Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo Itise Kgatlhanong le Keletso ya Bopelotshetlha ya Mofuta Mongwe le Mongwe”

“Lo Itise Kgatlhanong le Keletso ya Bopelotshetlha ya Mofuta Mongwe le Mongwe”

“Lo Itise Kgatlhanong le Keletso ya Bopelotshetlha ya Mofuta Mongwe le Mongwe”

“Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.”—LUKE 12:15.

1, 2. (a) Ke eng se o se lemogileng ka dilo tse batho ba di kgatlhegelang le tse ba di berekelang gompieno? (b) Maikutlo a a ntseng jalo a ka re ama jang?

MADI, dithoto, maemo, ditiro tse di duelang madi a mantsi, lelapa—tseno ke dingwe tsa dilo tse bontsi jwa batho ba tsayang gore di supa gore motho o atlegile go le kana kang kgotsa di tlhomamisa gore motho o tla nna le isagwe e e sireletsegileng. Go bonala sentle gore mo dinageng tse di humileng le tse di humanegileng, batho ba le bantsi ba kgatlhegela e bile ba berekela gore ba nne le dithoto tse dintsi le gore ba atlege. Kafa letlhakoreng le lengwe, tsela e ba kgatlhegelang dilo tsa semoya ka yone e ntse e ngotlega ka bofefo—fa e le gore gone ba sa ntse ba di kgatlhegela.

2 Go ntse fela jaaka Baebele e boleletse pele. Ya re: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” (2 Timotheo 3:1-5) E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba nna mo gare ga batho ba ba ntseng jalo ka dinako tsotlhe, ba nna ba le mo kgatelelong ya gore ba tshele go dumalana le tsela eno ya go akanya le mokgwa ono wa go tshela. Ke eng se se ka re thusang go ganana le maiteko a lefatshe a go ‘re bopa gore re tshwane le lone’?—Baroma 12:2, The New Testament in Modern English, ya ga J. B. Phillips.

3. Jaanong re tla sekaseka kgakololo efe ya ga Jesu?

3 E re ka Jesu Keresete e le ‘Moemedi yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona,’ o re neile dithuto tsa botlhokwa mo ntlheng eno. (Bahebera 12:2) Nako nngwe fa Jesu a ne a bua le boidiidi jwa batho ka dikgang dingwe tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri, monna mongwe o ne a kgaosetsa kgang a kopa jaana: “Moruti, bolelela morwarre gore a kgaoganye boswa le nna.” Jesu o ne a araba ka go naya monna yono—le botlhe ba ba reeditseng—kgakololo ya botlhokwa. O ne a ntsha tlhagiso e e nonofileng kgatlhanong le bopelotshetlha mme a dira gore tlhagiso eo e utlwale sentle ka go bolela setshwantsho se se dirang gore motho a akanye. Re tshwanetse go tsaya tsia se Jesu a neng a se bolela ka nako eo mme re bone kafa se ka re solegelang molemo ka teng fa re se dirisa mo botshelong jwa rona.—Luke 12:13-21.

Kopo E e Sa Tshwanelang

4. Ke ka ntlha yang fa go ne go sa tshwanela gore monna yono a tsene Jesu ganong?

4 Pele monna yono a tsena Jesu ganong, Jesu o ne a bua le barutwa ba gagwe le batho ba bangwe ka ga gore ba itise kgatlhanong le boitimokanyo, ba nne le bopelokgale jwa go ipolela fa ba le seoposengwe le Morwa motho, le gore moya o o boitshepo o tla ba thusa. (Luke 12:1-12) Ruri tseno ke dikgang tsa botlhokwa tse barutwa ba neng ba tshwanetse go di tsaya tsia. Le fa go ntse jalo, fa kgang eno e e dirang gore motho a akanye e ntse e tsweletse pele, monna yono o ne a tsena Jesu ganong a mo kopa gore a tsereganye mo go se se neng se lebega e le kgotlhang ya lelapa ka dithoto. Mme go na le thuto ya botlhokwa e re ka e ithutang mo tiragalong eno.

5. Kopo ya monna yono e ne ya senola eng ka ga gagwe?

5 Go a tle go twe, “gantsi se se bontshang gore motho ke wa mofuta mang ke gore o akanya ka eng fa a ntse a reeditse tao ya bodumedi.” Fa Jesu a ntse a bua ka dikgang tse di masisi tsa semoya, monna yono o tshwanetse a bo a ne a akantse ka gore a ka dirang gore a solegelwe molemo ka tsela nngwe mo go tsa madi. Ga go tlhalosiwe gore a o ne a na le lebaka le le utlwalang la go ngongoregela boswa. Gongwe o ne a leka fela go dirisa Jesu ka gonne a na le taolo e bile a itsege e le moatlhodi yo o botlhale mo dikgannyeng tsa batho. (Isaia 11:3, 4; Mathaio 22:16) Mme gone potso ya gagwe e ne e bontsha gore o na le bothata mo pelong ya gagwe—ga a anaanele dilo tsa semoya gotlhelele. A seno ga se re fe lebaka le le utlwalang la go itshekatsheka? Ka sekai, go motlhofo gore fa re le kwa dipokanong tsa Bokeresete re bo re letla megopolo ya rona e kgarakgatshega kgotsa e akanya ka se re tla se dirang moragonyana. Mo boemong jwa moo, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go se se buiwang mme re akanye ka ditsela tse re ka dirisang tshedimosetso eno ka tsone go tokafatsa kamano ya rona le Rraarona, Jehofa Modimo, le Bakeresete ka rona.—Pesalema 22:22; Mareko 4:24.

6. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a gana go dira jaaka monna yono a ne a mo kopa?

6 Go sa kgathalesege gore monna yono o tlhotlheleditswe ke eng go dira kopo eno, Jesu o ne a gana go e diragatsa. Mo boemong jwa moo, Jesu o ne a mo raya a re: “Monna, ke mang yo o neng a ntlhoma go nna moatlhodi kgotsa mokgaoganyi mo go lona?” (Luke 12:14) Fa Jesu a ne a rialo, o ne a bua ka sengwe se batho ba neng ba se itse sentle, ka gonne go ya ka Molao wa ga Moshe, baatlhodi ba mo metseng ba ne ba tlhomilwe gore ba atlhole dikgang tsa mofuta one oo. (Duteronome 16:18-20; 21:15-17; Ruthe 4:1, 2) Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a amegile ka dilo tsa botlhokwa go feta tseo—go supa ka ga boammaaruri jwa Bogosi le go ruta batho thato ya Modimo. (Johane 18:37) Re latela sekao sa ga Jesu ka gore re se ka ra itewa tsebe ke dikgang tse e seng tsa sepe, mme re dirise nako ya rona le maatla a rona go rera dikgang tse di molemo le go “[dira] batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.”—Mathaio 24:14; 28:19.

Itise mo Bopelotshetlheng

7. Jesu o ne a kgona go lemoga eng ka botlhale?

7 E re ka Jesu a kgona go lemoga maikaelelo a a boteng a pelo, o ne a bona gore kopo ya monna yono ya gore a tsereganye mo kgannyeng ya lelapa e ne e akaretsa sengwe se se masisi go feta seo. Ka jalo, mo boemong jwa go gana kopo eo fela, Jesu o ne a remelela mo kgannyeng ya botlhokwa mme a re: “Nnang lo butse matlho lo bo lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe, ka gonne le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.”—Luke 12:15.

8. Bopelotshetlha ke eng, mme bo ka felela ka eng?

8 Bopelotshetlha ga se keletso fela ya go batla go nna le madi kgotsa dilo dingwe tse di ka nnang le tiriso le boikaelelo jo bo tshwanetseng. Ke keletso e e feteletseng ya dikhumo kgotsa dithoto kgotsa go eletsa dithoto tsa motho yo mongwe ka tsela e e feteletseng. E ka akaretsa keletso ya bogagaru ya go batla go nna le dilo, gongwe tse tota e leng tsa mongwe o sele, mme o eletsa fela go nna le tsone o sa akanyetse gore a o a di tlhoka kgotsa gore ba bangwe ba ka amega jang. Motho yo o pelotshetlha o letla gore sengwe le sengwe se a se akanyang le se a se dirang se amane thata le se a se eletsang mo tota se fetogang modimo wa gagwe. Gopola gore moaposetoloi Paulo o tshwantsha motho yo o pelotshetlha le moobamedi wa medingwana, yo o ka se kang a rua Bogosi jwa Modimo.—Baefeso 5:5; Bakolosa 3:5.

9. Bopelotshetlha bo ka bonala ka ditsela dife? Naya dikai.

9 Se se kgatlhang ke gore, Jesu o ne a tlhagisa ka ‘bopelotshetlha jwa mofuta mongwe le mongwe.’ Bopelotshetlha bo mefutafuta. Melao ya bofelo mo Melaong e e Lesome e ne ya balolola mefuta mengwe, e re: “O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena. O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe le fa e le lelata la gagwe le fa e le poo ya gagwe le fa e le esele ya gagwe le fa e le sepe fela se e leng sa mongwe ka wena.” (Ekesodo 20:17) Baebele e tletse ka dikai tse dintsi tsa batho ba ba ileng ba wela mo boleong jo bo masisi ka ntlha ya bopelotshetlha jwa mofuta mongwe. Satane ke ene wa ntlha go eletsa sengwe sa mongwe o sele—kgalalelo, tlotlo le taolo e e leng ya ga Jehofa fela. (Tshenolo 4:11) Efa o ne a eletsa tshwanelo ya go itaola, mme go tsiediwa ga gagwe mo ntlheng eno go ne ga latlhela lotso lwa batho mo tseleng e e isang boleong le losong. (Genesise 3:4-7) Madimona e ne e le baengele ba ba neng ba se ka ba kgotsofalela “boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” gore ba bone sengwe se ba neng ba se na tshwanelo ya sone. (Jude 6; Genesise 6:2) Akanya le ka Balaame, Akane, Gehasi le Judase. Mo boemong jwa go kgotsofalela se ba nang le sone mo botshelong, ba ne ba letla keletso e e feteletseng ya dithoto e dira gore ba se ka ba dirisa sentle maikarabelo a ba a neilweng mme ya ba isa tshenyegong.

10. Re tshwanetse go ‘nna re butse matlho’ jang jaaka Jesu a gakolotse?

10 A bo go tshwanela jang ne go bo Jesu a ne a simolola tlhagiso ya gagwe kgatlhanong le bopelotshetlha ka mafoko a a reng “nnang lo butse matlho”! Ka ntlha yang? Ka gonne go motlhofo gore motho a bone yo mongwe gore o pelotshetlha, mme ga se gantsi motho a ka dumela gore ene o pelotshetlha. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o bolela gore “lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” (1 Timotheo 6:9, 10) Morutwa Jakobe o tlhalosa gore keletso e e sa siamang, “fa e sena go emera, e tshola boleo.” (Jakobe 1:15) Go dumalana le kgakololo ya ga Jesu, re tshwanetse go ‘nna re butse matlho,’ e seng gore re bone ba bangwe kafa ba tshwanelwang ke mafoko ano ka teng mme e le gore re itshekatsheke gore re tlhomile dipelo tsa rona mo go eng, gore re “itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe.”

Go Tshelela mo Letlepung

11, 12. (a) Jesu o ne a ntsha tlhagiso efe ka bopelotshetlha? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya tlhagiso ya ga Jesu tsia?

11 Go na le lebaka le lengwe gape la go bo re tshwanetse go itisa kgatlhanong le bopelotshetlha. Ela tlhoko se Jesu a neng a se bua morago ga moo: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Ruri seno se tshwanetse sa akanyediwa ka kelotlhoko mo motlheng wa rona wa go rata dithoto, o mo go one batho ba tsayang gore go huma go tsamaisana le boitumelo le katlego. Ka go rialo, Jesu o ne a bontsha gore botshelo jo ruri bo nang le bokao e bile bo kgotsofatsa ga bo bakwe ke dithoto e bile ga bo a ikaega ka tsone, le fa di ka nna dintsi jang.

12 Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba se ka ba dumalana le seo. Ba ka nna ba akanya gore dithoto di dira gore botshelo e nne jo bo kgotsofatsang le jo bo itumedisang, mme bo nne mosola le go feta. Ka jalo, ba fetsa nako ya bone ba dira ditiro tse di ka ba kgontshang go nna le dithoto tsotlhe le didirisiwa tse ba di eletsang. Ba akanya gore seno se tla ba naya botshelo jo bo monate. Mme fa ba akanya jalo, ga ba tlhaloganye se Jesu a neng a se bua.

13. Re tshwanetse go leba botshelo le dithoto ka tsela efe e e lekalekaneng?

13 Jesu o ne a se mo kgannyeng ya gore a go nna le letlotlo go siame kgotsa nnyaa. Tota o ne a gatelela gore motho ga a tshele ka “dilo tse a di ruileng,” ke gore, dilo tse a setseng a na le tsone. Mo ntlheng eno, rotlhe re a itse gore tota ga re tlhoke dilo tse dintsi gore re tshele. Re tlhoka fela dijonyana, diaparo le fa re ka latsang tlhogo teng. Bahumi ba na le letlepu la dilo tseno, mme bahumanegi ba ka nna ba tshwanelwa ke go kgaratlha gore ba nne le se ba se tlhokang. Mme pharologanyo epe e e leng teng e a fela fa re swa—sengwe le sengwe se fetoga lefela. (Moreri 9:5, 6) Ka gone, gore botshelo bo nne le bokao le mosola, ga bo kake e bile ga bo a tshwanela go ikaega fela ka dilo tse motho a ka nnang le tsone. Ntlha eno e bonala sentle fa re sekaseka mofuta wa botshelo jo Jesu a neng a bua ka jone.

14. Ke eng se re ka se ithutang mo lefokong le le ranotsweng go twe “botshelo” le le mo pegong eno ya Baebele?

14 Lefoko le le ranotsweng e le “botshelo” mo mafokong a ga Jesu a a mo Efangeleng ya ga Luke a a reng “botshelo jwa [motho] ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng” (Segerika, zo·eʹ) ga le kaye mokgwa wa botshelo, mme le kaya botshelo ka bojone, botshelo bo feletse. * Jesu o ne a kaya gore le fa re ka tswa re humile kgotsa re humanegile, le fa re ka tswa re tshela mo manobonobong kgotsa re kgaratlha, ga re na maatla a a feletseng a go laola gore re tla tshela lobaka lo lo kae kgotsa gone gore a re tla bo re sa ntse re tshela kamoso. Jesu o ne a bolela jaana mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?” (Mathaio 6:27) Baebele e bontsha sentle gore Jehofa ke ene fela “motswedi wa botshelo,” mme ke ene fela a ka nayang batho ba ba ikanyegang “botshelo jwa mmatota,” kgotsa “botshelo jo bo sa khutleng,” go tshelela ruri, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng.—Pesalema 36:9; 1 Timotheo 6:12, 19.

15. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ikanya dithoto?

15 Mafoko a ga Jesu a bontsha kafa go leng motlhofo ka teng gore batho ba lebe botshelo ka tsela e e sokameng. Le fa ba ka tswa ba humile kgotsa ba humanegile, batho botlhe ga ba a itekanela mme ba felela ka tsela e e tshwanang. Moshe wa motlha wa bogologolo o ne a re: “Malatsi a dingwaga tsa rona ka boone ke dingwaga di le masome a supa; mme fa e le ka ntlha ya thata e e kgethegileng ke dingwaga di le masome a le robedi, le fa go ntse jalo di ganelela mo matshwenyegong le mo dilong tse di utlwisang botlhoko; gonne di tshwanetse go feta ka bonako, mme re fofele koo.” (Pesalema 90:10; Jobe 14:1, 2; 1 Petere 1:24) Ka lebaka leno, batho ba ba sa itirelang kamano e e molemo le Modimo gantsi ba nna le boikutlo jwa gore “a re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa,” jo moaposetoloi Paulo a neng a bua ka jone. (1 Bakorintha 15:32) Ba bangwe, ka go bona gore botshelo bo a feta e bile ga bo a tlhomama, ba leka go dira gore bo sireletsege bo bo bo tlhomame ka go nna le dithoto. Gongwe ba akanya gore fa ba na le dithoto tse dintsi, di tla dira gore botshelo bo tlhomame ka tsela nngwe. Ka jalo, ba dira ka natla ba sa kgaotse gore ba ikgobokanyetse dikhumo le dithoto, ba dira phoso ya go tsaya gore dilo tse di ntseng jalo di tsamaisana le tshireletsego le boitumelo.—Pesalema 49:6, 11, 12.

Isagwe e e Sireletsegileng

16. Boleng jwa mmatota jwa botshelo ga bo a ikaega ka eng?

16 Go ka tswa go le boammaaruri gore go tshela ka tsela ya maemo a a kwa godimo—go nna le letlepu la dijo, diaparo, lefelo la bonno le dilo tse dingwe tsa manobonobo—go ka thusa gore motho a tshele monate kgotsa a kgone le go bona tlhokomelo e e botoka ya kalafi mme ka jalo a oketse dingwaga tsa gagwe tsa botshelo go sekaenyana. Le fa go ntse jalo, a ruri botshelo jo bo ntseng jalo bo na le bokao e bile bo sireletsegile thata? Boleng jwa mmatota jwa botshelo ga bo ye ka palo ya dingwaga tse motho a di tshelang kgotsa selekanyo sa dithoto tse a nang le tsone. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha kotsi ya go ikaega thata ka dilo tse di ntseng jalo. O ne a kwalela Timotheo jaana: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.”—1 Timotheo 6:17.

17, 18. (a) Ke dikai dife tse di tlhomologileng tse re tshwanetseng go di etsa malebana le dithoto? (b) Go tla sekasekwa setshwantsho sefe sa ga Jesu mo setlhogong se se latelang?

17 Ga go botlhale go baya tsholofelo ya gago mo dikhumong ka gonne ‘ga di a tlhomama.’ Tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a humile, mme fa masetlapelo a mo wela ka tshoganetso, dikhumo tsa gagwe di ne di ka se mo thuse ka sepe; di ne tsa fela gangwe fela. Go nna le kamano e e nonofileng le Modimo ke gone fela go neng ga mo thusa go itshokela diteko tsotlhe le dipitlagano. (Jobe 1:1, 3, 20-22) Aborahame ga a ka a letla letlotlo la gagwe la dithoto le mo thibela go amogela kabelo e e boima e e tswang kwa go Jehofa, mme o ne a segofadiwa ka gore a nne “rra boidiidi jwa ditšhaba.” (Genesise 12:1, 4; 17:4-6) Go a tshwanela gore re etse dikai tseno le tse dingwe. Le fa re le basha kgotsa re le bagolo, re tshwanetse go itshekatsheka go bona gore ke eng se se botlhokwa thata mo botshelong jwa rona le gore re theile tsholofelo ya rona mo go eng.—Baefeso 5:10; Bafilipi 1:10.

18 Mafoko a a seng kae a Jesu a neng a a bua kaga bopelotshetlha le tsela e re tshwanetseng go leba botshelo ka yone a botlhokwa e bile a a ruta eleruri. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a na le dintlha tse di oketsegileng, mme o ne a bolela setshwantsho se se dirang gore motho a akanye, setshwantsho sa monna wa mohumi yo o seng tekatekano. Setshwantsho seo se dira jang mo motlheng wa rona, mme re ka ithuta eng mo go sone? Setlhogo se se latelang se tla naya dikarabo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Lefoko le lengwe la Segerika le le ranolwang go twe “botshelo” ke biʹos. Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, biʹos e kaya “lobaka lwa botshelo,” “mokgwa wa botshelo” le “tsela ya go tshela.”

O ka Araba Jang?

• Lebaka la go bo Jesu a ile a gana go diragatsa kopo ya monna mongwe yo o mo boidiiding le re ruta eng?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itisa mo bopelotshetlheng, mme re ka dira seo jang?

• Ke ka ntlha yang fa botshelo bo sa ikaega ka dithoto?

• Ke eng se se ka dirang gore botshelo bo nne mosola mme bo sireletsege tota?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a se ka a diragatsa kopo ya monna mongwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bopelotshetlha bo ka nna le diphelelo tse di botlhoko

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Aborahame o ne a bontsha jang gore o leba dithoto ka tsela e e tshwanetseng?