Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Poland e Newa “Mpho ya Botlhokwa”

Poland e Newa “Mpho ya Botlhokwa”

Poland e Newa “Mpho ya Botlhokwa”

KA July 6, 1525, Mmusi Albrecht wa losika loorra Hohenzollern o ne a bolela gore bodumedi jwa Lutere ke jone bodumedi jwa Puso. Ka jalo, Ducal Prussia, e ka nako eo e neng e le naga e e laolwang ke bogosi jwa Poland, e ne ya nna yone puso ya ntlha mo Yuropa go amogela dithuto tsa ga Martin Luther semmuso.

Albrecht o ne a batla go dira Königsberg—motsemogolo wa Prussia Botlhaba—boremelelo jwa Boporotesetanta. O ne a tlhoma yunibesithi mo toropong mme a duelela go gatisiwa ga mekwalo ya Bo-Lutere ka dipuo di le mmalwa. Ka 1544 mmusi yono gape o ne a laela gore batho ba puo ya Se-Poland ba ba mo dinageng tsa gagwe ba tshwanetse go utlwa dikarolo tsa Dikwalo Tse di Boitshepo di balwa ka puo ya bone. Le fa go ntse jalo, go ne go ise go nne le thanolo epe ya Baebele ka Se-Poland.

Thanolo ka “Puo e e Tlwaelegileng”

Albrecht o ne a baakanya seemo seno ka go tswa letsholo a batla mongwe yo o neng a ka kgona go ranola Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika a di ranolela mo puong ya Se-Poland. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 1550, o ne a thapa Jan Seklucjan, yo e neng e le mokwadi, a rekisa dibuka e bile e le mogatisi. Seklucjan o ne a alogile kwa Yunibesithing ya Leipzig mme a itsege ka go tlhorontsha Kereke ya Katoliki ka go anamisa dithuto tsa Porotesetanta. E bile e ne e rile pele ga foo a ya kwa Königsberg a tshaba go ya go sekisediwa go anamisa dithuto tsa gagwe tsa bodumedi.

Jan Seklucjan o ne a tlhoafaletse go dira thanolo ya Baebele ka puo ya Se-Poland. Mo lobakeng lwa ngwaga fela Seklucjan a sena go thapiwa, go ne ga gatisiwa dikgatiso tsa ntlha tsa Efangele ya ga Mathaio. Kgatiso eno e ne e na le karolo ya ditlhaloso tse di kwadilweng ka botlalo le dintlha tse di mosola kafa thoko ga ditemana, tse di neng di bontsha ditsela tse dingwe tse ditemana dingwe di ka ranolwang ka tsone. Nakwana fela morago ga moo, Seklucjan o ne a okamela tiro ya go gatisiwa ga kgatiso e e neng e na le Diefangele tsotlhe tse nnè. Mo dingwageng tse tharo fela, o ne a gatisitse Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di feletse.

E le gore a dire thanolo e e nepileng, moranodi o ne a ile a leba mekwalo ya Segerika. Mo godimo ga moo, ketapele ya kgatiso ya 1551 e ne ya bolela gore dithanolo tsa Selatine le “dithanolo tsa dipuo tse dingwe le tsone di ne tsa sekasekwa.” Stanisław Rospond, mokwadi wa Studies on the Polish Language of the 16th Century, o tlhalosa thanolo eno a re e ranotswe ka “puo e e monate le e e utlwalang sentle.” Rospond a re moranodi o ne a sa bofiwa matsogo ke go leka go dirisa “puo ya dirutegi.” Go na le moo, o ne a leka go dirisa mafoko a Se-Poland a a neng a “tsamaisana thata le puo e e tlwaelegileng.”

Le fa Seklucjan a ne a rulaganya tiro eno, bosupi bo bontsha gore ga se ene a ranotseng. Mme moranodi yono yo o rutegileng e ne e le mang? Stanisław Murzynowski, monna yo o ka tswang a ne a le mo masimologong a dingwaga tsa gagwe tsa bo20 fa Seklucjan a ne a mo thapela tiro eno e e thata.

Murzynowski o tsholetswe mo motseng, mme fa a setse a godile, rraagwe o ne a mo romela kwa Königsberg go ya go ithutela Segerika le Sehebera. Morago ga moo, Murzynowski o ne a ikwadisa kwa Yunibesithing ya Wittenberg, kwa Jeremane, kwa a ka tswang a ile a kopana le Martin Luther teng. Moithuti yono yo mmotlana o ne a reetsa tlhatlhelelo ya ga Philipp Melanchthon, yo o tshwanetseng a bo a ile a mo thusa go itse Segerika mmogo le Sehebera. Fa a sena go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Italy, Murzynowski o ne a boela kwa Königsberg mme a thusa Mmusi Albrecht.

Maria Kossowska o kwadile jaana mo bukeng ya gagwe ya The Bible in the Polish Language: “Murzynowski o ne a dira ka tlhoafalo le ka botswerere mme ga a ka a ipatlela tlotlo kgotsa maemo, e bile ga a ka a kopa gore leina la gagwe le kwalwe mo tsebeng ya ntlha ya kgatiso eno.” Ee ruri, lekawana leno le kwala jaana malebana le bokgoni jwa lone: “Ga ke na bokgoni jwa go kwala ka puo ya Selatine le fa e le ya Se-Poland.” Le fa Murzynowski a ne a sa itshepe, o ne a thusa go dira gore Ba-Poland ba nne le Lefoko la Modimo. Modirikaene e bong Seklucjan, o ne a tlhalosa thanolo ya bone e le “mpho ya botlhokwa” e e fiwang Poland.

Nngwe ya Dimpho Tsa Botlhokwatlhokwa

Fa e sale go dirwa thanolo eo ya ntlha ya Se-Poland ya Baebele, go ile ga latela tse dingwe tse dintsi. Ka 1994 go ne ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mme ka 1997, go ne ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e feletse ka Se-Poland. Baranodi, bao ba sa ipatleleng tlotlo, ba ne ba leka go kwala Lefoko la Modimo ka tsela e e nepileng e bile e tsamaisana thata le puo e e buiwang gone jaanong, e seng e e neng e buiwa mo lekgolong la bo16 la dingwaga.

Gompieno Baebele e teng ka dipuo di ka nna 2 400, e feletse kgotsa e le karolo ya yone. Fa e le gore o kgona go nna le thanolo e e nepileng ya Lefoko la Modimo ka puo ya gaeno, ke nngwe ya dimpho tsa botlhokwatlhokwa tse o neng o ka di fiwa, mpho e e tswang kwa go Jehofa Modimo gore e go kaele.—2 Timotheo 3:15-17.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Leje la segopotso sa ga Stanisław Murzynowski, yo o neng a ranolela “Tesetamente e Ntšha” mo puong ya Se-Poland

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Dzięki uprzejmości Towarzystwa Naukowego Płockiego

[Motswedi wa Setshwantsho]

Kgaolo 3 ya buka ya Mathaio e e ranotsweng ke Stanisław Murzynowski