Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo ya Mmè e Fenya Masetlapelo

Tumelo ya Mmè e Fenya Masetlapelo

Tumelo ya Mmè e Fenya Masetlapelo

“Fa lo bala lekwalo leno, seno se raya gore karo ya me ga ya atlega mme ga ke tlhole ke na le lona.”

ANO ke mafoko a a simololang lekwalo le mmè mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Carmen a neng a le kwalela barwadie ba bararo ba dingwaga tse 25, 19 le 16. Ka maswabi, karo eo ga e a ka ya atlega mme Carmen o ne a tlhokafala.

Go tshwanelwa ke go tlogela barwadi ba bararo mo maemong ano a a botlhoko go ka garola le fa e le mang pelo. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore tumelo e e nonofileng e mmè yono a neng a na le yone mo go Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe e ne ya fenya masetlapelo a a neng a lebane le one, mme ya dira gore a nne le kagiso ya mogopolo e e bonalang sentle mo lekwalong la gagwe le le amang maikutlo. Ela tlhoko gore o ne a raya barwadie a reng.

“Sa ntlha, ke batla go lo bolelela gore ke lo rata ka pelo ya me yotlhe. . . . Lo barwadi ba ba molemo go gaisa bape ba mmè a ka nnang le bone mme ke ipela thata ka lona.

“Ke ne ke ratile go nna le lona go fitlha lefatshe le lesha le Modimo a le solofeditseng le fitlha . . . , mme e re ka go sa kgonege, ke mo kopile gore a lo thuse gore lo ikanyege fela jaaka lo ntse lo dira. Re itshoketse diteko di le dintsi mmogo mme Jehofa ga a ise a ko a re latlhe. . . . Ka jalo tswelelang lo ikanya kaelo ya gagwe e a re nayang yone ka phuthego ya gagwe mme lo nne lo eme phuthego mmogo le bagolwane nokeng. Rerang gantsi ka mo lo ka kgonang ka teng mme lo rate bakaulengwe botlhe.

“Re tlile go kgaogana ka lobakanyana fela. . . . Ke a lo kopa tsweetswee gore lo intshwarele ka diphoso tsotlhe tse ke lo diretseng tsone le ka dinako tsotlhe tse ke neng ke sa lo tlhaloganye kana ke neng ka se ka ka lo bolelela kafa ke lo ratang ka gone. . . . Ke a itse gore mongwe le mongwe wa lona o na le se a se tlhokang. Jehofa o itse seo go lo feta mme o tla lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang a bo a lo duelele boitshoko jwa lona.

“Le ka motlha lo se ka lwa lebala mokgele wa lona—botshelo kwa lefatsheng le lesha—mme lo nne lo kgaratlhele go o fitlhelela. E kete Jehofa a ka lo segofatsa a bo a lo nonotshe gore lo kgone go itshoka go ya bokhutlong. . . . Lo se ka lwa hutsafala barwadiake ba ba rategang. Ke a lo rata!”

Masetlapelo a ka wela le fa e le mang nako nngwe le nngwe. Kgosi Solomone wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Le fa go ntse jalo, ba ba nang le tumelo e e nonofileng mo Modimong ba ka tlhomamisega jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a re: “Ke tlhatswegile pelo gore le fa e le loso kgotsa botshelo . . . kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.”—Baroma 8:38, 39; Bahebera 6:10.