Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Popo E e Se Nang Mmopi?

Popo E e Se Nang Mmopi?

Popo E e Se Nang Mmopi?

GO SETSE go fetile dingwaga di ka nna 150 fa e sa le Charles Darwin a ile a re go itiragaletse fela go bo botshelo bo raraane le go farologana thata jaana. Le fa go ntse jalo, thuto ya gagwe ya gore go itiragaletse fela gore dilo di nne teng le ditlhaloso tse dingwe tsa yone tse disha tsa bosheng e ile ya tlhaselwa ke batho ba ba dumelang gore matsetseleko a dilo tse di tshelang di dirilweng ka one a bontsha gore go na le mmopi. Le e leng baitsesaense ba ba nang le ditlankana tse di tseelwang kwa godimo ga ba amogele thuto ya gore go itiragaletse fela gore mefutafuta ya ditshedi e e leng teng mo lefatsheng e nne teng.

Bangwe ba baitsesaense bao ba re go na le lebaka le lengwe la go bo go na le mefuta e e farologaneng ya ditshedi—e leng gore dilo di dirilwe ka botlhale—mme ka go rialo ba gatelela gore go tlhangwa ga dilo mo popong go engwa nokeng thata ke thutotshelo, thuto ya dipalo le go dirisa tlhaloganyo. Ba batla go dira gore kgopolo eno e nne karolo ya dithuto tsa saense kwa dikolong. Dintwa tse di amanang le thuto ya gore go itiragaletse fela gore ditshedi di nne teng mo lefatsheng, di gaketse kwa United States, mme go begwa gore go ntse jalo le kwa Engelane, Netherlands, Pakistan, Serbia le kwa Turkey.

Sengwe Se se Sa Umakiweng

Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se sa umakiweng fa go tliwa mo kgannyeng ya gore dilo di dirilwe ke mongwe yo o botlhale. Ga go umakiwe mmopi. A o akanya gore go na le sengwe se se ka bopiwang mme se se na mmopi? Batho ba ba reng dilo di dirilwe ka botlhale “ga ba bue sepe ka gore modiri wa tsone e ka tswa e le mang kana e le eng,” go rialo pego ya The New York Times Magazine. Mokwadi Claudia Wallis o ne a re batho ba ba buelelang gore dilo di dirilwe ka botlhale “ga ba batle le go umaka Modimo fa go buiwa ka seo.” Mme makasine wa Newsweek o ne wa re “ba ba reng dilo di dirilwe ka botlhale ga ba bue sepe ka kgang ya gore di na le modiri kana gore ke mang.”

Le fa go ntse jalo, o ka tlhaloganya gore ga go na mosola go leka go tila kgang ya gore mmopi ke mang. Tlhaloso e e amanang le go dirwa ga lobopo le ga botshelo ka bojone e tla bo e sa felela fa go fitlhwa gore modiri o teng le gore ke mang, kana a sa umakiwe gotlhelele.

Ka ntlha ya seo, kganetsano ya gore a go dumelwe gore go na le modiri kgotsa ga a yo e tsosa dipotso tseno: A go dumela gore go na le modiri yo o nang le maatla a a fetang a motho go ka kgoreletsa kgatelopele ya saense le ya tsa matlhale? A re tshwanetse go dumela gore go na le modiri yo o botlhale fela fa re sa newe tlhaloso epe e nngwe? Mme a gone go a utlwala gore re re popo ga e na mmopi? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno le tse dingwe tse di amanang le tsone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Charles Darwin o ne a dumela gore go itiragaletse fela go bo botshelo bo raraane jaana

[Motswedi wa Setshwantsho]

Darwin: From a photograph by Mrs. J. M. Cameron/U.S. National Archives photo