a tshwanetseng kopano e ne e le namane e tona ya tiro. Maemo a bosa a ne a dira gore tiro e nne thata—pula e ne ya na beke yotlhe pele ga kopano. Ditsha tsa baagelani di ne di lemilwe ditapole mme di ne tsa tshwanelwa ke go epiwa. Sa ntlha, baithaopi ba ne ba kokoana pula e ntse e na ba tla go epa ditapole. Mme morago ga moo, go ne ga sutisiwa magora mme ga dirwa mathudi gore a sireletse bareetsi mo letsatsing le mo puleng. Go ne go tlhokega gore go agiwe dibanka tse di oketsegileng tsa mapolanka mme go tsenngwe didirisiwa tse dingwe tsa modumo. Baithaopi ba ne ba bereka bosigo le motshegare ba saga, ba kokotela ba bora, bangwe ba bone ba ne ba sa robale le go robala.

Mongwe le mongwe o ne a ipotsa gore, “go tla direga eng fa pula e ka tswelela e na le ka nako ya kopano? A batlakopanong ba ne ba tla nwelela mo tshimong e e diretse?” Go ne ga rekwa lotlhaka mme la bewa mo lebaleng le le metsi. Kgabagare letsatsi le ne la tswa! Malatsi otlhe a le mararo a kopano, mabala ao a ne a apesitswe ke letsatsi le lentle le le le bothitho.

Fa batlakopanong ba goroga, ba ne ba gorogela mo lefelong le lentle. Naga eo e e tletseng kagiso e ne e kete ke lemme la lefatshe le lesha. Batlakopanong ba ne ba ntse ba phuthologile ba dikologilwe ke ditlhare tsa difeige le tsa maungo a mangwe le ke masimo a mmopo le ditamati. Kwa morago ga serala gone go ne go le gontle ka ditlhare tsa morara. Gangwe le gape ka nako ya thulaganyo, bareetsi ba ne ba utlwa mekoko le dikoko di lela fa di ntse di tseelwa mae. Go ne go na le medumo e mengwe gape e e tlwaelegileng mo metseselegaeng mme mo batlakopanong gone e ne e utlwala jaaka mmino o o itumedisang. Go na le gore medumo eno e ba iteye tsebe, bareetsi ba ne ba sa e lemoge le go e lemoga gonne ba ne ba reeditse ka kelotlhoko thulaganyo e e molemo e e tswang mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, tseno ga se tsone fela ditiragalo tse di sa lebalesegeng tsa kopano eno.

Tiragalo ya Bobedi e e Kgethegileng

Kwa bofelong jwa thulaganyo ya mo mosong ka Labotlhano, batlakopanong ba ne ba utlwa sengwe se ba neng ba sa se lebelela fa leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e bong Geoffrey Jackson a ne a itsise go gololwa ga Baebele e e feletseng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka puo ya Se-Georgia. * Batho ba le bantsi ba ba neng ba gamaregile ba ne ba geletse dikeledi mo matlhong. Lelapa lengwe le ne la bua jaana le itumetse: “Ruri re tlhaela mafoko a tebogo ka kgakgamatso eno e Jehofa a re diretseng yone. Namane e e kanakana ya tiro e e dirilweng ka nako e khutshwane fela!”

Kgaitsadi mongwe yo o tswang kwa toropong ya Tsalendjikha yo o neng a reeditse thulaganyo ka founo o ne a re: “Ga ke kgone go tlhalosa boitumelo jo ke neng ka nna le jone fa re amogela Baebele e e feletseng. Ke batla go lo leboga fela thata ka kopano eno e e kgethegileng ya malatsi a le mararo. Ruri e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng.” Lelapa lengwe le le mo phuthegong e e kafa bophirima jwa Georgia mo molelwaneng wa Lewatle le Lentsho le ne la re: “Go fitlha gone jaana, re ne re ntse re na le Baebele e le nngwe fela mo lelapeng la rona, mme jaanong rotlhe ka bonè jwa rona re na le khopi ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Jaanong mongwe le mongwe wa rona a ka kgona go ithuta Baebele a le nosi.”

Le fa go ntse jalo, bareetsi ba ne ba sa itse gore ga se sengwe le sengwe se se neng se tsamaile ka thelelo. Ka sekai, le fa gone Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e feletseng e ne ya gatisiwa ya bo ya romelwa kwa Georgia go sa le gale pele ga kopano, badiredibagolo ba ba berekang mo Lephateng la Lekgetho la Dithoto ba ne ba gana go fetisa Dibaebele tseno mo molelwaneng. Bakaulengwe ba ne ba ikuela kwa modireding yo mogolo yo o berekang mo ofising ya dingongorego kgatlhanong le puso. O ne a golola Dibaebele tseno pelenyana fela ga kopano ya kgaolo. Modiredimogolo yono o ne a bo a romela mothusi wa gagwe kwa kopanong ya Marneuli gore a ye go amogela dikhopi tsa Baebele e ntšha gore ba tle ba nne le tsone mo ofising ya bone.

Mokgwa wa Batho ba Georgia wa go Amogela Baeng

Go na le lebaka le lengwe gape le le neng le dira gore kopano ya kgaolo ya kwa Marneuli e nne tiragalo e e sa lebalesegeng mo Basuping ba ga Jehofa ba kwa Georgia. Leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa le ne le na le seabe mo thulaganyong. Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba itumetse jaana mo mongwe le mongwe wa bone a neng a batla go mmontsha tsela ya bone ya go amogela baeng. Mokaulengwe Jackson o ne a tshwanelwa ke go ema diura le go dumedisa bakaulengwe le bokgaitsadi pele ga kopano, ka nako ya kopano le morago ya yone, mme gone o ne a sena mathata le seo.

Morago kwa ka 1903, fa go ne go konelwa kopano nngwe mokaulengwe mongwe o ne a re: “Ke humanegile tota, mme le fa motho a ne a ka re o mpha didolara di le sekete gore ke se ka ka nna mo kopanong eno, ke ne ke se kitla ke amogela madi ao.” Mo e ka nnang dingwaga di feta lekgolo morago ga moo, Basupi ba ba neng ba le mo dikopanong tseno tsa botlhokwa tse di neng di tshwerwe mo selemong sa 2006 kwa nageng ya Georgia, le bone ba ne ba ikutlwa fela jalo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Go bala ka dintlha tse di oketsegileng malebana le go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa kwa Georgia, bona makasine wa Tsogang! wa January 22, 2002, ditsebe 18-24, (ka Seesemane).

^ ser. 16 Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka puo ya Se-Georgia e ne ya gololwa ka 2004.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

“Yo Monnye” o Godile

Mafoko a Isaia 60:22 a ne a diragala kwa Georgia: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” Mo dingwageng tse di kwa tlase ga di le 20, palo ya baboledi ba Bogosi kwa Georgia e tlhatlogile go tloga go batho ba ba kwa tlase ga ba le 100 go ya go batho ba ka nna 16 000. Bareri bano ba ba tlhagafetseng ba Lefoko la Modimo ba tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele di ka nna 8 000 beke le beke—e leng sengwe se se bontshang gore go sa ntse go ka nna le koketsego kwa Georgia.

[Setshwantsho/Dimmapa mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LEPHATA LA BOSIAMISI LA RUSSIA

GEORGIA

⇨ Zugdidi

⇨ Kutaisi

Marneuli ⇨ Gori

⇨ Kaspi

⇨ Tsnori

TBILISI

TURKEY

ARMENIA

AZERBAIJAN

[Motswedi wa Setshwantsho]

Globe: Based on NASA/​Visible Earth imagery

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Sefikantswe sa kwa Tbilisi

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Dikopano tsa kwa Marneuli di ne di golagantswe le mafelo a mangwe a matlhano ka difouno tsa selula

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Batlakopanong ba ne ba gamaregile tota fa go gololwa Baebele e e feletseng ya “Thanolo ya Lefatshe le Lesha” ka puo ya Se-Georgia