Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bokeresete bo Fitlha Kwa Asia Minor

Bokeresete bo Fitlha Kwa Asia Minor

Bokeresete bo Fitlha Kwa Asia Minor

MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga C.E., diphuthego di le dintsi tsa Bakeresete di ne di gola kwa Asia Minor (e leng Turkey ya motlha wa segompieno). Bajuda le Baditšhaba ba ne ba amogela molaetsa wa Bokeresete ka bontsi. Dikishinare nngwe ya Baebele ya re: “Kwantle ga Siria le Palesetina, Bokeresete bo ne jwa simolola mo Asia Minor mme jwa anama thata.”

Re ka bona sentle gore Bokeresete bo aname jang mo kgaolong eno ka go kopanya tshedimosetso e e tswang mo metsweding e e farologaneng. A re boneng kafa re ka solegelwang molemo ka teng ke tshedimosetso e e leng teng.

Bakeresete ba Ntlha Kwa Asia Minor

Tiragalo ya ntlha e kgolo mo go anameng ga Bokeresete kwa Asia Minor e diragetse ka Pentekosete ya 33 C.E. fa boidiidi jwa batho ba ba neng ba bua ka diteme, jo bo neng bo akaretsa Bajuda ba ba neng ba nna kwa ntle ga Palesetina le batho ba ba sokologetseng mo Bojudeng, ba ne ba phuthegile kwa Jerusalema. Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba rerela baeng bano dikgang tse di molemo. Pego eno ya bogologolo ya re go ne ga tla batho ba le mmalwa ba tswa Kapadokia, Ponto, kwa kgaolong ya Asia, * Feregia le Pamfilia—e leng mafelo a a neng a bopa karolo e kgolo ya Asia Minor. Bareetsi ba ka nna 3 000 ba ne ba amogela molaetsa wa Bokeresete mme ba kolobediwa. Fa ba boela kwa gae, ba ne ba tsamaya le tumelo ya bone e ntšha.—Ditiro 2:5-11, 41.

Tshedimosetso e e latelang e fitlhelwa mo pegong ya Baebele ya maeto a borongwa a ga moaposetoloi Paulo kwa Asia Minor. Mo loetong lwa gagwe lwa ntlha, mo e ka nnang ka 47/48 C.E., Paulo o ne a tsamaya ka sekepe le balekane ba gagwe ba tswa kwa Kupero ba ya kwa Asia Minor, mme ba fologa mo Perega kwa Pamfilia. Kwa motseng o o fa gare wa Antioka kwa Pisidia, go atlega ga bone fa ba rera go ne ga dira gore Bajuda ba nne lefufa mme ba ganetse. Fa Paulo a ne a ya kwa borwabotlhaba kwa Ikonio, Bajuda ba bangwe ba ne ba loga leano la go tshwara barongwa bano ka tsela e e seng ntle. Batho ba ba tseegang maikutlo motlhofo ba kwa Lisetera la ntlha ba ne ba re Paulo ke Modimo. Mme fa Bajuda ba ba ganetsang ba kwa Antioka le Ikonio ba sena go goroga, batho ba koo ba ne ba kgobotletsa Paulo ka maje mme ba mo tlogela a idibetse! Fa seno se sena go direga, Paulo le Barenabase ba ne ba ya kwa Derebe kwa porofenseng ya Roma ya sepolotiki ya Galatia, kwa batho ba teng ba neng ba bua puo ya Se-Likaonia. Go ne ga rulaganngwa diphuthego, mme ga tlhongwa bagolwane. Ka jalo o ka bona gore dingwaga di ka nna 15 morago ga Pentekosete ya 33 C.E., Bokeresete bo ne bo setse bo aname kwa Asia Minor.—Ditiro 13:13–14:26.

Mo loetong lwa ga Paulo lwa bobedi, mo e ka nnang ka 49 go ya go 52 C.E., setlhopha sa ga Paulo se ne sa ya pele kwa Lisetera se raletse naga, mme se ka tswa se ne sa feta fa lefelong la gabone la Tareso kwa Kilikia. Fa Paulo a sena go etela bakaulengwe ba kwa Lisetera gape a bo a tsamaela kwa bokone, o ne a leka go “bua lefoko” kwa dikgaolong tsa Bithinia le Asia. Le fa go ntse jalo, moya o o boitshepo ga o a ka wa dumelela gore seo se direge. Mafelo ao a ne a tla rerelwa morago. Modimo o ne a kaela Paulo gore a ye kwa dikarolong tse di kwa bokonebophirima tsa Asia Minor le go ya kwa Teroase e e fa lobopong. Go tswa foo Paulo o ne a kaelwa mo ponong gore a rere dikgang tse di molemo kwa Yuropa.—Ditiro 16:1-12; 22:3.

Mo loetong lwa ga Paulo lwa boraro lwa borongwa, mo e ka nnang ka 52 go ya go 56 C.E., o ne a ralala gape Asia Minor a ya kwa Efeso, e e leng motse wa botlhokwa thata wa boemakepe kwa Asia. O ne a kile a ema teng fa a ne a boa kwa loetong lwa gagwe lwa bobedi. Go ne go na le setlhopha sa Bakeresete ba ba neng ba tlhagafetse mo motseng oo, mme Paulo le balekane ba gagwe ba ne ba dira le bone mo e ka nnang ka dingwaga di le tharo. Ka nako eo go ne ga nna le mathata le dikotsi, mme bongwe jwa mathata e ne e le dikhuduego tse di neng di bakilwe ke bathudi ba selefera ba kwa Efeso ka gonne ba ne ba sireletsa papadi ya bone e e ba humisang ya bodumedi.—Ditiro 18:19-26; 19:1, 8-41; 20:31.

Go lebega tiro ya borongwa e e neng e theilwe kwa Efeso e nnile le matswela a magolo. Ditiro 19:10 ya re: “Botlhe ba ba nnang mo kgaolong ya Asia ba ne ba utlwa lefoko la Morena, Bajuda mmogo le Bagerika.”

Ditiragalo Kwa Asia Minor

Paulo o ne a kwalela Bakorintha jaana fa a ne a setse a tloga a tswa kwa Efeso: “Diphuthego tsa Asia di a lo dumedisa.” (1 Bakorintha 16:19) Paulo o ne a bua ka diphuthego dife? Gongwe o ne a akaretsa Kolosa, Laodikia, le Hierapolise. (Bakolosa 4:12-16) Buka ya Paul—His Story ya re: “Go lebega go utlwala go re ditšhaba tsa batho ba Semerena, Peregamo, Saredise le Filadelefia di nnile teng ka ntlha ya tiro e e neng e dirwa ke barongwa kwa Efeso. . . . Tsotlhe di ne di le bokgakala jwa dikilometara di le 192 go tswa kwa Efeso, mme ditsela tse di neng di ya teng di ne di siame.”

Ka jalo dingwaga di ka nna 20 morago ga Pentekosete ya 33 C.E., go ne go setse go na le diphuthego tsa Bokeresete di le mmalwa kwa borwa le kwa bophirima jwa Asia Minor. Go tweng ka dikarolo tse dingwe mo kgaolong eo?

Batho ba Petere a Neng a ba Kwaletse Makwalo

Moaposetoloi Petere o ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng dingwaga di le dintsi moragonyana, mo e ka nnang ka 62 go ya go 64 C.E. O ne a le kwaletse Bakeresete ba kwa Ponto, Galatia, Kapadokia, Asia le Bithinia. Lekwalo la ga Petere le bontsha gore go tshwanetse ga bo go ne go na le diphuthego tsa Bokeresete mo mafelong ano, ka gonne bagolwane ba tsone ba ne ba kgothadiwa gore ba ‘dise letsomane.’ Diphuthego tseno di tlhomilwe leng?—1 Petere 1:1; 5:1-3.

Mangwe a mafelo a batho ba Petere a neng a ba kwaletse makwalo ba neng ba nna kwa go one, jaaka Asia le Galatia, a ne a setse a reretswe ke Paulo. Le fa go ntse jalo, o ne a ise a rere kwa Kapadokia kana Bithinia. Baebele ga e re bolelele gore Bokeresete bo anametse jang kwa mafelong ao, mme bo ka tswa bo anamisitswe ke Bajuda kana basokologi ba ba neng ba le kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E. ba moragonyana ba ileng ba boela kwa magaeng a bone. Dingwaga di ka nna 30 morago ga Pentekosete fa Petere a ne a kwala makwalo ano, go lebega go ne go na le diphuthego “go anama Asia Minor yotlhe” go ya ka mokanoki mongwe.

Diphuthego Tse Supa Tsa Tshenolo

Go tsuologa ga Bajuda kgatlhanong le Baroma go ne ga simolola go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E. E ka tswa e le gore Bakeresete bangwe ba kwa Judea ba ne ba felela ba nna kwa Asia Minor. *

Go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Jesu Keresete o ne a kwalela diphuthego tse supa tsa kwa Asia Minor makwalo a dirisa moaposetoloi Johane. Makwalo ano a a neng a ya kwa diphuthegong tsa Efeso, Semerena, Peregamo, Thiatira, Saredise, Filadelefia le Laodikia a bontsha gore Bakeresete mo karolong eno ya Asia Minor ka nako eo ba ne ba lebane le dikotsi tse di farologaneng, jaaka boitsholo jo bo sa siamang, go rata makoko le botlhanogi.—Tshenolo 1:9, 11; 2:14, 15, 20.

Tirelo ya Moya Otlhe e e Dirwang ka Boingotlo

Go anama ga Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ne go akaretsa dilo tse dingwe mo godimo ga tse re balang ka tsone mo bukeng ya Ditiro tsa Baaposetoloi. Baaposetoloi ba ba neng ba itsege thata, e bong Petere le Paulo ba ne ba tshwaregile mo ditirong tse di tlhalosiwang mo go Ditiro, mme ba bangwe ba go sa itsiweng gore ba ne ba le kae ka palo ba ne ba rera go sele. Ditiragalo tsa kwa Asia Minor di tlhomamisa gore Bakeresete ba pele ba ne ba ikobela taelo eno ya ga Jesu: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.”—Mathaio 28:19, 20.

Ka tsela e e tshwanang gompieno, ke palo e potlana fela ya ditiro tse di bontshang boikanyego tse Basupi ba ga Jehofa ba di dirang mo lefatsheng lotlhe tse di itsiweng ke bakaulengwe ba ditšhabatšhaba. Jaaka go ne go ntse ka bareri ba lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Asia Minor, bontsi jwa bareri ba motlha wa segompieno ba dikgang tse di molemo ga ba itsege. Mme le bone ba itumelela matshelo a bone jaaka ba nna ba tshwaregile e bile ba kgotsofetse thata ka gonne ba itse gore ba ithaopa ka boikobo go boloka ba bangwe.—1 Timotheo 2:3-6.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika le mo setlhogong seno, fa go buiwa ka “Asia” go buiwa ka kgaolo ya Roma e e neng e le kwa karolong e e kwa bophirima ya Asia Minor, mme ga go buiwe ka kontinente ya Asia.

^ ser. 17 Rahisitori Eusebius (260-340 C.E.) a re nako nngwe pele ga 66 C.E., “baaposetoloi, ba ba neng ba nna ba le mo kotsing ya go bolawa, ba ne ba lelekwa kwa Judea. Mme ba ne ba ya kwa nageng nngwe le nngwe ka maatla a ga Keresete gore ba ye go naya batho molaetsa wa bone.”

[Lebokoso mo go tsebe 11]

BAKERESTE BA PELE KWA BITHINIA LE PONTO

Porofense e e kopantsweng ya Bithinia le Ponto e ne e le fa Lobopong lwa Asia Minor lwa Lewatle le Lentsho. Go itsiwe dilo tse dintsi ka botshelo jwa letsatsi le letsatsi mo porofenseng eno go ya ka se Pliny yo Mmotlana, e leng mongwe wa badiredibagolo ba teng, a neng a se kwalela Mmusimogolo wa Roma, e bong Trajan.

Dingwaga di ka nna 50 fa makwalo a ga Petere a sena go ya kwa diphuthegong tsa mo lefelong leno, Pliny o ne a kopa Trajan gore a mo neye kgakololo ya gore a dirisane jang le Bakeresete. Pliny o ne a re: “Ga ke ise nke ke nne teng fa Bakeresete ba tlhatlhobiwa. Ka jalo ga ke itse gore ka tlwaelo ba ne ba otlhaiwa jang. Batho ba bantsintsi ba dingwaga tse di farologaneng le maemo a a farologaneng, banna le basadi, ba a sekisiwa, mme go lebega seno se tlile go tswelela. Seno ga se dirwe fela kwa ditoropong, mme se dirwa le mo metseng le mo dikgaolong tsa metseselegae tse di iphitlhelang di angwa ke lekoko leno le le ferosang sebete.”

[Setshwantsho/Mmapa mo go tsebe 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MAETO A GA PAULO

Loeto Lwa Ntlha Lwa Borongwa

KUPERO

PAMFILIA

Perega

Teroase

Antioka (ya Pisidia)

Ikonio

Lisetera

Derebe

Loeto Lwa Bobedi Lwa Borongwa

KILIKIA

Tareso

Derebe

Lisetera

Ikonio

Antioka (ya Pisidia)

FEREGIA

GALATIA

Teroase

Loeto Lwa Boraro Lwa Borongwa

KILIKIA

Tareso

Derebe

Lisetera

Ikonio

Antioka (ya Pisidia)

Efeso

ASIA

Teroase

[Diphuthego Tse Supa]

Peregamo

Thiatira

Saredisa

Semerena

Efeso

Filadelefia

Laodikia

[Mafelo a mangwe]

Hierapolise

Kolosa

LIKIA

BITHINIA

PONTO

KAPADOKIA

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Antioka

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Teroase

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 2003 BiblePlaces.com

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bobogelo kwa Efeso.—Ditiro 19:29

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Fa tlase ga sebeso sa ga Seuse kwa Peregamo. Bakeresete mo motseng oo ba ne ba nna “kwa setulo sa bogosi sa ga Satane” se neng se le gone.—Tshenolo 2:13

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.