Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di dirisa jang lefoko “phuthego” ka ditsela tse nnè?

Lefoko leno le dirisiwa la ntlha mo setlhopheng sa Bakeresete ba ba tloditsweng (mo ditemaneng dingwe Keresete o a akarediwa). Ka dinako tse dingwe “phuthego ya Modimo” e kaya Bakeresete botlhe ba ba tshelang ka nako e e rileng. Tsela ya boraro e lefoko leno le dirisiwang ka yone ke go kaya Bakeresete botlhe mo lefelong le le rileng. Tsela ya bonè ke fa go kaiwa Bakeresete ba ba bopang phuthego nngwe.—4/15, tsebe 21-3.

• Go tlhophiwa ga Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong go tla fela leng?

Baebele ga e re neye karabo e e tlhomameng. Go tlhophiwa ga bone go simologile ka 33 C.E. mme ga tswelela go tla go fitlha mo metlheng ya segompieno. Morago ga 1935, tiro ya go dira barutwa e ne ya remelela mo go phutheng boidiidi jo bogolo. Bangwe ba ba kolobeditsweng morago ga 1935 ba ne ba supelwa ke moya o o boitshepo gore ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, ka jalo re ka se beye letlha le le tlhomameng la gore go tlhophiwa ga Bakeresete gore ba newe tsholofelo ya go tshela kwa legodimong go fela leng. Batlodiwa ba boammaaruri ga ba na moya wa Modimo go feta ba dinku tse dingwe, e bile ga ba lebelele gore ba tshwarwe ka tsela nngwe e e kgethegileng. Bakeresete botlhe, e ka tswa e le ba batlodiwa kgotsa e le ba dinku tse dingwe, ba tshwanetse go ikanyega mme ba tswelele ba dira thato ya Modimo.—5/1, tsebe 30-1.

• Fa Jefetha a ne a ikana, a o ne a ikemiseditse go ntshetsa Modimo morwadie e le tshupelo e e fisiwang?

Nnyaa. Jefetha o ne a raya gore o ne a tla neela motho yo o tla mo kgatlhantshang mo tirelong e e kgethegileng ya Modimo, e e neng e le thulaganyo ya Molao wa ga Moshe. (1 Samuele 2:22) Go diragatsa maikano a ga rraagwe, morwadia Jefetha o ne a tswelela a direla kwa motlaaganeng, mo e neng e le go intsha setlhabelo thata ka gonne go ne go raya gore o ne a se kitla a nyalwa.—5/15, tsebe 9-10.

Codex e ne e na le seabe sefe mo Bokereseteng bogologolo?

Go bonala Bakeresete ba ne ba dirisa thata momeno, go fitlha mo bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Mo lekgolong le le latelang la dingwaga go ne ga nna le mathata fa gare ga batho ba ba buelelang go dirisiwa ga codex le ba ba buelelang go dirisiwa ga momeno. Baitse ba dumela gore go dirisa ga Bakeresete codex go ile ga nna le seabe se segolo mo go direng gore e amogelwe ke batho ba le bantsi.—6/1, tsebe 14-15.

• Khalendara ya Gesere ke eng?

Ke letlapanakwalelo le le bonweng ka 1908 kwa lefelong la Gesere. Bangwe ba akanya gore letlapanakwalelo leno le kwadilwe ke mosimane wa sekolo jaaka leboko. Letlapanakwalelo leno le tlhalosa ngwaga wa temo ka tsela e e motlhofo, go simolola ka go kgobokanya ka kgwedi e e tsamaisanang le September/October mme le umaka dijalo tse di farologaneng le ditiro tse di dirwang ka nako ya temo.—6/15, tsebe 8.

• Go leofela moya o o boitshepo ke eng?

Go a kgonega gore motho a leofele moya o o boitshepo wa ga Jehofa, e leng boleo jo bo se nang go itshwarelwa. (Mathaio 12:31) Modimo ke ene a dirang tshwetso ya gore a re dirile boleo jo bo ka se itshwarelweng, e bile a ka re amoga moya wa gagwe. (Pesalema 51:11) Fa re utlwisiwa botlhoko thata ke boleo jo re bo dirileng, go ka direga gore re ikutlwa jalo ka go bo re ikwatlhaya ka mmatota mme ka jalo ga re a leofela moya.—7/15, tsebe 16-17.

• Ke ka ntlha yang fa Kgosi Saulo a ne a botsa gore Dafide ke morwa mang mme e le gore o ne a kile a dirisana le Dafide? (1 Samuele 16:22; 17:58)

Saulo o ne a sa batle fela go itse leina la ga rraagwe Dafide. E re ka Saulo a ne a sa tswa go bona gore Dafide ke motho wa tumelo le bopelokgale yo o neng a sa tswa go fenya Goliathe, o ne a batla go itse gore mosimane yono o godisitswe ke motho yo o ntseng jang. Saulo o ka tswa a ne a akantse go dira gore Jese kgotsa maloko a mangwe a lelapa la gagabo a tsene mo sesoleng.—8/1, tsebe 31.