Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla Jehofa ke Tshiamelo e e Ka se Bapisiweng Le epe

Go Direla Jehofa ke Tshiamelo e e Ka se Bapisiweng Le epe

Kgang ya Botshelo

Go Direla Jehofa ke Tshiamelo e e Ka se Bapisiweng Le epe

Jaaka go Boletse Zerah Stigers

Monna wa me yo e neng e le molekane wa me yo o ikanyegang mo bodireding jwa nako e e tletseng o ne a tlhokafala ka 1938. Mme o ne a ntlogela le leseanyana le mosimanyana wa dingwaga di le lesome. Le fa gone ke ne ke sa ntse ke batla go nna modiredi wa nako e e tletseng, ke ne ke tla kgona jang mo maemong ao? Pele ke go tlhalosetsa gore ke ne ka kgona jang, mma ke go tlotlele ka boripana ka botshelo jwa me pele ga foo.

MORAGONYANA fela ga gore ke tsholwe ka July 27, 1907, kwa Alabama, U.S.A., batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa Georgia mmogo le nna le bonnake ba bararo. Go ise go ye kae re ne ra fudugela kwa Tennessee mme morago ga moo gaufi le motse wa Tampa kwa Florida. Fa re ntse re le koo ka 1916, ke ne ka bona go phasaladitswe gore go tla bontshiwa setshwantsho sa “Photo-Drama of Creation.” Ka nako eo dibaesekopo di ne di sa ntse di simolola, ka jalo mongwe le mongwe o ne a itumelela setshwantsho seno sa “Photo-Drama” thata!

Batsadi ba me ba ne ba rata thata go bala Tora ya Tebelo mmogo le dibuka tse dingwe tsa Baebele. Le fa Rre a ne a itumelela go bala dibuka tseno, ka nako eo o ne a ise a kopanele ka botlalo le Baithuti ba Baebele, e leng tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka yone ka nako eo. Le fa go ntse jalo, Mmè ene o ne a tsamaya le rona bana go ya kwa dipokanong. Totatota nakwana fela morago ga gore re fudugele kwa Niles, Michigan, ka metlha fa re ya dipokanong re ne re tsamaya dikilometara tse di fetang 16 ka terena go ya kwa South Bend, Indiana.

Kgabagare ke ne ka ineela mo go Jehofa mme ka kolobediwa ka July 22, 1924. Moragonyana fela ga foo, Mmè o ne a rulaganya dilo tsa gagwe sentle mme a nna morekisi wa dibuka, e leng tsela e badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka yone ka nako eo. Sekao sa gagwe se se molemo mmogo le sa barekisi ba bangwe ba dibuka se ne sa dira gore ke nne le keletso ya go tsenela tiro eo.

Go Bona Molekane

Fa ke le kwa kopanong e kgolo kwa Indianapolis, Indiana, ka 1925, ke ne ka kopana le James Stigers, yo o neng a tswa kwa Chicago. Gone fela foo, James o ne a nkgatlhela gore ke motlhanka yo o matlhagatlhaga wa ga Jehofa. Ke ne ke nna dikilometara di ka nna 160 go tswa mo Chicago, ka jalo go ne go se motlhofo gore re etelane. Ka nako eo, go ne go na le phuthego e le nngwe fela mo toropong eo e kgolo mme dipokano di ne di tshwarelwa mo boalong jwa bobedi mo phaposing e e hirilweng. Gangwe le gape, James o ne a nkwalela go nkgothatsa semoyeng. Re ne ra nyalana ka December 1926, mme mo e ka nnang ngwaga fela morago ga moo ke ne ka tshola morwa wa rona wa ntlha e bong Eddie.

Moragonyana fela ga foo, nna le James re ne ra simolola bodiredi jwa rona jwa bobulatsela mmogo. Re ne ra direla mo dinageng di le robedi—Michigan, Louisiana, Mississippi, South Dakota, Iowa, Nebraska, California, le Illinois—mme re ne ra itumelela dingwaga tse di neng di itumedisa tota tsa botshelo jwa rona. Dingwaga tseo di ne tsa kgaodiwa ke fa James a simolola go lwala.

Mathata a madi a re neng ra nna le one ka ntlha ya bolwetse jwa ga James a ne a re pateletsa gore re boele kwa Chicago ka 1936, re ye go nna le matsale yo le ene e neng e le Mosupi. Mo malatsing a bofelo a botshelo jwa ga James a lwala, fa ke ntse ke ithwele ka ngwana wa rona wa bobedi, ke ne ka bereka mo khefing ke duelwa $1 ka letsatsi. Matsalake yo o molemo o ne a tlhomamisa gore re na le dijo tse di lekaneng mme o ne a sa dumele gore re mo duelele tsone. O ne a re tlhokomela fela thata.

James o ne a lwala dingwaga di le pedi pele a bolawa ke bolwetse jwa encephalitis, e leng bolwetse jwa go ruruga boboko. E ne e le ka July 1938. Fa James a ntse a lwala, o ne a sa kgone go kgweetsa koloi kana go nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo mme gone o ne a dirisa tshono nngwe le nngwe e a neng a e bona go rerela ba bangwe. Gore ke kgone go thusa go tlhokomela lelapa la rona ka madi, ke ne ka tlogela bodiredi jwa nako e e tletseng. Ke ne ka kgona go bona ditiro tse di farologaneng, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e tsaya lobaka lo lokhutshwane fela.

Morwa wa rona e bong Bobby, o ne a tsholwa ka July 30, 1938, malatsi a le robedi fela rraagwe a sena go tlhokafala. Matsalake o ne a gana gore ke ye kwa bookelong jwa mo motseng jo bo neng bo sa duelelwe mme gone bo se na tlhokomelo. Go na le moo, o ne a dira dithulaganyo tsa gore ke ye kwa bookelong jo bo botoka mme ke tlhokomelwe ke ngaka ya gagwe. Mo godimo ga moo, o ne a duelela ditshenyegelo tsotlhe a mpontsha lorato lwa Bokeresete, mme ke lebogela seo fela thata.

Ke Boela mo Bodireding Jwa Nako e e Tletseng

Re ne ra tswelela re nna le matsalake go fitlha Bobby a na le dingwaga tse di kwa godingwana fela ga di le 2 mme Eddie ene a le dingwaga di le 12. Le fa gone ke ne ka tshwanelwa ke go dira diphetogo ka ntlha ya maemo a me a masha, ke ne ke sa ntse ke na le keletso e kgolo ya go direla Jehofa ka nako e e tletseng. Kwa kopanong e e neng e tshwerwe kwa Detroit, Michigan, ka 1940, ke ne ka kopana le banyalani ba ba neng ba nkgothaletsa gore ke tle go bula tsela mo South Carolina. Ka jalo ke ne ka reka koloi ya Pontiac ya 1935 ka didolara di le 150 mme ka ipaakanyetsa go fudugela koo. Ka 1941 fa United States e tsenela Ntwa ya Lefatshe II, nna le basimanyana ba me ba babedi re ne ra fudugela kwa borwa, mme ka tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng gape.

Fa re fudugela kwa South Carolina, re ne ra ya pele kwa Camden, mme morago ga moo ra ya kwa toropong ya Little River, go tswa foo ra ya kwa Conway. Kwa Conway ke ne ka reka tereilara e nnye. Mong wa lefelo lengwe la go tshela peterolo yo o pelonomi o ne a ntetla gore ke emise tereilara ya me gaufi le lefelo leno la gagwe, ke dirise gase le motlakase wa gagwe mmogo le ntlwana ya boithomelo ya foo. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II peterole e ne e tlhaela, ka jalo ke ne ke sa kgone go e bona gope fela. Ke ne ka reka baesekele e e kileng ya dirisiwa. Mme ka 1943 fa go ne go sa kgonege gore ke tswelele ke bula tsela gonne re ne re sa tlhole re na le madi, ke ne ka kopiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng; mme ke ne ke tlile go amogela madi a go duelela ditshenyegelo kgwedi le kgwedi. Dingwaga tsotlhe tse ke ntseng ke le mo bodireding ka tsone, Jehofa o ntse a nthusa fela thata!

Ka nako eo, go ne go se Basupi ba bangwe ba ba nnang mo Conway mme go ne go le thata gore nna le banake re tsamaye re le nosi go ya bodireding. Ka jalo ke ne ka kwala lekwalo mme ka kopa gore ke romelelwe mmulatsela yo o kgethegileng yo ke tla berekang le ene, mme ka 1944, ke ne ka romelwa mongwe yo o molemolemo—Edith Walker! Re ne ra bereka mmogo mo dikabelong di le mmalwa dingwaga di le 16. Mme ka maswabi o ne a tshwanelwa ke go boela kwa Ohio ka ntlha ya mathata a botsogo.

Masego A a Sa Lebalesegeng

Mo dilong di le dintsi tse di itumedisang tse ke di gakologelwang mo dingwageng tseo, ga ke na go tsamaya ke lebala Albertha wa dingwaga di le 13 yo o neng a nna kwa Conway mme a tlhokomela nkokoagwe yo o golafetseng le bokgaitsadie ba babedi. O ne a rata thata boammaaruri jwa Baebele jo ke mo rutileng jone mme a batla go bo bolelela ba bangwe. Le ene o ne a simolola go rata tirelo ya bobulatsela fela thata mme o ne a nna mmulatsela fa a sena go aloga mo sekolong se segolwane ka 1950. Dingwaga di le 57 morago ga moo, o sa ntse a tsweletse mo bodireding jwa nako e e tletseng!

Ka 1951, nna le Edith re ne ra abelwa go ya go dira ka nako e khutshwane kwa Rock Hill, South Carolina kwa go neng go na le Basupi ba le mmalwa fela ba ba nnang koo. Mme go tswa foo re ne ra ya kwa Elberton, Georgia, dingwaga di le tharo. Mme ra boela gape kwa South Carolina kwa ke neng ka nna teng go tloga ka 1954 go ya go 1962. Kwa Walhalla, ke ne ka kopana le mosadimogolo mongwe yo o sa utlweng sentle mo ditsebeng yo o neng a bidiwa Nettie. O ne a nna a le nosi mo motseselegaeng. Gore re tswelele ka thuto ya rona ya Baebele, o ne a bala serapa mo bukeng, ke bo ke supa potso ya serapa seo kwa bofelong jwa tsebe, mme ene a bo a supa karabo mo serapeng.

Fa a ne a sa tlhaloganye sengwe, o ne a kwala potso ya gagwe mo pampitshaneng, mme nna ke mo kwalela karabo fa tlase ga yone. Kgabagare tsela e Nettie a neng a rata boammaaruri jwa Baebele ka yone e ne ya gola mo a neng a simolola go nna teng mo dipokanong tsa phuthego mmogo le go nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo. O ne a tsena a le nosi mo matlong, mme ka dinako tsotlhe ke ne ke bereka gaufi le ene gore fa a tlhoka thuso ke kgone go mo thusa.

Fa ke ntse ke le kwa Walhalla, koloi ya me ya bogologolo e ne ya senyega. Go ne go na le koloi nngwe e e neng e ja didolara di le 100, mme ke ne ke se na one madi ao. Ke ne ka ikgolaganya le Mosupi mongwe yo o neng a na le kgwebo mme o ne a nkadima didolara di le 100. Moragonyana fela ga foo, ke ne ka amogela lekwalo le ke neng ke sa le letela le le tswang kwa go nnake yo o neng a nkitsise gore bonnake ba bangwe ba sa tswa go lemoga gore fa rre a tlhokafala o ne a na le madi mangwe kwa bankeng. Ba ne ba buisana gore ba direng ka one mme ba dumalana botlhe gore ba nthomelele one. Madi ao e ne e le didolara di le 100!

Ke Bula Tsela le Bomorwaake

Fa Eddie le Bobby ba sa ntse ba le bannye ba ne ba tsamaya le nna ka dinako tsotlhe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Mo dingwageng tseo bothata jo bo leng teng gompieno jwa diokobatsi le tlhotlheletso ya go tlhoka boitsholo bo ne bo sa ata jaaka gompieno. Go boloka botshelo jwa rona bo sa raraana le go tlhoma mogopolo mo tirong ya go rera go ne ga nthusa gore ke se ka ka nna le mathata a le mantsi a batsadi ba lebanang le one gompieno fa ba godisa bana ba bone gore ba direle Jehofa.

Eddie o ne a ya go tsena sekolo kwa Camden go fitlha a fetsa mophato wa gagwe wa borobedi, mme morago ga foo o ne a batla go tla go bula tsela le nna. Re ne ra itumelela go bula tsela mmogo ka dingwagangwaga. Mme o ne a nna le keletso ya go direla kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York, kwa a neng a direla teng go tloga ka 1947 go fitlha ka 1957. Ka 1958 o ne a nyala Albertha, yo nkileng ka ithuta Baebele le ene mme ba ne ba nna babulatsela mmogo. Ruri re ne ra itumela tota fa boraro jwa rona re ne re le mmogo ka 2004 mo Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela!

Ke gakologelwa letsatsi lengwe, dingwaga di le dintsi tse di fetileng Bobby yo mmotlana a kopa Jehofa ka thapelo gore a nthuse ke nne le peterole e nka e dirisang mo koloing ya me gore ke kgone go ya go bona dithuto tsa me tsa Baebele. Botshelo jwa gagwe jotlhe, Bobby o ne a bontsha gore o rata bodiredi mme o ne a itumelela bodiredi jwa bobulatsela dingwaga di le mmalwa. Ka maswabi, lelapa la ga Bobby le lone le ne la nna le masetlapelo. Ka 1970, mosadi wa gagwe yo a neng a na le dikgwedi di le 22 fela a nyalane le ene, o ne a tlhokafala mmogo le bana ba bone ba mawelana fa a ne a ba tshola. Fa e sa le nna le Bobby re ntse re nna go bapa mme re utlwana fela thata.

Ke sa Ntse ke le Mmulatsela!

Ka 1962, ke ne ka abelwa mo phuthegong e ke sa ntseng ke le mo go yone le jaanong morago ga dingwaga di le 45 kwa Lumberton, North Carolina. Ke ne ka tswelela ke kgweetsa koloi ya me go fitlha ke le dingwaga di ka nna 84. Lelapa lengwe la Basupi le le nnang gaufi le nna le tsamaya le nna go ya dipokanong le go ya kwa tirong ya go rera.

Ke na le thobane le setulo sa maotwana mme ga ke tlhoke go di dirisa ka gonne ke sa ntse ke kgona go itsamaela. Ke leboga Jehofa tota go bo ke nnile le botsogo jo bontle, ke bosheng jaana ke simolotseng go nna le bothata jwa matlho. Ga go motlha ke foswang ke dipokano kwantle fela ga fa ke lwala thata mme ke ntse ke tsweletse ke dira jaaka mmulatsela wa ka metlha yo o bokoa.

E re ka ke ntse ke itumelela bodiredi jwa bobulatsela dingwaga di feta 70, nka bua ke sa kgale mathe ganong gore ruri Jehofa o nthusitse botshelo jwa me jotlhe. * Ke a itse gore ga ke ise ke tsamaye ke nne motho yo o botlhale thata, kana yo o kgonang go dira tiro ka bonako thata, mme Jehofa o itse se ke kgonang le se ke sa kgoneng go se dira. Ke leboga tota gore o a itse gore ke a iteka mme o ntse a ntirisa.

Ke akanya gore go direla Jehofa ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng go botlhokwa thata gonne re mo kolota sengwe le sengwe. Fa fela ke sa ntse ke kgona, ke batla fela go direla jaaka mmulatsela. Ruri eno e nnile tshiamelo e e molemolemo! Ke rapela gore Jehofa a nne a ntirise ka bosakhutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 30 Kgaitsadi Stigers o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka April 20, 2007, dikgwedi di le tharo fela pele a nna le dingwaga di le 100. Re kgothadiwa thata ke dingwaga tse dintsi tse a neng a direla ka boikanyegi ka tsone mme re itumelela go bo a amogetse tuelo ya gagwe ya kwa legodimong.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Nna le monna wa me re ne re dirisa koloi eno mo tirong ya go rekisa dibuka

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ke na le bomorwaake ka 1941

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le Eddie le Bobby bosheng jaana