Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke Morati wa Tshiamiso

Jehofa ke Morati wa Tshiamiso

Jehofa ke Morati wa Tshiamiso

“Nna, Jehofa, ke rata tshiamiso.”—ISAIA 61:8.

1, 2. (a) Mafoko “tshiamiso” le “botlhokatshiamiso” a kaya eng? (b) Baebele ya reng kaga Jehofa le nonofo ya gagwe ya tshiamiso?

TSHIAMISO e a tle e tlhalosiwe e le ‘go se nne le tlhaolele, go nna tekatekano, go dira dilo tumalanong le se se siameng le se se molemo mo boitsholong.’ Go tlhoka tshiamiso go akaretsa go se nne tekatekano, go gobelela, go nna bosula, go utlwisa ba bangwe botlhoko go sa tshwanela.

2 Dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, Moshe o ne a kwala jaana kaga Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, Jehofa: “Ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene.” (Duteronome 32:4) Dingwaga di feta makgolo a le supa moragonyana, Modimo o ne a tlhotlheletsa Isaia go kwala mafoko ano: “Nna, Jehofa, ke rata tshiamiso.” (Isaia 61:8) Mme mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Paulo o ne a re: “A go na le botlhokatshiamiso mo Modimong? Le ka motlha e kete go ka se ka ga nna jalo!” (Baroma 9:14) Mme mo go lone lekgolo leo la dingwaga, Petere o ne a re: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Ee, “Jehofa ke morati wa tshiamiso.”—Pesalema 37:28; Malaki 3:6.

Go Tlhoka Tshiamiso go Atile

3. Go tlhoka tshiamiso go simologile jang mo lefatsheng?

3 Tshiamiso ga e a ata gompieno. Re ka direlwa ditiro tsa go tlhoka tshiamiso kae kana kae mo setšhabeng—kwa tirong, kwa sekolong, fa re dirisana le batlhankedi ba puso, le ka ditsela tse dingwe—tota le mo lelapeng. Gone ke boammaaruri gore ditiro tse di ntseng jalo tsa go tlhoka tshiamiso ga se gone di simologang. Di simolotse go diragalela batho fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tsuologa, ba simolola go se ikobele molao ba tlhotlhelediwa ke sebopiwa se se tsuologang sa semoya se se ileng sa fetoga Satane Diabolo. Ruri e ne e le go tlhoka tshiamiso gore Adame, Efa le Satane ba se ka ba dirisa sentle mpho e e molemo ya kgololesego ya go itlhophela e Jehofa a neng a ba neile yone. Ditiro tsa bone tse di phoso di ne di tla felela ka gore lelapa lotlhe la batho le boge botlhoko le bo le aparelwe ke loso.—Genesise 3:1-6; Baroma 5:12; Bahebera 2:14.

4. Go tlhoka tshiamiso go na le lobaka lo lo kae go le teng mo bathong?

4 Go tlhoka tshiamiso ga go bolo go nna teng mo bathong ka dingwaga di ka nna 6 000 fa e sa le go nna le botsuolodi kwa Edene. Re ka lebelela gore go nne jalo ka gonne Satane ke modimo wa lefatshe leno. (2 Bakorintha 4:4) Ke moaki le ramaaka, mosebi le moganetsi wa ga Jehofa. (Johane 8:44) Ga a bolo go nna a dira ditiro tse di maswe tsa go tlhoka tshiamiso. Ka sekai, Modimo o ne a lemoga gore “bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.” Lebaka le lengwe la seo e ne e le tlhotlheletso e e bosula ya ga Satane pele ga Morwalela wa ga Noa. (Genesise 6:5) Seemo seo se ne se sa ntse se le teng mo motlheng wa ga Jesu. O ne a re: “Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone,” a raya mathata a lone a a utlwisang botlhoko a a jaaka go tlhoka tshiamiso. (Mathaio 6:34) Baebele e nepile fa e re: “Popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.”—Baroma 8:22.

5. Ke ka ntlha yang fa go na le ditiro tse dintsi tsa go tlhoka tshiamiso mo metlheng eno go feta le fa e le leng pele?

5 Ka jalo, go ntse go direga dilo tse di bosula mo hisitoring ya batho tse di feletseng ka gore go nne le ditiro tse di maswe tsa go tlhoka tshiamiso. Jaanong seemo se maswe go feta le fa e le leng pele. Ka ntlha yang? Ka gonne tsamaiso e e bosula ya jaanong ya dilo e ntse e le ‘mo metlheng ya yone ya bofelo’ ka masomesome a dingwaga, mme fa e ntse e ya kwa bokhutlong, e na le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Baebele e ne ya bolelela pele gore mo nakong eno ya hisitori, batho ba ne ba tla nna “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, . . . ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.” (2 Timotheo 3:1-5) Mekgwa e e bosula jaaka eo e baka mefuta yotlhe ya go tlhoka tshiamiso.

6, 7. Batho ba bona ditiro dife tse dikgolo tsa go tlhoka tshiamiso mo metlheng eno?

6 Mo dingwageng tse di lekgolo tse di sa tswang go feta, go ntse go direga ditiro tsa go tlhoka tshiamiso ka selekanyo se se iseng se ko se direge pele. Lebaka le lengwe ke gore mo dingwageng tseno go ntse go na le dintwa tse dintsi go feta le fa e le leng pele. Ka sekai, borahisitori bangwe ba fopholetsa gore ka Ntwa ya Lefatshe II fela, go bolailwe batho ba ka nna dimilione tse 50 go ya go dimilione tse 60, bontsi jwa bone e le batho ba e seng masole—banna, basadi le bana ba ba se nang molato. Fa e sale ntwa eo e fela, go bolailwe batho ba bangwe gape ba le dimilionemilione mo dintweng tse di farologaneng, le fano gape bontsi e se masole. Satane o tlhotlheletsa ditiro tseno tsa go tlhoka tshiamiso ka gonne o galefile, a itse gore Jehofa o tla tloga a mo fenya gotlhelele. Boporofeti jwa Baebele bo bolela jaana: “Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:12.

7 Gompieno madi a a dirisiwang mo sesoleng a fitlha go diranta di le dibilione di le 7,4 ngwaga le ngwaga. Batho ba le dimilione di le makgolokgolo ga ba na dilo tse ba di tlhokang gore ba tshele, ka jalo akanya ka dilo tse di mosola tse madi ao otlhe a neng a ka di dira fa a ka bo a dirisiwa mo ditirong tse e seng tsa ntwa. Mo e ka nnang batho ba le bilione ga ba na dijo tse di lekaneng, mme ba bangwe bone ba mo letlepung. Go ya ka motswedi mongwe wa tshedimosetso wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, bana ba ka nna dimilione di le tlhano ba swa ka ntlha ya tlala ngwaga le ngwaga. Ruri seo ke go tlhoka tshiamiso! Akanya le ka bana ba bantsi ba ba se nang molato ba ba bolawang ka go ntshiwa ga dimpa. Go fopholediwa gore go bolawa ba le dimilione tse 40 go ya go dimilione tse 60 ngwaga le ngwaga mo lefatsheng lotlhe! Ke go tlhoka tshiamiso ka tsela e e setlhogo tota!

8. Ke tsela efe fela e e ka tlisetsang batho tshiamiso ya boammaaruri?

8 Babusi ba batho ga ba bone ditharabololo tsa mathata a magolo a a aparetseng batho gompieno; e bile maiteko a batho a ka se tokafatse dilo. Lefoko la Modimo le boleletse pele gore mo motlheng wa rona “batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.” (2 Timotheo 3:13) Go tlhoka tshiamiso go atile thata mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi mo batho ba sa kgoneng go go fedisa. Modimo wa tshiamiso ke ene fela a ka go tlosang. Ke ene fela a ka fedisang Satane, madimona le batho ba ba bosula.—Jeremia 10:23, 24.

Ba Tshwenyega ka Lebaka le le Utlwalang

9, 10. Ke ka ntlha yang fa Asafe a ile a kgobega marapo?

9 Mo nakong e e fetileng, tota le bakwadi bangwe ba Baebele ba ne ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a ise a tsenye letsogo mo dikgannyeng tsa batho mme a tlisa tshiamo le tshiamiso ya boammaaruri. Ka sekai, akanya ka monna mongwe wa metlha ya Baebele. Mafoko a a tlhagang kwa godimo ga kgaolo ya Pesalema 73 a fa leina la Asafe, yo e ka tswang e ne e le seopedi se se tlhomologileng sa Molefi ka nako ya puso ya ga Kgosi Dafide kgotsa e ka tswa e le baopedi ba lelapa le Asafe e neng e le tlhogo ya lone ya lotso. Asafe le ditlogolwana tsa gagwe ba ne ba kwala dipina tse dintsi tse di neng di dirisiwa mo kobamelong ya phatlalatsa. Mme mokwadi wa pesalema eno o kile a ngomoga pelo malebana le kobamelo nako nngwe mo botshelong jwa gagwe. O ne a bona kafa batho ba ba boikepo ba neng ba humile ka teng, mme a lemoga gore gantsi ba ne ba lebega ba kgotsofaletse botshelo, ba se na mathata ape.

10 Re bala jaana: “Ke ne ka tswela baipelafatsi pelo, fa ke ne ke bona kagiso ya baikepi. Gonne ga ba na ditlhabi tsa loso; mme mpa ya bone e nonne. Ga ba mo matshwenyegong a motho yo o nang le go swa, e bile ga ba lerelwe sebetso go tshwana le batho ba bangwe.” (Pesalema 73:2-8) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya mokwadi yoo wa Baebele o ne a lemoga gore go akanya ka tsela eo go ne go le phoso. (Pesalema 73:15, 16) Mopesalema o ne a leka go baakanya tsela e a akanyang ka yone, mme o ne a sa kgone go tlhaloganya sentle gore ke ka ntlha yang fa baikepi bone ba ne ba kgona go dira bosula ba sa otlhaiwe mme ba ba siameng bone gantsi ba ne ba boga.

11. Fa nako e ntse e ya mopesalema Asafe o ne a tlhaloganya eng?

11 Mme moragonyana monna yo o ikanyegang yoo wa motlha wa bogologolo o ne a tlhaloganya gore go ne go tla diragalang ka baikepi—gore kgabagare Jehofa o ne a tla baakanya dilo. (Pesalema 73:17-19) Dafide o ne a kwala a re: “Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe. Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.”—Pesalema 37:9, 11, 34.

12. (a) Jehofa o ikaeletse go dirang ka boikepo le go tlhoka tshiamiso? (b) O ikutlwa jang ka tharabololo eo ya bothata jwa go tlhoka tshiamiso?

12 Ruri Jehofa o ikaeletse go fedisa boikepo le ditiro tsa go tlhoka tshiamiso tse di tsamaisanang le gone mo lefatsheng leno ka nako ya gagwe. Seo ke sengwe se le bone Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetseng ba se ikgopotsa ka metlha. Jehofa o tla fedisa batho ba ba ganetsang thato ya gagwe, mme o tla duela ba ba tshelang go dumalana le yone. “Matlho a gagwe a a bona, matlho a gagwe a a phatsimang a tlhatlhoba bomorwa batho. Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo. O tla nesetsa baikepi dirai, molelo le sulefera le phefo e e fisang . . . Gonne Jehofa o tshiamo; o rata ditiro tse di siameng.”—Pesalema 11:4-7.

Lefatshe le Lesha la Tshiamiso

13, 14. Ke ka ntlha yang fa go tla rena tshiamo le tshiamiso mo lefatsheng le lesha?

13 Fa Jehofa a sena go fedisa tsamaiso eno ya dilo e e se nang tshiamiso, e e laolwang ke Satane, o tla tlisa lefatshe le lesha le le galalelang. Le tla bo le laolwa ke Bogosi jwa Modimo jo bo kwa legodimong, jo Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe go bo rapelela. Boikepo le go tlhoka tshiamiso di tla tseelwa sebaka ke tshiamo le tshiamiso, ka gonne ka nako eo thapelo eno e tla arabiwa ka botlalo: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.

14 Baebele e a re bolelela gore re ka lebelela puso e e ntseng jang, e batho botlhe ba ba siameng gone jaanong ba e eletsang. Pesalema 145:16 e tla diragadiwa ka botlalo tota ka nako eo: “[Wena Jehofa Modimo] o bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.” Mo godimo ga moo, Isaia 32:1 ya re: “Bona! Kgosi [Keresete Jesu kwa legodimong o] tla busa gore go nne le tshiamo; mme fa e le dikgosana [baemedi ba ga Keresete ba ba mo lefatsheng], di tla busa e le dikgosana gore go nne le tshiamiso.” Isaia 9:7 e bolelela pele jaana ka ga Kgosi Jesu Keresete: “Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela, mo setulong sa bogosi sa ga Dafide le mo bogosing jwa gagwe gore bo tlhomamisiwe thata le go bo tshegetsa ka tshiamiso le ka tshiamo, go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.” A o kgona go ipona ka leitlho la mogopolo o tshela mo tlase ga puso eo ya tshiamiso?

15. Jehofa o tla direla batho eng mo lefatsheng le lesha?

15 Mo lefatsheng la Modimo le lesha, re ka se tlhole re nna le lebaka la go bua mafoko a a mo go Moreri 4:1: “Ke ne ka boa gore ke tle ke bone ditiro tsotlhe tsa kgatelelo tse di dirwang kafa tlase ga letsatsi, mme bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi; mme mo letlhakoreng la bagateledi ba bone go ne go na le maatla, mo ba neng ba se na mogomotsi.” Gone ke boammaaruri gore e re ka re na le megopolo e e sa itekanelang, go thata go akanya fela gore lefatshe le lesha leo la tshiamo le tla bo le le monate go le kana kang. Bosula bo ka se tlhole bo nna teng; mo boemong jwa moo, letsatsi le letsatsi le tla tlala ka dilo tse di molemo. Ee, Jehofa o tla baakanya sengwe le sengwe se se phoso, a dira jalo ka selekanyo se se fetang kgakala se re neng re se solofetse. A bo go tshwanela jang ne go bo Jehofa Modimo a ile a tlhotlheletsa moaposetoloi Petere go kwala a re: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone”!—2 Petere 3:13.

16. “Magodimo a masha” a tlhomilwe ka tsela efe, mme “lefatshe le lesha” le ntse le baakanyediwa jang gompieno?

16 Ee ruri, “magodimo a masha,” puso ya Modimo ya kwa legodimong e laolwa ke Keresete, e setse e tlhomilwe. Batho ba ba tla bopang karolo ya ntlha ya “lefatshe le lesha,” setšhaba se sesha sa batho ba ba siameng ba ba tla tshelang mo lefatsheng, ba ntse ba phuthiwa mo metlheng eno ya bofelo. Ba setse ba atamela dimilione tse supa, mo dinageng di ka nna 235 le mo diphuthegong di ka nna 100 000. Batho bano ba ba dimilionemilione ba ntse ba ithuta ditsela tsa ga Jehofa tsa tshiamo le tshiamiso, mme seo se feletse ka gore mo lefatsheng lotlhe ba nne le kutlwano e e nonotshiwang ke lorato lwa Bokeresete. Kutlwano ya bone ke yone e bonalang thata e bile e nnetse ruri go gaisa epe mo hisitoring ya lefatshe, kutlwano e e fetang kgakala e babusiwa ba ga Satane ba ka nnang le yone. Lorato loo le kutlwano ke sekai fela sa gore go tla diragalang mo lefatsheng la Modimo le lesha, le le tla laolwang ke tshiamo le tshiamiso.—Isaia 2:2-4; Johane 13:34, 35; Bakolosa 3:14.

Tlhaselo ya ga Satane e Tla Palelwa

17. Ke ka ntlha yang fa re tlhomamisega gore tlhaselo ya ga Satane mo bathong ba ga Jehofa e tla palelwa?

17 Satane le balatedi ba gagwe ba tla tloga ba tlhasela baobamedi ba ga Jehofa ba leka go ba fedisa. (Esekiele 38:14-23) Seo e tla bo e le karolo ya se Jesu a se biditseng, “pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Mathaio 24:21) A tlhaselo ya ga Satane e tla atlega? Nnyaa. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa ke morati wa tshiamiso, mme ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla disiwa ka bosakhutleng; mme fa e le bana ba baikepi, ba tla kgaolwa. Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:28, 29.

18. (a) Modimo o tla dirang fa Satane a tlhasela batho ba Gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa go go solegetse molemo go sekaseka tshedimosetso eno e e theilweng mo Baebeleng kaga go fenya ga tshiamiso?

18 Fa Satane le lesomo la gagwe ba tlhasela batlhanka ba ga Jehofa, e tla bo e le la bofelo ba mo rumola. Jehofa o ne a bolelela pele jaana a dirisa Sekarea: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Sekarea 2:8) Go tla nna jaaka e kete mongwe o kgotla thaka ya leitlho la ga Jehofa ka monwana. O tla tsaya kgato ka bonako a fedise batlhasedi bao. Batlhanka ba ga Jehofa ke bone ba ba lorato, ba ba nang le kutlwano, ba ba utlwang molao go feta batho botlhe mo lefatsheng. Ka jalo go tla bo go sa tshwanela tota gore ba tlhaselwe jalo, e tla bo e le go tlhoka tshiamiso. ‘Morati yo mogolo wa tshiamiso’ ga a ne a go letlelela. Go tsaya kgato ga gagwe a sireletsa batho ba gagwe go tla felela ka gore baba ba batho ba gagwe ba fedisediwe ruri, tshiamiso e fenye, mme ba ba obamelang Modimo yo o esi wa boammaaruri ba bolokwe. A bo go larile ditiragalo tse di gakgamatsang le tse di kgatlhang jang ne kwa pele ga rona!—Diane 2:21, 22.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa go tlhoka tshiamiso go atile jaana?

• Jehofa o tla rarabolola jang bothata jwa go tlhoka tshiamiso mo lefatsheng?

• Ke eng se se go amileng mo thutong eno kaga go fenya ga tshiamiso?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bosula bo ne bo atile pele ga Morwalela, mme bo atile le mo ‘metlheng eno ya bofelo’

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Mo lefatsheng la Modimo le lesha, boikepo bo tla tseelwa sebaka ke tshiamiso le tshiamo