Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tlhe Jehofa, Nteke’

‘Tlhe Jehofa, Nteke’

‘Tlhe Jehofa, Nteke’

“JEHOFA ke . . . motlhatlhobi wa dipelo.” (Diane 17:3) Seno se tshwanetse sa re kgothatsa fela thata rotlhe. Ka ntlha yang? Ka gonne go farologana le batho, ba ba atlholang ka se ba se bonang kafa ntle, Rraarona yo o kwa legodimong, “o bona se pelo e leng sone.”—1 Samuele 16:7.

Tota le rona ga re kgone go tlhatlhoba maitlhomo a rona le ditshekamelo tsa rona tse di kwa tengteng. Ka ntlha yang? Ka gonne “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?” Le fa go ntse jalo, Modimo o a e itse, ka gonne a re: “Nna, Jehofa, ke hukutsa pelo, ke tlhatlhoba diphilo.” (Jeremia 17:9, 10) Ee, Jehofa o tlhaloganya “pelo”—go akaretsa maitlhomo a rona a a kwa teng—mmogo le “diphilo,” dikakanyo le maikutlo a rona a a kwa tengteng.

Ke Eng fa Bakeresete ba Lekwa?

Ga go gakgamatse go bo Kgosi Dafide wa bogologolo a kile a raya Modimo a re: “Ntlhatlhobe, tlhe Jehofa, mme o nteke; itshekise diphilo tsa me le pelo ya me.” (Pesalema 26:2) A ditiro tsa ga Dafide le puo ya gagwe di ne di le phepa ka botlalo, mo a neng a sa boife sepe fa Jehofa a ne a mo leka? Nnyaa ga go a nna jalo. Dafide, jaaka rona rotlhe, o ne a sa itekanela mme a sa kgone go tsamaisana ka botlalo le melao ya Modimo. Ka ntlha ya makoa a gagwe, Dafide o dirile diphoso di le mmalwa tse di masisi, mme le fa go ntse jalo, ‘o ne a tsamaya ka bothokgami jwa pelo.’ (1 Dikgosi 9:4) Jang? Ka go amogela kgalemelo le go baakanya tsela ya gagwe. Ka go dira jalo o ne a bontsha gore o rata Jehofa tota. O ne a ineetse ka botlalo mo Modimong.

Go tweng ka rona gompieno? Jehofa o a itse gore ga re a itekanela mme re ka leofa ka se re se buang le se re se dirang. Le fa go ntse jalo, ga a laole go sa le gale gore botshelo jwa rona bo tlile go tsamaya jang ka go dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go itse isagwe ya rona go sa le pele. O re bopile re na le kgololesego ya go itlhophela—e leng mpho e a e re neileng ka bopelontle—mme o a e tlotla.

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe Jehofa o leka se re leng sone mo teng, go akaretsa le maitlhomo a rona. A ka nna a dira seno ka go letla gore re diragalelwe ke dilo dingwe tse di senolang boemo jwa pelo ya rona. Gape a ka nna a letla maemo a a farologaneng kana mathata gore a senole maikutlo a rona a a kwa tengteng. Seno se re naya sebaka sa go bontsha Jehofa gore re ineetse go le kana kang e bile re ikanyega go le kana kang mo go ene. Diteko tse di ntseng jalo tse Jehofa a di dumelelang di ka leka boleng jwa tumelo ya rona gore a re ‘feletse e bile re itekanetse sentle ka ditsela tsotlhe, re sa tlhaele mo go sepe.’—Jakobe 1:2-4.

Teko ya Bogologolo ya Tumelo

Batho ba ga Jehofa ga ba bolo go lekwa tumelo. Akanya ka tlhogo ya lotso Aborahame. “Modimo wa boammaaruri a lek[a] Aborahame.” (Genesise 22:1) Fa mafoko ao a ne a buiwa, tumelo ya ga Aborahame mo Modimong e ne e setse e lekilwe. Dingwaga di le dintsi pele ga foo, Jehofa o ne a kopa Aborahame gore a fuduge le ba lelapa la gagwe ba tswe mo motseng wa Ure o o neng o atlegile ba ye kwa nageng e ba sa e itseng. (Genesise 11:31; Ditiro 7:2-4) Aborahame, yo o ka tswang a ne a na le legae kwa Ure, ga a ka a reka ntlo kwa Kanana, kwa a nnileng teng ka dingwaga tse dintsi. (Bahebera 11:9) Go nna mokgarakgatshegi ga ga Aborahame go ne go tsenya ene mmogo le lelapa la gagwe mo kotsing ya go welwa ke leuba, go tlhaselwa ke digongwana tse di tsholang dibetsa le babusi ba baheitane ba mo lefelong leo. Mo nakong eno yotlhe, tumelo ya ga Aborahame e ne ya itshupa e le ya boleng jo bo kwa godimo thata.

Morago ga moo Jehofa o ne a leka Aborahame go feta foo. “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata, e leng Isake, mme o . . . mo ise tshupelo e e fisiwang.” (Genesise 22:2) Mo go Aborahame, Isake ene e se morwa fela yo o tlwaelegileng. E ne e le morwa yo o esi wa ga Aborahame le mosadi wa gagwe Sara. Isake e ne e le morwa wa tsholofetso, morwa a le esi yo ka ene Aborahame a neng a ka nna le tsholofelo ya gore “losika” lwa gagwe lo tla rua naga ya Kanana mme batho ba bantsi ba segofale go ya ka tsholofetso ya Modimo. Tota e bile, Isake e ne e le morwa yo go neng go lebeletswe gore Aborahame a nne le ene yo o neng a tsholwa morago ga kgakgamatso e e tswang kwa Modimong!—Genesise 15:2-4, 7.

O ka akanya fela gore go tshwanetse ga bo go ne go le boima gore Aborahame a tlhaloganye taelo eno. A Jehofa o ne a batla setlhabelo sa motho? Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ka utlwisa Aborahame monate wa go nna le morwa mo botsofeng, mme go tswa foo a bo a batla gore a mo ntshe setlhabelo? *

Aborahame o ne a ikoba ka bonako le fa a ne a se na dikarabo tse di utlwalang tsa dipotso tseo. Go ne ga mo tsaya lobaka lwa malatsi a mararo gore a fitlhe kwa thabeng e e neng e tlhophilwe. Fa a fitlha koo o ne a aga sebeso mme a baya dikgong mo godimo ga sone. Jaanong teko ya gagwe e ne e fitlhile mo nakong ya makgaolakgang. Aborahame o ne a tsaya thipa, mme e ne ya re fela fa a re o bolaya morwawe, Jehofa a dirisa moengele go mo emisa mme a re: “Jaanong ruri ke a itse gore o boifa Modimo ka gore ga o a gana ka morwao yo o esi fela mo go nna.” (Genesise 22:3, 11, 12) Akanya fela kafa Aborahame a neng a itumela ka teng fa a utlwa mafoko ao! Jehofa o ne a bone sentle pelenyana gore tota Aborahame o na le tumelo e kgolo. (Genesise 15:5, 6) Gone foo Aborahame o ne a ntsha setlhabelo ka phelefu mo boemong jwa ga Isake. Go tswa foo Jehofa o ne a tlhomamisa ditsholofetso tsa kgolagano e e malebana le losika lwa ga Aborahame. Go a utlwala go bo Aborahame a ne a itsiwe e le tsala ya ga Jehofa.—Genesise 22:13-18; Jakobe 2:21-23.

Tumelo ya Rona le Yone e a Lekwa

Rotlhe re lemoga gore batlhanka ba Modimo gompieno ba lebana le diteko. Le fa go ntse jalo, rona re tlelwa ke diteko tse Jehofa a dumelelang gore di re tlele, ga se se ene a re bolelang gore re se dire.

Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Pogiso e e ntseng jalo e ka tswa mo go ba re tsenang sekolo le bone, ditsala, ba losika, baagelani kana balaodi ba puso ba ba neilweng tshedimosetso e e seng yone ka rona. E ka akaretsa go sotlwa ka mafoko kana mo mmeleng mmogo le go kgoreletsa ditiro tsa Bakeresete tsa boitshediso. Bakeresete ba boammaaruri gape ba lebana le mathata a a welang batho botlhe—bolwetse, go swabisiwa ke dilo dingwe mo botshelong le go sa tshware sentle. Diteko tseno tsotlhe di leka tumelo ya motho.

Moaposetoloi Petere o ne a umaka melemo ya gore tumelo ya motho e lekwe: “Lo hutsafaditswe ke diteko tse di farologaneng, gore boleng jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona, e e leng tlhwatlhwakgolo thata go feta gouta e e nyelelang le fa e lekwa ka molelo, bo fitlhelwe e le lebaka la pako le kgalalelo le tlotlo fa Jesu Keresete a senolwa.” (1 Petere 1:6, 7) Ee matswela a diteko a tshwantshiwa le go itshekisiwa ga gouta ka molelo. Go itshekisiwa ga gouta go senola e e itshekileng mme go tlosa leswe. Le tumelo ya rona e itshekisiwa ka tsela e e tshwanang fa re lebane le diteko.

Ka sekai, kotsi kana masetlapelo mangwe a tlholego a ka baka mathata. Mme batho ba ba nang le tumelo ya mmatota ga ba tlhobaele ka tsela e e feteletseng. Ba gomodiwa ke mafoko ano a ga Jehofa a a kgothatsang: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” (Bahebera 13:5) Ba tswelela ba baya dilo tsa semoya kwa pele, ba tlhomamisegile gore Jehofa Modimo o tla segofatsa maiteko a ba a dirang a go nna le dilo tse ba di tlhokang tota. Tumelo ya bone e a ba nonotsha fa ba le mo mathateng mme e dira gore ba se ka ba dira gore boemo jwa bone bo nnele maswe kwa pele ka go tshwenyega ka tsela e e feteletseng.

Go bo diteko di kgona go senola bokoa bongwe mo tumelong ya rona go ka re solegela molemo fa re bona botlhokwa jwa go baakanya boemo. Go ka nna molemo gore motho a ipotse dipotso tseno: ‘Nka nonotsha jang tumelo ya me? A ke tlhoka go dirisa nako e e oketsegileng ke ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo e bile ke tlhatlhanya ka lone? A ke solegelwa molemo ka botlalo ke dithulaganyo tsa go nna teng kwa dipokanong le badumedi mmogo le nna? A ke itshepile nna ka bonna go na le gore ke itsise Jehofa Modimo ditlhobaelo tsa me ka thapelo?’ Le fa go ntse jalo, go itlhatlhoba jalo ke tshimologo fela.

Gore motho a nonotshe tumelo ya gagwe go ka nna ga tlhokega gore a lootse keletso ya gagwe ya dijo tsa semoya, a bontshe go ‘tlhologelelwa mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko.’ (1 Petere 2:2; Bahebera 5:12-14) Re tshwanetse go leka go nna jaaka motho yo mopesalema a neng a mo tlhalosa jaana: “O natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo.”—Pesalema 1:2.

Eno ga se kgang fela ya go bala Baebele. Go botlhokwa gore re akanye ka se Lefoko la Modimo le se re bolelelang mme re dirise kgakololo e re e newang. (Jakobe 1:22-25) Fa re dira jalo, lorato lwa rona mo Modimong lo tla gola, fa re rapela re tla bua ka tlhamalalo re ntsha maikutlo a rona, mme tumelo ya rona mo go ene e tla nonofa.

Boleng Jwa Tumelo e e Lekilweng

Fa re lemoga gore tumelo e botlhokwa thatathata gore re amogelwe ke Modimo, re tla dira bojotlhe gore re e nonotshe. Baebele ya re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Ka jalo, re tshwanetse go ikutlwa jaaka monna mongwe yo o neng a raya Jesu a re: “Nthuse fa ke tlhokang tumelo gone!”—Mareko 9:24.

Diteko tsa tumelo gape di ka thusa ba bangwe. Ka sekai, fa Mokeresete a swelwa ke mongwe yo a mo ratang, o nonotshiwa ke tumelo ya gagwe e e nonofileng mo tsholofetsong ya Modimo ya gore go tla nna le tsogo ya baswi. O a hutsafala mme ga a ‘hutsafale fela jaaka ba bangwe botlhe ba ba se nang tsholofelo le bone ba hutsafala.’ (1 Bathesalonika 4:13, 14) Batho ba bangwe ba ba bonang maatla a a nonotshang a tumelo ya Mokeresete yono ba ka nna ba lemoga gore o na le sengwe se se tlhwatlhwakgolo tota. Seno se ka nna sa dira gore ba eletse go nna le tumelo e e ntseng jalo mme sa ba tlhotlheletsa gore ba ithute Lefoko la Modimo mme ba nne barutwa ba ga Jesu Keresete.

Jehofa o a itse gore tumelo e e lekilweng e tlhwatlhwakgolo tota. Mo godimo ga moo, diteko tsa tumelo di re thusa go bona gore a ruri tumelo ya rona e na le maatla a go re nonotsha. Di re thusa go bona makoa mo tumelong ya rona, mme seo se tla re thusa gore re kgone go baakanya mo go tlhokegang teng. La bofelo, go atlega fa re lekwa go ka nna ga thusa ba bangwe go nna barutwa ba ga Jesu. Ka jalo, e kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go nna re na le tumelo e e nonofileng—mofuta wa tumelo e e reng fa e sena go lekwa gantsintsi e “fitlhelwe e le lebaka la pako le kgalalelo le tlotlo fa Jesu Keresete a senolwa.”—1 Petere 1:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Bala Tora ya Tebelo ya July 1, 1989, tsebe 22 gore o bone bokao jwa “setlhabelo” sa tshwantshetso sa ga Isake.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ditiro tsa ga Aborahame tsa tumelo di ne tsa mo dira tsala ya ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Diteko di ka supa gore tumelo ya rona e na le maatla a go re nonotsha

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]

From the Illustrated Edition of the Holy Scriptures, by Cassell, Petter, & Galpin